Go Tlotla Ditshwanelo Tsa Balwetse
‘Ga go na tsela e ke ka dirang karo eno ka yone ke sa go tshele madi. Fa e le gore o batla go ariwa, o tla tshwanelwa ke go dumalana le tsela e ke alafang ka yone. Go seng jalo, o tla tshwanelwa ke go batla ngaka e nngwe.’
MAFOKO ano a ngaka ga a ka a tshikhinya tumelo ya ga Cheng Sae Joo, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o nnang kwa Thailand. Fa go sena go lemogiwa gore Cheng o na le meningioma, e leng mofuta wa tlhagala ya boboko, go ne ga tlhokega thata gore a ariwe. Mme o ne a ititeile sehuba gore o batla go utlwa taelo eno ya Baebele e e reng: “Lo ithibe . . . mo mading.”—Ditiro 15:28, 29.
Cheng o ne a ya kwa dikokelong tse dingwe tse pedi, a rata gore fa go ka kgonega a okelwe mo nageng ya gaabo. O ne a swabisiwa thata ke fa dingaka tsa koo le tsone di gana go mo ara di sa mo tshele madi. Kwa bokhutlong Cheng o ne a golaganngwa le Neurological Institute of the Tokyo Women’s Medical College ke Lephata la Tirelo ya Tshedimosetso Kaga Dikokelo (HIS [Hospital Information Services]) la kwa Thailand. Kokelo eo e ne e setse e alafile balwetse ba tlhagala ya boboko ba ba ka nnang 200 ba dirisa thipa ya marang a gamma, e leng nngwe ya dilo tse di dirilweng mo bosheng mo kalafing ya marang.
Go ne ga rulaganngwa gore Cheng a nne le Basupi ba kwa Japane ba ba nnang gaufi le bookelo joo. O ne a kgatlhantshiwa ke setlhopha sengwe kwa boemafofaneng, se se neng se akaretsa Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba ba neng ba bua Se-Thai le moemedi wa HIS. Mo e ka nnang morago ga beke a ntse a tlhatlhobiwa, Cheng o ne a amogelwa kwa bookelong koo a neng a alafiwa ka thipa ya marang a gamma. Tiro eo e ne ya tsaya mo e ka nnang ura fela. Fa Cheng a sena go tswa mo bookelong mo letsatsing le le latelang, o ne a boela Thailand letsatsi morago ga foo.
“Ke ne ke sa akanya gore thulaganyo eno e ka dira gore ke bone thuso e e kanakana,” go ne ga bua jalo Cheng. “Ke ne ka kgatlhiwa thata ke lorato lo ke lo bontshitsweng koo mmogo le tirisanommogo ya makoko a a neng a le moo.”
Fa le bega ka dikgang tseno lekwalodikgang la kwa Japane la Mainichi Shimbun le ne la akgela jaana: “Go tla go fitlha jaanong, batho ba gana go tshelwa madi ka ntlha ya bodumedi jwa bone. Lefa go ntse jalo, go tshelwa madi go na le matswela a a seng monate a a tshwanang le go tsenwa ke bolwetse jwa AIDS, hepatitis C, e bile go dira gore mmele o lwadiwe ke dilo tse dintsi. Ke ka ntlha eo go nang le balwetse ba ba sa batleng go tshelwa madi e se ka ntlha ya bodumedi jwa bone.”
Lekwalodikgang leno le ne la tswelela ka go bega jaana: “Balwetse ba bantsi ba ba ganneng go tshelwa madi ba ne ba tshwanela go ya kwa dikokelong tse dingwe, mme jaanong ditheo tsa kalafi di tshwanetse go fetola mokgwa oo mme di dire se balwetse ba se tlhophileng. O tshwanetse go dira tshwetso a setse a boleletswe sengwe le sengwe (molwetse o tshwanetse go tlhalosediwa ka botlalo ka se se diragalang mme go dumalanwe ka kalafi), mme go tshwanetse ga dirwa jalo le fa ba batla go mo tshela madi. Go tshwanetse ga lemogiwa gore seno ga se ame fela bodumedi jo bo rileng.”
Jaaka Cheng Sae Joo, bontsi jwa batho ba ba ratang go alafiwa ba sa tshelwe madi ba tshwanelwa ke go ya kwa dikokelong tse dingwe. Lefa go ntse jalo, ba anaanela maiteko a dingaka tseo di ratang go tlotla ditshwanelo tsa balwetse ba tsone.
Lephata la Tirelo ya Tshedimosetso kaga Dikokelo le ne la tlhongwa ke Basupi ba ga Jehofa mo makaleng a Mokgatlho wa Watch Tower go kopa dingaka tseo di tlotlang tumelo ya bone gore di dirisane sentle le bone. Go dikologa lefatshe, HIS e dirile gore go nne le dikokelo, dingaka, badiredi ba tsa tlhokomelo ya boitekanelo, babueledi le baatlhodi ba ba dirisanang mmogo le bone.