O Leba Jang Boleo?
“GA GO na boleo mo go wena, ga go na bohutsana mo go wena; o motswedi wa maatla otlhe.” Mofilosofi wa Mohindu yo o tumileng e bong Vivekananda o ne a bua mafoko ano fa a ne a tlhalosa temana nngwe go tswa mo bukeng e e boitshepo ya Sehindu ya Bhagavad Gita. Fa a nopola Vedanta, o bolela jaana: “Phoso e kgolo ke go bolela gore o bokoa, gore o moleofi.”a
A gone mme ke boammaaruri gore motho ga a na boleo? Mme ke eng se motho a se ruang fa a tsholwa fa e le gore gone se gone? Moruti mongwe wa Mohindu e bong Nikhilananda o bolela gore, ke fela “dipopego tsa mmele tse motho a di ruang fa a tsholwa.” Dinonofo tse dingwe di laolwa ke “ditiro tsa botshelo jo bo fetileng” tse motho a di dirileng. Vivekananda, o bolela gore, “o modiri wa bofelelo jwa gago.” Bohindu ga bo rute sepe ka boleo jo re bo ruileng.
Ba-Zoroaster, Bashinto, Ba-Confucius le Babuda le bone ga ba dumele kgopolo ya boleo jo re bo ruileng. Tota le mo madumeding a a kopantseng Bojuda le Bokeresete, a ka tlwaelo a ntseng a ruta gore re ruile boleo, boikutlo jwa batho malebana le boleo bo a fetoga. Batho ba le bantsi gompieno ga ba akanye gore ba na le boleo.
“Botshelo jwa segompieno ga bo kgothaletse go kgalwa ga boitsholo; segolobogolo, ga bo kgothaletse gore motho a ikgale ka boene,” go bolela jalo moithutabomodimo Cornelius Plantinga, Jr. Dikereke tsa Labokeresete di na le molato mongwe ka ntlha ya go dira gore boleo bo se ka jwa bonala e le selo se se masisi go le kalo. Moruti mongwe wa sesole wa Yunibesithi ya Duke o bolela jaana: “Fa o batla go utlwa ka boleo o se ka wa ya kerekeng.” Plantinga o ne a bolela gore, dikereke dingwe gantsi di bua ka boleo fa fela e le malebana le dikgang tse di amang batho ba bangwe.
Gone ke boammaaruri, mahutsana a batho a mantsi mo malatsing ano. Thubakanyo, bokebekwa, dintwa, dikgotlhang tsa setso, go sa dirise diokobatsi sentle, go sa tshepege, kgatelelo, le thubakanyo kgatlhanong le bana di aname. Tota e bile, go ile ga bolelwa gore lekgolo leno la dingwaga la bo20 e nnile lengwe la makgolo a dingwaga a a setlhogo go a gaisa otlhe. Mo godimo ga seno akanya gape ka botlhoko le go boga go go bakiwang ke bolwetse, botsofe le loso. Ke mang yo o sa eletseng go gololesega mo mathateng a mantsi ano a a leng teng mo lefatsheng gompieno?
Ka jalo he, o leba jang boleo? A re ruile boleo? A re tla tsamaya re gololwa mo botlhokong le mo go bogeng? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka dipotso tseno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Thuto ya Vedanta e theilwe mo mekwalong ya Di-Upanishad e e leng kwa bofelong jwa dikwalo tsa Sehindu, e leng Di-Veda.