LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/90 ts. 1-2
  • Go Kaela Diithuti Tsa Bibela Kwa Phuthegong ya ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Kaela Diithuti Tsa Bibela Kwa Phuthegong ya ga Jehofa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DIRISA BOROUTŠHARA YA BA DIRA THATO YA MODIMO
  • FETOGA GO YA KAFA GO TLHOKAFALANG KA GONE
  • Go Kaela Baithuti Kwa Mokgatlhong o o Emelwang ke Leina la Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Karolo 8: Go Thusa Moithuti go Kopanela le Phuthego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Thusa ba Bangwe Gore ba Nne Gone mo Dipokanong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
km 11/90 ts. 1-2

Go Kaela Diithuti Tsa Bibela Kwa Phuthegong ya ga Jehofa

1 Diithuti tsa Bibela di tlhoka gore di tlwaelane le phuthego ya “lecomane le le leñwe” leo Jesu a neng a bua ka lone mo go Yohane 10:16. Ba tshwanetse ba lemoga gore go itlhaola le phuthego ya ga Jehofa go botlhokwa gore ba bolokwe. (Tshen. 7:9, 10, 15) Ka gone, re tshwanetse ra simolola go kaela dithuto tsa rona tsa Bibela kwa phuthegong ka bonako fela fa thuto ya Bibela e setse e simolotswe.

2 Thusa diithuti tsa gago gore di tlwaelane le dikarolo di le dintsi tsa phuthego ya ga Jehofa ya selefatshe. Fela jaaka fa go ne go dirwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho botlhe ba ga Jehofa ba mo phuthegong eo e nang le bagolwane, batlhanka ba bodihedi, le baboledi. Gompieno, maloko a diphuthego a ipelela go nna gone kwa dipokanong di le tlhano ka beke. Go na le dikopano gangwe le gape le dikopano tse dikgolo tseo di rulagantsweng mo ngwageng, mme tsone di neela thuto e e kgethegileng mmogo le ditshono tsa go kopana le Basupi mmogo le rona bao ba tswang kwa dikarolong tse di farologaneng. Gape go na le babulatsela, barongwa, le balebedi ba ba etang, mmogo le Setlhopha Se Se Laolang seo se kaelang tiro eo e dirwang mo lefatsheng lotlhe. O ka tlwaelanya jang diithuti tsa gago tsa Bibela le dikarolo tse di farologanyeng tsa phuthego ya ga Jehofa? O ka ba thusa jang gore ba lemoge gore tsela eo phuthego eno eleng ka yone e theilwe mo Bibeleng?

DIRISA BOROUTŠHARA YA BA DIRA THATO YA MODIMO

3 Boroutšhara ya Ba Dira Thato ya Modimo e na le tshedimosetso e kgolo malebana le phuthego ya ga Jehofa. Ka yone o ka kgona go dira gore diithuti tsa gago di tlwaelane le phuthego kgato ka kgato mme wa ba thusa gore ba lemoge ka moo e dirang ka gone. Tsela e e molemo ya go simolola seno ke ka go tlotla seo se diragalang kwa Holong ya Bogosi. Seno se tla rotloetsa seithuti seno gore se nne gone kwa dipokanong tsa phuthego. Pele ga o ka mo laleletsa kwa puong ya phatlalatsa lekgetlo la ntlha, boeletsa tshedimosetso e e leng go ditsebe 14 le 15. Mmontshe ditshwantsho. Tlhalosa lefelo leo Holo ya lefelo la lona ya Bogosi e leng mo go lone mmogo le tsela eo e leng ka yone. Gongwe o ka nna wa bo wa mmontsha setshwantsho sa Holo ya Bogosi eo o kopanelang mo go yone.

4 Fa loeto lwa molebedi wa potologo lo setse lo itsisitswe mo phuthegong, sekaseka ditsebe 20 le 21 le seithuti seno sa gago. Dirisa dipotso tse di leng kwa bokhutlong jwa tsebe 21 go dira gore dintlha tsa konokono di tlhomologe. Tlotla le ene kaga thulaganyo ya rona ya gone jaanong kafa e tshegediwang ka gone ke Dikwalo ka go dirisa serapa sa ntlha se se leng go tsebe 20. Tshedimosetso eno e tla dira gore loeto lwa seithuti sa gago go ya kwa Holong ya Bogosi e nne lo lo nang le bokao.

5 Ka mo go tshwanang, pele ga lo ya kwa kopanong ya lona ya kgaolo, ya potologo, kana kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe, sekaseka se se leng mo tsebeng ya 19. Mo tlhokomedise se se kopanyelediwang kwa dikopanong tse dikgolo, mme o mmontshe selekanyo sa meraferafe seo se bontshiwang mo ditshwantshong tse di mo tsebeng 18. Fa o akgela ka setshwantsho seo se bontshang go gololwa ga kgatiso e ntšha, o ka nna wa mo baakanyetsa motlotlo o mongwe gape o o mo go ditsebe 24 le 25. Fa o tlhalosa ka bobulatsela, tlotla ka dintlha tse di mo ditsebeng 22 le 23.

FETOGA GO YA KAFA GO TLHOKAFALANG KA GONE

6 Fela jaaka o bona, ga go tlhokafale gore o simolole kwa boroutšhara eno ya Ba Dira Thato ya Modimo e simololang gone. Go na le moo, jaaka fa tshono e nna gone ebile go tlhokafala go dira jalo, tlotla ka dintlha dingwe tse di rileng go tswa mo boroutšhareng eno tseo di tlileng go thusa seithuti seno gore se anaanele phuthego ya ga Jehofa mme o mo kgothaletse gore a kopanele le phuthego ya lefelo la lona.

7 Fa o bua ka go tlhatswega pelo fa o tlotla ka dintlha tseno seno se tla otlelelwa goyagoile mo seithuting sa gago. Tlhoafalang mo moyeng. (Dit. 18:25) Gape, tlhomamisega gore wena, “eo u rutañ eo moñwe,” o tlhoma sekao se se molemo mo go bontsheng gore o anaanela phuthego ya ga Jehofa. (Bar. 2:21) Fa o dira jalo, o ka nna wa thusa ba bangwe gore le bone ba nne gone mo letsomaneng le le lengwe fela leo Jesu a le eteletseng pele go ya botshelong jo bosakhutleng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela