Dikitsiso
◼ Dibuka tse di tla dirisiwang ka September: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R10,50. Dibuka tse dipotlana ke R5,30. October: Dipeeletso tse di tlang ka poso tsa Tsogang! kana Tora ya Tebelo ka moneelo wa R30,00 mo dikgatisong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga mo go tse di tswang gangwe ka kgwedi kana peeletso ya dikgwedi tse thataro mo go tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R15,00. Dipeeletso tsa Tlelapa ke R19,00 mme tse dingwe ke R9,50. November: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana la Batho? ka moneelo wa R3,50. December: Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R10,50.
◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Letlha la kopano ya kgaolo e e latelang le fetotswe:
November 25-27:
St. Helena (Seesemane)
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo a mo tlhophileng o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka September 1 kana ka bonako ka mo go ka kgonegang morago ga foo. Itsise phuthego fa seno se setse se dirilwe.
◼ Baboledi ba ba batlang go bula tsela ka October ba tshwanetse go tsenya dikopo tsa bone go sa le gale. Seno se tla thusa gore bagolwane ba kgone go dira dithulaganyo tse di tlhokegang tsa dibuka le tsa tshimo.
◼ Bagolwane ba gakololwa gore ba latele ditaelo tse ba di filweng go Tora ya Tebelo ya April 15, 1991, ditsebe 21-3, e e malebana le batho bape ba ba kgaotsweng kana ba ba itomolotseng ba ba ka tswang ba batla go busediwa.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa go romelelwa 1995 Calendar of Jehovah’s Witnesses ka otara ya bone ya dibuka ya September. Dikhalendara di tla bo di le teng ka Seburu, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejeremane, Sentadiana, Sepotokise, Sesotho, Sexhosa, le Sezulu. Ke setoko sa dilo tse di laolwang. Diphuthego tse di senang akhaonto mo Mokgatlhong kana tse di nang le tlhaelo mo akhaontong ya tsone di tshwanetse go romela kheshe le otara ya tsone.
◼ Go tloga ka tokololo ya July 8, 1994 makasine wa Tsogang! wa Setšhaena o tla tswa gabedi ka kgwedi ka nako e le nngwe fela le wa Seesemane.
◼ Tora ya Tebelo le Tsogang! ya Setšhaena (Se se tlhofofaditsweng) jaanong di tla nna teng mo dinageng tsotlhe. Tora ya Tebelo e tla gatisiwa ka mebalabala. Dimakasine tseno di tla tswa gabedi ka kgwedi mme e bile di tla tswa ka nako e le nngwe le tsa Seesemane. Diphuthego di ka romela diotara tsa dimakasine tse di tsamaisiwang, mme dipeeletso tsa motho ka namana di tla amogelwa fa di romelwa ka phuthego.
◼ Mokgatlho ga o romelele mmoledi ope fela dibuka tse a di otarang ka boene fela. Batho ba ba batlang dilo tse di rileng ba ka itsise motlhanka wa dibuka, mme ene o tla di tsenya ka bonako mo otareng ya phuthego ya kgwedi le kgwedi ya dibuka. Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go rulaganya gore go nne le kitsiso kgwedi e nngwe le e nngwe pele ga otara ya kgwedi le kgwedi ya phuthego e romelwa Mokgatlhong gore batho ba ba batlang dibuka tse di rileng ba tle ba itsise mokaulengwe yo o tshwarang dibuka.
◼ Ditlhwatlhwa tsotlhe tsa dibuka di tla tlhatloga go tloga ka September 1, 1994. Tsweetswee lebang Cost List e re e romeletseng phuthego nngwe le nngwe go bona tshedimosetso e e oketsegileng.
◼ Ka Matlhatso, October 8, 1994, legae la Bethele le feketeri di tla bo di tswetswe gore di phepafadiwe, ka jalo go tla bo go sena dithulaganyo dipe tsa go bona kago.
◼ Re rata go gakolola DIPHUTHEGO TSOTLHE gore tsweetswee di otare dikarata tsa Advance Medical Directive/Release le Identity Cards ka bonako ka mo go ka kgonegang mo foromong ya Literature Order (S-AB-14). Diphuthego tse di senang akhaonto mo Mokgatlhong kana di na le tlhaelo mo akhaontong ya tsone ya dibuka di tshwanetse go romela kheshe le otara ya tsone. Dikarata tsa medical directive ka disente di le lesome e le nngwe mme Identity Cards ke disente di le robedi e le nngwe. Tsweetswee otarang ka dipalo tsa 20 fa go kgonega. Lo se ka lwa fa ope dikarata tseno, mme di bolokeng go fitlha lo amogela ditaelo tse di oketsegileng go tswa Mokgatlhong.
◼ Diphuthego di kgothadiwa go otara dipampitshana tse di supang dinako tsa dipokano tsa tsone. Dipampitshana tseno ke R13,00 di le 1 000. Ke setoko se se laolwang mme madi a tsone a tla lopiwa mo akhaontong ya dibuka ya phuthego. (Fa akhaonto ya lona ya dibuka e se mo boemong jo bontle, tsweetswee romelang kheshe le otara ya lona.) Lo ka nna lwa otara dipampitshana tseno ka foromo ya Handbill Order (S-AB-16). Fa lo sena foromo ya go otara, tsweetswee re romeleleng dinako tsa dipokano tsa lona (e leng, letsatsi la beke le nako e pokano nngwe le nngwe e e tshwarang ka yone) mmogo le aterese ya Holo ya Bogosi.
◼ Go na le disekete e nngwe gape e e golotsweng ya khomputara: GetVerse. Thulaganyo e ntšha eno e dira gore motho a kgone go tsenya ditemana tsa Baebele ka tlhamalalo mo bontsing jwa di-word processor tsa DOS. E mosola thata mo go baakanyetseng dipuo kana go dira lenaane la dikwalo. GetVerse e gone fela ka Seesemane mo diseketeng ya bogolo jwa 5 1/4-inch ya 360-kilobyte. Gore o tle o kgone go dirisa thulaganyo eno o tshwanetse gore o bo o na le kopi ya New World Translation of the Holy Scriptures—With References kana New World Translation of the Holy Scriptures—With References/Insight on the Scriptures e e tsentsweng mo khomputareng ya gago. Tlhwatlhwa ya phuthego, ya batho botlhe le ya babulatsela ke R12,00.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse Di leng Gone:
Sepotokise: Dibolumo tsa Tora ya Tebelo tsa 1978 le 1979 (phuthego, batho botlhe, le babulatsela: R22,00); Watchtower Publications Index 1960-1990 (phuthego le batho botlhe: R37,00; babulatsela: R26,00).