Go Kgothosa go go Ileng ga Thibelwa Kwa Afrika Bophirima
Jaaka go boletse Eunice Ebuh
“Bakgothosi ba ba tshotseng dibolao ba ne ba ikaelela go tla go re tlhasela mo letsatsing le ka metlha re tshwarang Thuto ya Buka ya Phuthego ka lone mo legaeng la rona. Re tle re atlhamolose diheke tsa rona go bulela bakaulengwe le bokgaitsadi le batho ba ba kgatlhegang. Go bonala bakgothosi ba ne ba itse seno le nako ya dipokano. Re ne ra itse gore ba utswitse koloi golo gongwe mme ba tla ka yone go tla go leta fa hekeng mo letsatsing la dipokano le ka nako ya tsone.
“Go ne ga direga gore mo bekeng e ba tlileng ka yone e nne beke ya loeto lwa molebedi wa potologo. Mo boemong jwa go kopanela kwa ntlong ya rona re ne ra kopanela kwa Holong ya Bogosi. Morago ga pokano go ne ga nna le pokano ya bagolwane. Ka metlha nna le bana re tle re ye gae, le fa go ntse jalo, monna wa me yo e leng mogolwane, o ne a kopa gore re mo emele. O ile a re ga a ne a tsaya nako e telele. Ka jalo re ne ra mo emela.
“Go tswa foo ke fa koloi e gana go duma. Monna wa me le molebedi wa potologo ba ne ba se ka ba kgona go e baakanya. Le makheneke yo re neng ra mmitsa o ne a se ka a kgona go e baakanya.
“Bana ba ne ba tshwanela go ya gae ka maoto. Morago ga lobakanyana le nna ke ne ka ya gae. Ke ne ka goroga mo e ka nnang ka ura ya lesome. Nna le bana ga re a ka ra tsena mo re nnang teng ka koloi e leng se se neng se tla tlhoka gore re bule heke e kgolo.
“Fa ke tsena mo kamoreng ya me ya borobalo ke ne ka utlwa modumo o mogolo wa tlhobolo. Ke ne ka ipotsa gore go direga eng. Ke ne ka leka go founela mapodise, mme founo e ne e sa bereke. Ke ne ka itlhaganelela go ya kwa boalong jo bo kwa tlase mme ka lotlela kgoro ya tshipi e go tsenwang ka yone, go tswa foo ka itlhaganelela go lotlela kgoro e e fa gare. Ke ne ka tima mabone. Banake ba ne ba tsenwa ke tsebetsebe, ka jalo ke ne ka ba kopa gore ba ritibale. Re ne ra rapela Jehofa mmogo gore a re sireletse. Ka nako eo, monna wa me o ne a sa ntse a le kwa Holong ya Bogosi a leka go baakanya koloi.
“Ke ne ka okomela ka fensetere mme ka bona monna mongwe a rapaletse mo mmileng kwa ntle ga heke. Go ne go bonala bakgothosi ba tsamaile, ka jalo ke ne ka tsenya monna yono yo o gobetseng mo koloing ya me mme ka mo akofisetsa kwa bookelong. Ke ne ke ipaya mo kotsing, mme gone, ke ne ke tshwanelwa ke go dira sengwe. Ka maswabi mo letsatsing le le latelang monna yono o ne a tlhokafala.
“Kwantle ga dikgang tseo tse di botlhoko, dilo di ka bo di ile tsa nna maswe le go feta. Loeto lwa molebedi wa potologo lo ile lwa dira gore re se ka ra tshwarela thuto ya buka mo ntlong ya rona. Go robega ga koloi go ile ga dira gore re se ka ra tla gae re le rotlhe ka koloi. Monna wa me yo bakgothosi ba ka bong ba ile ba mo tlhasela o ile a tla gae go setse go le bosigo thata. Dilo tseno le tse dingwe, ke tsone tse di ileng tsa re thusa mo bosigong joo.
“Jehofa ke kago ya rona ya phemelo le botshabelo jwa rona. Go ntse fela jaaka fa dikwalo di re: ‘Fa Jehofa a sa dise motse, molebedi o tsogela lefela fela.’”—Pesalema 127:1.