Thusa Ba Bangwe go Ithuta Boammaaruri
1 Jesu o ne a tla mo lefatsheng go tla go supa ka boammaaruri. O ne a thapisa barutwa ba gagwe gore ba nne barutisi, gore boammaaruri bo tle bo rerelwe batho ba bangwe. O ne a tlhomamisegile thata gore ba tla atlega fa ba ruta batho ba bangwe mo a bileng a ba bitsa ‘bakaedi ba batho.’ (Math. 13:52, NW) O ne a tshwantsha mongwe le mongwe wa bone le monna mongwe yo rutegileng yo o nang le bobolokelo jwa letlotlo le go itselwang fela mo go lone. Barutwa ba ga Jesu gompieno ba dirisa dikgatiso go akofisa tiro ya go rera Bogosi. Ka sekai, diphuthego tse dintsi di na le dibukana tse di farologaneng tse ba ka di dirisang go thusa batho ba bangwe go nna barutwa. Didirisiwa tse di botlhokwa tseno di ka dirisiwa jang?
2 Go simolola motlotlo o o ka go thusang gore o tsamaise bukana ya “Isagwe E E Bolokesegileng—Ka Moo O ka e Bonang,” o ka nna wa botsa jaana:
◼ “A o kile wa ipotsa gore ke eng fa go lebega go ka se ka ga nna le isagwe epe e e bolokesegileng le mororo batho ba dira maiteko a mantsi jaana? [Leta karabo.] Bibela e tlhalosa gore ke eng fa maiteko a mantsi jaana a paletswe.” Bala Pesalema 146:3, 4. Fa o sena go buisana le mongantlo ka tshedimosetso e e mo serapeng sa 6, o ka nna wa botsa jaana: “Ke mang yo tota a ka kgonang go re naya pabalesego e e tla nnelang ruri?” Go ikaegile ka gore mongantlo o araba jang, o ka nna wa swetsa go tlotla ka dintlha tse di tshwanelang go tswa mo serapeng sa 7 kana o rulaganyetse go dira jalo mo nakong e e tlang.
3 Tsela e nngwe e o ka dirisang bukana ya “A Go Na le Modimo o o Amegang?” ka yone ke eno:
◼ “Batho ba bantsi ba ile ba botsa dipotso tse di tlhagang kafa tlase ga ditshwantsho tse pedi tseno. [Bala potso e e kwa tlase mo tsebeng ya 6 le 7, mme o lete karabo.] E re ka Modimo o o lorato o se kitla o dira molemo le bosula, o akanyang ka tsholofetso ya gagwe e e kwadilweng mo go Isaia 65:21-24?” Fa motho a akgela ka tsela e e supang gore wa kgatlhega ka tsela nngwe, ya kwa serapeng sa 37, mme o tlhalose gore Bogosi jwa Modimo bo tla dira eng.
4 Fa o tsamaisa bukana ya “Go Na le mo Gontsi mo Botshelong!” o ka nna wa bolela jaana:
◼ “Mo bathong ba le bantsi botshelo bo fetogile selo se se hutsafatsang, se se lapisang. O akanya gore go tlhokega eng gore botshelo bo itumedise? [Leta mongantlo gore a tlhalose kafa a ikutlwang ka teng.] Bibela e supa gore go na le dilo tse di botoka tse Modimo a tla di re direlang. Bona gore a reng mo go Tshenolō 21:4, 5.” Fa go tshwanela, tswelela pele ka motlotlo o bua ka dintlha tse di mo serapeng sa 42 sa bukana eno.
5 Fa mmoledi yo mmotlana a dirisa boroutšhara ya “Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!,” a ka nna a botsa jaana:
◼ “A o ka rata go nna mo lefatsheng la paradaise le le ntseng jaana? [Supa mo khabareng kafa pele le kafa morago, mme o letele karabo.] Nna le ba lelapa la gaetsho re lebeletse pele go nna koo ka ntlha ya se Bibela e se bolelang mo go Yohane 17:3.” Fa o sena go bala lekwalo loo, bolelela motho yoo gore o ka rata go mo tlogelela boroutšhara eo gore a e bale ka moneelo wa disente di le 90.
6 Fa e le gore o dirisa dibukana tse dingwe kana diboroutšhara tse dingwe mo bodiheding jwa gago mo kgweding eno, o ka nna wa simolola dipuisano tsa gago ka tsela e e akantshitsweng fa godimo. O se ka wa lebala go bua ka bokhutshwane o bua dilo tse di tshwanelang tse di agang gore o tle o tsose kgatlhego ya mongantlo.
7 Jehofa o re neile boammaaruri. Re tshwanetse gore re dirise ditshono tse re di bonang go bolelela batho ba bangwe ka jone, ka dikgatiso le ka go bua le batho bao re kopanang le bone. Ka tsela eno re itshupa fa re le bakaedi ba batho bao ba dirang gore ba bangwe ba solegelwe molemo.—Math. 28:19, 20.