Metlha ya Bofelo—Ya Eng?
GO NA le letshwao mo fensetereng ya lebenkele le le reng: “Malatsi a Bofelo.” Molaetsa wa lone o phepafetse. O ka raya gore nako ya gore dilo di rekisiwe ka tlhwatlhwa e e fokoditsweng e tla tloga e fela kgotsa lebenkele le tla tloga le tswalwa. Mme go tweng fa mongwe a ka re “Re tshela mo metlheng ya bofelo”? Go kaya eng?
Dipolelwana tse di reng “metlha ya bofelo” le “motlha wa bokhutlo” di ntse di dirisiwa ka nako e telele. (2 Timotheo 3:1; Daniele 12:4) Dingwaga tse di fetang 2 500 tse di fetileng, moporofeti Daniele o ne a newa ponatshegelo ya mebuso ya lefatshe le ya dintwa tse di neng di tla nna teng fa gare ga yone go fitlha “motlha wa bokhutlo.” Mme o ne a bolelelwa gore bokao jwa dilo tseno bo ne bo tla tlhaloganyesega sentle ka nako eo. (Daniele 8:17, 19; 11:35, 40; 12:9) Daniele o ne a kwala gape jaana: “Mme mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.
Jesu Keresete o ne a bua ka “bokhutlo” fa a ne a araba potso e e malebana le ‘sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.’ (Mathaio 24:3-42) Go bonala fa Daniele le Jesu ka bobedi ba ne ba bua ka nako ya makgaolakgang—nako ya diphetogo tse dikgolo tse di tla amang batho ba ba tshelang le ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng la rona. Daniele o ne a kwala ka go khutla ga mebuso yotlhe ya lefatshe. Jesu o ne a bua ka “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.”
A o tshwanetse go amega ka seno? Ee o tshwanetse. Batho botlhe ba tshwanetse go amega ka gone, ka gonne go a re ama rotlhe. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ga ba tseye kgang eno masisi. Baebele e ne ya bolelela pele jaana: “Mo metlheng ya bofelo go tla tla basotli ka go sotla ga bone, ba tswelela go ya ka dikeletso tsa bone mme ba re: ‘Go kae go nna gone mono ga gagwe mo go solofeditsweng? Aitsane, go tswa letsatsing le borraaronamogologolwane ba neng ba robala mo losong ka lone, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka go tswa kwa tshimologong ya popo.’” (2 Petere 3:3, 4) Ee, bangwe gompieno ba tsaya gore hisitori e a ipoeletsa le gore botshelo bo tla nna bo tswelela pele ka tsela e re bo itseng ka yone.
A go na le bosupi bongwe jwa gore ruri re tshela mo nakong e Baebele e reng ke metlha ya bofelo? Mma re bone.