Ke ka Ntlha Yang fa Metlha Eno e le Bosula Jaana?
FA O nna fa fatshe o bala lokwalodikgang kana o lebelela thelebishene kana o reetsa kgaso nngwe ya dikgang mo radiong, o nna o lebeletse go utlwa dikgang tse di seng monate, a ga go jalo? Gongwe ga o gakgamadiwe ke go utlwa gore ntwa e e sa feleng e sa ntse e tlhasetse, gore bokebekwa jo bogolo bo sa ntse bo tletsetletse, kana gore leuba le sa ntse le senya itsholelo ya naga e e sa ntseng e tlhabologa.
Fa e le gore ga o ise o bone ditiragalo tseno, gongwe ga o ikutlwe o ngomogile pelo thata ka dipego tse di ntseng jalo ka metlha. Legale, ke mang yo o ka kgonang go utlwela botlhoko batho botlhe ba ba bogang? Le fa go le jalo, go thata tota go nna re sa tlhotlheletsege fa re lebana le kafa go boga go amang batho ka gone. Ka mafoko a mangwe, lefa gone go tlwaelegile go bala ka ntwa le go akanya ka dipalopalo tsa batho ba ba swang, ke boemo jo bo farologaneng fa o bala ka Adnan yo mmotlana, e leng mosimane wa kwa Bosnia wa dingwaga tse robongwe yo mmaagwe a neng a bolawa fa bomo e ne e senya legae la bone. Rraagwe Adnan o ne a bolawa ka go thuntshiwa ke lesole le le hulang le iphitlhile dikgwedi di sekae fela morago ga moo fa ba ntse ba tsamaya mmogo mo mmileng. Dibeke di sekae fela morago ga moo, kgaitsadie, yo o neng a bolawa ke kanono e kgolo e e neng ya thunya mo jarateng ya sekolo, o ne a tshologa madi go fitlha a swa, a mo lebile ka matlho. Dingaka tse di neng di alafela Adnan letshogo di ne tsa fitlhela gore mosimane yono o ne a sule bogatsu, a sa kgone go ikutlwa—a sa kgone le go botsa dipotso tota. Go boifa le go gopola dilo gape go ne go mo tshwenya ka dinako tsa fa a tsogile; ditoro tse di tshosang di ne tsa dira gore a palelwe ke go robala. Adnan ga se sekai fela. Ke ngwana yo o bogang; re tlhotlheletsega gore re mo utlwele botlhoko.
Go ntse fela jalo le ka ditlalelo tse dingwe tsa lefatshe. Go tlwaelegile go bala ka leuba; mme ke boemo jo bo farologaneng fa o bona setshwantsho sa mosetsana wa dingwaga tse tlhano yo o duleng dimpanyana e bile a na le maoto le matsogo a masesane jaaka e kete ke dikgonyana, ngwana yo a ka se kang a tshela ka ntlha ya tlala. Go tlwaelegile go bala ka dipalopalo tsa bokebekwa; mme ke boemo jo bo farologaneng fa o utlwa ka motlholagadi yo o setseng a godile a iteilwe mo go setlhogo, a thukuthilwe le go betelelwa. Go tlwaelegile go bala ka go koafala ga malapa; mme ke boemo jo bo farologaneng fa o utlwa gore mmangwana o ne a bolaisa ngwana wa gagwe tlala ka boomo le go mo sotla mo go setlhogo.
Go botlhoko fa o bala ka dilo tse di ntseng jalo. Mme a bo go tla nna botlhoko thata jang ne fa dilo tseno tse di tlhasetseng lefatshe di re ama ka namana! Fa sengwe se se bosula se go diragalela ka namana, e ka nna se se maswe le go feta fa e bile se bolelwa mo dikgannyeng tsa lefatshe. Go a tshosa tota fa re utlwa gore go boga mo go bakwang ke bokebekwa, ntwa, leuba le bolwetse go ntse go oketsega ka lebelo le legolo go feta leng pele mo hisitoring ya batho. Diphelelo tsa go itshokela dilo tse di diragalang mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga e ka nna tse dikgolo fela thata—tlhakatlhakano, poifo, le go tshwenyega thata mo maikutlong di tletse gongwe le gongwe.
Batho ba ditumelo di le dintsi ba batla dikarabo tsa dipotso tse di tshwenyang tse di jaaka, Ke ka ntlha yang fa dilo di le maswe thata jaana? Batho ba emetswe ke isagwe e e ntseng jang?
Ka maswabi, ditumelo gompieno ga di neye dikarabo tse di kgotsofatsang. Fa o ne o simolola go bona potso eno kafa ntle ga makasine ono, o ka tswa o ne wa nna le pelaelo—e leng selo se se tlhaloganyesegang. Gantsi ditumelo tsa bangangatlelatumelo di leka go tlhalosa dilo tse di seyong mo Baebeleng—jaaka letsatsi le ura tsa bokhutlo jwa lefatshe leno. (Bona Mathaio 24:36.) Bagatisi ba lokwalopaka lono ba rata Baebele e nna yone e itlhalosang. O ka nna wa gakgamadiwa ke go itse gore tlhaloso ya Baebele e e malebana le metlha ya bofelo e boammaaruri e bile e a utlwala. Mme Baebele ga e tlhalose fela lebaka la go bo dilo di le maswe thata jaana. Gape e naya tsholofelo ka isagwe, e tota e gomotsang. Re go kopa gore o sekaseke ditlhogo tse di latelang gore o bone fa seno se le boammaaruri.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Jobard/Sipa Press