Nnang Barutisi ba Lefoko la Modimo—Ka go Dirisa Diboroutšhara
1 Motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa o na le boikarabelo jwa go nna le seabe mo tirong ya go ruta batho ba bangwe Lefoko la Modimo. Re kgona go bona gore maikarabelo ano a masisi fa re lemoga gore re filwe thomo eno ke ene yo o nang le taolo kwa legodimong le mo lefatsheng gore re “dire merafe yotlhe barutwa, . . . [re] ba rute.” (Math. 28:18-20) Ka jalo, gore re rere mafoko a a molemo re tshwanetse gore re nne barutisi!—2 Tim. 2:2.
2 Ka August re ka dirisa bokgoni jwa rona jwa go ruta fa re tsamaisa diboroutšhara. Re ka nna ra tlhopha dintlha dingwe tse di mo Dikwalong tse di kgatlhang re bo re baakanyetsa dikakgelo di sekae tse di tla re thusang go simolola motlotlo.
3 Fa o tsamaisa boroutšhara jwa “A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?” o ka nna wa re:
◼ “Re ntse re etela ba le bantsi ba baagisani ba gago mme re fitlhetse gore ba amegile thata ka koketsego e kgolo ya bokebekwa, borukhutlhi le thubakanyo. Wena o akanya gore ke ka ntlha yang fa seno e le bothata jaana? [Letela karabo.] Go re kgatlha tota go bona gore Baebele e ile ya bolelela pele gore seno se tla diragala. [Bala 2 Timotheo 3:1-3.] Ela tlhoko gore seno se tla diragala mo ‘metlheng ya bofelo.’ Seno se supa gore sengwe se tla tloga se fedisiwa. Wena o akanya gore e tla nna eng?” Letela karabo. Bula tsebe 22, o mo tlhalosetse ka setshwantsho se se mo go yone, mme o bo o tlotla ka lokwalo lo le longwe kana di le pedi tse di nopotsweng mo tsebeng eo. Tsamaisa boroutšhara ka R1,00 mme o dire dithulaganyo tsa go boa moragonyana gore o tle go tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa re dumela gore masego ano a gaufi thata.
4 O ka nna wa rata go simolola jaana fa o tsamaisa boroutšhara jwa “Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?”:
◼ “Batho ba le bantsi ba go fitlhela go le thata go bona lebaka la mmatota la go bo ba tshela. Le mororo batho ba le mmalwa ba itumela go sekae, bontsi bo tshela botshelo jo bo tletseng ka maswabi le go boga. A o akanya gore ke tsela e Modimo o neng o batla gore re tshele ka yone? [Letela karabo.] Baebele e bontsha gore Modimo o batla gore re tshele mo lefatsheng le le ntseng jaana.” Mmontshe setshwantsho se se mo tsebeng 21 mme morago ga foo o bo o bula mo ditsebeng 25 le 26, dirapa 4-6, o bo o tlhalosa ka se a se solofeditseng. Botsa potso eno gore o tle o tlotle ka yone fa o boa: “Re ka tlhomamisega jang gore Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe?”
5 O ka nna wa tsamaisa boroutšhara jwa “Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!” ka go supa setshwantsho se se mo tsebeng e e kafa pele le e e kafa morago mme o bo o botsa jaana:
◼ “A o ka rata go tshela mo lefatsheng le le tletseng batho ba ba itumetseng jaana? [Letela karabo.] Baebele e re bolelela gore Modimo o rata batho mme o batla gore ba tshelele ruri mo lefatsheng leno ba itumetse.” Bula mo setshwantshong sa 49 mme o bale nngwe ya Dikwalo tse di umakilweng foo. Morago ga foo mmontshe setshwantsho sa 50 mme o tlhalose gore re tshwanetse go dira eng fa re batla go tshela mo Paradaiseng eno. Kopa go boa go tla go tlotla ka lebaka la go bo go le botlhokwa thata jaana go dumela mo go Jesu Keresete.
6 Jehofa o a itumela fa re ‘supa gore re tswelela pele ka go tlhokomela go ruta ga rona.’ (1 Tim. 4:15, 16) Diboroutšhara tsa rona di ka re thusa tota mo maitekong a rona a go thusa batho ba ba tlhoafaletseng go utlwa “mafoko a mantle a a molemo.”—Isa. 52:7.