LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 6/1 ts. 3-4
  • Itiseng mo Basotling!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itiseng mo Basotling!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Sengwe le Sengwe se sa Ntse se le Fela Jalo?
  • Boloka Letsatsi la ga Jehofa le le Gaufi Mo Mogopolong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • “Letsatsi le Legolo la ga Jehofa le Gaufi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Leta ka Bopelotelele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Metlha ya Bofelo—Ya Eng?
    Tsogang!—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 6/1 ts. 3-4

Itiseng mo Basotling!

Gompieno, diponelopele di a ntsifala, mme kgwebo ya go bonela pele isagwe e ntse e gola. The Daily Telegraph ya Lontone e bolela jaana: “Jaaka fa ngwaga wa 2000 o ntse o atamela, go diragala sengwe se se sa tlwaelegang mme le fa go ntse jalo e se se se sa lebelelwang gotlhelele. Diketekete tsa batho mo lefatsheng lotlhe ba bona dikgakgamatso e bile gantsi ba bona diponatshegelo tse di tshosang ka isagwe.” Mo go baeladilotlhoko ba le bantsi go kgatlhegela isagwe thata jaana ke go boa gape ba lebelela fela diphetogo tse ba neng ba di solofetse mo nakong e e fetileng mme tsa se ka tsa diragala.

FA DIKARA tse di gogwang ke dipitse di ne di ntsifala mo lekgolong la bo19 la dingwaga, monna mongwe o ne a bolelela pele gore ditoropo tsa Yuropa kgabagare di ne di tla tlala ka motshotelo. Legale, polelelopele ya gagwe ga e a ka ya diragala ka tsela eo. Ka gone, fa The Times ya Lontone e ne e bontsha tsela e gantsi dipolelelopele di sa diragaleng ka yone, e ne ya bolela jaana: “Isagwe e tletse fela ka motshotelo wa dipitse.”

Ba bangwe ba sotla ba ba bonang kotsi go sa le gale. Ka sekai, porofesa nngwe ya kgwebo kwa yunibesithing ya United States e ne ya gwetlha ba ba tlhagisang ka go senyega ga tikologo gore ba bolele gore a dilo di ne di tla nna maswe go feta ka tsela e di neng di le ka yone. Jaaka go ne ga begwa mo makasineng wa New Scientist, o bolela gore “boleng jwa botshelo jwa rona bo ntse bo tokafala mme bo tla nna bo tokafala jalo go ya go ile.”

Mo gare ga tlhakatlhakano eno ya dilo tse di bolelwang le tse di ganediwang, batho ba le bantsi ba dumela gore tota sengwe le sengwe se ka se fetoge. E re ka ba sotla kgopolo epe e e amanang le gore Modimo o tla tsenelela mo dikgannyeng tsa batho, ba bontsha boikutlo jo bo tshwanang le jwa basotli ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.

A Sengwe le Sengwe se sa Ntse se le Fela Jalo?

Lekwalo la bobedi le le tlhotlheleditsweng la ga moaposetoloi Petere wa Mokeresete, le le neng la kwalwa mo e ka nnang ka 64 C.E., le ne la tlhagisa jaana: “Mo metlheng ya bofelo go tla tla [basotli] ka go [sotla] ga bone, ba tswelela go ya ka dikeletso tsa bone.”—2 Petere 3:3, bapisa NW.

Basotli ba batla go dira gore batho ba ba ba sotlang ba bonale e le batho ba go ka tshegwang ka bone. Motho yo o ineelang fa a sotliwa a ka wela mo seraing sa go nna pelotshetlha ka gonne gantsi mosotli o batla gore ba ba mo reeditseng ba amogele kgopolo ya gagwe. Gongwe bangwe ba basotli ba Petere a neng a re tlhagisa ka bone ba ne ba ntse jalo, “ba tswelela go ya ka dikeletso tsa bone.” Fa a ne a tlhagisa babadi ba gagwe, moaposetoloi o ne a dirisa mafoko a a gatelelang. O ne a tlhagisa ka go tla ga ‘basotli ka go sotla ga bone.’

Basotli bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba belaela gore ‘go nna gone mo go solofeditsweng’ ga ga Keresete ke selo sa mmatota go le kanakang, ba bolela jaana: “Go kae go nna gone mono ga gagwe mo go solofeditsweng? Aitsane, go tswa letsatsing le borraaronamogologolwane ba neng ba robala mo losong ka lone, dilo tsotlhe di tswelela fela jaaka go tswa kwa tshimologong ya tlhōlō.” (2 Petere 3:4) Ba ne ba bona dilo ka tsela eo. Le fa go ntse jalo, bogologolo ka ngwaga wa 33 C.E., Jesu o ne a boleletse pele ka tshenyego ya motse wa Jerusalema. O ne a bolela jaana: “Malatsi a tla go tlela a baba ba gago ba tla agang legoratshireletso la dikota tse di motsu go go dikologa mme ba tla go dikanyetsa ba ba ba go tsenya mo tlalelong mo letlhakoreng lengwe le lengwe, mme ba tla go phatlakanyetsa fa fatshe le bana ba gago ba ba mo go wena, mme ga ba na ba tlogela leje mo godimo ga leje mo go wena.” A bo batho ba ba neng ba sotla tlhagiso eo ba ne ba le phoso jang ne! Ka 70 C.E., masole a Roma a ne a dikanyetsa Jerusalema mme a senya motse ono, mme baagi ba le bantsi ba one ba ne ba latlhegelwa ke matshelo a bone. Ke ka ntlha yang fa bontsi jwa baagi ba motse ono bo ne bo sa ipaakanyetsa masetlapelo ano? Ka gonne ba ne ba sa lemoge gore Modimo o ne a ba tlhatlhoba a dirisa Morwawe, e bong Jesu.—Luke 19:43, 44.

Moaposetoloi Petere o bua ka nako ya fa Modimo Mothatayotlhe a tla go tsaya kgato mo isagweng. Petere o tlhagisa jaana: “Letsatsi la ga Jehofa le tla tla jaaka legodu.” (2 Petere 3:10) Ka nako eo Modimo o tla tlosa baikepi mo kgolokweng yotlhe a bo a boloka ba ba bonweng ba le tshiamo. Fela jaaka lokwalopaka lono lo tle lo tlhalose, “go nna gone” ga ga Keresete Jesu go simologile ka 1914. Mme o tla tsaya kgato e le Modiragatsakatlholo wa Modimo e le gore a tlose boikepo mo isagweng. Ka gone, tlhagiso ya moaposetoloi ya go itisa mo basotling e dira gone jaanong ka tsela e e potlakileng.

O ka tswa o setse o letile nako e telele gore Modimo a tseye kgato mo dikgannyeng tsa batho. Ke eng se se tla go thusang gore o tswelele pele o letile ka bopelotelele o sa sotlwe ke basotli? Tsweetswee tswelela pele o bala.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

“Malatsi a tla go tlela a baba ba gago ba tla . . . go dikanyetsa ba ba ba go tsenya mo tlalelong mo letlhakoreng lengwe le lengwe, . . . mme ga ba na ba tlogela leje mo godimo ga leje mo go wena.” Tlhagiso eo e ne e se e e ka sotlwang. Masole a Roma a ne a senya Jerusalema, mme batho ba le bantsi ba ne ba latlhegelwa ke matshelo a bone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela