LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/94 ts. 3-10
  • Kopano ya Kgaolo ya “Poifo ya Bomodimo” ya 1994

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kopano ya Kgaolo ya “Poifo ya Bomodimo” ya 1994
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kopano ya Kgaolo ya “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” ba 1996
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Kopano ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi” ya 1992
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Kopano ya Kgaolo ya “Babaki ba ba Itumetseng” ya 1995
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Rulaganya Gone Jaanong Gore o nne Gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1991 ya “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 10/94 ts. 3-10

Kopano ya Kgaolo ya “Poifo ya Bomodimo” ya 1994

1 Banna ba tumelo ba ile ba supa “poifo ya Modimo” go tloga ka motlha wa ga Abele le Noa go fitlha jaanong. (Baheb. 11:4, 7) Go supa poifo ya bomodimo ke go “tshaba le go tlotla Mmopi e bile ke go mmoifa ka tshwanelo o tila go sa mo itumedise.” (it-1 ts. 818) Re tlile go supa gore re mo tlotla tota ka go ya kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Poifo ya Bomodimo” ka December. A o tla bo o le teng koo go itumelela thulaganyo yotlhe, go tloga ka pina e e simololang go fitlha ka thapelo ya bofelo?

2 Re ya kwa kopanong ya kgaolo re lebeletse dilo tse dikgolo ngwaga le ngwaga. Le mororo seno se batla motho a dira maiteko mmogo le go dirisa madi, masego a a tla bonwang a mantsi tota. Re boela gae re itumetse, re kgotsofetse e bile re agegile semoyeng. (Bapisa 1 Dikgosi 8:66.) Bokopano le jone bo a rotloetsa, e bile kopano e dira gore re lapologe. Mme gakologelwa gore re kopana go tla go obamela Jehofa. O re laela gore re dire jalo. O re ruta gore re tle re solegelwe molemo.—Dute. 31:12, 13; Pes. 122:1.

3 Kopano ya Malatsi a Mararo: Thulaganyo eno e tlile go neelwa mo dikopanong tse 22 mo Afrika Borwa le mo dinageng tse e bapileng le tsone. Mo godimo ga go neelwa ka Seesemane, thulaganyo yotlhe e tla neelwa ka Seburu, Sepotokisi, Sepedi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sexhosa le Sezulu, mme go tla nna le dikarolo tsa Segerika le Sevenda. Go tla ranolwa ka puo ya diatla mo mafelong a le mabedi, kwa Cape Town le kwa Gauteng.

4 Thulaganyo e tla simolola ka Labotlhano ka 10:20 a.m. mme e tla khutla mo e ka nnang ka 4:15 p.m. ka Sontaga. Thulaganyo e tla simolola ka 9:30 a.m. ka Matlhatso le Sontaga. Dikgoro di tla bulwa ka 7:30 a.m. Ba ba nang le dikabelo tse di kgethegileng ke bone fela ba tla letliwang go tsena pele ga nako eo.

5 Tlotlo ya Rona E Kgolo mo go Jehofa E Re Patelela go Ya: Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba Bahebera gore ba ‘direle Modimo tirelo e e kgatlhang ka tshisimogo le poifo.’ (Baheb. 12:28) Kopano ya rona ya kgaolo ya ngwaga ono e baakanyeditswe go re thusa go dira fela jalo. Go ka nna ga nna le dikgoreletsi tse di ka re lekang tota gore a re iketleeditse go ya. Di ka nna tsa lebega e le dithaba, mme Jehofa a ka re thusa go di fenya. (Math. 17:20) Fa o sa kgone go lebaganya malatsi a gago a boikhutso le kopano yotlhe, go tloga ka Labotlhano mo mosong go fitlha ka Sontaga thapama, a o setse o rapeletse seno e bile a o ile kwa mohiring wa gago go mo kopa gore a go neye nako eo?—Jak. 1:6-8.

6 Sola Molemo Dilo Tse O Di Dirisitseng: Ke dilo dife tse o di dirisitseng? Ke nako le matsapa a o a dirileng go tla kopanong. Go tla bo go se botlhale gore o ipaakanye ka kelotlhoko thata jaana gore o nne teng kwa kopanong ya kgaolo o bo o boela gae ka Sontaga maitseboa o sa utlwa dipolelo ka bontsi. A o ne o ka tlogela moletlo o le fa gare mme wa ya go dira sengwe se sele? Go begwa gore mo ngwageng o o fetileng, bangwe ba ne ba tsamaya fa thulaganyo ya mo mosong e sena go fela. Lefa go ntse jalo, kgolo ya semoya le poifomodimo di tshwanetse tsa re thibela gore re se ka ra tlolwa ke sepe se Jehofa a se re baakanyeditseng.—Bapisa 1 Bakorintha 2:9, 10.

7 Bontsi jwa rona ga bo kitla bo akanya go tsamaya ka bonako. Lefa go ntse jalo, re ka nna ra latlhegelwa ke bontsi jwa dipuo. Seno se ka diragala jang? Fa re sa rulaganye go sa le gale go tlhomamisa gore re solegelwa molemo thata ke dipuo tse di tla bong di neelwa. Re tla dira gore re tsoge go sale gale gore re kgone go ja sefitlholo le go dira ditiro tse dingwe gore re kgone go bo re ntse fa fatshe pele thulaganyo e simolola. Re tlhoka go robala nako e e lekaneng bosigo gore re kgone go nna re thantse e bile re kgona go tlhoma mogopolo sentle mo thulaganyong ya letsatsi lotlhe.

8 Mokgwa o o bonweng o le molemo thata mo go solegelweng molemo ke thulaganyo ke go tsaya dintlha ka go di tlhopha. Go botlhokwa thata gore bana fela jaaka bagolo ba kwale dintlha. Mmoledi mongwe wa dingwaga tse 16 o bolela jaana: “Ke kwala dikwalo tse di umakiwang mo puong. Ke bo ke kgona go di boeletsa kwa gae.” Mosha yo mongwe wa dingwaga tse 16 o oketsa jaana: “Ke kwala dintlha tse dikgolo. Seo se nthusa go tlhoma mogopolo mo puong.” Gantsi se o se tlhokang fela mo thulaganyong eno ke Baebele, buka ya dipina, le sekwalelo sa selekanyo se se fa gare, le pene kana phensele. Ke boammaaruri gore batsadi ba ba nang le bana ba bannye ba tshwanetse go ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang, mme ga ba a tshwanela go tshwenyega thata mmogo le go tshwenya ba bangwe ka go tla le mabokose a magolo a ditsidifatsi le dilo tse dintsi tse ba tlileng go di dirisa.

9 Bakaulengwe bangwe ba gatisa thulaganyo, ba dirisa theipi ya mantswe kana khamera ya bidio, gore ba tle ba di tshameke moragonyana kwa gae. Ke kgang ya motho ka namana gore a o batla go dira seno, mme go ile ga lemogiwa gore bangwe fa ba boela kwa gae, ga ba bone nako e e kalo ya go tshameka se ba se gatisitseng. Mo godimo ga moo, motho a ka nna a latlhegelwa ke dintlha dingwe tse dikgolo tsa puo fa a santse a baakanya didirisiwa tseno tsa go gatisa.

10 Re tshwanetse go leka thata gore re nne fa fatshe pele thulaganyo e simolola. Lefa re ka tswa re santse re bua maitemogelo a a monate le ditsala tsa rona tsa bogologolo ka nako ya fa modulasetulo a itsise gore thulaganyo e tla tloga e simolola, re tla bo re supa fa re tlotla ba ba tshwereng thulaganyo le bakaulengwe botlhe ba rona ka kakaretso fa re kgaola motlotlo ka bonako re bo re nna fa fatshe.

11 Dikopano tsa kgaolo gantsi di a itumedisa gonne re bona masego a mantsi a ga Jehofa. Re solegelwa molemo semoyeng le senameng. Go tshwanetse ga gakologelwa gore go dirisiwa madi a mantsi go hira mafelo a a tshwarelang kopano. Ditshenyegelo tseno le tse dingwe di duelelwa jang? Ka meneelo ya rona ya boithatelo, e le madi kana ka tšheke e e duelang “Watch Tower Convention.” Seno se dumalana le se se mo go Pesalema 96:8, e e re kgothaletsang go ‘naya Jehofa kgalalelo e e tshwanetseng leina la gagwe; re tlise tshupelo mo malwapeng a gagwe.’

12 A Boitshwaro jwa Gago Bo Tla Lere Tlotlo? Re gakololwa ka bopelonomi ngwaga le ngwaga gore go botlhokwa gore re itshware sentle fa re le kwa kopanong ya kgaolo. Ke boammaaruri gore boitsholo jwa rona bo tshwanetse jwa nna sekao ka metlha, mme fa re phuthegile ka bontsi, gantsi ba ba seng mo boammaaruring ba re tlhoma leitlho thata. Boitsholo jwa rona, bo ka ne bo le bontle kana bo le maswe, bo ka bua go feta thero ya rona. Re batla gore Jehofa a bakwe ka se re se buang le se re se dirang.—Dia. 27:2; 1 Pet. 2:12.

13 Morago ga Kopano ya Kgaolo ya ngwaga o o fetileng ya “Thuto ya Bomodimo” motlhokomedi mongwe o ne a akgela jaana: “Bana bano ba gaisa bana botlhe ba nkileng ka ba tlhokomela.” Morago ga go akgela ka maitseo a a maswe le tshenyo e e dirwang ke ditlhopha tse dingwe tsa basha, o ne a oketsa jaana ka bana ba Basupi: “Ke bana ba ba nang le maitseo e bile ke itumelela go nna le bone. Ke eletsa e ke te dikopano tse dingwe tse di tshwarelwang fano di ka bo di tshwana le eno.”

14 Mokwadi mongwe wa ditlhogo tsa makwalodikgang o ne a akgela jaana ka kopano: “Basadi le basetsana ba ne ba apere mesese e e tshwanelang tota, mme banna le basimane ba ne ba apere dibaki le dithae. Ba ne ba kwala dintlha ba tlhoafetse fa ba ntse ba reeditse dibui ka malatsi a mane. Mme fa go twe bophepa bo gaufi le bomodimo, gone, Basupi ba ga Jehofa ba dira seo ka selekanyo se se kwa godimodimo.” Lefa go ntse jalo dipego tse dingwe ga di dintle jaaka tseno.

15 Go ne ga begiwa gore kwa dikopanong tse dingwe go ne go na le batho ba ba neng ba sasanka fa thulaganyo e tsweletse, bontsi e le basha, se se supang gore batsadi ba tshwanetse go katisa le go tlhokomela basha ba bone ka mo go oketsegileng. Fa batho ba sasanka ba sa nne fa fatshe go nna le modumo o montsi o o itayang ba ba lekang go reetsa tsebe. Go na le ba sekae fela ba go nnang le dilo tse ba tlhokang go di dira fa thulaganyo e tsweletse, mme a ba bangwe ga ba a tshwanela go bo ba ntse mo ditulong tsa bone, ba reeditse ka tlhoafalo?

16 Batsadi ba bantsi ba gagamaletsa bana ba bone fa ba ile kwa dipokanong tsa phuthego tsa beke le beke. A ga ba a tshwanela go gagamala ka tsela e e tshwanang ba tlhomamisa gore bana ba bone ba ntse gaufi le bone le gore ga ba sasanke fa thulaganyo e tsweletse? Lefelo la kopano le fetoga Holo ya Bogosi e kgolo, mme tsamaiso eno yone ke ya ga Satane, e bile dinokwane tse di nang le maikaelelo a a bosula di kgona go tsena mo dikagong motlhofo. O TSHWANETSE WA ITSE GORE BANA BA GAGO BA KAE LE GORE BA DIRA ENG KA DINAKO TSOTLHE.

17 Kapari le go Ikgabisa: Re tshela mo motlheng o kapari ya go iketla, le eleng e e botlhaswa e lejwang fela e siame. Batho ba bantsi ba ya kwa kerekeng le kwa dikonsarateng kana ba ya go ja kwa diresetšhurenteng ba apere diaparo tse di feteletseng tsa go iketla. Kakgelo e e umakilweng mo serapeng sa bo14 e supa gore go na le batho ba ba santseng ba kgatlhegela kapari e e nang le seriti, segolo thata fa go tla mo kobamelong. Go apara botlhaswa ka tsela ya go iketla le go ikgabisa ka tsela e e sa tshwanelang go bolela go le gontsi ka rona. Lo se ka lwa lebala le ka motlha gore lefelo la kopano ga e tlhole e le la metshameko. Ke Holo e kgolwane ya Bogosi. Bangwe ba apara sentle fa ba ya kwa kopanong lefa go ntse jalo fa thulaganyo e fela mme ba ya kwa diresetšhurenteng tsa mo lefelong leo le kwa mafelong a mangwe ga ba apare sentle kana ga ba bori.

18 Batho ba ba tlileng go kolobediwa ba tshwanetse go gakololwa gore go na le kapari nngwe e e sa tshwanelang ya go shapa. Seaparo se tshwanetse sa supa gore o bori e bile e nne se se siameng. Ke mang yo o tshwanetseng go sekaseka seno? Bagolwane ba na le boikarabelo jwa gore mongwe le mongwe yo o tswang kwa phuthegong ya bone ga a kgopise ope. (2 Bakor. 6:3, 4) Se se raya gore motho a se ka a tla ka diaparo tse di supang mmele tsa go shapa le dikipara tse di nang le mafoko a selefatshe kana tse di bapatsang sengwe. Bagolwane ba tla tshwanela go tlotla ka kgang eno le motho yo o yang go kolobediwa fa ba boeletsa dintlha tse di mo bukeng ya Bodihedi jwa Rona.

19 Dihotele: Re tshwanetse go supa maungo a moya ka dinako tsotlhe segolobogolo fa re dirisana le badiri ba kwa dihoteleng le kwa diresetšhurenteng. Re tshwanetse go gakologelwa gape gore fa re ba naya madinyana a tebogo re dire seo ka tsela e e siameng. Tsweetswee, iphe metsotsonyana mme o boeletse ditlhogo tse di reng “To Tip—Or Not [Go Naya Badiri Madinyana a Tebogo—Kana Nnyaa]” le “Tips on Tipping [Kgakololo ka go Naya Badiri Madinyana a Tebogo]” mo ditsebeng 24-7 tsa Awake! ya June 22, 1986.

20 Didirisiwa tsa go Gatisa: Jaaka go setse go boletswe, go dirisa didirisiwa tsa go gatisa, segolo jang digatisi tsa dikhasete tsa bidio, ke kgang ya motho ka namana. Fa o swetsa gore o tlile go gatisa, tsweetswee akanyetsa ba ba ntseng gaufi le wena. Seno se ka itaya tsebe le fa motho a gatisa a ntse fa fatshe. Ope a se ka a sira batho ba bangwe ba ba tlileng kopanong fa a gatisa. Mo godimo ga moo, ga go na didirisiwa tsa mofuta ope tse di tshwanetseng go gokelelwa mo motlakaseng kana mo didirisiweng tsa go godisa modumo, e bile ga di a tshwanela go bewa fa gare ga ditulo kana mo diphasiking.

21 Manno: Bothata jwa go boloka manno bo santse bo tlhoka go elwa tlhoko. Re batla go gakolola mongwe le mongwe gape jaana: MANNO A KA BOLOKELWA FELA MALOKO A LELAPA LA GAGO LE BA O TSAMAYANG LE BONE MO KOLOING. Kwa dikopanong tse dingwe, e ne e re fa dikgoro di bulwa ka 7:30 moso mongwe le mongwe bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ne ba sianela go ya go boloka manno a mantsi mme bontsi jwa one a nna fela a sa dirisiwa. Mekgwa eno ya go sa akanyetse ba bangwe e lebega e ntse e tswelela le mororo go ntse go kgalengwa gangwe le gape. A ruri ga re a tshwanela go sekaseka dipelo tsa rona ka kgang eno mme ra tlhatlhanya ka melaometheo e e mo go Bafilipi 2:3, 4?

22 Kopano nngwe le nngwe e tlamela batho ba ba tlhokang dilo dingwe tse di kgethegileng jaaka batsofe le digole. Tsweetswee tlhomamisa gore ga o nne mo dikarolong tse o sa tshwanelang go nna mo go tsone. Gape nna o ntshitse matlho dinameng go thusa batho bano go bona manno a bone fa go sena motho ope yo o ba tlhokometseng.

23 Dijo: Go tlile go nna le dijo gape kwa dikopanong tsotlhe. Re kgothaletsa botlhe ba ba yang kwa dikopanong go ema thulaganyo eno nokeng.

24 Dikopano tse dintsi tsa Kgaolo tsa “Poifo ya Bomodimo” di tlile go tshwarwa ka December. A o setse o ipaakantse, e bile a o setse o siametse go itumelela malatsi a mararo a bokopano jo bo itumedisang le dilo tse di molemo tsa semoya? Re rapela ka tlhoafalo gore Jehofa a segofatse maiteko a gago gore o simolole setlha seno sa selemo sentle le go ja mo tafoleng ya ga Jehofa e e nang le dilo tse di molemo kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Poifo ya Bomodimo.”

[Box on page 10]

Dikgakololo tsa Kopano ya Kgaolo

Kolobetso: Batho ba ba yang go kolobediwa ba tshwanetse ba bo ba ntse mo ditulong tsa bone mo karolong e e supilweng gore ke ya bone pele thulaganyo ya Matlhatso mo mosong e simolola. Go ile ga lemogiwa gore bangwe ba apara diaparo tse di senang seriti le tse di sa tshwanelang tiragalo eno. Mongwe le mongwe yo o ipaakanyetsang go kolobediwa o tshwanetse go tla ka diaparo tsa go shapa tse di bori le toulo. Fa puo ya kolobetso e fela le fa sebui se sena go rapela, modulasetulo wa karolo eo ya thulaganyo o tla neela ba ba tlileng go kolobediwa dikaelo di sekae a bo a bolela pina e e tla opelwang. Morago ga mola wa bofelo, batlhokomedi ba tla kaela ba ba yang go kolobediwa kwa ba ileng go kolobeletswa teng. E re ka go kolobediwa go tshwaya gore motho o a bo a ineela, go botlhokwa e bile ke kgang ya motho ka namana le Jehofa, ga go ne go dirwa kolobetso ya balekane e batho ba babedi kana ba ba oketsegileng ba tlamparelanang kana ba tshwaranang ka diatla fa ba kolobediwa.

Dikarata tsa Dibetšhe: Tsweetswee kopela karata ya betšhe ya 1994 kwa kopanong le fa o ya le fa o boa kwa lefelong la kopano. Seno se dira gore re kgone go neela bosupi fa re ntse re le mo mosepeleng. Seno se ne sa nna boammaaruri tota mo ngwageng o o fetileng kwa dikopanong tse di neng di tshwaretswe kwa Moscow le Kiev. Dikarata tsa dibetšhe le ditshegetsi tsa tsone di tshwanetse tsa rekwa mo phuthegong, gonne di tla bo di seyo kwa kopanong. Gakologelwa gore o tshole karata ya gago ya bosheng ya Medical Directive. Maloko a Bethele le babulatsela ba tshwanetse go tshola dikarata tsa bone tsa boitshupo.

Marobalo: Re kopa gape gore mongwe le mongwe a dirisane sentle le rona fa a dirisa marobalo a a abiwang ke kopano. Bakwaledi ba diphuthego ba tshwanetse go tlhomamisa gore Room Request Forms (Diforomo tsa go Kopa Marobalo) di romelwa ka bonako kwa atereseng e e tshwanetseng ya kopano e seng kwa Mokgatlhong. Fa o sa tlhole o tla robala kwa marobalong a o a abetsweng, o tshwanetse wa itsise ka bonako motho yo o neng a go amogetse kana hotele le Lephata la Marobalo la kopano gore bonno joo bo neelwe yo mongwe. Kwa dikopanong tse dingwe go ntse go nna thata go bonela bontsi jwa batho ba ba tlileng kopanong marobalo. Dikomiti tsa dikopano di tlile go rarabolola bothata jono ka go rulaganyetsa gore di hire dikolo le mafelo a borobalo a dikolo jaaka di dirile mo nakong e e fetileng. Lefa go ntse jalo, e reka batho ba ba tlhokang mofuta ono wa marobalo ba ntse ba oketsega re santse re tla tswelela re dirisa se re se bitsang “go tlhaolwa ka marobalo.” Seo se raya gore, bokgaitsadi le bakaulengwe ba tla kgaoganngwa. Ka jalo, ga go ne go kgonega gore malapa a robale mmogo mo tlelaseng e le nngwe. (Tsweetswee bona setshwantsho se se go Awake! ya December 22, 1991, tsebe 17.) Seno se ka nna sa se ka sa siamela ba bangwe mme re solofela gore botlhe ba tla lemoga lebaka la seno. Thulaganyo eno e setse e kile ya dirisiwa kwa dikopanong mme e atlega tota.

Dikolotsana tsa Bana (Diporeme): Lephata la Molelo le akantsha gore di se ka tsa leriwa mo holong di bo di bewa mo diphasiking kana fa gare ga ditulo. E re ka batho fa ba le bantsi ba ka nna ba patisana, dikolotsana tsa bana di ka nna kotsi thata eseng mo maseeng fela mme le ba di ka nnang tsa ba kgopa. Ka jalo tsweetswee se tleng ka tsone mo holong. Lefa go ntse jalo, ditulo tsa masea kana tse ba nnang mo go tsone mo dikoloing tsone di siame, e reka di ka nna tsa bofelelwa mo ditulong tse di bapileng le batsadi. Re tla itumela fa lo ka dirisana mmogo le rona mo go seno.

Tirelo ya Boithaopo: A o ka beela nako nngwe kwa thoko kwa kopanong gore o thuse kwa lephateng lengwe? Go direla bakaulengwe ba rona, le fa e ka nna ka diura di le mmalwa fela, go ka thusa thata e bile go ka dira gore ba kgotsofale. Fa e le gore o ka kgona go thusa, tsweetswee itlhagise kwa Lephateng la Tirelo ya Boithaopo kwa kopanong. Bana ba ba kafa tlase ga dingwaga tse 16 le bone ba ka thusa thata fa ba dira ba tlhokometswe ke motsadi kana mogolo mongwe yo o nang le boikarabelo.

Dipina: Jaaka go opela e le karolo ya kobamelo ya rona, re kgothaletsa botlhe gore ba ithute dipina tse di latelang: 53, 175, 85, 79, 187, 155, 19, 13, 47, 180, 177, 113, 143, 191, 33, 114, le 222. (Re akantsha gore diphuthego di simolole go ithuta lefa e ka nna pina e le nngwe morago ga pokano nngwe le nngwe.)

Pokano ya Bethele: Go tla nna le pokano mo letsatsing la bobedi la kopano mme e tla iwa ke baboledi ba ba ineetseng ba ba nang le dingwaga tse di fa gare ga 19 le 35 ba ba tla batlang go ya go direla kwa Bethele. Go tla itsisiwe kwa kopanong gore pokano eno e tla tshwarwa ka nako mang le kwa kae.

Tlhagiso: Re ka falola mathata a mantsi fa re ka nna re ntshitse matlho dinameng go bona dilo tse di ka tlhagisang mathata. Gantsi magodu le dinokwane ba tlhasela batho fa ba se mo mafelong a ba a tlwaetseng. Tlhomamisa gore o lotlela koloi ya gago ka dinako tsotlhe, mme o se ka wa tlogela sepe se se ka raelang motho se bonala. Magodu le bakgothosi ba kgona go utswa thata mo dikokoanong tse dikgolo. Go tla bo go se botlhale go tlogela dilo tsa botlhokwa mo setulong. Ga o kake wa tlhomamisa gore batho botlhe ba ba fa gaufi le wena ke Bakeresete. Ke eng fa o ba raela? Go ile ga begiwa gore batho bangwe ba ba tswang kwa ntle ba ne ba leka go hepisa bana gore ba tsamaye le bone. DIRA GORE O BONE BANA BA GAGO KA DINAKO TSOTLHE.

Go ile ga begiwa gore dihotele dingwe di tshameka dibaesekopo tsa thelebishene tsa boitsholo jo bo sa siamang kana le eleng tse di supang ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Seno se gatelela botlhokwa jwa go ela tlhoko gore o tlhokomela se bana ba gago ba se lebang mo thelebisheneng mo mafelong ano.

Tsweetswee o se ka wa founela baokamedi ba lefelo la kopano o batla tshedimosetso epe ka dilo tse di amang kopano. Fa bagolwane ba sa itse sepe, kwalela Komiti ya Kopano fa o sena go bona aterese mo mokwaleding wa phuthego.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela