Go Itumela ba ba Nnang ba Tsogile!
“Bona! ke tla jaaka legodu. Go itumela yo o nnang a tsogile mme a boloka diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle.”—TSHENOLO 16:15, NW.
1. E re ka letsatsi la ga Jehofa le le gaufi, ke eng se re ka se lebelelang?
LETSATSI la ga Jehofa le atametse, mme seo se kaya ntwa! Mo ponatshegelong nngwe, moaposetoloi Johane o ne a bona “dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng ke madimona” di lebega jaaka digogwane, di tswela kwa “dikgosing” tsotlhe kana kwa babusing ba lefatshe. Go ya go dirang? Ebu, “go ya go di phuthela kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe”! Johane o ne a oketsa jaana: “Tsa di phuthela mmogo kwa lefelong le le bidiwang ka Sehebera Hara-Magedona.”—Tshenolo 16:13-16, NW.
2. Goge wa Magoge ke mang, mme go tla diragalang fa a tlhasela batho ba ga Jehofa?
2 Go ise go ye kae Jehofa o tla tlhotlheletsa tsamaiso ya sepolotiki gore e senye Babilone o Mogolo, puso ya lefatshe ya bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 17:1-5, 15-17) Morago ga foo, Goge wa Magoge e bong Satane Diabolo yo o latlhetsweng mo lefatsheng, o tla rulaganya masomosomo a gagwe mme a bo a tlhasela batho ba ga Jehofa ba ba mo kagisong ba go lebegang ba sa iphemele ka sepe. (Esekiele 38:1-12) Mme Modimo o tla tsaya kgato go thusa batho ba gagwe. Eo e tla nna tshimologo ya “motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa.”—Joele 2:31; Esekiele 38:18-20.
3. O ka tlhalosa jang ditiragalo tse di boleletsweng pele mo go Esekiele 38:21-23?
3 Ee, Jehofa o tla thusa batho ba gagwe mme o tla fedisa motlhala mongwe le mongwe wa tsamaiso ya ga Satane fa re fitlha mo seemong sa lefatshe se se bidiwang Haramagetone. Bala mafoko a boporofeti a ga Esekiele 38:21-23, mme o leke go bona se se tla diragalang mo mogopolong wa gago. Jehofa o dirisa maatla a gagwe go lere morwalela o mogolo wa pula, sefako se se senyang, molelo o o lailang, le bolwetse jo bo bolayang. Go nna le tlalelo mo lefatsheng lotlhe fa masomosomo a ga Goge a tlhakanngwa tlhogo, ba lwantshana. Baba bape ba Modimo Mothatayotlhe ba ba falolang ba tla bolawa fa Jehofa a dirisa dilo tsa tlholego go boloka batlhanka ba gagwe. Fa “sepitla se segolo” se go boleletsweng pele ka sone se fela, go tla bo go sa sala sepe sa tsamaiso e e boikepo ya ga Satane. (Mathaio 24:21) Lefa go ntse jalo, tota le ka nako ya fa ba ba boikepo ba utlwa botlhoko jwa loso, ba tla itse gore ke mang yo o ba leretseng masetlapelo. Modimo wa rona yo o fenyang ka boene o bolela jaana: “Ba tla itse fa ke le Jehofa.” Ditiragalo tseno tse di sa tlwaelegang di tla diragala mo motlheng wa rona, ka nako ya go nna gone ga ga Jesu.
Go Tla Jaaka Legodu
4. Jesu o tla tla go fedisa tsamaiso e e boikepo eno ya dilo ka tsela efe?
4 Morena yo o galaleditsweng e bong Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Bona! ke tla jaaka legodu.” Go tla jaaka legodu e tla nna selo sa tshoganyetso, nako e e sa lebelelwang, fa batho ba le bantsi ba robetse. Fa Jesu a tla jaaka legodu go tla go fedisa tsamaiso e e boikepo eno, o tla boloka ba ba tla bong ba tsogile tota. O ne a bolela Johane jaana: “Go itumela yo o nnang a tsogile mme a boloka diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle, gore a se ka a tsamaya a sa ikatega mme batho ba leba botlhabisaditlhong jwa gagwe.” (Tshenolo 16:15, NW) Mafoko ao a kaya eng? Mme re ka nna jang re tsogile mo semoyeng?
5. Go ne go na le thulaganyo efe ya tirelo ya tempele ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng?
5 Ka tlwaelo fela, modisa o ne a ka se apolwe fa a ne a ka robala mo tirong. Mme seo se ile sa diragala kwa tempeleng ya Jerusalema fa Jesu a ne a le mo lefatsheng mme dikaroganyo tsa baperesiti le Balefi di ne di direlwa kwa tempeleng ya Jerusalema. E ne e le ka lekgolo la bo11 la dingwaga B.C.E. fa Kgosi Dafite a ne a rulaganya baperesiti ba Iseraele ba le makgolokgolo le bathusi ba bone ba Balefi ba ba diketekete gore e nne mokgatlho o o nang le dikarolo di le 24. (1 Ditirafalo 24:1-18) Karolo nngwe le nngwe ya badiri ba ba thapisitsweng ba ba fetang sekete e ne e refosana go dira ditiro dingwe mo tempeleng bobotlana gabedi ka ngwaga ka beke yotlhe. Lefa go ntse jalo, kwa Modirong wa Diobo, dikarolo tsotlhe tse 24 di ne di nna teng go bereka. Go ne go tlhokega thuso e e oketsegileng gape ka mediro ya Tlolaganyo.
6. Jesu o ka tswa a ne a lebesitse mo go eng fa a ne a re, “Go itumela yo o nnang a tsogile mme a boloka diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle”?
6 Fa Jesu a ne a re, “Go itumela yo o nnang a tsogile mme a boloka diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle,” o ka tswa a ne a lebisitse mo thulaganyong e e neng e latelwa ka nako eo e e neng e amana le tiro ya go disa kwa tempeleng. Mishnah ya Sejuta e bolela jaana: “Baperesiti ba ne ba disa mo mafelong a le mararo mo Tempeleng: kwa Phaposing ya Abtinas, kwa Phaposing ya kgabo ya Molelo, le kwa Phaposing ya Loubelo; mme balefi mo mafelong a le 21; ba le tlhano kwa dikgorong tse tlhano tsa Thaba ya Tempele, ba le banè mo dikhutlong tse nnè kafa gare, ba le tlhano kwa dikgorong tse tlhano tsa Lelwapa lwa Tempele, ba le banè kwa dikhutlong tse nnè tsa kwa ntle, le a le mongwe kwa Phaposing ya Ditshupelo le a le mongwe kwa Phaposing ya Sesiro, le a le mongwe kafa morago ga Setulo sa Bopelotlhomogi [ka kwa ntle ga lebota le le kwa morago ga Maitshepo a Boitshepo]. Modiredimogolo wa Thaba ya Tempele o ne a tle a potologe a ya go tlhola molebedi mongwe le mongwe a tshotse ditotšhe mo pele ga gagwe, mme fa molebedi mongwe a ne a sa eme mme a mo raya a re ‘Oho modiredimogolo wa Thaba ya Tempele, a kagiso e nne le wena!’ mme go bonala sentle gore o robetse, o ne a tla mo itaya ka thobane ya gagwe, mme o ne a na le tshwanelo ya go fisa diaparo tsa gagwe.”—Mishnah, Middoth (“Dilekanyo”), 1, dirapa 1-2, e ranotswe ke Herbert Danby.
7. Ke ka ntlha yang fa baperesiti le Balefi ba ba neng ba na le tiro ya go disa ba ne ba tshwanetse go nna ba tsogile?
7 Balefi ba bantsi le baperesiti ba ba neng ba le mo karolong e e direlang ba ne ba nna ba tsogile bosigo jotlhe gore ba dise le go thibela lefa e le mang yo o itshekologileng go tsena mo malwapeng a tempele. E re ka “modiredimogolo wa Thaba ya Tempele,” kana “molaodi wa tempele,” a ne a potologa go tlhola mafelo otlhe a bothibelelo a le 24 ka nako ya fa go disitswe bosigo, molebeledi mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go nna a tsogile mo tirong ya gagwe fa a ne a sa batle gore a tshwarwe a sa dire tiro ya gagwe.—Ditiro 4:1.
8. Diaparo tsa Bakeresete tsa kafa ntle tsa tshwantshetso ke eng?
8 Bakeresete ba ba tloditsweng le batlhankakabone ba tshwanetse go nna ba tsogile mo semoyeng mme ba nne ba apere diaparo tsa bone tsa kafa ntle tsa tshwantshetso. Jono ke bosupi jo bo bonalang jwa tiro e re e filweng mo tempeleng ya ga Jehofa ya semoya. Go dumalana le seno, re na le moya wa Modimo o o boitshepo, kana maatla a a dirang, a a re thusang go dira ditiro tsa rona le go diragatsa ditshiamelo tse re nang le tsone jaaka baboledi ba Bogosi. Fa re ka tlhokomologa ditiro tsa rona jaaka badiredi ba Modimo go ka re baya mo kotsing ya gore re tshwarwe ke Jesu Keresete, Molaodi wa tempele e kgolwane ya semoya. Fa e le gore re ne re robetse mo semoyeng ka nako eo, re tla apolwa diaparo tsa rona tsa tshwantshetso mme di tla fisiwa ka tsela ya tshwantshetso. Ka jalo, re ka nna jang re tsogile mo semoyeng?
Tsela E re Ka Nnang re Tsogile ka Yone
9. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana go ithuta Baebele ka go dirisa dikgatiso tsa Bokeresete?
9 Go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo re dirisa dikgatiso tsa Bokeresete go ka re thusa go nna re tsogile mo semoyeng. Go ithuta ka tsela e e ntseng jalo go tla re baakanyetsa bodiredi, go tla re thusa go lebana le mathata, e bile go tla re bontsha tsela ya go bona boitumelo jwa go ya go ile. (Diane 8:34, 35; Jakobe 1:5-8) Go ithuta ga rona e tshwanetse ya nna go go tseneletseng e bile e le mo go tswelelang pele. (Bahebere 5:14–6:3) Go ja dijo tse di siameng ka metlha go ka re thusa go nna re thantse e bile re tsibogile. Go ka thibela go otsela go go ka nnang ga nna sesupo sa go bolawa ke tlala. Ga re na lebaka lepe la gore re nne re bolailwe ke tlala mo semoyeng le go otsela, ka gonne Modimo o re baakanyetsa dijo tse dintsi tsa semoya ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” yo o tloditsweng. (Mathaio 24:45-47) Go ja dijo tsa semoya ka metlha ka go ithuta ka namana le ka thuto ya lelapa ke tsela e le nngwe ya go nna re tsogile e le gore re “itekanele mo tumelong.”—Tito 1:13.
10. Dipokano tsa Bokeresete, dikopano tse dinnye le dikopano tse dikgolo di re thusa jang go nna re tsogile mo semoyeng?
10 Dipokano tsa Bokeresete, dikopano tse dinnye le dikopano tse dikgolo di re thusa go nna re tsogile mo semoyeng. Di a re kgothatsa e bile di re naya ditshono tsa go ‘tlhotlheletsana mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’ Re tshwanetse go kopana mmogo bogolo thata ‘ka re bona motlha o atamela.’ Letsatsi leo le gaufi tota jaanong. Ke “letsatsi la ga Jehofa,” le ka lone a tla bong a tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe. Fa e le gore tota letsatsi leo le botlhokwa mo go rona—e bile le tshwanetse—re ka se ka ra ‘bakela go phuthega ga rona.’—Bahebere 10:24, 25; 2 Petere 3:10.
11. Ke ka ntlha yang fa go ka twe bodiredi jwa Bokeresete bo botlhokwa gore re nne re tsogile mo semoyeng?
11 Go nna le seabe ka moya otlhe mo bodireding jwa Bokeresete go botlhokwa gore re nne re tsogile mo semoyeng. Go nna le seabe ka metlha le ka matlhagatlhaga mo tirong ya go rera mafoko a a molemo go re boloka re tsibogile. Bodiredi jwa rona bo dira gore re nne le ditshono tse dintsi tsa go bua le batho ka Lefoko la Modimo, ka Bogosi jwa gagwe, le ka maikaelelo a gagwe. Go a kgotsofatsa go neela bosupi ka ntlo le ntlo, go dira maeto a go boela, le go tshwara dithuto tsa Baebele tsa magae ka dikgatiso tse di ntseng jaaka Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Bagolwane kwa Efeso wa bogologolo ba ne ba ka kgona go supa gore Paulo o ne a ba rutile ‘mo ponong le ka go nna a tsamaya ka matlo.’ (Ditiro 20:20, 21) Gone mme, Basupi ba bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba na le mathata a a masisi a botsogo a a ba kgoreletsang mo bodireding jwa bone ka tsela nngwe, mme ba batla ditsela tse ka tsone ba ka bolelelang ba bangwe kaga Jehofa le ka bogosi jwa gagwe mme ba bo ba bona boitumelo jo bogolo ka ntlha ya go dira jalo.—Pesalema 145:10-14.
12, 13. Ke ka ntlha ya mabaka afe re tshwanetseng go tila go feteletsa dilo mo dijong le mo go nweng?
12 Go tila go feteletsa dilo go ka re thusa go nna re tsogile mo semoyeng. Fa Jesu a ne a bua ka go nna gone ga gagwe, o ne a kgothaletsa baaposetoloi ba gagwe jaana: “Lo itlhokomele, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imelelwa ke go kgora bobe, le go tagwa, le ke ditlhodiego tsa botshelo jono, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganetso jaaka seru; gonne le tlaa wela jalo botlhe ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe fela.” (Luke 21:7, 34, 35) Bogagapa le botagwa ga di tsamaisane le melaometheo ya Baebele. (Duteronome 21:18-21) Diane 23:20, 21 ya re: “Se nne mo banwing ba bojalwa jwa mofine, le mo go ba ba bogagaru mo go jeng nama. Gonne motagwi le yo o tlabuelang dijo ba tlaa humanega, le kotselo e tlaa apesa motho dikatana.”—Diane 28:7.
13 Lefa go ntse jalo, tota le fa motho a sa ja thata le go nwa thata go ya bokgakaleng joo, go ka dira gore a otsele, tota le go nna botshwakga le go itlhokomolosa go dira go rata ga Modimo. Ka tlwaelo fela, go tla nna le ditlhobaelo tse di amanang le botshelo jwa lelapa, botsogo le dilo tse di ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, re tla itumela fa re baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo botshelong mme re na le tshepo ya gore Rrarona wa selegodimo o tla re tlhokomela. (Mathaio 6:25-34) Fa go sa nna jalo, “letsatsi leo,” le tla re wela jaaka “seru,” gongwe le ntse jaaka thaiso e e tla re tshwarang re sa lebelela kana jaaka serai se se thaisitsweng, jaaka tse di gogelang di bo di tshwara diphologolo tse di sa belaeleng sepe. Seno se ka se diragale fa re tsogile, re itse sentle gore re tshela mo “motlheng wa bokhutlo.”—Daniele 12:4.
14. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rapela ka tlhoafalo?
14 Go rapela ka tlhoafalo ke selo se sengwe se se ka re thusang go nna re tsogile mo semoyeng. Mo polelongpele ya gagwe e kgolo, Jesu o ne a tswelela pele a kgothatsa jaana: “Lona lebelelang ka metlha yotlhe, lo rapele gore lo kaiwe fa lo tshwanetse go falola mo dilong tse tsotlhe tse di tlaa diralang, le go ema fa pele ga Morwa Motho.” (Luke 21:36) Ee, a re rapeleng gore ka metlha re nne kafa letlhakoreng la ga Jehofa le go nna mo boemong jo bo siameng fa Jesu, Morwa motho, a tla go fedisa tsamaiso e e boikepo eno ya dilo. Gore rona ka borona re solegele molemo le gore badumedikarona ba re ba rapelelang ba solegelwe molemo, re tshwanetse go ‘tlhomama mo thapelong.’—Bakolosa 4:2; Baefeso 6:18-20.
Nako e a Feta
15. Ke eng se re kgonang go se dira ka tiro ya rona ya go nna bareri ba tshiamo?
15 Fa re ntse re letetse letsatsi la ga Jehofa, kwantle ga pelaelo re eletsa go dira gotlhe mo re ka go kgonang mo tirelong ya gagwe. Fa re mo rapela malebana le seno ka tlhoafalo, re ka nna ra bulelwa ‘kgoro e kgolo e e isang kwa tirong.’ (1 Bakorinthe 16:8, 9, NW) Ka nako e e beilweng ke Modimo, Jesu o tla atlhola le go kgaoganya “dinku” tse di siameng tse di tshwanelwang ke botshelo jo bo sa khutleng mo ‘dipoding’ tse di boikepo tse di tshwanelwang ke tshenyego e e sa khutleng. (Johane 5:22) Ga se rona re kgaoganyang dinku mo dipoding. Mme tiro ya rona ya go nna bareri ba tshiamo gone jaanong e naya batho tshono ya go tlhopha botshelo jwa go direla Modimo mme ka go dira jalo ba nne le tsholofelo ya go kgaoganngwa go bona botshelo fa Jesu a “tla mo kgalalelong ya gagwe.” Nako e khutshwane e e saletseng tsamaiso eno ya dilo e dira gore go nne botlhokwa thata gore re dire ka peloyotlhe fa re ntse re batla batho ba ba “laoletsweng botshelo jo bo sa khutleng.”—Mathaio 25:31-46; Ditiro 13:48.
16. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna baboledi ba ba tlhagafetseng ba Bogosi?
16 Nako e ile ya feta mo lefatsheng la motlha wa ga Noa mme e tla tloga e feta le mo tsamaisong eno ya dilo. Ka jalo a re nneng baboledi ba Bogosi ba ba tlhagafetseng. Tiro ya rona ya go rera e ntse e atlega, ka gonne ngwaga mongwe le mongwe go kolobediwa makgolokgolo a diketekete go supa boineelo jwa bone mo Modimong. Ba nna karolo ya phuthego e e segofaditsweng ya ga Jehofa—“batho ba gagwe, le dinku tsa bohulo jwa gagwe.” (Pesalema 100:3) A bo e le boitumelo jang ne go nna le seabe mo tirong eno ya go rera ka Bogosi e e leretseng batho ba le bantsi jaana tsholofetso pele ga “letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa”!
17, 18. (a) Fa re ntse re rera, re ka lebelela gore bangwe ba itshware jang? (b) Ke eng se se tla diragalelang basotli?
17 Fela jaaka Noa, Modimo o a re tshegetsa le go re sireletsa. Ee, batho, baengele ba ba neng ba iphetotse, le Banefilimo ba tshwanetse ba bo ba ne ba sotla ka molaetsa wa ga Noa, mme seo ga se a ka sa dira gore a emise. Gompieno, bangwe ba a sotla fa re ba bontsha bosupi jo bogolo jo bo supang gore re tshela mo “metlheng ya bofelo.” (2 Timotheo 3:1-5) Tshotlo e e ntseng jalo ke go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele jo bo malebana le go nna gone ga ga Keresete, ka gonne Petere o ne a kwala jaana: “Mo metlheng ya bofelo basotli ba tlaa tla ka tshotlo, ba tsamaya ka fa dithatong tsa bone. Ba re: ‘Polelo ya tsholofetso ya go tla ga gagwe e kae? Gonne e sa le ka borara ba robala, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka di ntse, di ntse le mo tshimologong ya popo.’”(Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—2 Petere 1:16; 3:3, 4.
18 Basotli ba motlha wa rona ba ka nna ba akanya gore: ‘Ga go na sepe se se fetogileng go tswa kwa tshimologong ya popo. Botshelo bo a tswelela, batho ba a ja, ba a nwa, ba a nyala, ba nna le malapa. Tota le fa e le gore Jesu o gone, a ka se ka a atlhola fa ke santse ke tshela.’ A bo ba le phoso jang ruri! Fa ba sa swe pele, kwantle ga pelaelo, letsatsi le le boitshegang la ga Jehofa le tla ba fedisa fela jaaka Morwalela o ile wa fedisa kokomana e e boikepo ya motlha wa ga Noa.—Mathaio 24:34.
Leka ka Natla go Nna o Tsogile!
19. Re tshwanetse go leba jang tiro ya rona ya go dira barutwa?
19 Fa re ineetse mo go Jehofa, e kete le ka motlha re se ka ra otsedisiwa ke go akanya ka tsela e e sa tshwanelang. Eno ke nako ya gore re nne re tsogile, go dumela mo boporofeting jwa Modimo, le go diragatsa thomo ya rona ya go ‘dira merafe yotlhe barutwa.’ (Mathaio 28:19, 20) E re ka tsamaiso eno e atamela bokhutlo jwa yone, re ka se ka ra nna le tshiamelo e kgolo go feta ya go direla Jehofa Modimo kafa tlase ga boeteledipele jwa ga Jesu Keresete le go nna le seabe mo tirong ya go rera “Mafoko a a Molemo a, a bogosi” mo lefatsheng lotlhe pele ga bokhutlo bo tla.—Mathaio 24:14; Mareko 13:10.
20. Kalebe le Joshua ba ne ba tlhoma sekao sefe, mme tsela e ba neng ba itshwara ka yone e supa eng mo go rona?
20 Bangwe ba batho ba ga Jehofa ba ntse ba mo direla ka masome a dingwaga, gongwe botshelo jwa bone jotlhe. Tota lefa e le gore re sa tswa go amogela kobamelo ya boammaaruri bosheng jaana, e kete re ka tshwana le Kalebe wa Moiseraele, yo o neng a “setse Jehofa morago ka botlalo.” (Duteronome 1:34-36) Ene le Joshua ba ne ba iketleeditse tota go tsena mo Nageng e e Solofeditsweng ka bonakonyana fela fa Iseraele e sena go gololwa kwa botshwarong jwa Egepeto. Lefa go ntse jalo, Baiseraele ba ba godileng ka kakaretso ba ne ba se na tumelo e bile ba ne ba na le dingwaga di le 40 ba le mo nageng, koo ba ileng ba swela gone. Kalebe le Joshua ba ne ba itshokela mathata le bone ka nako eo yotlhe, mme kgabagare banna bao ba babedi ba ne ba tsena mo nageng e e solofeditsweng. (Dipalo 14:30-34; Jošua 14:6-15) Fa rona re ka ‘sala Jehofa morago ka botlalo’ mme re nna re tsogile mo semoyeng, re tla itumelela go tsena mo lefatsheng le lesha le Modimo a le solofeditseng.
21. Ke eng se se tla re diragalelang fa re nna re tsogile mo semoyeng?
21 Bosupi bo bontsha sentle gore re tshela mo metlheng ya bofelo le gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi. Eno ga se nako ya go otsela le go itlhokomolosa go dira thato ya Modimo. Re tla segofadiwa fa fela re nna re tsogile mo semoyeng le fa re nna re apere diaparo tsa rona tse di supang gore re badiredi ba Bakeresete le batlhanka ba ga Jehofa. E kete re ka ititaya sehuba gore re nne re ‘tsogile re eme re nitame mo tumelong, re tswelela pele jaaka banna, re le thata.’ (1 Bakorinthe 16:13, NW) Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, e kete mongwe le mongwe wa rona a ka nitama le go nna pelokgale. Fa re dira jalo re tla nna fa gare ga bao ba tla bong ba ipaakanyeditse fa letsatsi le legolo la ga Jehofa le tla, ba mo direla ka boikanyegi le batho ba ba itumetseng le ba ba tsogileng.
O ne O Tla Araba Jang?
◻ O ka tlhalosa jang diaparo tsa rona tsa tshwantshetso tsa kafa ntle, mme re ka nna re di apere jang?
◻ Ke ditsela dife tse ka tsone re ka nnang re tsogile mo semoyeng?
◻ Ke ka ntlha yang fa re ka lebelela gore go tla nna le basotli, mme re tshwanetse go ba leba jang?
◻ Re tshwanetse go leba jang tiro ya rona ya go dira barutwa mo metlheng eno ya bofelo?
[Mafoko a a mo go tsebe 16]
Bakeresete ba na le moya wa Modimo o o boitshepo go ba thusa go nna ba tsogile le gore ba dire ditiro tsa bone
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
A o ititeile sehuba gore o tla nna o tsogile mo semoyeng e bile o nna o ntse o apere diaparo tsa gago tsa kafa ntle tsa tshwantshetso?