LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 11/15 ts. 32
  • ‘Ba Rata go Thusa ba Bangwe’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Ba Rata go Thusa ba Bangwe’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 11/15 ts. 32

‘Ba Rata go Thusa ba Bangwe’

KE SE lepodise lengwe la kwa New York City le neng la se bolela ka Basupi ba ga Jehofa. O ne a bua le Kathleen, mongwe wa baithaopi ba nako e tletseng yo o direlang kwa ntlokgolong ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York.

Ka letsatsi lengwe la letlhafula le le neng le le mogote thata e bile letsatsi le phatsima, Kathleen o ne a dutse mo setulong gaufi le Promenade (lefelo la go iphokisa phefo) ka nako ya boikhutso ya dijo tsa motshegare. O ne a ntse a reeditse setshameki sa dikhasete se se nang le di-headphone. Kwa boemelahelikopotareng jo bo ka kwa ga East River, go ne go ntse go baakanyediwa go tsamaya ga mopapa, yo o neng a ntse a etetse toropokgolo eo. Go ne go bolokiwa thokgamo e e tshwanetseng gongwe le gongwe, mme go ne go na le mapodise a le mmalwa a a neng a tlhokometse lefelo la Promenade. Mongwe wa bone o ne a atamela Kathleen mme a mmotsa gore o dirang. Kathleen o ne a araba jaana: “Ke reeditse khasete ya puo ya Se-Russia. Wa bona gore ke eng, ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme ke batla go ithuta Se-Russia gore ke tle ke kgone go bolelela batho ba ba buang Se-Russia ba ba fudugetseng mo toropokgolong eno mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.”

Lepodise leno le ne la araba ka gore o simolotse go rata Basupi ba ga Jehofa fa e sa le a le lepodise le le paterolang mebila ya New York City mo dingwageng tse 15 tse di fetileng. O ne a re: “Ke tsaya Basupi ba ga Jehofa jaaka bodumedi jo bo rulagantsweng joo maloko a jone a kgatlhegelang thata go thusa batho ba bangwe mo tikologong.”

Basupi ba ga Jehofa ba itsege mo lefatsheng lotlhe ka tiro ya bone ya go rera ka ntlo le ntlo. (Ditiro 20:20) Fa ba ntse ba tlhalosa gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo bo tla rarabololang mathata a a aparetseng batho, ba bile gape ba thusa batho gore ba tokafatse tsela e ba tshelang ka yone ka go ba kgothatsa gore ba dirise melaometheo ya Baebele mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi. Ka sekai, Basupi ba kgothaletsa batsadi gore ba dire gore legae e nne lefelo le motho a ka kgonang go ithuta mo go lone. Ba tlhagisa batho gore ba tshepege le go ikobela molao, e bile ba ba kgothatsa gore ba leke go nna le bokgoni le dinonofo tse mohiri a ka di ratang.

Ee, Basupi ba ga Jehofa ba kgatlhegela thata go thusa batho mo tikologong gore ba tokafatse matshelo a bone. O lalediwa ka lorato gore o amogele taletso e e latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela