LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 4/1 ts. 4-8
  • A Tota Metlha Eno ke ya Bofelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Tota Metlha Eno ke ya Bofelo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Balatedi ba ga Jesu ba Botsa Potso e e Botlhokwa
  • Bokhutlo Jwa Jerusalema
  • Ntwa mo Metlheng ya Bofelo
  • Dikarolo Tse Dingwe Tsa Sesupo
  • A Kokomana ya Rona ke Yone e go Neng ga Bolelelwa Pele ka Yone?
  • Mafoko a a Molemo
  • Phediso ya Lefatshe e e Boleletsweng Pele E Tla Tla Leng?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • A re Tshela “mo Metlheng ya Bofelo”?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Kafa Re Itseng Ka Teng Gore Re Tshela Mo “Metlheñ Ea Bohelō”
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • A o Tla Thanya lo le Tsebeng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 4/1 ts. 4-8

A Tota Metlha Eno ke ya Bofelo?

O FA nkong ya mokoro jaaka o tsena mo karolong ya noka e e nang le metsi a a bilogang thata. Matlapa a magolo a biloga mo lehulong le le phothoselang le mo metsing a a gasegelang kwa godimo. O leka go a kgaphela kwa thoko. Motho yo o kwa morago ga gago o tshwanetse go go thusa go fudua mokoro, mme ga a na boitemogelo jo bo kalo kalo. Se se maswe le go feta, ga o na mmapa, ka jalo ga o itse tota gore maphotoselo ano a elelela kwa lekadibeng le le nang le metsi a a itshekileng kana kwa lephororong.

Ke motseletsele wa ditiragalo tse o di akanyang tse di sa itumediseng, a ga go jalo? Ka jalo a re o fetole. A re re gongwe o tsamaya le motho yo o go kaelang yo o nang le boitemogelo, yo o itseng sengwe le sengwe ka noka eno. O itse go sa le gale gore maphotoselo ano a ne a le gaufi, o itse gore a ya go felela kae, e bile o itse gore o ka bona tsela ya gagwe jang mo go one. A o ne o ka se ikutlwe o babalesegile thata?

Eleruri, rotlhe re mo boemong jo bo tshwanang. Re iphitlhela re le mo nakong e e makgwakgwa ya hisitori ya motho, e se phoso ya rona. Bontsi jwa batho ga bo itse gore dilo tseno di tla nna jaana go fitlhela leng, ga ba itse gore a maemo ano a tla tokafala, kana gore re ka ipoloka ka tsela efe e e molemo mo nakong eno. Mme ga re a tshwanela go ikutlwa re latlhegile kana re sa sireletsega. Mmopi wa rona o re neetse kaelo—e e neng ya bolelela pele ka nako eno e e boifisang ya hisitori, e bolelela pele gore e tla khutla jang, e bile e re neela kaelo e re e tlhokang e le gore re bolokege. Kaelo eo ke buka, Baebele. Mokwadi wa yone e bong Jehofa Modimo, o ipitsa Motlhatlheledi yo Mogolo, mme o re tlhomamisetsa jaana ka Isaia: “Ditsebe tsa gago di tlaa utlwa lefoko sefularong sa gago, le re: ‘Tsela ke e, tsamayang mo go yone:’ Ke go re, mogang lo fapogelang ka fa letsogong le le siameng, le fa lo fapogela ka fa go la molema.” (Isaia 30:20, 21) A o ne o ka amogela kaelo eo? Ka gone a re sekasekeng fa e le gore tota Baebele e ne ya bolelela pele gore metlha ya rona e ne e tla nna jang.

Balatedi ba ga Jesu ba Botsa Potso e e Botlhokwa

Balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse ba bo ba ne ba gakgametse. Jesu o ne a sa tswa go ba bolelela ka tsela e e matlhagatlhaga le e e phepafetseng gore dikago tsa tempele e ntle ya Jerusalema di ne di tla nyelediwa gotlhelele! Polelopele e e ntseng jalo e ne e gakgamatsa. Mo nakong e khutshwane morago ga moo, fa ba ntse mo Thabeng ya Lotlhware, barutwa ba le banè ba ne ba botsa Jesu jaana: “Re bolelele gore dilo tse di tlaa dirafala leng? Sesupo e tlaa nna eng sa go tla ga gago, le sa bokhutlo jwa lefatshe?” (Mathaio 24:3; Mareko 13:1-4) Go sa kgathalesege gore ba ne ba lemoga seo kana nnyaa, karabo ya ga Jesu e ne e tla akaretsa ditiragalo di le mmalwa.

Go senngwa ga tempele ya Jerusalema le bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo ya Sejuta di ne di sa tshwane le nako ya go nna gone ga ga Keresete le ya bokhutlo jwa lefatshe lotlhe jwa tsamaiso ya dilo. Le fa go ntse jalo, mo karabong ya gagwe e telele, Jesu o ne a bolela ka dikarolo tseno tsotlhe tsa potso ka botswerere. O ne a ba bolelela kafa dilo di neng di tla nna ka teng pele ga go senngwa ga Jerusalema; gape o ne a ba bolelela gore ba lebelele lefatshe gore le tla bo le ntse jang ka nako ya go nna gone ga gagwe, fa a tla bo a busa e le Kgosi kwa legodimong e bile a le gaufi le go fedisa tsamaiso yotlhe ya dilo ya lefatshe.

Bokhutlo Jwa Jerusalema

Sekaseka pele se Jesu a neng a se bolela ka Jerusalema le tempele ya yone. Masome a a fetang a mararo a dingwaga pele ga moo, o ne a boleletse pele ka nako e mathata a magolo a neng a tla wela o mongwe wa metse e megolo thata mo lefatsheng. Ela tlhoko segolobogolo mo mafokong a gagwe a a kwadilweng mo go Luke 21:20, 21: “E tlaa re lo bona Jerusalema o dikilwe ke dintwa, lo bo lo itse fa tshwafalo ya one e le gaufi. Foo, ba ba mo Jutea a ba tshabele kwa dithabeng; le ba ba mo gare ga one a ba tswe; le ba ba kwa nageng, a ba se ye go tsena mo go one.” Fa e le gore Jerusalema o ne a tla dikanyediwa le go dikologiwa ke masole a a neng a thibeletse moo, batho ba ba neng ba le “mo gare ga one” ba ne ba tla ‘tswa’ jang, jaaka Jesu a ne a laetse? Go phepafetse gore Jesu o ne a bolela gore go ne go tla nna le sebaka. A se ne sa nna teng?

Ka 66 C.E., masole a Roma a a neng a eteletswe pele ke Cestius Gallus a ile a lelekela masole a batsuolodi a Bajuta kwa Jerusalema gape mme a ba thibelela mo motseng. Tota Baroma ba ile ba gwanta mo motseng ka boone ba bo ba fitlha le kwa leboteng la tempele. Mme fa ba le moo Gallus o ne a laela masole a gagwe gore ba dire sengwe se tota se neng se gakgamatsa. O ne a ba laela gore ba boele kwa morago! Masole a Bajuta a a neng a itumetse a ne a simolola go latela baba ba bone ba Baroma ba ba neng ba tshaba mme ba ba bolaya. Ka gone, go ne ga bulega sebaka se Jesu a neng a bolelela pele ka sone. Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba utlwa tlhagiso ya gagwe mme ba tswa mo Jerusalema. E ne e le tsela e e botlhale, ka gonne mo e ka nnang dingwaga di le nnè morago ga moo, masole a Roma a ne a boa gape, a eteletswe pele ke Mojenerale Titus. Mo lekgetlhong leno ba ne ba se ka ba falola.

Masole a Roma a ne a dikanyetsa Jerusalema gape; ba ne ba aga legora ka dikota tse di motsu go o dikologa. Jesu o ne a porofeta jaana malebana le Jerusalema: “Metlha e tlaa tla mo go wena ya gore baba ba gago ba tlaa tlhatlosa lomota tikologong ya gago, ba tlaa go dika, ba go kganelela ka ntlha tsotlhe.”a (Luke 19:43) Go ise go ye kae, Jerusalema e ne ya wa; tempele ya yone e kgolo e ne ya nna marope a a tukang molelo. Mafoko a ga Jesu a ne a diragaditswe ka botlalo!

Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a akantse ka se se fetang fela go senngwa moo ga Jerusalema. Gape barutwa ba gagwe ba ne ba kile ba mmotsa ka sesupo sa go nna gone ga gagwe. Ka nako eo ba ne ba sa se tlhaloganye, mme se ne se lebisitse mo nakong e a neng a tla tlhomiwa gore a buse e le Kgosi kwa legodimong. Ke eng se a neng a se bolelela pele?

Ntwa mo Metlheng ya Bofelo

Fa o bala Mathaio kgaolo 24 le 25, Mareko kgaolo 13 le Luke kgaolo 21, o tla bona bosupi jo bo opang kgomo lonaka jwa gore Jesu o ne a bua ka motlha wa rona. O ne a bolelela pele ka nako ya dintwa—e seng fela “dintwa, le medumo ya dintwa” tse ka dinako tsotlhe di neng di senya hisitori ya batho mme o ne a bolela ka dintwa tse di akaretsang ‘morafe o o tsogologelang morafe, le bogosi jo bo tsogologelang bogosi’—ee, dintwa tse dikgolo tsa mafatshe otlhe.—Mathaio 24:6-8.

Akanya ka nakwana kafa ntwa e ileng ya fetoga ka teng mo lekgolong la rona la dingwaga. Ka nako eo fa ntwa e ne e le fela fa masole a ditšhaba tse pedi tse di ganetsanang a lwa, a kgemethana ka ditšhaka kana gone go thuntshana ka ditlhobolo kwa botlhabanelong, go ne go le setlhogo ka bogone fela. Mme ka 1914 Ntwa e Kgolo e ne ya tlhagoga. Setšhaba se ne sa latela se sengwe go ya kwa ntweng jaaka e kete di a etsana—e leng ntwa ya ntlha ya lefatshe lotlhe. Dibetsa tse di kgonang go itirisa di ne tsa dirwa gore di bolaye batho ba le bantsi le go betsa di le kgakala. Ditlhobolo tse di itirisang di ne di ntsha marumo ka tsela e e tshosang; gase ya mustard e ne ya tshuba, ya tlhokofatsa, ya golafatsa le go bolaya diketekete tsa masole; dikoloi tsa ntwa tse di rwalang dibetsa di ne di dumela kwa godimo di raletse melelwane ya baba, ditlhobolo tsa tsone tse dikgolo di ne di betsa. Gape go ne go dirisiwa sefofane le sekepe sa ntwa se se tsamayang kwa tlase ga metsi—e le tse di neng tsa simolola go dirisiwa pele ga tseno tse disha.

Ntwa ya Lefatshe II e ne e se selo se go neng go akanngwa ka sone—tota e ne ya dira gore ya ntlha e lebege e le potlana thata, ka go bolaya didikadike di le dintsi tsa batho. Difofane tse dikgolo tsa ntwa, bothibelelo jo bo tletseng masole thata, go kgoberwa ga lewatle le go tlogela difofane tsa ntwa di diga dibomo kwa godimodimo di di digela mo babeng. Dikepe tsa ntwa tse di tsamayang kwa tlase ga metsi di ne di thula le go nwetsa dikepe tsa baba. Mme go ne go digwa dibomo tsa atomo, tse di neng tsa bolaya diketekete tsa batho fa di iteile gangwe fela! Fela jaaka Jesu a ne a porofeta, eleruri go ntse go na le “dilo tse di rerisang fa di bonwa” tse di supang motlha ono wa ntwa.—Luke 21:11.

A ntwa e ne ya kokobela fa e sale ka Ntwa ya Lefatshe II? Tota nnyaa. Ka dinako tse dingwe dintwa tse dintsintsi di a tlhagoga mo ngwageng o le mongwe fela ka tsela ya mmatota—tota le mo lesomeng leno la dingwaga la bo1990—tse di bolayang didikadike tsa batho. Mme go setse go na le phetogo ya batho ba ba swang thata mo ntweng. Ga e sa tlhole e le masole a a swang ka bontsi. Gompieno, batho ba ba swang mo ntweng—tota e bile, ba ba fetang diperesente di le 90 tsa bone—ke baagi.

Dikarolo Tse Dingwe Tsa Sesupo

Ntwa ke karolo e nngwe ya sesupo se Jesu a neng a se umaka. Gape o ne a tlhagisa gore go ne go tla nna “meswele.” (Mathaio 24:7) Mme go ntse fela jalo, ka tsela e e sa tlwaelegang lefatshe le ntsha dijo tse dintsi tse di fetang tse di tlhokwang ke batho botlhe, le fa tota temothuo e le ya maemo a a kwa godimo thata mo hisitoring ya batho, le fa tota go na le mokgwa o o bofefo le o o lekaneng wa go isa dijo gongwe le gongwe mo lefatsheng. Go sa kgathalesege seo sotlhe, mo e ka nnang nngwetlhanong ya batho bano ba lefatshe e bolawa ke tlala letsatsi le letsatsi.

Gape Jesu o ne a bolelela pele gore “mo mafelong mangwe le mangwe” go ne go tla nna “dikgogodi tsa bolwetse.” (Luke 21:11) Gape, motlha wa rona e ntse e le o o sa tlwaelegang tota—o na le kalafi e e botoka go feta pele, o gatetse pele mo go tsa boranyane, o na le melemo ya go thibela malwetse a mantsi a a tlwaelegileng; le fa go le jalo dikgogodi tsa malwetse le tsone di ile tsa oketsega go feta leng pele. Foluu ya Spain e ne ya tlhasela ka bonako fela morago ga Ntwa ya Lefatshe I mme ya bolaya batho ba bantsi go feta ba ba bolailweng ke ntwa eo. Bolwetse jono bo ne bo tshelanwa thata mo e leng gore mo metsesetoropong e e jaaka New York, batho ba ne ba ka duedisiwa kana go tsenngwa mo kgolegelong fa ba ne ba ka bonwa ba ethimola fela! Gompieno, kankere le malwetse a pelo a bolaya didikadike tsa batho ngwaga le ngwaga—dikgogodi tsa bolwetse tse di leng teng tota. Mme AIDS e tswela pele e bolaya batho, e tota e se nang kalafi.

Le fa Jesu a ne a bua ka metlha ya bofelo thatathata ka maemo a hisitori le a bopolotiki, moaposetoloi Paulo ene o ne a bolela thata ka mathata a loago le ka boikutlo jo bo neng bo aname. O ne a kwala bontlhabongwe jwa mafoko a gagwe jaana: “Itse selo se, gore mo metlheng ya bofelo go tlaa tla dipaka tse di tlhokofatsang. Gonne batho ba tlaa nna baithati, . . . le ba ba sa itshepang. Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, . . . ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope; e le baoki, e le ba ba tlhogoethata, e le ba ba ikgogomosang, e le barati ba dikgatlhego, bogolo go go nna barati ba Modimo.”—2 Timotheo 3:1-5.

A mafoko ao a utlwala e le a o a tlwaetseng? A o ko o sekaseke karolo e le nngwe fela ya go senyega ga loago mo lefatsheng la gompieno—go kgaogana ga lelapa. Go oketsega ga magae a a thubegileng, balekane ba bangwe ba lenyalo ba ba itewang, bana ba ba sotliwang le batsadi ba ba godileng ba ba sa tshwarweng sentle—a bo maemo ano a bontsha jang ne gore batho ga ba “na lorato lwa tlholego,” gore ba “bogale,” tota e bile ke “baoki,” “e se barati ba molemo gope”! Ee, re bona mekgwa eno ka selekanyo se se kwa godimo gompieno.

A Kokomana ya Rona ke Yone e go Neng ga Bolelelwa Pele ka Yone?

Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore, ‘A maemo ano a sale ka a ntse a tlhasetse batho? Re itse jang gore kokomana ya rona ya gompieno ke yone e go neng ga bolelelwa pele ka yone mo boporofeting jono jwa bogologolo?’ A re sekasekeng dikarolo di le tharo tse di supang gore Jesu o ne a bua ka motlha wa rona.

Sa ntlha, fa go ne go diragadiwa karolonyana fela ya bogologolo ya go senngwa ga Jerusalema le tempele ya yone, mafoko a ga Jesu totatota a ne a tlhalosa ka isagwe e e neng e le kwa pele ga nako eo. Mo e ka nnang dingwaga tse 30 morago ga masetlapelo a a neng a senya Jerusalema, Jesu o ne a bontsha moaposetoloi Johane yo o neng a tsofetse ponatshegelo e e neng e bontsha gore maemo a go neng ga porofetiwa ka one—e leng ntwa, leuba, dikgogodi tsa bolwetse le diphelelo tsa loso—a ne a tshwanetse go diragalela lefatshe lotlhe mo isagweng. Ee, matshwenyego ano a ne a tla akaretsa, e seng lefelo le le lengwe fela, mme “lefatshe” ka kakaretso.—Tshenolo 6:2-8.

Sa bobedi, mo lekgolong leno la dingwaga dikarolo tse dingwe tsa sesupo sa ga Jesu di sa ntse di diragadiwa ka selekanyo se re ka reng ke se segolwane. Ka sekai, a go ka direga gore dintwa di nne maswe thata go gaisa ka 1914? Fa go ne go ka lowa Ntwa ya Lefatshe ya III, go lwa dinaga tsotlhe tse gompieno di nang le dibetsa tsa nuklea di dirisa dibetsa tsa tsone, gongwe diphelelo tsa teng e ne e tla nna gore lefatshe leno le nne molora fela—mme batho ba bo ba nyelela gotlhelele. Ka mo go tshwanang, Tshenolo 11:18 e ne ya bolelela pele gore mo metlheng eno fa ditšhaba di “tlala bogale,” batho e tla nna ba ba “senyang lefatshe.” Ke la ntlha mo hisitoring, kgotlelo le go senyega ga tikologo jaanong go tsenya bonno jwa polanete eno mo kotsing! Ka jalo karolo eno le yone go bonala e diragadiwa ka selekanyo se segolo thata kana e le gaufi le go diragadiwa ka botlalo. A dintwa le kgotlelo tota di ka nnela maswe kwa pele go fitlhela motho a ikgobatsa a bo a senya le polanete eno? Nnyaa; ka gonne Baebele ka boyone e laela gore lefatshe le tla nna ka bosakhutleng, le nna batho ba ba dipelo tse di siameng.—Pesalema 37:29; Mathaio 5:5.

Sa boraro, eleruri sesupo sa metlha ya bofelo se tlhatswa pelo fa se tsewa jaaka se ntse. Ka kakaretso, fa re sekaseka dikarolo tse Jesu a di umakileng mo Diefangeleng tse tharo, tse di mo dikwalong tsa ga Paulo le tse di mo go Tshenolo, re fitlhela gore sesupo seno se na le dikarolo di le dintsi. Motho a ka nna a di ganetsa ka bongwe ka bongwe, a ganetsa gore metlha e mengwe e diragaletswe ke mathata a a tshwanang, mme fa re di sekaseka tsotlhe, di supela ka phepafalo kwa motlheng o le mongwe fela—e leng motlha wa rona.

Le fa go le jalo, seno sotlhe se kaya eng? A se kaya gore Baebele e tlhalosa fela gore motlha wa rona ke o o nang le matshwenyego, le o o se nang tsholofelo? Nnyaa!

Mafoko a a Molemo

Nngwe ya dikarolo tse di molemolemo tsa sesupo sa metlha ya bofelo e kwadilwe mo go Mathaio 24:14: “Mafoko a a Molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe; foo ke gone bokhutlo bo tlaa tlang.” Mo lekgolong leno la dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba dira tiro e e sa tshwaneng le epe mo hisitoring ya batho. Ba amogetse molaetsa wa Baebele kaga Bogosi jwa ga Jehofa Modimo—se e leng jone, kafa bo busang ka teng le se bo tla se fitlhelelang—mme ba anamisitse molaetsa oo mo lefatsheng lotlhe. Ba gatisitse dibuka ka setlhogo seno ka dipuo tse di fetang 300 mme ba di tlisetsa batho mo magaeng a bone kana mo mebileng kana mo mafelong a bone a kgwebo mo e ka nnang mo nageng nngwe le nngwe mo lefatsheng.

Ka go dira jalo, ba ntse ba diragatsa boporofeti jono. Mme gape ba ntse ba anamisa tsholofetso. Ela tlhoko gore Jesu o ne a bitsa seno, “Mafoko a a Molemo,” e seng dikgang tse di seng monate. Go ka kgonega jang mo metlheng eno e e lefifi? Ka gonne molaetsa wa konokono wa Baebele ga o malebana le kafa dilo di tla bong di le maswe ka teng kwa bokhutlong jwa lefatshe leno la bogologolo. Molaetsa wa yone o o botlhokwa o akaretsa Bogosi jwa Modimo, le gore Bogosi bo solofetsa sengwe se se botlhokwa thata mo pelong ya motho mongwe le mongwe yo o ratang kagiso—kgololo.

Kgololo eo ke efe, mme e ka nna ya gago jang? Tsweetswee sekaseka ditlhogo tse di latelang mo kgannyeng eno.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Fano Titus o ne a solegelwa molemo ka ditsela tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, mo dikarolong tse pedi tse di botlhokwa, o ne a palelwa ke go swetsa se a neng a batla go se dira. O ne a kopa go ineela ka kagiso, mme baeteledipele ba motse ba ne ba gana ba gagamaditse dithamo, e bile go se na lebaka. Mme fa dithako tsa motse di sena go thubega, o ne a laela gore tempele e se ka ya senngwa. Le fa go ntse jalo e ne ya fisiwa gotlhelele! Boporofeti jwa ga Jesu bo ne bo phepafetse sentle gore Jerusalema e ne e tla senngwa le gore tempele e ne e tla senngwa gotlhelele.—Mareko 13:1, 2.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Batho ba batla dikarabo tsa dipotso tse di jaaka tseno tse di tshwenyang, Ke ka ntlha yang fa dilo di le maswe thata jaana? Isagwe e tshwaretse batho eng?

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Gompieno, diperesente tse di fetang 90 tsa batho ba ba bolawang mo ntweng ke tsa baagi

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Boporofeti jwa ga Jesu jo bo malebana le go senngwa ga Jerusalema bo ne jwa diragadiwa ka botlalo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela