LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 11/15 ts. 28-31
  • A Wena O ka Bo o Ile wa Lemoga Mesia?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Wena O ka Bo o Ile wa Lemoga Mesia?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Re Rata go Bona Sesupo Sengwe”
  • “Barati ba Khumo ya Madi”
  • “Go Boifa Bajuta”
  • A Tota o Lemoga Mesia?
  • Mesia! Ene yo Modimo a Tlisang Poloko ka Ene
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Ke ka Ntlha Yang Fa ba Ne ba Gana Mesia?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Re Bonye Mesia”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Jesu Keresete—Selotlele Sa Kitso Ya Modimo
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 11/15 ts. 28-31

A Wena O ka Bo o Ile wa Lemoga Mesia?

JESU KERESETE o ne a dirisa dingwaga di le tharo le sephatlo a rera Lefoko la Modimo mo Baiseraeleng. Mme fa bodiredi jwa gagwe jwa lefatshe bo ne bo ya kwa bofelong, bontsi jwa bankaene ba ne ba sa mo amogele jaaka Mesia, kana “Motlodiwa” wa Modimo yo o solofeditsweng. Ka ntlha yang?

Baebele e re thusa go bona mabaka a le mmalwa a go bo Bajuta ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa amogele Jesu jaaka Mesia. A le mararo a mabaka ano a dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba amogela boemo jwa ga Jesu jwa motlha wa rona jwa go nna Kgosi ya Bomesia e e busang.

“Re Rata go Bona Sesupo Sengwe”

Lebaka le le lengwe la go bo Bajuta ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa batle go amogela Mesia e ne e le ka go bo ba ne ba gana go amogela ditshupo tsa Dikwalo tse di supang Bomesia jwa gagwe. Ka makgetlho mangwe, batho ba ba neng ba reeditse Jesu ba ne ba batla gore a ba neye sesupo se se tla supang gore o ne a tswa kwa Modimong. Ka sekai, Mathaio 12:38 e bega jaana ka bakwadi le Bafarasai bangwe ba ba neng ba re: “Moruti, re rata go bona sesupo sengwe mo go wena.” A Jesu o ne a ise a ba neele ditshupo? Tota gone, o ne a setse a di ba nneile.

Ka nako eo Jesu o ne a setse a dirile dikgakgamatso di le dintsi. O ne a fetotse metsi go nna bojalwa jwa mofine, a fodisitse mosimane mongwe yo o neng a swa, a fodisitse matsalaagwe Petere yo o neng a lwala, a ntlafaditse monna wa molepero, a dirile gore monna mongwe yo e neng e le segole a tsamaye, a fodisitse monna mongwe yo o neng a lwala ka dingwaga di le 38, a otlolotse letsogo la monna mongwe le le neng le omeletse, a fodisitse batho ba le bantsi mo malwetseng a bone a a botlhoko, a fodisitse motlhanka wa modiredimogolo wa masole, a tsositse morwa wa motlholagadi mongwe mme a fodisitse monna yo o sefofu le yo o semumu. Dikgakgamatso tseno di ne tsa diragala kwa Kana, Kaperenaume, Jerusalema, le Naine. Mo godimo ga moo, dikgang tse di malebana le dikgakgamatso tse di ntseng jalo di ne tsa anama mo Jutea yotlhe le mo nageng e e gaufi le yone.—Johane 2:1-12; 4:46-54; Mathaio 8:14-17; 8:1-4; 9:1-8; Johane 5:1-9; Mathaio 12:9-14; Mareko 3:7-12; Luke 7:1-10; 7:11-17; Mathaio 12:22.

Kwantle ga pelaelo, go ne go na le ditshupo tse dintsi tse di supang gore Jesu e ne e le Mesia. Lefa a ne a dira ditshupo tse dintsi jaana mo pele ga batho, ba ne ba se ka ba mo dumela. Batho ba ba neng ba bona bosupi jwa gore Jesu o ne a romilwe ke Modimo mme ba sa mo amogele jaaka Mesia ba ne ba foufetse ka tsela ya semoya. Dipelo tsa bone di ne di le thata di thatafaletse boammaaruri.—Johane 12:37-41.

Go tweng ka motlha wa rona? Batho bangwe ba bolela jaana: “Ke dumela fela se ke se bonang ka matlho a me.” Mme a seo tota ke go dira tshwetso e e botlhale? Boporofeti jwa Baebele bo supa gore Jesu o setse a dutse mo setulong sa bogosi jaaka Kgosi ya selegodimo mo Bogosing jwa Bomesia. E re ka a sa bonale, re tlhoka sesupo se se tla re thusang go lemoga gore o a busa, se se ileng sa supa tshimologo ya metlha ya bofelo ya tsamaiso e e boikepo eno ya dilo. A wena o lemoga sesupo seo?—Mathaio 24:3.

Go ya ka Baebele, fa Keresete a simolola go busa jaaka Kgosi ya Bomesia re tla bona ka dintwa, dithoromo tsa lefatshe, go tlhaela ga dijo, malwetse a mantsi. Mo “metlheng ya bofelo,” dikamano fa gare ga batho di tla bo di na le bopelotshetlha, bogagapa, le go tlhoka boikgapo. (2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:6, 7; Luke 21:10, 11) Kwantle ga bosupi jwa tatelano ya ditiragalo, go na le dikarolo tse di fetang 20 tsa metlha ya bofelo tse di supang gore Mesia o simolotse go busa ka 1914.—Bona makasine wa Tora ya Tebelo ya March 1, 1993, tsebe 5.

“Barati ba Khumo ya Madi”

Go rata dikhumo e ne e le lebaka le lengwe le le neng la dira gore Bajuta ba gane Jesu jaaka Mesia. Go tsaya dithoto e le selo sa botlhokwa thata go ile ga kgoreletsa batho ba le bantsi go latela Jesu. Ka sekai, Bafarasai ba ne ba itsege e le “barati ba khumo ya madi.” (Luke 16:14) Akanya ka kgang ya molaodi mongwe yo mosha yo o neng a atamela Jesu mme a mmotsa gore a ka bona jang botshelo jo bo sa khutleng. Jesu o ne a mo araba ka gore, “Tshegetsa ditaolo.” “Dilo tsotlhe tse ke di tlhokometse; ke sa tlhoka eng?” lekau leno le ne la botsa jalo, gongwe a lemoga gore go tlhokega se se fetang fela go boloka melao e e rileng. Jesu o ne a mo raya a re: “Ya o rekise tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tlaa dirana le khumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.” A bo e le tshono e e molemo jang ne—go nna morutwa wa ga Mesia! Lefa go ntse jalo, mmusi yono o ne a boela morago a utlwile botlhoko. Ka ntlha yang? Ka gonne letlotlo la mo lefatsheng le ne le le botlhokwa thata mo go ene go gaisa letlotlo la kwa legodimong.—Mathaio 19:16-22.

Boemo ga bo a fetoga. Go nna molatedi wa boammaaruri wa Kgosi ya Bomesia go raya gore motho a beye dilo tsa semoya kwa pele ga sengwe le sengwe, go akaretsa le dithoto tsa lefatshe. Seno ke kgwetlho mo go mongwe le mongwe yo o ratang dikhumo. Ka sekai, banyalani bangwe ba barongwa kwa nageng nngwe ya Botlhaba ba ne ba bua le mosadi mongwe ka Baebele. E re ka ba ne ba akanya gore a ka rata go ithuta mo go oketsegileng kaga Jehofa Modimo le Morwawe e bong Jesu Keresete, banyalani bano ba ne ba mo tsamaisetsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! O ne a itshwara jang? O ne a botsa, “A dimakasine tseno di tla nthusa go amogela madi a a oketsegileng?” Mosadi yono o ne a kgatlhegela thata dikhumo tsa madi go na le dilo tsa semoya.

Bone banyalani bano ba ne ba ithuta Baebele le lekawana lengwe le le neng la simolola go nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. “O itshenyetsa nako,” batsadi ba gagwe ba ne ba mo raya jalo. “O tshwanetse go ipatlela tiro ya bobedi ya maitseboa mme o dire madi a a oketsegileng.” A bo go utlwisa botlhoko jang ne fa batsadi ba kgothaletsa bana ba bone gore ba beye dikhumo kwa pele ga go ithuta ka Kgosi ya Bomesia! Seane sengwe sa Se-China se a re, “Ka khumo ya gagwe yotlhe mmusi ga a kgone go reka botshelo jwa dingwaga di le dikete di le lesome.”

Batho ba le bantsi ba lemogile gore go ithuta le go latela Kgosi ya Bomesia ga go fe motho sebaka sa go rata madi. Mosupi mongwe wa ga Jehofa yo o kileng a bo a na le kgwebo e e dirang madi a mantsi o ne a re, “Go nna le madi a mantsi go monate tota mme ga go tlhokege. Madi ga se one a dirang gore motho a itumele.” Gone jaanong ke leloko la lelapa la Bethele mo go nngwe ya makala a Mokgatlho wa Watch Tower kwa Yuropa.

“Go Boifa Bajuta”

Go boifa batho e ne e le lebaka le lengwe le le neng la dira gore Bajuta ba se ka ba amogela Jesu jaaka Mesia. Go dumela phatlalatsa gore ke Mesia go ne go raya gore ba ipeye mo kotsing ya go senyega leina. Mo go bangwe seo se ne se le boima. Akanya ka Nikotemo, leloko la kgotlatshekelokgolo ya Sejuta e e bidiwang Saneheterine. E re ka a ne a kgatlhilwe ke ditshupo le dithuto tsa ga Jesu, o ne a dumela jaana: “Rabi, re a itse fa o le moruti yo o tswang kwa Modimong, gonne ga go motho ope yo o ka dirang ditshupo tse o di dirang fa Modimo o se na nae.” Lefa go ntse jalo, Nikotemo o ne a ya kwa go Jesu go le bosigo, gongwe a sa batle gore Bajuta ba bangwe ba mmone.—Johane 3:1, 2.

Mo bathong ba bantsi ba ba neng ba utlwa Jesu a bua, go ne go le botlhokwa thata mo go bone go amogelwa ke batho go na le gore ba amogelwe ke Modimo. (Johane 5:44) Fa Jesu a ne a ile Jerusalema go ya go keteka Modiro wa Diobo ka 32 C.E., “ga nna ngongorego e kgolo mo matshutitshuting a batho ka ga gagwe.” Ga go na ope yo o neng a bua phatlalatsa kaga Jesu “ka go boifa Bajuta.” (Johane 7:10-13, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Tota le batsadi ba monna yo Jesu a neng a mo foufolola ba ne ba sa ikaelela go dumela gore kgakgamatso eo e dirilwe ke moemedi wa Modimo. Le bone ba ne ba “boifa Bajuta.”—Johane 9:13-23.

Gompieno, bangwe ba lemoga gore Jesu gone jaanong o busa jaaka Kgosi ya Bomesia kwa legodimong, mme ba boifa go dumela seno phatlalatsa. Mo go bone go sa amogelwe ke batho ba bangwe ke selo se se boima. Ka sekai, kwa Jeremane, Mosupi mongwe wa ga Jehofa o ne a tlotla ka Baebele le monna mongwe yo o neng a dumela jaana: “Se lona Basupi lo se rerang ka Baebele se boammaaruri. Mme fa nka nna Mosupi gompieno, ka moso mongwe le mongwe o tla bo a itse ka gone. Ba tla akanyang ka nna kwa tirong, mo tikologong le kwa lekgotleng le nna le ba lelapa la me re leng maloko a lone? Nka se kgone go emelana le seo.”

Ke eng se se bakang poifo ya batho? Boikgodiso, go rata go amogelwa ke ba lelapa le ditsala, go boifa go sotliwa le go tlhabisiwa ditlhong, go tlhobaelela lebaka la go sa tshwane le batho ba bangwe. Maikutlo a a ntseng jalo ke kgwetlho segolobogolo mo bathong ba ba simololang go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ka sekai, mosadi mongwe yo mmotlana o ne a itumela thata go ithuta ka Paradaise e Bogosi jwa Bomesia bo tla e tlisang mo lefatsheng kafa tlase ga puso ya ga Jesu Keresete. Mme e ne e le motho yo o ratang disco thatathata mme go boifa batho go ne ga mo kgoreletsa go bua le ba bangwe ka tsholofetso eno. Kgabagare o ne a ititaya sehuba go bua a gololesegile ka Baebele. Ba e neng e le ditsala tsa gagwe tsa disco ba ne ba mo tlogela, mme lefa go ntse jalo, monna wa gagwe le batsadi ba gagwe ba ne ba kgatlhega. Kgabagare mosadi yoo le mmaagwe ba ne ba kolobediwa, mme monna wa gagwe le rraagwe ba ne ba simolola go ithuta Baebele. A bo go duela jang ne go fenya poifo ya batho!

A Tota o Lemoga Mesia?

Fa Jesu a ne a swa mo koteng ya tlhokofatso, bangwe ba barutwa ba gagwe ba ne ba le gone. Ba ne ba lemoga gore ke Mesia yo go neng go boleletswe pele ka ene. Mme gape go ne go na le balaodi ba Bajuta, ba go ka tweng ba ne ba santse ba batla sesupo. “A jaana a ipoloke, fa e le ene Keresete [kana Mesia] wa Modimo, moitshenkedwi wa one.” (Luke 23:35) A ba ne ba se kitla ba tlogela go tlhola ba batla sesupo? Jesu o ne a dirile dikgakgamatso di le dintsi. Mo godimo ga moo, go tsholwa ga gagwe, bodiredi jwa gagwe, tsheko, go bolawa le go tsoga ga gagwe mo baswing go ne ga diragatsa boporofeti jo bontsi jwa Dikwalo tsa Sehebera.—Bona “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola,” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ditsebe 343-4.

Batho ba ba neng ba feta ka tsela ba ne ba kgala Jesu, ka go bo ba ne ba latola gore ke Mesia. (Mathaio 27:39, 40) Masole ka ntlha ya go rata dikhumo, a ne a kgaoganya diaparo tsa ga Jesu fa gare ga bone mme ba laola hempe ya gagwe ka bola. (Johane 19:23, 24) Mo makgetlhong a mangwe go boifa batho e ne e le lone lebaka le le ba tlhotlheletsang. Ka sekai, akanya ka Josefe wa Arimathea, yo e neng e le leloko la Saneheterine. E ne “e le morutwa wa ga Jesu, mme a itobile ka go boifa Bajuta.” Fa Mesia a sena go swa, Josefe le Nikotemo ba ne ba tlhokomela mmele wa ga Jesu. Josefe o ne a fenya poifo ya batho ka tsela eo.—Johane 19:38-40.

Fa o ka bo o ne o tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga, a o ne o ka bo ile wa lemoga Jesu jaaka Mesia? Go dira jalo go ne go tla raya gore o amogele bosupi jwa Dikwalo, o se ka wa akanya ka dikhumo mme o se ka wa ineela go boifa batho. Mo metlheng eno ya bofelo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a ipotsa gore, ‘A ke lemoga Jesu jaaka Kgosi ya selegodimo ya Bomesia?’ Go ise go ye kae o tla laola lefatshe. Fa seo se diragala, a o tla bo o le fa gare ga batho ba tota ba lemogang Jesu Keresete jaaka Mesia yo o solofeditsweng?

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Le ka motlha o se ka wa itlhokomolosa bosupi jwa gore Jesu ke Kgosi ya Bomesia

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go ithuta ka Mesia gantsi go raya go fenya poifo ya gore batho ba bangwe ba tla reng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela