LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 3/15 ts. 11
  • “Baebele ya Monwana o le Mongwe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Baebele ya Monwana o le Mongwe”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Phitlhelelo e e Botlhokwatlhokwa mo Barating ba Lefoko la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Lo Eme lo Feletse Le ka Go Tlhatswega Pelo mo go Nitameng Thanolo ya Lefatshe le Lesha—E Anaanelwa ke Dimilione mo Lefatsheng Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Buelela Lefoko la Modimo ka Boikanyegi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Thanolo e e Motlhofo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 3/15 ts. 11

“Baebele ya Monwana o le Mongwe”

MORAGO ga gore Joseph Schereschewsky a tlhaselwe ke bolwetse, o ne a kgona go kwala fela ka go tlanya, a dirisa monwana o le mongwe. Le fa go ntse jalo o ne a fitlhelela mokgele wa gagwe—go ranola Baebele mo puong ya Setšhaena, e e leng nngwe ya dipuo tse di thata go gaisa gore motswagosele a ka e itse sentle.

Schereschewsky yo ka tlholego e leng Mojuda, o ne a tlhotlhomisa le go amogela Bokeresete fa a le mogolo. Kgabagare o ne a nna morongwa kwa China. Koo, o ne a nna le seabe mo ditirong tse dintsi tsa go ranola, go simolola bogologolo ka 1866 mme a tswelela pele go fitlha dingwaga tsa ntlha tsa lekgolo la dingwaga la bo20. Ka go bo a ne a godile e le Mojuda, Schereschewsky o ne a itse Sehebera thata go gaisa bakanokikaene. Ka jalo, o ne a newa tiro ya go ranola Dikwalo tsotlhe tsa Sehebera. Go ya kwa bofelong jwa tiro ya gagwe e telele, gape o ne a golola thanolo ya Setšhaena ya Baebele e feletse e e nang le ditshupiso.

Jaaka moranodi wa Baebele, Joseph Schereschewsky e ne e le mmueledi yo o tlhoafetseng wa dithanolo tsa dipuo tse di tlwaelegileng. Mme tiro ya gagwe e ne e se motlhofo. Seabe sa gagwe mo Baebeleng ya Setšhaena se tlhomologile, go bolela jalo The Book of a Thousand Tongues, “ka gonne e ne e dirilwe ka botlalo e bile e dirilwe lefa a ne a lebane le dikgoreletsi tse dintsi.”

Fa diatla tsa ga Schereschewsky di sa tlhole di kgona go dira, o ne a nna a tswelela pele ka tiro ya gagwe. Go tlanya go ne go mo tlhoka matsapa a magolo, e re ka a ne a sa kgone go dirisa diatla tsa gagwe ka tsela e e tshwanetseng. Ka ntlha ya seo o ne a bitsa thanolo eno a re ke Baebele ya gagwe ya monwana o le mongwe. Gore a e gatise go sa kgathalesege dikgoreletsi, Schereschewsky o ne a itshoka ka dingwaga di le 25. Ka ntlha ya go sa itlhoboge, o ne a nna le seabe mo go direng gore Lefoko la Modimo le tlhaloganngwe ka Setšhaena—puo e e buiwang ke batho ba le bantsi go gaisa epe fela.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 11]

Both images: Courtesy of American Bible Society Archives

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela