Itiseng mo go Iponeng Lo Siame!
MO LEKGOLONG la ntlha la dingwaga, Bafarisai ba ne ba itsiwe e le baobamedi ba ba siameng ba Modimo. E ne e le baithuti ba ba tlhoafetseng ba Dikwalo e bile ba rapela kgapetsakgapetsa. Batho ba bangwe ba ne ba ba tsaya gore ba bonolo e bile ba tekatekanyo. Rahisitori wa Mojuta e bong Josephus o ne a kwala jaana: “Bafarisai ba a ratana e bile ba na le botsalano jo bo nonofileng le batho.” Ga go gakgamatse go bo ba ka tswa ba ne ba tlotliwa thata jaana e bile e le batho ba ba neng ba tseelwa kwa godimo go feta ba bangwe mo setšhabeng sa Bajuta ka nako eo!
Lefa go ntse jalo, gompieno lefoko le le reng “Bofarisai” le mafoko a mangwe a a tshwanang le lone ga a ratiwe, a tshwana le mafoko a a jaaka go ineela ga boitimokanyi, go ipona o siame, go itsaya gore o ineetse go feta ba bangwe, go tlhagafala mo go feteletseng mo bodumeding le go obamela ka puo ya molomo fela. Ke ka ntlha yang fa Bafarisai ba ne ba latlhegelwa ke leina la bone le lentle?
Ke ka gonne Jesu Keresete a ne a sa tshwane le Bajuta ba le bantsi, ka jalo o ne a sa tsiediwe ke bokafantle jwa Bafarisai. O ne a ba tshwantsha le “diphupu tse di sweufaditsweng, tse di bonalang di le dintle ka fa ntle, mme mo teng di tletse marapo a baswi, le boitshekologo jotlhe fela.”—Mathaio 23:27.
Ke boammaaruri gore ba ne ba rapela dithapelo tse ditelele fa ba eme mo mafelong a batho botlhe, mme seno e ne e le gore ba bonwe ke batho ba bangwe, fela jaaka Jesu a ne a bolela. Kobamelo ya bone e ne e le ya go ipontsha fa pele ga batho fela. Ba ne ba rata manno a a kwa pele mo medirong le ditulo tse di kwa pele mo matlong a thuto. Lefa Bajuta botlhe ba ne ba tshwanelwa ke go apara diaparo tse di nang le makantsa, Bafarisai ba ne ba leka go kgatlha batho ka go apara diaparo tse di nang le makantsa a matelele thata. Ba ne ba ikgogomosa ka go bula difelaketere tsa bone tse dikgolo tse ba neng ba di rwala jaaka dipheko. (Mathaio 6:5; 23:5-8) Kgabagare boitimokanyi jwa bone, bohula jwa bone le boikgogomoso jwa bone bo ne jwa ba tlisetsa ditlhong.
Jesu o ne a bolela lebaka la go bo Modimo o sa amogele Bafarisai: “Baitimokanyi ke lona, Isaia o boletse sentle ka ga lona a re: Tšhaba e, e ntlotla ka dipounama; mme dipelo tsa bone di kgakala le nna. Ba nkobamelela lefela, ka e a tle e re ba ruta, dithuto tsa bone e be e le dipolelo tsa batho fela.” (Mathaio 15:7-9) Tota tshiamo ya bone e ne e le ya go ipona ba siame. Go a utlwala go bo Jesu a ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Lo itise mo sebedisong sa Bafarisai.” (Luke 12:1) Gompieno, le rona re tshwanetse ‘go itisa’ mo go iponeng re siame kana go itshireletsa gore re se nne baitimokanyi ba bodumedi.
Fa re dira jalo, re tshwanetse go lemoga gore motho ga a simolole go ipona e le yo o siameng ka motsotso fela. Go na le moo, temalo eno e tsena ka iketlo ka nako e telele. Motho o ka nna le mekgwa e e sa eletsegeng ya Bafarisai a sa ikaelela tota.
Boikutlo Jwa go Itseela Kwa Godimo
Ke mekgwa efe e mengwe e re tshwanetseng ‘go itisa’ mo go yone? Gantsi batho ba ba iponang ba siame “ba bua, le go ema, le go leba jaaka e kete ga ba ise ba ko ba dire phoso epe,” Encyclopædia of Religion and Ethics e tlhalosa jalo. Gape batho ba ba iponang ba siame ba a ikgantsha le go itlotlomatsa, e leng bothata jo Bafarisai ba neng ba na le jone.
Jesu o ne a tlhalosa boikutlo jono jwa Bofarisai ka setshwantsho seno: “Banna ba le babedi ba kile ba ya tempeleng, ba ya go rapela; mongwe e le Mofarisai yo mongwe e le mokgethisi. Mofarisai a ema a ithapelelela jaana a re: ‘Modimo, ke a go leboga ka gobo ke sa nna jaaka batho ba bangwe, ba le baikgagapeledi, le basiamolodi le ba boaka, kgotsa jaaka mokgethisi yo. Ke tle ke ikitse go ja gabedi ka beke nngwe le nngwe; le sa bosome sa tsotlhe tse ke di bapalang ke se ntshe.’” Ka tsela e e sa tshwaneng, mokgethisi o ne a dumela diphoso tsa gagwe ka boikokobetso mme a itshupa a siame go feta Mofarisai yono yo o boikgodiso. Jesu o ne a lebisitse setshwantsho seno mo bathong “ba ba ikayang fa e le bone basiami, ba nyatsa ba bangwe botlhe.”—Luke 18:9-14.
Jaaka batho ba ba sa itekanelang ka dinako tse dingwe re ka nna ra ikutlwa re le botoka go gaisa batho ba bangwe ka ntlha ya bokgoni jo re nang le jone jwa tlholego kana dilo tse re nang le tsone. Mme Bakeresete ba tshwanetse go tlosa dikgopolo tse di ntseng jalo ka bonako. O ka tswa o na le dingwaga di le dintsi o le Mokeresete. O ka tswa o le motho yo o rutang Baebele ka botswerere. Kana gongwe o bolela fa o tloditswe gore o ye go busa le Keresete kwa legodimong. Ba bangwe mo phuthegong ba neetswe ditshiamelo tse di kgethegileng tsa go nna badiredi ba nako e e tletseng, bagolwane, kana batlhanka ba bodiredi. Ipotse jaana, ‘Jehofa o ne a tla ikutlwa jang fa ke ne ke ka dirisa se a se nneetseng gore ke ikutlwe ke le kwa godimo ga ba bangwe ka sone?’ Eleruri, seno se ne se ka se mo itumedise.—Bafilipi 2:3, 4.
Fa Mokeresete a itseela kwa godimo ka ntlha ya dinonofo, ditshiamelo, kana thata e a e neilweng ke Modimo, tota o thukhutha Modimo kgalalelo le tlotla e e tshwanetseng Ene fela. Baebele e tlhagisa Mokeresete sentle gore “a se ka a ikgopola bogolo go tshwanelo ya gagwe ya go ikgopola.” E re rotloetsa jaana: “Lo nne pelo nngwe fela, mongwe le mongwe ka ga yo mongwe. Lo se ka lwa tlhoma pelo tsa lona mo dilong tse dikgolo, lo ikokobeletse dilo tse di kwa tlase. Lo se ka lwa ikgopola fa lo le botlhale.”—Baroma 12:3, 16.
“Se Atlholeng”
Saetlopedia nngwe ya Baebele e bolela gore motho yo o iponang a siame “o itsaya a na le boitsholo jo bo siameng kana a amogelwa ke Modimo ka gonne a utlwa lekwalo la dilo tse di batlegang mo molaong go sa kgathalesege gore di kaya eng.” Buka e nngwe e tlhalosa batho ba ba iponang ba siame e le “ba ba tsayang bodumedi ka tsela e e feteletseng ba ba dirisang nako ya bone yotlhe ba senka bosula jo bo ka tswang bo dirwa ke batho ba bangwe.”
Bafarisai ba ne ba na le molato wa go dira jalo. Fa nako e ntse e ya, ba ne ba tsaya melao ya bone e ba e itlhametseng fela e le botlhokwa thata go feta melao le melaometheo ya Modimo. (Mathaio 23:23; Luke 11:41-44) Ba ne ba itira baatlhodi mme ba ne ba ka kgala mongwe yo o neng a sa fitlhelele dilo tsa bone tse ba di tlhokang tsa go itshiamisa. Go itseela ga bone kwa godimo le go itlotlomatsa mo go feteletseng go ne ga ba tlhotlheletsa gore ba ikutlwe ba tshwanetse go laola batho ba bangwe. Ba ne ba gakadiwa ke go bo ba ne ba sa kgone go laola Jesu, ka jalo ba ne ba rera go mmolaya.—Johane 11:47-53.
A bo go se monate jang ne go nna le mongwe yo o itirang moatlhodi, nako le nako a batla diphoso, a sekaseka le go disa mongwe le mongwe yo o gaufi le ene. Totatota, ga go na ope mo phuthegong yo o nang le thata ya go pateletsa batho ba bangwe megopolo ya gagwe le go ba beela melao e a e itiretseng. (Baroma 14:10-13) Bakeresete ba ba tekatekanyo ba lemoga gore motho o tshwanetse go itirela ditshwetso mo dikarolong di le dintsi tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Batho ba ba nang le temalo ya go sa batle diphoso le go rata gore ba bangwe ba dire dilo tse ba ka se di kgoneng ba tshwanetse gore thatathata ba tile go atlhola batho ba bangwe.
Ke boammaaruri gore phuthego ya Bokeresete e tshwanetse ya nna le dikaelo tse di tla thusang gore mokgatlho wa ga Jehofa o o mo lefatsheng o dire ka tshwanelo. (Bahebere 13:17) Mme batho ba bangwe ba fetotse dikaelo tseno kana ba di okeditse ka melao ya bone. Mo lefelong lengwe baithuti botlhe ba ba mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ba ne ba tshwanetse go apara disutu ba bo ba kopela dibaki tsa bone fa ba neela puo. Moithuti yo o neng a sa dire jalo o ne a sa tlhole a neela dipuo gape mo nakong e e tlang. Go na le gore re dire melao e e ntseng jalo e e gagametseng, a go ne go tla bo go sa utlwale e bile go dumalana le moya wa Lefoko la Modimo go neela kaelo e e lorato, ka namana fa go tlhokega?—Jakobe 3:17.
Gape go ipona o siame go ka dira gore fa Mokeresete mongwe a na le mathata a mantsi, o bo o akanya gore o tshwanetse a bo a le bokoa semoyeng. Tota seo ke se Elifase, Belitate le Sofare ba ba neng ba ipona ba siame ba neng ba se akanya ka Jobe yo o neng a ikanyega. Ba ne ba sa itse gore go tlile jang gore seemo se bo se le jalo, ka jalo e ne e le boikgogomoso go bo ba ne ba bona Jobe molato. Jehofa o ne a ba otlhaela go sa lebe dilo ka tsela e e tlhamaletseng fa Jobe a ne a lekwa.—Bona Jobe, dikgaolo 4, 5, 8, 11, 18, 20.
Botlhaga jo bo Phoso
Gantsi go ipona o siame le botlhaga di a tsamaisana. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka Bajuta ba ba neng ba rata bodumedi a re ba na le “tlhoafalo ka ga Modimo, mme e seng ka fa kitsong. Gonne e rile ka ba sa itse tshiamo ya Modimo, mme ba senka go tlhomamisa e e leng ya bone, ga ba a ka ba ineela mo tshiamong ya Modimo.” (Baroma 10:2, 3) Paulo e ne e le Mofarisai yo o neng a tlhagafetse ka tsela e e feteletseng, le mororo botlhaga jwa gagwe bo ne bo le phoso, bo sa kaelwe ke tshiamo ya ga Jehofa.—Bagalatia 1:13, 14; Bafilipi 3:6.
Baebele e tlhagisa jaana ka tshwanelo: “O se ka wa nna tshiamo ya mo go feteletseng; le gone o se ka wa itira botlhale jwa mo go feteletseng; ana o ka bo o itshenyetsang?” (Moreri 7:16) Mokeresete o ka simolola a tlhoafetse mo phuthegong, mme go tlhoafala le botlhaga jwa gagwe di ka dira gore a ipone a siame thata. Fa go nna tlhaga mo bodumeding go ka laolwa ke botlhale jwa motho mme go sa laolwe ke tshiamo ya ga Jehofa go ka utlwisa ba bangwe botlhoko. Jang?
Ka sekai, batsadi ba ka tshwarega thata ba tlhokometse dilo tse ba bangwe ba di tlhokang semoyeng, mme fa go ntse go ya ba ka lesa go tlhokomela dilo tse ba lelapa la bone ba di tlhokang. Kana batsadi ba ka nna tlhaga ka tsela e e feteletseng, ba batla gore bana ba bone ba dire dilo di le dintsi go gaisa ka mo ba ka kgonang ka teng. (Baefeso 6:4; Bakolosa 3:21) Fa bana ba bangwe ba sa kgone go fitlhelela dilo tseo tse di feteletseng, ba tsamaisana le seemo ka gore ba tshele botshelo jwa boitimokanyi. Motsadi yo o tekatekanyo o tla akanyetsa dilo tse lelapa la gagwe le di tlhokang a bo a dira diphetogo ka tsela e e tshwanetseng.—Bapisa Genesise 33:12-14.
Gape go nna tlhaga ka tsela e e feteletseng go ka re dira gore re se nne botlhale, kutlwelobotlhoko le bonolo e leng dinonofo tse di botlhokwa fa re dirisana le ba bangwe. Motho o ka nna a dira ka natla go tsweledisa dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. Lefa go ntse jalo, tsela eo ya gagwe ya go nna tlhaga ka tsela e e feteletseng e ka nna ya utlwisa batho botlhoko fa nako e ntse e ya. Paulo o ne a bolela jaana: “Fa ke na le neo ya go ranola, ke bile ke itse masaitsiweng otlhe le kitso yotlhe; fa ke na le tumelo yotlhe, e le e e lekanyeng go hudusa dithaba, mme fa ke se na lorato, ke be ke se sepe fela. Fa ke ntsha dilo tsotlhe tsa me, ke otla bahumanegi ka tsone, fa ke ntshetsa mmele wa me go fisiwa, mme fa ke se na lorato, ga go nthuse sepe.”—1 Bakorinthe 13:2, 3.
Modimo o Amogela Batho ba ba Ikokobetsang
Jaaka Bakeresete re tlhoka gore re itse kotsi ya gore motho a ipone a siame pele re simolola go ipona jalo. Re tshwanetse go tila boikutlo jwa go itseela kwa godimo, mokgwa wa go atlhola ba bangwe le botlhaga jo bo sa akanyetseng dilo tse dingwe jo bo tswang mo botlhaleng jwa motho.
Go ka nna botoka gore re tlhome mogopolo mo dilong tse re tlwaetseng go di dira le tse re lemetseng go di dira, fa re ntse re ‘itisa’ mo boikutlong jwa Bafarisai, go na le gore re atlhole ba bangwe re re ba ipona ba siame. Ke boammaaruri gore Jesu o ne a atlhola Bafarisai a bo a ba tshwaya phoso ka gore ke “lotsalo lwa dišaušawane” lo lo tshwanelwang ke go senyediwa ruri. Mme Jesu o ne a kgona go itse se se mo dipelong tsa batho. Rona ga re kgone.—Mathaio 23:33.
A re batleng tshiamo ya Modimo mme e seng ya rona. (Mathaio 6:33) Ke gone fela re ka amogelwang ke Jehofa, ka gonne Baebele e re tlhagisa jaana: “Lo itlame ka boikokobetso, go tla lo direlana, gonne Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosang, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso.”—1 Petere 5:5.