Nayang Banna ba Mofuta oo Tlotlo”
DILO di ne di sa tsamaye sentle kwa phuthegong ya Korinthe. Go ne go kile ga nna le tiragalo e e tsitsibanyang mmele ya boitsholo jo bo sa siamang, e bile bakaulengwe ba ne ba ikgaogantse ka makoko. Bangwe ba ne ba na le mathata a a masisi a bone ka namana kgotsa ba na le dipotso tse di tlhokang go arabiwa. Bakaulengwe bangwe ba ne ba isana kwa kgotlatshekelong; bangwe ba ne ba bile ba latola tsogo ya baswi.
Go ne ga tsoga le dipotso tse di masisi. A ba ba mo malapeng a a kgaoganeng ka bodumedi ba tshwanetse ba dula le balekane ba bone ba ba sa dumeleng, kgotsa a ba tshwanetse go kgaogana? Seabe sa bokgaitsadi mo phuthegong e ne e le sefe? A go ne go siame go ja nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa? Dipokano—go akaretsa le Sejo sa Morena sa Maitseboa—di tshwanetse go tshwarwa jang?—1 Bakorinthe 1:12; 5:1; 6:1; 7:1-3, 12, 13; 8:1; 11:18, 23-26; 14:26-35.
Ga go na pelaelo gore e re ka Akaiko, Foretunato, le Setefanase ba ne ba tshwenyegile ka ga boitekanelo jwa bakaulengwe ba bone mo maemong a a ntseng jalo a semoya a a tletseng mathata, ba ne ba tsaya loeto ba etela moaposetoloi Paulo kwa Efeso. Mo godimo ga dikgang tseno tse di feretlhang maikutlo, go ka direga gore ba ne ba tlisetsa Paulo lekwalo le le tswang kwa phuthegong le le nang le dipotso tsa dikgang tseno. (1 Bakorinthe 7:1; 16:17) Kafa go bonalang ka gone, bakaulengwe bano ba bararo e ne e se bone fela ba ba neng ba tshwenyegile ka boemo jono. Tota e bile, Paulo o ne a setse a utlwile dikgang mo go “ba ntlo ya ga Keloe” gore go ne go na le dikgaogano mo gare ga maloko a phuthego. (1 Bakorinthe 1:11) Kwa ntle ga pelaelo, pego ya barongwa bano e ne ya thusa Paulo go tlhaloganya boemo sentle, gore a bone gore a ba neye kgakololo efe, le gore a arabe jang dipotso tse di boditsweng. Go lebega lekwalo le jaanong re le itseng e le Bakorinthe ba Ntlha e le karabo ya ga Paulo, e e neng e kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo. Go ka direga gore Akaiko, Foretunato le Setefanase, ke bone ba ba neng ba isa lekwalo leno.
Akaiko, Foretunato le Setefanase e ne e le bomang? Re ka ithuta eng ka go ithuta se Dikwalo di se buang ka bone?
Ba Ntlo ya ga Setefanase
Ba ntlo ya ga Setefanase e ne e le “mabutswapele” a bodiredi jwa ga Paulo kwa kgaolong ya Roma ya Akaia, kwa Borwa jwa Gerika, mo e ka nnang ka ngwaga wa 50 C.E., e bile ba ne ba kolobeditswe ke Paulo ka boene. Kafa go bonalang ka gone, Paulo o ne a ba tsaya e le ba go ka lejwang kwa go bone, tlhotlheletso e e nonofileng e e nitameng mo go Bakorinthe. O ne a ba baka ka boitumelo ka ntlha ya tiro ya bone e ba neng ba e direla phuthego: “Ke a lo rapela bagaetsho, lo a ba itse ba ntlo ya ga Setefanase, fa e le mabutswapele a lefatshe la Akaia, e le ba ba ineetseng go direla baitshepi. Ka re, le lona lo ingotlele ba ba ntseng jalo, le mo go mongwe le mongwe yo o thusang, le yo o dirang mo tirong.” (1 Bakorinthe 1:16; 16:15, 16) Ga go a kaiwa gore sentlentle ke bomang ba ba dirang “ba ntlo” ya ga Setefanase. Polelo eno e ka nna ya raya fela maloko a lelapa mme gape e ka akaretsa le makgoba kgotsa bathapiwa. E re ka Akaiko e ne e le leina la Selatine le le tshwanang le la lekgoba, mme Foretunato e le le le tshwanang le la mogololwa, baakgedi bangwe ba akanya gore bobedi jono gongwe e ka nna ya tswa e le maloko a lelapa lone leo.
Lefa go ntse jalo, Paulo o ne a leba ba ntlo ya ga Setefanase e le sekao. Maloko a yone a ne a ‘ineetse go direla baitshepi.’ Balelapa la ga Setefanase ba tshwanetse ba bo ba ile ba lemoga gore go ne go na le tiro e e neng e tshwanetse go dirwa e le go tswela phuthego molemo mme ba amogela tirelo eno ka boitumelo e le boikarabelo jwa bone ka namana. Keletso ya bone ya go direla baitshepi tirelo e e ntseng jalo ruri e ne e tlhoka tshegetso le go tlhokomelwa.
“Ba Lapolositse Mowa Wa me Le wa Lona”
Lefa Paulo a ne a tshwenyegile ka boemo jwa kwa Korinthe, go goroga ga barongwa bano ba bararo go ne ga mo kgothatsa. Paulo a re: “Ke itumelela go tla ga Setefanase, le Foretunato, le Akaiko, gonne se se neng se tlhokafala ntlheng ya lona ba se tladitse. Gonne ba lapolositse mowa wa me le wa lona.” (1 Bakorinthe 16:17, 18) Fa Paulo a sena go utlwa ka boemo jono, gongwe go kgaogana le Bakorinthe go ne ga dira gore a tlhobaele, mme jaanong go tla ga barongwa ba bone go ne ga emisetsa go seong ga phuthego yotlhe. Go bonala pego ya bone e ne ya naya Paulo tshedimosetso yotlhe ka ga boemo mme e ne ya fedisa dingwe tsa dipoifo tsa gagwe. Gongwe e bile dilo di ne di se maswe jaaka a ne a akanya.
Go ya ka Paulo, go rongwa ga ba bararo bano ga go a ka ga lapolosa moya wa gagwe fela mme gape go kgothaditse le moya wa phuthego ya Korinthe. Kwa ntle ga pelaelo ba ne ba wela makgwafo fa ba utlwa gore barongwa ba bone ba tlhaloseditse Paulo sengwe le sengwe kaga boemo sentle le gore ba tla boa ka kgakololo e e tswang kwa go ene.
Ka jalo Setefanase le ba babedi ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba akgolwa thata ka ntlha ya tiro eo ba neng ba e diretse Bakorinthe. Tsela e Paulo a neng a itumelela banna bano ka yone e ne ya nna ka tsela e e leng gore e ne ya re fa ba boa ba ne ba tshwanelwa ke go etelela pele mo phuthegong ya Korinthe e e neng e kgaogane. Moaposetoloi o gakolola bakaulengwe a re: “Lo ingotlele ba ba ntseng jalo, le mo go mongwe le mongwe yo o thusang, le yo o dirang mo tirong. . . . [Nayang banna ba mofuta oo tlotlo, NW].” (1 Bakorinthe 16:16, 18) Go akgolwa go go ntseng jalo ka phepafalo go bontsha boikanyegi jo bo feletseng jwa banna bano go sa kgathalesege dikgogakgogano tse di mo phuthegong. Ba ba ntseng jalo ba tshwanetse go tsewa e le ba ba tlotlegang.—Bafilipi 2:29, NW.
Go Dirisana Mmogo ka Boikanyegi go Tlhagisa Matswela a a Molemo
Ga go na pelaelo gore go dira mmogo le mokgatlho wa ga Jehofa le baemedi ba one go tlhagisa matswela a a molemo. Fa Paulo a ne a kwala lekwalo le jaanong re le itseng e le Bakorinthe ba Bobedi, ka bonakonyana fela morago ga lekwalo la ntlha, dilo di ne di setse di tokafetse mo phuthegong. Go tswelela ga bakaulengwe ba ba tshwanang le Akaiko, Foretunato, le Setefanase ba dira ka bopelotelele, mmogo le go eta ga ga Tito, go ne ga nna le matswela a a molemo.—2 Bakorinthe 7:8-15; bapisa Ditiro 16:4, 5.
Maloko a diphuthego tsa segompieno tsa batho ba ga Jehofa a ka solegelwa molemo ke go tlhatlhanya ka banna bano ba ba ikanyegang ba ba umakilweng ka bokhutshwane fela mo Dikwalong. Ka sekai, a re re go na le bothata jo bo ntseng bo tswela pele mo phuthegong ya lona jo ka mabaka mangwe bo sa kgoneng go rarabololega ka bonako e bile bakaulengwe ba amegile ka jone. Go tshwanetse ga dirwang? Etsa Setefanase, Foretunato, le Akaiko, bao ba neng ba se ka ba ikgogona mo boikarabelong jwa bone jwa go bolelela Paulo ka ga boemo mme o bo o tlogela dikgang mo diatleng tsa ga Jehofa ka tsholofelo. Go tlhoafalela go dira tshiamo ga go a ka ga ba dira gore ba itirele jaaka ba rata kana ba “tšararegele Jehofa.”—Diane 19:3.
Diphuthego ke tsa ga Jesu Keresete, mme ka nako ya gagwe e e tshwanetseng, fela jaaka kwa Korinthe, o tla tsaya kgato go rarabolola mathata lefa e le afe ao a ka nnang a tshosetsa boitekanelo jwa bone jwa semoya le kagiso ya bone. (Baefeso 1:22; Tshenolo 1:12, 13, 20; 2:1-4) Gone jaanong, fa re latela sekao se se molemo sa ga Setefanase, Foretunato, le Akaiko mme re tswela pele re direla bakaulengwe ba rona, le rona re tla bo re tshegetsa thulaganyo ya phuthego ka boikanyegi, re aga bakaulengwe ba rona, mme re ba ‘tlhotlheletsa mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’—Bahebera 10:24, 25.