Bidio ya The Bible—Mankind’s Oldest Modern Book
1 Baebele ke buka e e anameng thata mo hisitoring. Ga go na buka epe e e kileng ya ranolelwa mo dipuong tse dintsi jaana. Mo godimo ga moo, ga go na setlhopha sepe se se tlhoafetseng jaaka Basupi ba ga Jehofa go anamisa Baebele le go e buelela jaaka Lefoko la Modimo.
2 E re ka e le Lefoko la Modimo, re ka tlhatswega pelo gore e na le dikarabo tse di thusang thata go rarabolola mathata a a leng teng gompieno. Mme phuthego ya ga Jehofa e neela thuso e e molemo go bona dikarabo tseno ka dikgatiso le dibidio. Jaaka go itsisitswe go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1994, bidio ya thanolo ya Seesemane ya The Bible—Mankind’s Oldest Modern Book, e e leng ya bobedi mo dibidiong tse tharo tse di supang ka moo Baebele e tlhotlheletsang batho ka teng e setse e le gone, mme e ka otariwa ka phuthego. E tsaya metsotso e le 40.
3 Fela jaaka ya ntlha mo metseletseleng eno, bidio eno ya bobedi, le yone e dira gore motho a ikanye Baebele jaaka kaelo e e tswang go Modimo. E dirisa difilimi tse di tserweng kwa dinageng tsa Baebele le kwa dimusiamong go dikologa lefatshe go re thusa go bona ka moo Jehofa Modimo a ileng a sireletsa Baebele ka teng mo makgolokgolong a dingwaga go fitlha mo motlheng ono wa rona. O tla bona ka moo Baebele e santseng e tlhomame ka teng le mororo e ile ya nna ya kwalololwa ya ba ya ranolwa kgapetsakgapetsa. O tla bona ka moo buka eno e e tswang go Modimo e ileng ya sirelediwa ka teng fa batho ba ne ba bogisiwa ka tsela e e setlhogo thata ka ntlha ya go e anamisa. O tla bona gape le bosupi jo bo leng teng gone jaanong jwa gore Baebele e ile ya dira gore matshelo a batho a nne botoka.
4 Bidio eno e tla nna molemo thata mo metlotlong ya lelapa ya Baebele le mo dilong tse dingwe tse dintsi—fela jaaka ya ntlha e ne e ntse. Re tlhomamisega gore Jehofa o tla segofatsa go dirisiwa ga yone. Ba ba iseng ba e otare ba ka nna ba dira jalo ka bonako ka lephata la dibuka mo phuthegong. Dibidio tsa The Bible—Accurate History, Reliable Prophecy le Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name di santse di le gone.