Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
1 Setlhogo se go tla buiwang ka sone mo thulaganyong e ntšha ya kopano ya potologo e e tla simololang ka September ke “Disañ, Lo Ème ka Tlhomamō, Lo Nnè Thata.” Se theilwe mo mafokong a ga moaposetoloi Paulo a a neng a kgothatsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka one a a kwadilweng mo go 1 Bakorintha 16:13.
2 Thulaganyo e tla simololwa ka go gatelela lebaka la go bo re tshwanetse go itlhatlhoba semoyeng ka metlha. Gore re tle re kgone go dira se se siameng ka mo re ka kgonang ka teng mo ‘metlheng eno ya bofelo’ re tshwanetse gore re sekaseke kamano ya rona le Jehofa le boemo jwa rona le phuthego ya gagwe ya selefatshe ka botlalo. (2 Tim. 3:1) Re tla gakololwa ka moo Modimo o anaanelang go dira ga rona ka natla ka gone. Re tla tshwanela gore re rutiwe ditsela tse ka tsone re ka tokafatsang dinonofo tsa rona tsa Bokeresete ka gone le ka moo re ka nnang re tlhoma sekao mo boitsholong jwa rona ka gone.
3 Go tla gatelelwa gape lebaka la go bo re tshwanetse go nna re tlhoafetse mo tirong ya go dira barutwa re ntse re leka thata go gatela pele le go bona maikarabelo a semoya. Go tla neelwa dikakantsho tse di dirang tsa ka moo motho mongwe le mongwe le malapa a ka bolokang thulaganyo ya ka metlha ya go iphepa semoyeng ka gone ka dipuo tse di farologaneng, dipontsho, le metlotlo. Go tla bo gape go na le pokano ya bakaulengwe ba ba sa nyalang ba e leng bagolwane kana batlhanka ba bodihedi bao ba ka ratang go ya Sekolong sa Thapiso sa Bodihedi.
4 Ka Matlhatso bayakolobetsong ba ba tshwanelegang ba tla kgona go supa boineelo jwa bone phatlalatsa ka go kolobediwa mo metsing. Mme ka Sontaga, rotlhe re tla batla go nna teng ka nako ya puo ya phatlalatsa e e nang le setlhogo se se reng “Boemo Jwa Gago Ke Bofe le Modimo?”
5 Thulaganyo e tla konela ka kgothatso ya gore re nne re tlhomame mo tumelong, re dirisana ka metlha ka moya wa go supa lorato le kagiso. Kopano ya potologo ke nngwe ya ditshono tse di kgethegileng tse Jehofa a di baakanyetsang rona rotlhe gore re tle re ‘tlhotlheletsane mo ditirong tse di molemo.’ (Baheb. 10:24, 25) Dira dithulaganyo tse di tlhomameng gore o nne teng mo thulaganyong yotlhe ka matsatsi oomabedi.