Pego ya Baboledi ba Bogosi
Supi ba ya Kwa Bathong Kwa Fora
GO TLOGA ka makuku a Labotlhano, ka January 29, 1999, go fitlha ka mafelobeke ao, Basupi ba ga Jehofa kwa Fora ba ne ba anamisa dikhopi di le dimilione tse 12 ka matlhagatlhaga tsa pampitshana e e reng People of France, You Are Being Deceived! mo mebileng mme moragonyana ba di tsamaisa ka ntlo le ntlo. Ke ka ntlha yang fa go ne ga dirwa letsholo leo?
Go ile ga ntshiwa lebaka le le dirileng gore go nne le letsholo leo kwa pitsong ya babegadikgang kwa Paris mo mosong oo wa Labotlhano. Mmueledi wa Basupi o ne a tlhalosa jaana: “Se re batlang go se dira gompieno ke go tlhalosa se re leng sone mme re fedise maaka a a anamisitsweng ka rona. Ga re gane go tshwaiwa diphoso, mme gone ga re tlhole re batla go reetsa maaka le dikakgelo tse di re senyang leina.”
Le mororo Basupi ba ga Jehofa e le bodumedi jwa Bokeresete jwa boraro ka bogolo kwa Fora, bana ba le bantsi ba Basupi ba ile ba sotlwa le go kgadiepediwa kwa sekolong. Batho ba ba godileng ba latlhegetswe ke ditiro mme ba ile ba tshosediwa ka ntlha ya bodumedi jwa bone. Se se maswe le go feta, tota le meneelo ya bodumedi e ba ntseng ba e amogela e ile ya duedisiwa lekgetho la diperesente di le 60. Letsholo leno le ne la emelana le go tlhaolwa gono jang?
Pampitshana eno e bolela jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba ba 250 000 le batho ba ba kopanelang le bone ba ba nnang mo Fora ba GANANA le boferefere jwa gore bodumedi jwa bone jwa Bokeresete, jo bo sa bolong go nna teng mo Fora fa e sa le ka 1900, bo amanngwe le makoko a a kotsi fa e sa le ka 1995. . . . Ba GANANA le go nna ba kgadiepediwa ka tsela e ba ntseng ba kgadiepediwa ka yone.” Go senngwa leina ga Basupi kwa Fora le ditsela tse di boferefere tse balatofatsi ba ntseng ba di dirisa go anamisa tshedimosetso ya maaka di ile tsa senolwa. Pampitshana eno e konela ka go re: “Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione tse pedi le batho ba ba kopanelang le bone ba nna mo Yuropa. Ba ikobela melao ya Dipuso tse di ba busang ka go buelela melao e e siameng ya Efangele. Batho ba Fora, boammaaruri ke jono. Ke tiro ya rona gore re bo bolele jaaka bo ntse!”
Go e Tsibogela Sentle ka Bonako
Batho ba ne ba neelwa dimilione tsa dipampitshana mo letsatsing la ntlha. Kwa Paris fela, ka sethoboloko Basupi ba ba fetang 7 000 ba ne ba setse ba tsamaiseditse batho dipampitshana tse di fetang dimilione tse 1,3. Tota e ne e le la ntlha batho ba bona Basupi ba le bantsi jaana ba tsamaisa dipampitshana mo mebileng. Metswedi ya tshedimosetso, go akaretsa le makwalodikgang a mafelo a sele le a mo tikologong eo le thelebishene, e ne ya bua sentle malebana le letsholo leno. Lekwalodikgang la Le Progrès de Lyon le ne la bolela jaana: “Kgato eno e e tserweng . . . e senola go sa tlhaloganye lefoko lengwe. Mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, lefoko ‘lekoko’ . . . le ne le tsewa le naya kgopolo ya go nna tlhogoethata, kotsi le go nna bosula. . . . Basupi ba ga Jehofa ga ba kotsi mo ba ka feretlhang setšhaba.”
Batho ba ba itseng Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore ba rata kagiso e bile ba tlotla setšhaba fela thata. Ka gone, batho ba le bantsi mo mebileng ba ile ba anaanela le go tshegetsa masome a a dikete a Basupi ba ba neng ba le mo letsholong leno. Ka bonako fela go ile ga tsena difouno, di-fax le makwalo a a tswang kwa bathong ba ba neng ba leboga pampitshana eno. Mo godimo ga moo, batho ba ba peloephepa ba ile ba neelwa sebaka sa go utlwa boammaaruri malebana le Basupi, jo bo neng bo ganetsa maaka le dikakgelo tsa boeleele, mme batho ba ditumelo tsa bone di neng di ntse di tlhapatswa ba ne ba kgona go ntsha maikutlo a bone malebana le se ba se ratang thata.