A ke Makgoba a Batho Kana ke Batlhanka ba Modimo?
“GONE go na le dilo tse di ka go kgatlhang ka Basupi ba ga Jehofa.” Go bolela jalo buka ya Sejeremane ya Seher, Grübler, Enthusiasten (Baboni ba Diponatshegelo, Baakanyi, Batlhagafadi). Le fa gone e tshwaya Basupi phoso ka dilo dingwe, e dumalana jaana: “Ka kakaretso, ba tshela matshelo a a se nang molato, a a mo maemong a a fa gare. Ba dira ka natla e bile ba kelotlhoko mo tirong ya bone, ke baagi ba ba ritibetseng mme ba duela makgetho a bone ka boikanyegi. Ba ithiba mo go lateleleng dikhumo thata. . . . Fa ba le kwa dikopanong ba a bakwa ka ntlha ya boitshwaro jwa bone jo bo siameng. Moya wa bone wa go intsha setlhabelo o tshwana le wa setlhopha sepe fela sa bodumedi; fa e le mo bodireding jwa bone, ba gaisa ba bangwe botlhe. Mme se se ba tlhomololang mo dikerekeng le mo ditlhopheng tsotlhe tse dingwe tsa Bokeresete tsa motlha wa rona gore ba le bantsi ba bone ba eme ba nitame ba sa sutisiwe mo dilong tse ba di dumelang mo maemong le fa e le afe le fa ba lebane le maemo a a ba bayang mo kotsing.”a
Le fa gone ba ile ba buiwa sentle jalo, batho ba bangwe ba leka go tlhagisa megopolo e e farologaneng thata le eo ka Basupi ba ga Jehofa. Mo dinageng di le dintsi mo lefatsheng lotlhe, Basupi ba ntse ba dira ditiro tsa bone tsa bodumedi phatlalatsa ka masomesome a dingwaga ba sa kgorelediwe. Dimilione tsa batho di a ba itse, di a ba tlotla, mme di dumela gore ba na le tshwanelo ya go obamela ka tsela ya bone. Ke ka ntlha yang he, fa go na le ketsaetsego ka ga gore Basupi ba ga Jehofa ke bomang?
Gongwe lebaka le le dirang gore go nne le ketsaetsego eo ke gore mo metlheng ya bosheng jaana ditlhopha dingwe di le mmalwa tsa bodumedi di ile tsa nna le seabe mo go sotleng bana, mo go direng gore batho ba le bantsi ba ipolaye le mo ditlhaselong tsa borukutlhi. Legale, maikepo a a tshwanang le ano a gongwe le gongwe, ga a dirwe fela ke badumedi. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba setse ba belaela bodumedi, tota ba bangwe ba simolola go bo tlhoa.
Dikotsi Tsa go Latela Batho
Lefoko le le reng “lekoko” le ntse le tlhalosiwa e le “setlhopha sa batho se se latelang thuto nngwe e e rileng kana moeteledipele.” Ka mo go tshwanang, batho ba ba leng mo “lekokong lengwe la bodumedi” ba “ineetse thata mo mothong, mo kgopolong, kana mo selong sengwe.” Tota e bile, maloko a setlhopha sepe fela sa bodumedi a a tshwareletseng thata mo baeteledipeleng ba batho le mo dikgopolong tsa bone, a mo kotsing ya go nna makgoba a batho. Fa motho a itetlile go laolwa thata jalo ke moeteledipele go ka felela ka gore a mo laole ka tsela e e sa tshwanelang mo boikutlong le mo semoyeng. Kotsi eno e ka nna kgolo thata fa motho a goletse mo lekokong go tloga bongwaneng.
Tota batho ba ba bolelang dikgang tse di ntseng jalo ka bodumedi ba tlhoka tshedimosetso e e ka ikanngwang. Ba bangwe ba ka tswa ba boleletswe gore Basupi ba ga Jehofa ba mo mokgatlhong wa bodumedi o o dirang maloko a one makgoba, o o ba laolang thata, o o sa ba neyeng kgololesego ya bone, o o ba dirang gore ba nne majelathoko mo setšhabeng.
Basupi ba ga Jehofa ba itse gore dikgang tseno ga di a tlhomama. Ka gone, ba go laletsa gore o itlhatlhobele ka bowena. Fa o sena go sekaseka ka kelotlhoko, itirele ditshwetso. A Basupi ke batlhanka ba Modimo, jaaka ba ipolela jalo, kana a tota ke makgoba a batho? Maatla a bone ba a tsaya kae? Ditlhogo tse pedi tse di mo ditsebeng 12-23 di tla araba dipotso tseo sentle.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Kgatiso ya ntlhantlha ya 1950 e ne e sena mafoko a a fa godimo. Ka gone go tlhaga ga one mo kgatisong e e boeleditsweng ya 1982 go supa gore jaanong ba tlhaloganya Basupi ba ga Jehofa botokanyana.