Re Tla Ithuta Buka ya Tshenolō Gape
1 Tsebe e setlhogo sa buka eno ya Tshenolō se leng mo go yone e nopola Tshenolo 1:3: “Go sego yo o balang, le ba ba utlwang mafoko a polelelopele e.” Boitumelo jwa batho ba ga Jehofa bo ile jwa okediwa thata ke go bona go diragadiwa ga boperofeti jo bo leng mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo mo motlheng wa rona. Tsela e re tlhaloganyang dilo tse di ntseng jaaka “letsatsi la Morena,” gompieno le yone e tlhalosiwa sentle mo bukeng ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! (Tshen. 1:10) Ka go e ithuta, re ile ra tlhaloganya se se bolelwang ke ditiragalo tsa lefatshe, segolobogolo tse di akaretsang mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka le tsela e ditšhaba di ntseng di tswelela pele di gwantela ka yone kwa Haramagedona mmogo le tsela e Jehofa a dirisanang le batho ba gagwe ka gone.
2 Mo go ba le bantsi ba rona, go ithuta kgatiso eno ga go kitla go re thusa fela go gakologelwa dintlha tse re di ithutileng mo nakong e e fetileng mme gape go tla tokafatsa pono ya rona ya semoya ka dilo tse di diragalang tse di supang gore letsatsi la ga Jehofa la go fenya baba ba gagwe le atametse. Diketekete tsa batho ba ba sa tswang go kopanela le rona mo dingwageng tse pedi kana tse tharo tse di fetileng ba tla solegelwa molemo eleruri go bo buka ya Tshenolō e balwa ka lekgetlho la boraro mo Thutong ya Buka ya Phuthego.
3 Tlhomamisa gore o ipaakanyetsa sentle, o nna teng, le go nna le seabe ka tsela e e mosola beke nngwe le nngwe, go simolola ka October 3, 1994. Fa o ntse o tlhatlhoba boperofeti jo bo begilweng mo bukeng ya Tshenolo o tla duelwa le go segofadiwa thata fa o ntse o tlhaloganya sentle gore ditiragalo tsa lefatshe di kaya eng. Eleruri, re tlhoka go sekaseka tshedimosetso eo ka kelotlhoko ka gore e lebagane sentle thata jaanong go na le nako epe e nngwe. E kete re ka itumelela go bala ka boitumelo jo bo solofeditsweng, go reetsa, le go tlhatlhanya ka boperofeti jo bo itumedisang jo bo kaga metlha ya rona!