Boitshwaro Jwa Bokeresete Kwa Sekolong
1 Fa e le gore o mosha wa Mokeresete yo o santseng a tsena sekolo, o tlhoka go nna le tumelo e e nonofileng gore o tle o boloke bothokgami jwa gago. O kopana le batho ba ba bosula le maemo a a ka lekang tumelo ya gago. Go botlhokwa gore o dirise kgakololo ya ga Petere ya gore “lo tshele ka mokgwa o montle mo go Baditšhaba; e tle . . . ba galaletse Modimo . . . ka ditiro tsa lona tse di molemo tse ba di bonang.” (1 Pet. 2:12) O tlhoka go nna pelokgale le go ititaya sehuba gore o tle o kgone go fenya kgwetlho eno.
2 Fa o le kwa sekolong kana o se kwa sekolong, o tlhaselwa ke ditlhotlheletso tse di bosula tsa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, puo e e maswe, motsoko, le go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang. Letsatsi le letsatsi o lebana le dithaelo tse di ka nnang tsa senya rekoto e o nang le yone ya boitshwaro jo bontle. Fela jaaka batho ba ba godileng, lo tshwanetse gore lo “nne tlhoafalo go ganelela tumelo” go re lo tle lo itshokele diteko tse di ntseng jalo.—Juta 3; bona Tora ya Tebelo ya July 15, 1991, ditsebe 23-6.
3 Kwa sekolong go na le meletlo ya boratanaga le malatsi a boikhutso a lefatshe. A o itse gore sekolo sa lona se tshegetsa malatsi afe a bosetšhaba le a bodumedi? Fa go tlhaga boemo jo bo gwetlhang, a o tla nna le “segakolodi se se siameng, gore . . . ba ba kgalang go tshela sentle ga lona . . . ba be ba tlhajwe ke ditlhong”?—1 Pet. 3:16.
4 O ka nna wa raelesega go nna le seabe mo metshamekong ya sekolo kana mo dikokoanong tsa morago ga sekolo. O tshwanetse gore o ntshe matlho dinameng gore o tle o kgone go lemoga gore dilo tse di ka tswang di bonala di le monate tseno di diphatsa mo tumelong ya gago. O tshwanetse gore o tlhophe ditsala tse lo ka ‘gomotsegang mmogo,’ mongwe le mongwe wa lona a agiwa ke tumelo ya yo mongwe.—Bar. 1:12.
5 Jehofa A ka go Thusa Gore o Itshoke: Satane o nna a ntse a leka tumelo ya lona. Diteko tseno di ka nna setlhogo thata, mme matswela a gone a molemo bogolo. (1 Pet. 1:6, 7) O ka se kgone go itshoka ka bowena fela; o tshwanetse gore o ikanye Jehofa gore a go thuse. Jesu o ne a kgothatsa barutwa ba gagwe jaana: “Lebelelang, lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong.” (Math. 26:41) Go ikgalemela le go ikgapa go botlhokwa thata.—1 Bakor. 9:27.
6 Gakologelwa ka metlha gore o ikarabelela mo go Jehofa ka ntlha ya boitshwaro jwa gago. (Mor. 11:9) Lefa gone batho ba bangwe ba ka se bone dilo tse o di dirang, Jehofa ene o bona se o se dirang mme o tla go atlhola. (Baheb. 4:13) Go batla go mo itumedisa tota go tshwanetse ga go tlhotlheletsa gore o ‘itirele poloko ka poifo le ka thoromo.’ (Bafil. 2:12) Go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi go thusa thata. Le na le kgakololo e ntsi e e molemo le dikai tse di molemo tse re ka di etsang.—Baheb. 12:1-3.
7 Batsadi, seabe sa lona se botlhokwa thata. Lo tshwanetse gore lo kaele bana ba lona, lo itse gore ba lebana le mathata afe mme lo ba thuse fa go tlhokega. A lo na le kamano e e molemo le bana ba lona? A lo ba rutile gore ba tlhaloganye melao le melaometheo ya Modimo ka pelo e e ratang? Fa bana ba lona ba lebane le dikgatelelo kana dithaelo, a ba nonofile kana a ba ineela motlhofo? A ba kgobega marapo ka go bo ba tshwanetse go farologana le dithaka tsa bone? Jaaka batsadi, lo na le boikarabelo jwa gore lo ba thuse. (Dute. 6:6, 7) Fa lo dira tiro ya lona sentle, lo ka kgona go ba thusa gore ba fenye ntwa ya tumelo.—Dia. 22:6.