LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 10/1 ts. 20-23
  • Apolose—Mmoledi yo o Seleta mo Puong wa Boammaaruri Jwa Bokeresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Apolose—Mmoledi yo o Seleta mo Puong wa Boammaaruri Jwa Bokeresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “O ne A Nonofile mo Dikwalong”
  • O ne A Tlhagafetse Mme a Ikokobeditse
  • Kwa Korinthe
  • Dinonofo Tsa Bomodimo Tse di Akofisang Kgolo ya Semoya
  • Dira Barutwa ka go Rera
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Lefoko la ga Jehofa le ‘Gola Thata e Bile le a Fenya’ Le fa Ba Ganediwa
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Solegelwa Molemo Ka Botlalo ke go Bala Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tila go Tlhotlheletsa Dikgaisano—Rotloetsa Kagiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 10/1 ts. 20-23

Apolose—Mmoledi yo o Seleta mo Puong wa Boammaaruri Jwa Bokeresete

LE FA ba ka tswa ba nnile maloko a phuthego ya Bokeresete ka dingwaga di le dintsi kana di sekae fela, baboledi botlhe ba Bogosi ba tshwanetse go kgatlhegela go gatela pele jaaka bareri ba mafoko a a molemo. Se se raya go oketsa kitso ya rona ya Lefoko la Modimo le bokgoni jwa rona jwa go le ruta ba bangwe. Mo bathong ba bangwe, go ka kaya go lebana le dikgwetlho, go fenya mathata, kana go itira ba ba siametseng go dirisediwa tirelo e e oketsegileng.

Baebele e na le dikao di le dintsi tsa banna le basadi ba ba ineetseng ba metlha ya bogologolo ba ba neng ba kgona ka ditsela tse di farologaneng, go gatela pele thata semoyeng le go bona matswela a maiteko a bone. Apolose e ne e le mongwe wa bone. Fa Dikwalo di mo itsise mo go rona, ke motho yo o sa tlhaloganyeng dithuto tsa Bokeresete ka tsela e e feletseng; lefa go ntse jalo dingwaganyana fela morago ga foo, o direla jaaka moemedi yo o etang wa phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga. Ke eng se se dirileng gore a kgone go gatela pele jalo? O ne a na le dinonofo tseo rotlhe re ka dirang sentle fa re ka di etsa.

“O ne A Nonofile mo Dikwalong”

Mo e ka nnang ka ngwaga wa 52 C.E., go ya ka mokwadi wa Baebele e bong Luke, “Mojuta mongwe a tla mo Efeso, yo go tweng Apolose, e le Moalekesanteria ka fa botsalong, e le motho yo o seleta mo puong; a bile a nonofile mo dikwalong. Monna yo, o kile a nna a rutwa mo tseleng ya Morena; mme ka a ne a le motho yo o mowa o tlhoafetseng, a bua a ba a ruta batho dilo tse e leng ka ga Jesu ka kelelelo, a itse kolobetso ya ga Johane e le yosi fela. A simolola go bua ka pelokgale mo ntlong ya thuto.”—Ditiro 18:24-26.

Alekesanteria kwa Egepeto, e ne e le motse wa bobedi mo go e megolo thata mo lefatsheng, o fetwa ke Roma fela mme e ne e le lengwe la mafelo a botlhokwa a setso ka nako eo mo Bajuteng le mo Bagerikeng. Apolose o tshwanetse a bo a bone kitso e e tlhomameng ya Dikwalo tsa Sehebera le go nna seleta mo puong ka tsela nngwe ka ntlha ya thuto ya morafe o mogolo wa Bajuta wa motse oo. Go bokete go fopholetsa kwa Apolose a ithutileng ka Jesu teng. “Go bonala fa e ne e le motsamai—gongwe e ne e le mmapatsi yo o tsamayang go tswa lefelong le lengwe go ya go le lengwe,” go akantsha jalo mokanoki F. F. Bruce, “mme go ka direga gore o ne a kopana le bareri ba Bakeresete mo go lengwe la mafelo a mantsi ao a neng a a etela.” Lefa go ntse jalo, le fa tota a ne a bua le go ruta ka boammaaruri ka ga Jesu, go bonala fa a ne a neelwa bosupi pele ga Pentekosete ya 33 C.E., ka gonne o ne “a itse kolobetso ya ga Johane e le yosi fela.”

Jaaka mmulatsela wa ga Jesu, Johane Mokolobetsi o ne a neetse bosupi jo bo nonofileng mo morafeng otlhe wa Baiseraele, mme bontsi jwa kolobediwa ke ene e le lotshwao lwa boikwatlhao. (Mareko 1:5; Luke 3:15, 16) Go ya ka bakwalahisitori ba le bantsi, mo setšhabeng sa Bajuta ba Puso ya Roma, seo se neng se rerwa mo losing lwa Joretane e ne e le sone fela se bontsi jwa batho bo neng bo se itse kaga Jesu. “Bokeresete jwa bone bo ne bo eme fa bo neng bo le teng fa Morena wa rona a simolola bodiredi jwa gagwe,” go bolela jalo W. J. Conybeare le J. S. Howson. “Ba ne ba sa itse bokao jo bo feletseng jwa loso lwa ga Keresete; le gone ba ka tswa ba ne ba sa itse le ntlha ya gore O tsogile mo losong.” Go bonala fa Apolose a ne a sa itse le ka go tshololwa ga moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. Lefa go ntse jalo, o ne a bone tshedimosetso e e boammaaruri ka Jesu, mme ga a ka a ipolokela yone. E bile tota, ka bopelokgale o ne a senka ditshono tsa go bua ka se a neng a se itse. Lefa go ntse jalo, botlhaga le tlhagafalo tsa gagwe di ne di ise di nne tumalanong le kitso e e tlhomameng.

O ne A Tlhagafetse Mme a Ikokobeditse

Pego ya ga Luke e a tswelela: “Ya re Perisila le Akwila ba mo utlwa, ba mo itseela kwa ga bone, ba mo phuthololela tsela ya Modimo ka kelelelo bogolo.” (Ditiro 18:26) Akwila le Perisila ba tshwanetse ba bo ba ne ba lemoga gore tumelo ya ga Apolose e ne e tshwana thata le ya bone, mme ka botlhale ga ba a leka go baakanya go tlhaloganya ga gagwe mo go sa felelang fa pele ga batho. Gongwe ba ne ba nna le metlotlo e le mmalwa le Apolose e le bone fela, ka boikaelelo jwa go mo thusa. Apolose monna “yo o nonofileng mo Dikwalong” o ne a itshwara jang? (Ditiro 18:24, Kingdom Interlinear) Ka gongwe Apolose o ne a ntse a rera molaetsa wa gagwe o o sa felelang phatlalatsa lobakanyana pele a kopana le Akwila le Perisila. Motho yo o boikgogomoso o ne a tla gana motlhofo fela go siamisiwa, mme Apolose o ne a le boikobo le go lebogela go nna le kitso e e feletseng.

Boikutlo jono jwa go se ikgodise jwa ga Apolose bo bonala sentle gape fa a amogela lokwalo lo lo mo hakang lo lo tswang kwa bakaulengweng ba kwa Efeso lo ya kwa phuthegong e e kwa Korinthe ka pelo e tshweu. Pego e tswelela jaana: “O rile a na le keletso ya go tlolaganyetsa kwa Akaia, bakaulengwe ba mo nametsa pelo, ba ba ba kwalela barutwa gore ba mo tshole sentle.” (Ditiro 18:27; 19:1) Apolose ga a lopa go amogelwa ka ntlha ya seo a neng a se fitlheletse mme ka boikobo a latela thulaganyo ya phuthego ya Bokeresete.

Kwa Korinthe

Matswela a ntlha a bodiredi jwa ga Apolose kwa Korinthe a ne a kgatlhisa thata. Lokwalo lwa Ditiro lo bega jaana: “Ya re a fitlha a thusa thata ba ba dumetseng ka tshegofatso; gonne a ganetsa Bajuta, a ba sita thata, e bile e le mo ponatshegong, a supa ka dikwalo fa Jesu e le ene Keresete.”—Ditiro 18:27, 28.

Apolose o ne a ithaopela go direla phuthego, a nametsa bakaulengwe ka go baakanyetsa ga gagwe le botlhaga. O ne a thusiwa ke eng go atlega? Eleruri Apolose o ne a na le botswerere jwa tlholego mme o ne a le pelokgale go ganetsana le Bajuta phatlalatsa. Mme sa botlhokwa o ne a fetolana le bone a dirisa Dikwalo.

Lefa Apolose a ne a tlhotlheletsa Bakorinthe ka tsela e e nonofileng, ka maswabi go rera ga gagwe go ne ga nna le ditlamorago tse di sa itumediseng tse di neng di sa solofelwa. Jang? Paulo le Apolose boobabedi ba ne ba dirile go le gontsi go jala le go nosetsa sentle peo ya boammaaruri jwa Bogosi kwa Korinthe. Paulo o ne a rera koo e ka ne e le ka 50 C.E., dingwaga di ka nna pedi pele Apolose a goroga. Ka nako ya fa Paulo a kwala lekwalo la gagwe la ntlha a kwalela Bakorinthe, mo e ka nnang ka 55 C.E., makoko a ne a setse a simolotse. Bangwe ba ne ba leba Apolose jaaka moeteledipele wa bone fa ba bangwe ba ne ba rata Paulo kana Petere kana ba tsaya Keresete e le ene fela moeteledipele wa bone. (1 Bakorinthe 1:10-12) Bangwe ba ne ba re: ‘Nna ke oo rra Apolose.’ Ka goreng?

Molaetsa o o neng o rerwa ke Paulo le Apolose o ne o tshwana, mme ba ne ba na le botho jo bo sa tshwaneng. Paulo kafa a ipoletseng ka teng “puo ya gagwe e be e se sepe”; fa Apolose mo letlhakoreng le lengwe a ne “a le seleta mo puong.” (2 Bakorinthe 10:10; 11:6) O ne a na le dikgono dingwe tse di neng tsa dira gore bangwe ba Bajuta mo Korinthe ba mo reetse. O ne a kgona “go ganetsa Bajuta,” fa Paulo ene, pele fela ga foo a ne a tswa mo ntlong ya thuto.—Ditiro 18:1, 4-6.

A leno e ka tswa e le lebaka le bangwe ba neng ba latela Apolose ka lone? Baakgedi ba le bantsi ba akanyetsa gore lorato lo lo boteng lwa metlotlo ya filosofi gareng ga Bagerika lo ne lwa dira gore bangwe ba kgatlhegele tsela e e tlhotlheletsang e Apolose a neng a bua le bone ka yone. Giuseppe Ricciotti o akantsha gore “puo ya ga Apolose e e kgatlhang le ditshwantsho tsa gagwe tse di kgabisitsweng sentle di dirile gore a gape maikutlo a ba le bantsi ba ba neng ba mo rata go feta Paulo, yo o ne a se setswerere mo puong e bile a se seleta.” Fa e le gore ruri bangwe ka phoso ba ne ba letla dikgatlhego tse di ntseng jalo tsa motho ka namana go kgaoganya bakaulengwe, re ka tlhaloganya sentle gore ke eng fa Paulo a ne a kgala tlotlomatso ya “botlhale jwa matlhale” botlhoko jaana.—1 Bakorinthe 1:17-25.

Lefa go ntse jalo go kgalwa go go ntseng jalo ga go kaye gore go ne go na le kgotlhang gareng ga Paulo le Apolose. Lefa bangwe ba ile ba akanya fela gore bareri bano ba babedi ba ne ba ganetsana bobe ba lwela go ratiwa ke Bakorinthe, Dikwalo ga di bue sepe sa go nna jalo. Go na le gore Apolose a itire moeteledipele wa lekoko, o ne a tlogile mo Korinthe a boetse kwa Efeso, mme fa Paulo a ne a kwalela phuthego e e kgaoganeng lokwalo lwa ntlha, o ne a na le ene.

Go ne go se na go tlhoka kutlwano lefa e le kgaisano gareng ga bone; go na le moo go bonala bobedi jono bo ne bo dira mmogo go baakanya mathata kwa Korinthe e bile ba tshepana. Gongwe Paulo o ne a belaela ka ba bangwe kwa Korinthe mme fela e seng ka Apolose. Tiro ya banna ba babedi bano e ne e le ya kutlwano; dithuto tsa bone di ne di tlatsana. Fa re nopola mafoko a ga Paulo ka boene: “Nna ka jala, Apolose a nosa,” gonne ka bobedi jwa bone e ne e le “badiri mmogo le Modimo.”—1 Bakorinthe 3:6, 9, 21-23.

Fela jaaka Paulo, Bakorinthe ba ne ba tseela Apolose kwa godimo thata, ba eletsa gore a ba etele gape. Mme fa Paulo a laletsa Apolose go boela kwa Korinthe, Moalekesanteria yoo o ne a gana. Paulo a bua jaana: “Mme ka ga Apolose mogaetsho, ke mo rapetse thata, gore a ye koo go lona . . . , mme e ne e se go rata ga gagwe gope go ya ka lobaka lono; o tlaa ya mogang o bonang lobaka.” (1 Bakorinthe 16:12) Gongwe Apolose o ne a itsemeletsa go boela ka ntlha ya go boifa go tsweledisa kgaogano pele, kgotsa gongwe o ne a tshwaregile thata go sele.

Fa Apolose a bolelwa la bofelo mo Dikwalong, ke fa a ne a le mo mosepeleng wa go ya kwa Kerete gongwe le go feta. Paulo gape o ne a tlhokomela tsala ya gagwe le modirikaene ka tsela e e kgethegileng, a lopa Tito go neela Apolose le mopati wa gagwe Senase, sengwe le sengwe se ba ka se tlhokang mo loetong lwa bone. (Tito 3:13) Ka nako eno, morago ga dingwaga di le some tsa thapiso ya Bokeresete, Apolose o ne a dirile kgatelopele e e lekaneng gore a ka nna moemedi yo o etang wa phuthego.

Dinonofo Tsa Bomodimo Tse di Akofisang Kgolo ya Semoya

Moreri wa Moalekesanteria o ne a tlhomela baboledi botlhe ba segompieno ba mafoko a a molemo sekao se sentle mme e le ruri a se tlhomela le botlhe ba ba eletsang go gatela pele semoyeng. Re ka tswa re se seleta mo puong jaaka ene, mme re ka lwela go etsa kitso le kgono ya gagwe ya go dirisa Dikwalo, ka go rialo re thusa batho ba ba senkang boammaaruri ka bopeloephepa. Ka sekao sa gagwe sa go dira ka tlhagafalo, Apolose “a thusa thata ba ba dumetseng.” (Ditiro 18:27) Apolose o ne a le boikobo, a intsha setlhabelo e bile a rata go direla ba bangwe. O ne a tlhaloganya sentle gore ga go na kgaisano kana boikgodiso mo phuthegong ya Bokeresete, gonne rotlhe re le “badiri mmogo le Modimo.”—1 Bakorinthe 3:4-9; Luke 17:10.

Le rona jaaka Apolose re ka gatela pele semoyeng. A re iketleeditse go tokafatsa kana go atolosa tirelo ya rona e e boitshepo, re ipaya mo boemong jwa go dirisiwa ka mo go oketsegileng ke Jehofa le mokgatlho wa gagwe? Fa go ntse jalo, re tla nna baithuti le baboledi ba ba tlhaga ba boammaaruri jwa Bokeresete.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela