Fa Bakgothosi ba Tlhasela ka Dibolao
MATLO a motse wa maratagolejwa wa Afrika Bophirima wa Ikoyi a fetogile dikago tsa phemelo. Bontsi jwa one a na le marako a bogodimo jwa dimetara tse tharo a a tsentsweng ditshipi tse di tlhabang, digalase tse di thubilweng kana magora a a tlhabang. Badisa ba tlhokomela diheke tse dikgolo tse di sireleditsweng ka diboutu, ditshipi, dikeetane le dipeteloko. Difensetere di tsentswe ditshipi. Dikamore tsa borobalo di kgaogantswe le dikamore tse dingwe tsa ntlo ka dikgorwana tsa tshipi. Bosigo, dintša tse dikgolo—di-Alsatian le di-Rottweiler—di a bulelwa go tswa mo matlwaneng a tsone. Dipone tse di bogale di leleka lefifi le dikuamokgosi tse di berekang ka khomputara di nna di bonyabonya ka tidimalo fa tsotlhe di apere tshiamo.
Ga go ope yo o belaelang botlhokwa jwa go dira gore matlo a bone a babalesege. Ditlhogo tsa makwalodikgang di kua mokgosi ono: “Dikebekwa di Thukhutha Setšhaba”; “Dikebekwa Tsa Bana di Gaketse”; le “Dinokwane di Tlhasetse [Lekeišhene].” Dilo tseno di direga mo dinageng tse dintsi. Jaaka fa Baebele e boleletse pele, ruri re tshela mo dinakong tsa mathata.—2 Timotheo 3:1.
Bokebekwa, go akaretsa le jwa go kgothosa ka dibolao, bo atile mo lefatsheng lotlhe. Dipuso di le dintsi ga di kgone kana ga di batle go sireletsa baagi ba tsone. Kwa dinageng dingwe, mapodise ga a na didirisiwa tse di lekaneng fa a bidiwa go tla go thusa, ka gonne palo ya one e tlhaela e bile a se na ditlhobolo tse di lekaneng. Bontsi jwa batho ba ba boneng ka matlho ga ba batle go itsenya mo dilong.
Batlhaselwa ba tshwanelwa ke go itshenkela tsela ya go iphemela ka gonne ba ka se ka ba ikaega ka thuso ya mapodise kana ya setšhaba. Mogolwane wa Mokeresete wa naga nngwe e e tlhabologang o ne a re: “Fa o ka kua mokgosi, dikebekwa di tla go gobatsa kana go go bolaya. Lebala ka go kopa thuso ya batho. Fa mongwe a ka go thusa, go siame, mme gone o se ka wa e solofela kana wa e kopa, ka gonne fa o kopa thuso o ka nna wa bo o itsenya fela mo nakeng tsa kukama.”
Tshireletso le Lefoko la Modimo
Le fa Bakeresete e se ba lefatshe, ba tshela mo lefatsheng. (Johane 17:11, 16) Ka jalo, fela jaaka batho botlhe, ba itirela dithulaganyo tse di siameng tsa go itshireletsa. Le fa go ntse jalo, batho ba Modimo ba senka ditsela tsa go itshireletsa tse di dumalanang le melaometheo ya Bokeresete, ga ba tshwane le batho ba ba sa direleng Jehofa.
Go farologana le bone, batho ba dinaga dingwe tsa Afrika ba dirisa boloi go itshireletsa mo bokebekweng. Matwetwe a ka phatsa motho mo legwejaneng, mo sehubeng kana mo mokwatleng. Go tswa foo o tla bo a tshasa setlhare mo nthong a bo a laola, go bo go tsewa gore motho yoo o sireletsegile mo go tlhaselweng ke dikebekwa. Ba bangwe ba thaya matlo a bone ka dipheko, ba dumela gore “sesireletsi” seo se tla dira gore dikebekwa di se ka tsa ba dira sepe.
Bakeresete ba boammaaruri ga ba dirise mofuta ope fela wa boloi. Baebele e kgala mekgwa yotlhe ya tirisabadimo ka gonne dilo tse di ntseng jalo di ka dira gore batho ba amane le badimona, e leng bone ba ba rotloetsang thubakanyo mo lefatsheng. (Genesise 6:2, 4, 11) Baebele e bua jaana ka tlhamalalo: “Lo se ka lwa dira mereo.”—Lefitiko 19:26.
Batho ba bangwe ba senka go itshireletsa ka go nna le ditlhobolo. Mme Bakeresete bone ba tsaya tsia mafoko a ga Jesu, yo o neng a re: “Ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:52) Batho ba Modimo ba ‘thudile ditšhaka tsa bone go nna megoma’ mme ga ba reke ditlhobolo go itshireletsa ka tsone gore ba se ka ba kgothosiwa kana ba tlhaselwa ke dikebekwa.—Mika 4:3.
Go tweng ka go nna le badisa ba tshireletso ba ba tsholang dibolao? Le mororo kgang eno e le ya gore motho a itirele tshwetso ka namana mo go yone, se lebale gore go dira jalo ke go tsenya tlhobolo mo diatleng tsa motho yo mongwe. Motho yo o hirileng badisa bano o tla batla gore ba dire eng fa ba rakana le senokwane? A o tla batla gore fa go tlhokega, badisa bano ba hule legodu leo go sireletsa batho le dithoto tse ba di disitseng?
Mo bathong ba ba sa itseng Modimo, kgato e Bakeresete ba e tsayang malebana le go gana go itshireletsa ka dilo tsa boloi le dibolao, e ka lebega e le boeleele. Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Yo o ikanyang Jehofa o tlaa bolokega.” (Diane 29:25) Le fa gone Jehofa a sireletsa batho botlhe ba gagwe, ga a nne le seabe mo go dibeleng batlhanka ba gagwe mo tiragalong nngwe le nngwe ya bokebekwa. Jobe o ne a ikanyega tota, le fa go le jalo Modimo o ne a letla batlhasedi ba tlhasela diruiwa tsa ga Jobe le go swelwa ke batlhokomedi ba tsone. (Jobe 1:14, 15, 17) Modimo o ne a letla le gore moaposetoloi Paulo a nne mo “dikotsing tsa dinokwane tsa ditsela tse dikgolo.” (2 Bakorintha 11:26) Le fa go ntse jalo, Modimo o ruta batlhanka ba gagwe go tshela go ya ka melaometheo e e ka fokotsang kotsi ya go tlhaselwa ke dinokwane. Gape o ba naya kitso e e ba thusang go tsiboga ka ditsela tse di ka fokotsang kotsi ya go gobadiwa fa ba tlhasetswe ke dinokwane.
Go Fokotsa Matshosetsi a go Kgothosiwa
Monna yo o botlhale o ile a lemoga seno bogologolo tala: “Go kgora ga mohumi ga go mo leseletse go robala.” (Moreri 5:12) Ka mafoko a mangwe, batho ba ba nang le dilo tse dintsi ba ka tlhobaediwa ke go akanya gore ba tla latlhegelwa ke dithoto tsa bone mo ba sa boneng boroko ba lala ba tlhorega.
Ka jalo tsela e nngwe ya go fokotsa go tlhobaela le matshosetsi a go tlhaselwa ke dinokwane ke go tila go kgobokanya dithoto tse dintsintsi. Moaposetoloi yo o tlhotlheleditsweng o ile a kwala jaana: “Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a itshedisang ka sone—ga se thaege mo go Rara, mme se thaega mo lefatsheng.” (1 Johane 2:16) Tsone dikeletso tse di tlhotlheletsang batho go reka dilo tse di tlhwatlhwagodimo di tlhotlheleta ba bangwe go utswa. Mme go “bontsha ka mabela se motho a itshedisang ka sone” go ka ngoka batho ba ba ratang go senya.
Mo godimo ga go tila go tlhagelela thata mo setšhabeng, tsela e nngwe ya go itshireletsa mo bakgothosing ke ka go supa gore o Mokeresete wa boammaaruri. Fa o rata batho ba bangwe, o dirisana le bone ka boikanyegi e bile o le tlhaga mo bodireding jwa Bokeresete, o ka itsege o le motho yo o molemo le yo o tshwanelwang ke go tlotlwa mo motseng wa lona. (Bagalatia 5:19-23) Go itirela leina le le ntseng jalo la Bokeresete go ka sireletsa motho go gaisa sebolao.
Fa Bakgothosi ba Tlhasela ka Dibolao
Mme gone, ke eng se o ka se dirang fa bakgothosi ba ka tsena mo legaeng la gago ba go tlhasela? Se lebale gore botshelo jwa gago bo botlhokwa go gaisa dithoto. Keresete Jesu o ile a re: “O se ka wa emelelana le yo o boikepo; mme lefa e le mang yo o go fapholang mo lerameng la gago la moja, lebisa le lengwe gape kwa go ene. Mme fa motho a batla go . . . tsaya seaparo sa gago sa kafa teng, mo lese a tseye le sone seaparo sa gago sa kafa ntle.”—Mathaio 5:39, 40.
Kgakololo eno e molemo. Le mororo Bakeresete ba sa patelesege go senolela dikebekwa kaga matlotlo a bone, gantsi bakgothosi ba ka galefa thata fa ba bona e kete o a gana, ga o dire se ba reng o se dire kana fa o ba tsietsa. E re ka bontsi jwa bone “ba sa tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro,” ba gakatsega go nna setlhogo motlhofo.—Baefeso 4:19.
Samuel o nna mo foleteng. Bakgothosi ba ne ba tlhasela kago eo mme ba tsena mo matlong a yone otlhe ba gapa dilo. Samuel o ne a utlwa modumo wa tlhobolo, mabati a thubaganngwa, batho ba goa, ba lela e bile ba bokolela. Motho o ne a ka se falole. Samuel o ne a laela mosadi wa gagwe le barwa ba gagwe ba bararo go khubama ka mangole fa fatshe, ba tsholeditse matsogo, ba tswetse matlho le go leta. E rile fa bakgothosi ba tsena, Samuel o ile a bua le bone a lebile fa fatshe ka a itse gore fa a ka ba leba mo matlhong, ba ka nna ba akanya gore o tla kgona go itse gore ke bomang. O ile a re: “Tsenang. Tsayang sengwe le sengwe se lo se batlang. Gololesegang go tsaya sengwe le sengwe fela. Re Basupi ba ga Jehofa re ka se gane.” Bakgothosi ba ile ba gakgamala thata. Mo lobakeng lwa ura kana go feta setlhopha sa banna ba le 12 ba ba tshotseng dibolao se ne se kgobokane. Le fa ba ile ba tsaya dibenya, madi le dilo tsa motlakase, ga ba ka ba itaya lelapa leno kana go le segaka ka melelema ya dithipa jaaka ba dirile mo matlong a mangwe. Lelapa la ga Samuel le ile la leboga Jehofa go bo a ile a namola botshelo jwa bone.
Seno ke sesupo sa gore fa batho ba ba kgothosiwang ba sa gane fa bakgothosi ba ba tseela madi le dithoto, ba ka nna ba inamola mo go gobadiweng.a
Ka dinako tse dingwe fa Mokeresete a ka neela bosupi a ka itshireletsa gore a se gobadiwe. Fa bakgothosi ba ne ba tlhasetse legae la ga Ade, o ile a re: “Ke a itse gore botshelo bo bokete mme seno ke sone se se dirang gore lo dire tiro eno. Rona Basupi ba ga Jehofa re dumela gore letsatsi lengwe batho botlhe ba tla bo ba na le dijo tse di lekanang bone le ba malapa a bone. Batho botlhe ba tla tshela ka kagiso le ka boitumelo ba busiwa ke Bogosi jwa Modimo.” Seno se ne sa reba bogale jwa bakgothosi. Mongwe wa bone o ne a re: “Re maswabi go tla mo ntlong ya gago, re dirwa ke gore re bolawa ke tlala.” Le fa ba ile ba tsaya dithoto tsa ga Ade, ga ba ka ba dira ene le lelapa la gagwe sepe.
Go Ritibala
Ga go motlhofo go ritibala fa o le mo kotsing, segolobogolo fa maikaelelo a bakgothosi e le go tshosa batho gore ba ineele. Go rapela go ka go thusa. Le fa re ka lopa Jehofa gore a re thuse ka go rapela ka tshisibalo le ka bokhutshwane, o tla re utlwa. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Matlho a ga Jehofa a mo go ba ba mmoifang, le ditsebe tsa gagwe di kwa go goeng ga bone.” (Pesalema 34:15) Jehofa o a re utlwa mme o tla re naya botlhale jwa go lebana le maemo ape fela ka go ritibala.—Jakobe 1:5.
Kwantle ga thapelo, selo se sengwe gape se se ka go thusang go ritibala ke go swetsa go sa le gale gore o tla dirang le gore ga o kitla o dira eng fa o kgothosiwa. Ke boammaaruri gore ga o ka ke wa itse go sa le gale gore o tla bo o lebane le maemo a a ntseng jang. Le fa go ntse jalo, go molemo gore o akanye ka dilo dingwe tse o ka di dirang, fela jaaka go le botlhale gore o akanye ka dikgato dingwe tsa pabalesego tse o ka di tsayang fa go ka direga gore o iphitlhele o le mo kagong e e shang. Go akanyetsa maemo go sa le gale go ka go thusa go ritibala, go tila go phapharatlhanya le go dira gore o se ka wa gobadiwa.
Tsela e Modimo a lebang go kgothosiwa ka yone e tlhalosiwa sentle jaana: “Nna Jehofa ke rata tshiamiso, ke ila bogodu bo na le boikepo.” (Isaia 61:8) Jehofa o ne a tlhotlheletsa moporofeti wa gagwe Esekiele go bolela fa go kgothosa e le bongwe jwa maleo a a masisi. (Esekiele 18:18) Le fa go ntse jalo, yone buka eno ya Baebele gape e bontsha gore Modimo o tla itshwarela motho yo o ikwatlhayang le go busetsa batho dilo tse a di ba kgothositseng.—Esekiele 33:14-16.
Le mororo Bakeresete ba tshela mo lefatsheng le le aparetsweng ke bokebekwa, ba itumedisiwa ke tsholofelo ya go tshela mo Bogosing jwa Modimo, fa go kgothosa go tla bo go sa tlhole go le teng. Baebele e solofetsa jaana malebana le nako eo: “Mongwe le mongwe wa [batho ba Modimo] o tlaa dula fa tlase ga mofine wa gagwe, le fa tlase ga mofeige wa gagwe; ope ga a ketla a ba boifisa; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomoso o se buile.”—Mika 4:4.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ke boammaaruri gore ga o a tshwanela go dumela go dira dilo tsotlhe tse ba go laelang tsone. Batlhanka ba ga Jehofa ga ba ineele go dirisiwa dilo tse di kgatlhanong le molao wa Modimo. Ka sekai, Mokeresete a ka se ineele fela fa a betelelwa.