LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/93 ts. 3
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Go Dumela Lefoko la Modimo, go le Dirisa, le go Bona Molemo go Tswa mo go Lone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 7/93 ts. 3

Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo

1 Go bontsha gore ba ikobela mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:33, Bakeresete ba boammaaruri ba ntse ba beile Bogosi kwa pele ka metlha mo matshelong a bone. Ka gone he, setlhogo se se tshwanelang tota sa thulaganyo ya kopano ya potologo e e tla simololang ka September 1993 se tla bo se re “Nnang Lo Batle Bogosi Pele.”

2 Selo sa ntlha fela thulaganyo eno e tla tlhomolola Bogosi gore ke selo sa mmatota, e gatelela gore ke puso e e nang le lefelo le e busang mo go lone, babusi, babusiwa, le melao. Ebile tota, bontsi jwa melao ya dipuso tsa batho e e solegelang batho molemo gompieno bo ikaegile ka melao ya Bibela.

3 Tshireletsego le masego a re a bonang ka go bo re baya Bogosi kwa pele mo dikarolong tsotlhe tsa matshelo a rona di tla tlotliwa. Re tla neelwa kgakololo e e tla re thusang go bontsha kafa re ka tilang ka teng go tlhobaela mo go sa tlhokegeng. Dipuo, dipontsho, le dipuisano di tla re bontsha kafa go leng botlhokwa ka teng go dira gore leitlho la rona le nne motlhofo ka dinako tsotlhe.

4 Ka Matlhatso a kopano eno, bayakolobetsong ba ba tshwanelegang ba tla dira boipolelo jwa phatlalatsa go bontsha boineelo jwa bone go Jehofa. Mme ka Sontaga, mongwe le mongwe wa rona o tla batla go nna teng mo puong ya phatlalatsa, e e nang le setlhogo se se reng “Bogosi jwa Modimo Bo Tla Direla Setho Eng.”

5 Tlhomamisa gore o dira dithulaganyo tsa gore o nne teng ka malatsi oomabedi a kopano ya potologo. Thulaganyo ya kopano, mmogo le bokopano jwa bokaulengwe jo bo itumedisang, di tla re kgothatsa ka mo go oketsegileng le go re lapolosa mo e leng gore mongwe le mongwe wa rona o ka se rate e mo tlola.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela