Theophilus wa Antioke E ne E le Mang?
O MPITSA Mokeresete, jaaka e kete e ne e le sereto sa me sa katlholo, fa e le nna, ke ipolela gore ke Mokeresete, mme ke bidiwa ka sereto seno gore ke nne moratiwa wa Modimo, ka tsholofelo ya go direla Modimo.”
Ka gone Theophilus o simolola jalo buka ya gagwe e e kgaogantsweng ka dikarolo di le tharo ya setlhogo se se reng Theophilus to Autolycus. O simolola go lwantsha botenegi jwa mo lekgolong la bobedi la dingwaga ka yone. Theophilus o ipolela ka bopelokgale gore ke molatedi wa ga Keresete. Go bonala a ne a ititeile sehuba go tsamaisa dikgang tsa gagwe gore a nne “moratiwa wa Modimo,” go dumalana le se se bolelwang ke leina la gagwe ka puo ya Segerika. Tota Theophilus e ne e le mang? O nnile teng leng? Mme ke eng se a neng a se fitlhelela?
Hisitori ya Gagwe
Ga go itsiwe thata ka hisitori ya ga Theophilus. O ne a godisiwa ke batsadi ba e neng e se Bakeresete. Kwa moragonyana Theophilus o ne a sokologela mo Bokereseteng e le fela morago ga gore a ithute thata mo Dikwalong. O ne a nna bishopo ya phuthego kwa Antioke wa Siria, e gompieno e itsiweng e le Antakya, kwa Turkey.
Go dumalana le taolo ya ga Jesu, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba rerela setšhaba sa Antioke. Luke o ne a kwala ka katlego ya bone, fa a re: “Seatla sa Morena sa nna nabo, mme batho ba le bantsi thata ba ba dumetseng ba sokologela mo Moreneng.” (Ditiro 11:20, 21) Balatedi ba ga Jesu Keresete ba ne ba simolola go itsiwe e le Bakeresete jaaka Modimo o ne o laetse. Lefoko leno le ne la dirisiwa la ntlha kwa Antioke wa Siria. (Ditiro 11:26) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., moaposetoloi Paulo o ne a ya kwa Antioke wa Siria, mme e ne ya nna gone kwa a simololang le go wetsa maeto a gagwe teng. Barenabase le Paulo, ba ba neng ba tsamaya le Johane Mareko, ba ne ba simolola loeto lwa bone lwa ntlha lwa borongwa kwa Antioke.
Bakeresete ba bogologolo ba Antioke ba tshwanetse ba bo ba ne ba kgothadiwa thata ke maeto a baaposetoloi mo motseng wa bone. Kwantle ga pelaelo tsela e ba neng ba amogela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo ka yone e e matlhagatlhaga e ne e le ka ntlha ya maeto a a nitamisang tumelo a baemedi ba setlhopha se se laolang sa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Ditiro 11:22, 23) A bo go tshwanetse ga bo go ne go ba kgothatsa jang ne go bona baagi ba le bantsi ba Antioke ba neela matshelo a bone go Jehofa Modimo! Lefa go ntse jalo, Theophilus o ne a nna kwa Antioke dingwaga di feta 100 morago ga foo.
Mokwalahisitori e bong Eusebius o ne a bolela gore Theophilus e ne e le bishopo ya borataro ya Antioke, fa a ba bala go tswa ka nako ya baaposetoloi ba ga Keresete. Theophilus o ne a kwala dipuisano le dikganetso di le mmalwa kgatlhanong le boikeodi. Ke mongwe wa Bakeresete ba ba neng ba ka nna 12 ba ba neng ba kwala ka tsela ya go femela tumelo mo motlheng wa bone.
Go Sekaseka Mekwalo ya Gagwe
Theophilus o kwalela Autolycus wa moheitane ka mafoko ano a a simololang fa a araba puisano ya pele: “Go nna seleta mo puong le go relela mo puong go a natetsha mme go galalediwa mo go lolea jalo go itumelelwa ke banna ba ba tlhomolang pelo ba go neng ga senngwa tsela ya bone ya go akanya.” Theophilus o tlhalosa ka go re: “Motho yo o ratang boammaaruri ga a tlhwaele tsebe dipuo tse di natefisitsweng, mme o sekaseka botlhokwa jwa se se buiwang . . . Lo ntlhasetse ka mafoko a a lolea, lo ikgantsha ka medimo ya lona e e dirilweng ka logong le lejwe, e e thudilweng ka noto le e e bopilweng, e e setilweng le e e gabilweng, e e sa boneng e bile e sa utlwe, ka gonne ke medimo ya disetwa, e bile e dirilwe ka diatla tsa batho.”—Bapisa Pesalema 115:4-8.
Theophilus o senola maaka a kobamelo ya medimo ya disetwa. Ka mokgwa wa gagwe o o tlwaelegileng wa go kwala, o leka thatathata go bolela boemo jwa Modimo wa boammaaruri ka tsela e e utlwalang, le fa gone e boaboeletsa mafoko. O phepafatsa jaana: “Ga go na ope yo o ka tlhalosang tebego ya Modimo, mme batho ba ka se ka ba mmona ka matlho. Ka gonne ga go ope yo o tlhaloganyang kgalalelo ya Gagwe, bogolo jwa Gagwe ga bo lekane le jwa sepe, bogodimo jwa Gagwe ga bo a tlwaelega, maatla a Gagwe ga a bapisiwe le a ope, botlhale jwa Gagwe ga bo lekane le jwa ga ope, bomolemo jwa Gagwe ga bo bapisiwe le jwa sepe, o ka se tlhalose bopelonomi jwa Gagwe.”
Theophilus o tswelela pele jaana fa a oketsa tlhaloso eno ya Modimo: “Mme lefa go ntse jalo ke Morena, ka gonne O busa lobopo lotlhe; ke Rara, ka gonne o nnile teng pele ga dilo tsotlhe; ke Mmopi le Modiri, ka gonne O bopile lobopo le go le dira; ke Mogodimodimo, ka gonne O kwa godimo ga dilo tsotlhe; e bile ke Mothatayotlhe, ka gonne Ene ka Boene o busa dilo tsotlhe le go di tlhaloganya.”
Gape, fa Theophilus a tlhoma mogopolo mo dilong tse di kgethegileng tse Modimo a di dirileng, o tswelela pele ka mokgwa wa gagwe o o tlwaelegileng o o manontlhotlho o e keteng o a ipoapoeletsa, a re: “Gonne magodimo ke tiro ya Gagwe, lefatshe ke popo ya Gagwe, lewatle le dirilwe ka diatla tsa Gagwe, motho o bopilwe ke Ene e bile ke setshwano sa Gagwe; letsatsi, kgwedi le dinaledi di dirilwe ke Ene, di dirilwe e le ditshupo, le dipaka, le malatsi, le dingwaga, e le gore di direle motho le go nna malata a gagwe; mme Modimo o dirile dilo tsotlhe tse di neng di seyo pele gore di nne teng, e le gore bogolo jwa Gagwe bo ka itsiwe le go tlhaloganngwa ka ditiro tsa Gagwe.”
Sekao se sengwe sa fa Theophilus a lwantsha medimo ya maaka ya motlha wa gagwe se ka bonwa mo mafokong a a latelang fa a ne a kwalela Autolycus: “Maina a banna ba lo reng lo a ba obamela, ke maina a banna ba ba suleng. . . . Mme e ne e le banna ba mofuta ofe? A ga se modimo Saturn yo e leng lejabatho, yo o bolayang le go kometsa bana ba gagwe? Mme fa o bitsa morwawe o re ke Jupiter, . . . ka fa a neng a amuwa ke podi ka teng . . . Mme ditiro tse dingwe tsa gagwe,—tsa go tlhakanela dikobo le wa losika, le boaka, le bopepe.”
Fa Theophilus a oketsa kgang ya gagwe, o tshegetsa boemo jwa gagwe kgatlhanong le kobamelo ya medimo ya disetwa ya seheitane. O kwala jaana: “Fa ke tshwanetse go tswelela pele ke bolela ka bontsintsi jwa diphologolo tse di obamelwang ke Baegepeto, ke digagabi, mmogo le dikgomo, le dibatana tsa naga, le dinonyane, le ditlhapi tsa noka . . . Bagerika le ditšhaba tse dingwe, ba obamela maje le dikgong, le mefuta e mengwe ya dilo tse di tshwaregang.” Theophilus o bolela jaana: “Mme nna ke obamela Modimo, Modimo o o tshedileng le wa boammaaruri.”—Bapisa 2 Samuele 22:47; Ditiro 14:15; Baroma 1:22, 23.
Bosupi jo bo Botlhokwatlhokwa
Ditlhagiso le dithotoetso tse di mo bukeng ya ga Theophilus e e kgaogantsweng ka dikarolo di le tharo e e neng e ganetsa Autolycus di na le dintlha le ditlhaloso tse dintsi. Mekwalo e mengwe ya ga Theophilus e ne e le kgatlhanong le Hermogenes le Marcion. Gape o ne a kwala dibuka tse di rutang le tse di sedimosang, a oketsa ka ditlhaloso tse di mo Diefangeleng. Lefa go ntse jalo, ke dibuka di le tharo fela tse a di kwaletseng Autolycus, e leng mokwalo wa seatla o le mongwe fela, tse di neng tsa bewa.
Buka ya ntlha e e neng e kwaletswe Autolycus e tlhalosa ka tsela ya go femela bodumedi jwa Bokeresete. Buka ya bobedi e e neng e kwaletswe Autolycus e kgatlhanong le bodumedi jo bo tlwaelegileng jwa boheitane, go akanyetsa dilo, bafilosofi le baboki. Dibuka tsa seheitane di bapisiwa le Dikwalo mo bukeng ya boraro ya ga Theophilus.
Fa Theophilus a ne a simolola go kwala buka ya boraro, go bonala Autolycus a ne a santse a na le mogopolo wa gore Lefoko la boammaaruri ke tlhamane fela. Theophilus o kgala Autolycus, ka go bolela jaana: “O itshokela dimatla ka boitumelo. E seng jalo o ka bo o sa tlhotlhelediwa ke batho ba ba dieleele go go dira gore o amogele mafoko a a lolea, le gore o dumele magatwe a a tletsetletseng.”
“Magatwe a a tletsetletseng” ao e ne e le afe? Theophilus o senola motswedi wa one. Batho ba ba senyang ba bangwe maina ka go seba “ba ba nang le dipounama tse di sa bueng sepe se se molemo ka modimo ba re pateletsa ka maaka, [rona] ba re leng baobamedi ba Modimo, e bile re bidiwa Bakeresete, ba latofatsa gore basadi ba rona botlhe ba a tlhakanelwa go dirisiwa mo tlhakanelodikobong; le gore tota re tlhakanela dikobo le bokgaitsadiarona, mme, sengwe se se tlontlololang thata e bile se le borumolane go gaisa tsotlhe, ke sa gore re ja nama ya motho.” Theophilus o ne a dira ka natla go lwantsha kgopolo eno ya seheitane e e seng boammaaruri ya batho ba ba neng ba ipolela e le Bakeresete mo lekgolong la bobedi la dingwaga. O ne a dirisa lesedi la boammaaruri le le mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo.—Mathaio 5:11, 12.
Selo se se supang gore Theophilus o ne a itse Lefoko la Modimo ke tsela e gantsi a neng a dirisa le go nopola dikwalo tsa Baebele tsa Sehebera mmogo le tsa Segerika ka yone. E ne e le mongwe wa batlhalosi ba bogologolo ba Diefangele. Tsela e Theophilus a neng a nopola thata mo Dikwalong ka yone e re neela temogo e ntsi ya gore batho ba le bantsi ba ne ba akanya jang mo motlheng wa gagwe. O ne a dirisa tsela ya gagwe ya go itse mekwalo e e tlhotlheleditsweng go bontsha gore e gaisa thatathata filosofi ya seheitane.
Tsela e dintlha tsa ga Theophilus di neng di rulaganye ka yone, mokgwa wa gagwe wa go ruta le wa go boaboeletsa mafoko, o ka nna wa bo o sa kgatlhe batho ba bangwe. Gone jaanong ga re itse gore botenegi jo bo neng jwa bolelelwa pele bo ka tswa bo ne jwa ama boammaaruri jwa dikgopolo tsa gagwe go le kana kang. (2 Bathesalonika 2:3-12) Lefa go ntse jalo, ka nako ya fa Theophilus a ne a tlhokafala, mo e ka nnang ka 182 C.E., go bonala a ne a le mongwe yo o femelang tumelo a sa lape, yo mekwalo ya gagwe e kgatlhegelwang ke Bakeresete ba boammaaruri ba motlha wa rona wa segompieno.
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Theophilus o ne a ganetsa dikgang tsa ga Autolycus ka bopelokgale
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]
Illustrations on pages 28 and 30 reproduced from Illustrirte Pracht - Bibel/Heilige Schrift des Alten und Neuen Testaments, nach der deutschen Uebersetzung D. Martin Luther’s