Basupi go ya Fela Kwa Sekhutlong sa Leefatshe
ETAH
THULE
GODHAVN
GODTHÅB
JULIANEHÅB
ANGMAGSSALIK
THULE ke karolo ya leina le le neng le dirisiwa fa e sa le bogologolo go tlhalosa mokgele o o fitlheletsweng, wa lefelo le le rileng kana ope o sele. Gompieno Thule ke leina la motsana mongwe o o kwa bokone jo bo kgakala jwa Greenland, setlhaketlhake se segolo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Motsana ono o ne wa bidiwa jalo ka 1910, fa mmatlisisi mongwe wa Mo-Denmark e bong Knud Rasmussen a o dirisa e le lefelo le a tsenang ka lone fa a dule letsholo kwa mafelong a a tsididi. Le eleng gone jaanong, go ya kwa Thule go thata fa o tswa letsholo la sengwe go na le gore o bo o etela monate fela.
Lefa go ntse jalo, go na le tlhokego e e potlakileng ya go tswa matsholo a go ya kwa Thule. E le go arabela taelo ya ga Jesu: “Lo tlaa nna basupi ba me . . . go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe,” Basupi ba ga Jehofa ba tlhoafaletse go isa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo kwa lefelong leno, mongwe wa metse e e kwa bokone jo bo kgakalakgakala e batho ba agileng mo go yone mo lefatsheng.—Ditiro 1:8; Mathaio 24:14.
‘Re ye Leng Kwa Thule?’
Ka 1955 Basupi ba babedi ba Ba-Denmark bao ba neng ba batla go nna le seabe mo go rereng “go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe” ba ne ba goroga kwa Greenland. Ba bangwe ba ne ba tla moragonyana, mme ka iketlo tiro ya bone ya go rera e ne ya akaretsa lobopo lo lo kwa borwa le kwa bophirima go ya go fitlha kwa Melville Bay le karolonyana go ya kwa lobopong lo lo kwa botlhaba. Mme mafelo a a kgakala thata jaaka Thule a ne a fitlhelelwa mo e ka nnang fela ka lekwalo kana ka mogala.
Letsatsi lengwe ka 1991, Bo le mosadi wa gagwe, Helen, e leng badiredi ba babedi ba nako e e tletseng, ba ne ba eme fa lefikeng ba lebile ka kwa ga Melville Bay. Ba ntse ba lebile jalo kwa bokone ba ne ba ipotsa ba re, ‘Re tla kgona leng go ya kwa Thule go isetsa batho ba ba nnang gone mafoko a a molemo a Bogosi?’
Ka 1993, Werner, modiredi yo mongwe wa nako e e tletseng, o ne a lekeletsa go kgabaganya Melville Bay ka mokoro wa gagwe o o tsamayang ka lobelo lo logolo wa dimetara tse 5,5 wa Qaamaneq (Lesedi). O ne a setse a tsamaile dikilometara di le 1 200 mo metsing go tswa Godthåb go ya kwa kgaolong ya Upernavik. Lefa go ntse jalo, go kgabaganya Melville Bay—dikilometara tse 400 tsa metsi a magolo a Arctic—ke kgang e nngwe. Nako e ntsi ya ngwaga, kgogometso eno e dula e thibilwe ke aese. Werner o ne a kgona go kgabaganya kgogometso eno, lefa gone enjene e nngwe ya mokoro e ne ya senyega ka ntlha ya aese. Mme o ne a kgona go reranyana pele ga a boela morago.
Go Lebilwe kwa Thule
Morago ga loeto leo, Werner o ne a simolola go dira dithulaganyo tse dingwe. O ne a bua le Arne le Karin—bao le bone ba neng ba na le mokoro wa dimetara di supa o o nang le malao a le manè a mo mokorong, mme sa botlhokwa le go feta, o na le ditsamaisamokoro tsa sesheng—ka ga go tsamaya mmogo go ya kwa Thule. Ba ne ba tla bona marobalo mo mekorong, mme gape fa dikepe tse pedi di tsamaya mmogo, go kgabaganya Melville Bay go ne go se kitla go nna kotsi thata. Gore ba rerele toropo e kgolo e e nang le baagi ba le 600 le metsana e merataro mo kgaolong eo, ba ne ba tlhoka thuso e e oketsegileng. Ka jalo ba ne ba laletsa Bo le Helen le Jørgen le Inge—botlhe ke badiredi ba ba nang le boitemogelo ba ba tlwaetseng go tsamaya mo nageng eno—gore ba tsamaye le bone. Ba le batlhano mo setlhopheng seno gape ba bua Se-Greenland.
Ba ne ba romela dibuka tsa Baebele kwa pele. Mekoro le yone e ne e pegile dibuka, mmogo le dijo tse di tlhokegang le metsi, lookwane, enjene e nngwe le mokorwana wa rabara o o dirisiwang mo maemong a tshoganyetso. Ka jalo, ka August 5, 1994, morago ga dikgwedikgwedi ba ntse ba rulaganya, setlhopha seno se ne sa kopana mme mekoro ka bobedi e siame e bile e pegile dithoto kwa boemakepeng jwa Ilulissat. Loeto lwa go ya kwa bokone lo ne lwa simologa. Werner, Bo, le Helen ba ne ba tsamaya ka o monnye wa mekoro eno e mebedi. “Se o neng o ka se dira fela e ne e le go dula kana go robala mo bolaong jwa gago jo bo mo mokorong o bo o itshegeletsa ka sengwe,” go kwala jalo Bo. A re tseyeng loeto le mokoro re bone se se neng sa direga mo loetong.
“Lewatle le ne le tla le sisibala ka sekgala se seleele. Re ne re tla re bona dilo tse dintle jang—lewatle le le tsabakelang, mouwane o o kitlaneng, letsatsi le le phatsimang le loapi lo lo tala, dithabakgapetla tse di bopegileng bontle e bile di na le mebala e e farologaneng, lenyibi le legolo le le thokwa le arametse letsatsi le ntse mo godimo ga dikgapetla tsa lewatle, lotshitshi lo lo nang le meripo e mentsho le dipoa tse dinnye—re ne re bona dilo tse dintsintsi fela tse di farologaneng.
“Mme selo se se neng se kgatlha thata e ne e le go etela metsana e e mo tseleng. Ka metlha go ne go na le batho, gantsi e le bana, fa boemelakepeng go bona gore baeng ke bomang le go ba amogela. Re ne ra tsamaisa dibuka tsa Baebele mme ra adima batho bidio e e buang ka mokgatlho wa rona. Ba bantsi ba ne ba kgona go e bona pele ga re tsamaya. Kwa Upernavik Borwa, batho ba le mmalwa ba ne ba sianela kwa mekorong ya rona tota le pele ga re tsena. Ka jalo, re ne ra nna le baeng mo mokorong mo maitsiboeng ao otlhe mme re ne ra araba dipotso tse dintsi tsa Baebele.”
Jaanong, morago ga dikilometara tsa ntlha tse 700 mo loetong lono, mekoro e mebedi e ne e siametse go kgabaganya Melville Bay.
Kgwetlho e e Diphatsa
“Eno e ne e tsewa e le karolo e e diphatsa ya loeto. E bile re ne re tshwanetse go kgabaganya re sa eme gonne motsana wa Savissivik (moo tshimo e simololang gone le moo re ka bong re bone boitshireletso gone) o ne o santse o thibilwe ke aese.
“Ka jalo re ne ra tswa. E re ka go ne go na le aese e ntsi, re ne ra tsamaela kgakajana kwa lewatleng. Ka lesego, metsi a ne a sisibetse. Diura di le mmalwa tsa ntlha go ne go sa direge sepe—re tsamaya dikilometara di le dintsi re raletse lewatle. Maitseboa ke fa re bona Cape York mme ka iketlo ra leba kwa bokone, gaufi le lefatshe. Jaanong go ne go na le aese gape—dikgapetla tsa kgale, tse dikima, e bile di tla di kgaogana mo gare, ka sekgala se matlho a neng a fitlha kwa go sone. Re ne ra latela losi lwa aese, sekgala se seleele, mo gongwe re tla re sutlhelela mo ditselaneng tse dinnye tse di mo gare ga diaese. Ga latela mouwane, o o neng o tshwana le sopo e e loileng e putswa, e le ntle thata mo leseding la letsatsi fa le phirima. Le makhubu! Mouwane, makhubu le aese tsotlhe ka nako e le nngwe fela—nngwe le nngwe ya tseno ka tlwaelo fela ke kgwetlho e kgolo.”
Tsela e re Neng ra Amogelwa ka Yone
“Re ne ra fitlha mo metsing a a sisibetseng fa re ne re atamela Pituffik. Popo e ne ya re amogela bontle tota: letsatsi le le kwa godimo mo loaping lo lo pududupududu; fa pele ga rona go na le melapo e megolo e e phatsimang mo gare ga dithaba, e na le dithabana tsa aese di gasagasame mo go yone; mme kwa pelenyana go na le seriti se se bonalang sentle sa lefika kwa Dundas—Thule wa bogologolo!” Mo e ka nnang dikilometara di le 100 go ela kwa bokone, bajanala bano ba ne ba fitlha kwa ba yang gone.
Jaanong ba ne ba tlhagafaletse go simolola go rera ka ntlo le ntlo. Mo ntlong ya ntlha ba babedi ba bone ba ne ba amogelwa ka tsela e e sa itumediseng. “Re ne ra lelekwa fela jaaka e kete re ne re le kwa Denmark,” ba ne ba bolela jalo. “Mme bontsi bo ne jwa re amogela ka lorato. Batho bao e ne e le ba ba akanyang e bile ba na le kitso. Bangwe ba ne ba bolela gore ba ne ba utlwile ka rona e bile ba itumetse thata fa re tlile. Re ne ra kopana le batho ba ba siameng tota, jaaka batshwari ba manyibi ba ba neng ba ile go tshwara one kwa Mafelong a a Tsididi a Bokone, le batho ba lefelo leo ba ba neng ba kgotsofetse ka se ba nang le sone mme ba timana, e bile e kete ga ba kgore sentle tlhabologo ya segompieno.”
Malatsi a le mmalwa a a latelang a ne a ba itumedisa botlhe. Dibuka tsa Baebele di ne tsa amogelwa ka kanaanelo gongwe le gongwe. Mo matlong a le mmalwa Basupi ba ne ba simolola dithuto tsa Baebele ka yone nako eo. Inge o tlhalosa ka ntlo e a neng a fitlhela beng ba yone ba kgatlhega fela thata: “E ne e le ntlo ya phaposi e le nngwe, e e phepa, e e phuthologileng. Ka malatsi a mararo a a tlhomaganeng re ne ra etela monna mongwe yo o bonolo yo o neng a nna foo mme re ne ra mo rata thata. E ne e le motshwari wa manyibi wa mmatota, a na le kayak (mokorwana) ya gagwe kafa ntle ga ntlo. O ne a bolaile dibera tse dintsi tsa kwa mafelong a a tsididi, mofuta mongwe wa manyibi a magolo, mme le one manyibi. E rile ka loeto lwa rona lwa bofelo re ne ra rapela mmogo le ene, mme matlho a gagwe a gelela dikeledi. Jaanong re tshwanetse go tlogela sengwe le sengwe mo diatleng tsa ga Jehofa mme re solofele gore re tla bona nako le sebaka sa gore re boe gape.”
Thule e na le go etelwa ke Maesekimo a kwa Canada gangwe le gape. Inge o bega jaana: “Nna le Helen re ne ra kopana le Maesekimo a le mmalwa a a tswang kwa Canada. Go a kgatlhisa go bo ba kgona go bua le Ma-Greenland; batho ba lefelo leo la Arctic go bonala ba bua dipuo tse di batlileng di tshwana. Lefa Maesekimo a kwa Canada a na le puo ya bone e e kwalwang, ba ne ba kgona go bala dibuka tsa rona ka Se-Greenland. Seno se ka nna sa dira gore ba nne le ditshono tse di itumedisang.”
Go ne ga etelwa le metsana e e bokgakala jwa dikilometara tse 50 go ya go 60 ka mokoro. “Fa re le mo tseleng go ya kwa motsaneng wa Qeqertat, re ne ra tsamaya gaufi thata le lobopo, re solofetse gore re tla bona batho ba tswile ba tsoma di-narwhal. Fela jaaka re ne re akantse, re ne ra fitlhela mo lefikeng lengwe bothibelelo jwa malapa a le mararo kana a le manè, ba apere diaparo tsa matlaloboa, ba na le ditente tsa bone le di-kayak tsa bone. Banna ba ne ba dula mo lefikeng ka go fapaanelana ba tshwere dihapune tsa bone ba lebile di narwhal tse ba di batlang. Ka ba ne ba ntse ba lebeletse jalo ka malatsi a le mmalwa mme ba sa bone sepe, ba ne ba sa itumelele go re bona gonne gongwe re ne re ka nna ra tshosa manyibi! Ba ne ba lebega ba tshwaregile thata ka ditiro tsa bone. Basadi ba ne ba amogela dibuka dingwe, mme e ne e se nako e ntle ya gore re ka tsweledisa motlotlo. Kgabagare re ne ra fitlha kwa Qeqertat ka ura ya bo11 maitseboa mme ra tswa mo ntlong ya bofelo mo motsaneng ono ka ura ya bo2 mo mosong!”
“Kgabagare re ne ra fitlha kwa Siorapaluk, motsana o o kwa bokone jo bo kgakalakgakala jwa Greenland. Motse oo o mo losing lwa lewatle lo lo tletseng motlhaba kwa tlase ga mafika a a apesitsweng ke bojang jo botala mo tulong e e sa ungweng.” Basupi bano ba ne tota ba fitlheletse kwa dikhutlong tsa lefatshe, thata kwa ntlheng e e kwa bokone, mo tirong ya bone ya go rera.
Loeto lo Weditswe
Basupi bano ba weditse tiro ya bone. Ba rerile ka ntlo le ntlo, tente le tente, ba aba dibuka, ba amogela dipeeletso, ba bontsha batho dibidio, ba bua le Ba-Greenland ba bantsi, mme ba tshwara dithuto tsa Baebele. Jaanong ke nako ya go boela gae. “E rile fa re fitlha mo mokorwaneng wa rona mo maitseboeng ao, gore re tswe mo motsaneng wa Moriusaq, go ne go na le batho ba le bantsinyana kwa losing ba tlile go re tsamaisa sentle, ba tsholetsa dibuka kana diboroutšhara tse ba neng ba di ikamogeletse.”
Moragonyana, kwa tulong e e sa nnweng ya losi, Basupi ba ne ba gakgamalela go bona monna a tsholetsa letsogo a le mo lefikeng—a le fela kwa thokothoko kwa go se nang batho! “Ee, re ne ra ya kwa losing go kopana le ene. Ra fitlhela gore ke lekawana le le neng le tswa kwa Berlin, kwa Jeremane, le le neng la tla mo lobopong ka kayak ya lone mme le tsamaile sebaka sa kgwedi. Le ne le tlhola le etelwa ke Basupi ba ga Jehofa ka metlha kwa Jeremane e bile le ne le na le dibuka di le mmalwa tsa bone. Re ne ra fetsa diura di le mmalwa re na le lone, mme le ne le kgatlhegile eleruri go kopana le Basupi mo tulong e e tshwanang le eno.”
Mo motsaneng wa Savissivik, o ba neng ba feta fela fa go one fa ba ne ba ya, badiredi ba ba tsamayang ba ne ba amogelwa ka lorato. Bangwe gone koo ba ne ba amogetse le go bala dibuka mo ngwageng o o fetileng, mme ba ne ba tshwerwe ke tlala ya dijo tse di oketsegileng tsa semoya.
Go boela morago ba kgabaganya Melville Bay go ne ga tsaya diura tse 14. “Re ne ra bona go phirima ga letsatsi mo go diregang ka sebaka sa diura di le dintsi thata fano, go kopane le go fetofetoga ga mebala e mentlentle. Go tlhaba ga letsatsi go go latelang ka bonako le gone go ne ga tsaya lobaka. Fa marang a mahibidu le a bohibidu jo bo mokgona a letsatsi fa le ya go phirima a santse a apesitse loapi kwa bokonebotlhaba, letsatsi le ne le tlhaba go le gonnye kwa borwa. Ke pono e go sa kgonegeng go e tlhalosa—kana le e leng go e tsaya setshwantsho—sentle.” Setlhopha seno se ne sa nna bosigo jotlhe se sa robala.
“Fa re fitlha kwa Kullorsuaq, ke fa re lapile tota. Mme re ne re itumetse e bile re kgotsofetse. Re ne re weditse loeto lwa rona ka katlego! Mo loetong loo lotlhe re bone batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang mo ditoropong le metsana e e fa thoko ga lobopo. Gantsi ba ne ba re botsa ba re, ‘Ke ka ntlha yang fa bangwe ba lona ba sa nne le rona? Re utlwa botlhoko fa re lo bona lo tsamaya ka bonako jaana!’”
Kwa Qaarsut lelapa lengwe le le botsalano le ne la laletsa ba le batlhano ba baeng bano gore ba tle go ja mmogo le lone. “Lelapa leo le ne le batla gore re lale. Mme e re ka go ne go na le mafelo a go emisa dikepe a a botoka a a bokgakala jwa dikilometara di le 40, re ne ra se ka ra amogela taletso eo mme ra tsamaya. Morago re ne ra utlwa gore thabakgapetla e kgolo e ne ya thubega mo mosong o o latelang, mme lekhubu le ne la pitikolola mekorwana e le 14 fa re neng re eme gone!”
Labofelo, setlhopa se ne se boetse kwa Ilulissat, se weditse letsholo la sone la kwa Thule. Mo e ka nnang ka nako e e tshwanang, baboledi ba bangwe ba babedi ba ne ba ile kwa dikarolong tse di kwa thoko kwa lobopong lo lo kwa botlhaba lwa Greenland. Mo maetong ano a mabedi, baboledi ba ne ba tsamaisa palogotlhe ya dibuka di le 1 200, diboroutšhara di le 2 199, le dimakasine di le 4 224, mme ba ne ba amogetse dipeeletso di le 152. Gone jaanong ba dirisa mogala le makwalo go buisana le bontsi jo bo neng bo bontshitse kgatlhego.
Go sa kgathalesege nako, maatla le madi a a neng a tlhokega, Basupi ba ga Jehofa ba bona boitumelo jo bogolo jwa go diragatsa taolo ya Mong wa bone ya go “nna basupi ba me . . . go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.”—Ditiro 1:8.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Kwa Lobopong lo lo Kwa Botlhaba Lwa Greenland
MO E ka nnang ka nako e e tshwanang eo setlhopa sa baboledi se neng se fitlha kwa Thule ka yone, banyalani ba Basupi, Viggo le Sonja, ba ne ba ya kwa tshimong e nngwe e e neng e sa berekwa—Ittoqqortoormiit (Scoresbysund) kwa lobopong lo lo kwa botlhaba lwa Greenland. Gore ba fitlhe koo ba ne ba tshwanela go ya Iceland, ba tsamaye ka sefofane go boela Constable Point kwa lobopong lwa Greenland mme go tswa foo ba tsamaye ka helikopetere.
“Leno e ne e le lekgetlho la ntlha Basupi ba ga Jehofa ba tla mono,” go bolela jalo babulatsela bano ba babedi bao puo ya bone e leng Se-Greenland. “Lefa batho bano ba nna kgakala jalo, ba ne ba na le kitso mo go gakgamatsang. Lefa go ntse jalo, gape ba ne ba itumelela go ithuta dilo tse disha. Jaaka batho ba ba nang le neo ya go tlotla dikgang, ba ne ba re bolelela ka tlhagafalo gore ba tsoma jang manyibi le kaga maitemogelo a mangwe fela a tlhago.” Ba ne ba arabela jang mo tirong ya go rera?
“Fa re ntse re rera ka ntlo le ntlo, re ne ra kopana le J——, yo e leng mokatikisi. ‘Ke leboga go bo lo nkakareditse mo loetong lwa lona,’ o ne a rialo. Re ne ra mmontsha dibuka tsa rona le gore di dirisiwa jang. Letsatsi le le latelang a tla kwa go rona mme a batla go ithuta ka ga leina Jehofa. Re ne ra mo bontsha tlhaloso e e mo mokwalong o o kwa tlase mo Baebeleng ya gagwe ya Se-Greenland. E rile re se na go tsamaya a leletsa ditsala tsa rona tse di kwa Nuuk mogala go tlhalosa gore o leboga ketelo ya rona. Re tshwanetse ra leka go tswelela re thusa monna yono.
Gape re ne ra kopana le O——, morutabana yo o itseng ka Basupi ba ga Jehofa. O ne a re naya diura tse pedi gore re buisane le barutwana ba gagwe ba dingwaga tse 14 go ya go tse 16. Ka jalo re ne ra ba bontsha bidio ya rona mme ra araba dipotso tsa bone. Buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololoa le dibuka tse dingwe di ne tsa tsamaya ka bonako jo bo gakgamatsang. Moragonyana re ne ra kopana le ba le bararo ba basetsana. Ba ne ba na le dipotso tse dintsi, mongwe wa bone a kgatlhega thata. O ne a botsa jaana, ‘Motho a ka dira jang gore a nne Mosupi? Tota go tshwanetse ga bo go le monate go tshwana le lona. Rre le ene o lo rata fela thata.’ Re ne ra solofetsa go mo kwalela.
“Mo go o mongwe wa metsana, re ne ra kopana le mokatikisi yo mongwe, M——, mme re ne ra nna le motlotlo o o itumedisang thata le ene. O ne a re o tla dira gore banna ba ba neng ba ile go tsoma ba amogele dibuka tsa rona ka bonako fela fa ba boa. Mme jaanong ke ‘mmoledi’ wa rona kwa lefelong leo le le kgakala.”
Lefa e ne e le loeto lo lo motsopodia e bile lo lapisa, babulatsela ba babedi bano ba ikutlwa gore maiteko a bone a duetswe fela thata.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.