A o Ka Kgona go Dira Jalo?
1 ‘Go dira eng?’ o botsa jalo. Diane 3:27 e araba jaana: “Ba ba chwanecweñ ke go dihèlwa molemō, u se ka ua gana ka ōna, ha go le mo thateñ ea seatla sa gago go o diha.” A go “mo thateñ ea seatla sa gago” go oketsa tiro ya gago mme o nne le seabe mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang kana jwa ka metlha? A o ka kgona go dira seo?
2 Abo go ne go kgothatsa jang ne go bala go 1993 Yearbook gore go ne go na le palogare ya babulatsela ba ka metlha le ba ba thusang mo Afrika Borwa ba le 6 303, seo se raya gore mo baboleding bangwe le bangwe ba ba 8 go na le mmulatsela a le 1. Ee, ngogola batho ba le 814 ba ne ba tsenela bobulatsela. Seno se raya gore ke baboledi ba ba fetang ba le babedi ka letsatsi bao ba neng ba tlhatlhoba maemo a bone mme ba fitlhela gore ba ka kgona go dira mo go oketsegileng mo bodiheding.
3 Go dira bobulatsela jo bo thusang ke tsela nngwe ya go direla ba bangwe molemo. Ka April 1992 go ne go na le babulatsela ba ba thusang ba le 8 611 mo Afrika Borwa. Seo se ne se itumedisa tota. Mo ngwageng yotlhe baboledi ba le bantsi ba nna ba ntse ba batla ditsela tsa go dira bobulatsela jo bo thusang nako le nako.
4 Go tlhomamisa gore a o tla kgona ‘go bo dira’ kana nnyaa, sa ntlha o tlhoka go sekaseka maikutlo a gago. (Math. 22:37-39) Ditihō 20:35 e bolela jaana: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.” Kwantle ga pelaelo, bao ba dirang ka pelo yotlhe go thusa batho semoyeng ebile ba dira jalo ka bopelonomi ba na le keletso e e siameng. Gore o tle o nne mmoledi kana mmulatsela yo o atlegang, keletso eo e a tlhokega.
5 Sa bobedi, sekaseka maemo a gago a gone jaanong. A o ka fetola tsela e o ntseng o dira ka yone ditiro tsa gago tsa letsatsi le letsatsi gore o direle ka nako e e tletseng? Ga se mongwe le mongwe yo o ka kgonang. Mme lefa go ntse jalo morago ga go itlhatlhoba mmogo le go rapela, ngwaga le ngwaga diketekete tsa bone di bona phatlha ya ‘go dira jalo.’ (Bakol. 4:5; w77 ts. 701) Ka sekai, malapa mangwe a itlhophela dikgwedi tse di rileng tse bangwe mo lapeng kana lelapa lotlhe ba ka dirang bobulatsela jo bo thusang ka tsone. Malapa a mangwe a tshegetsa mongwe wa lelapa la bone gore a direle jaaka mmulatsela wa ka metlha. A lelapa la lona le ile la sekaseka ditshiamelo tseno tse di bulegileng?—Bona Diane 11:25.
6 Go thusa ba bangwe gore ba itse boammaaruri go tlisa kgotsofalo ya mmatota, e ka tswa o direla jaaka mmoledi kana mmulatsela. Re itse gore boipelo jwa mmatota re bo bona ka go direla ba bangwe molemo, segolobogolo fa go direga gore o ‘nne mo thateng ya diatla tsa rona go o dira.’