LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 10/15 ts. 32
  • Ba Dirile Seo ka Lorato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Dirile Seo ka Lorato
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 10/15 ts. 32

Ba Dirile Seo ka Lorato

MOTLHOLAGADI mongwe yo o ikanyegang, yo o tsholang baeng sentle kwa Canada o ne a godisa barwadi ba banè gore e nne Bakeresete ba boammaaruri. Bagolwane mo phuthegong ba ne ba lemoga gore legae la gagwe le ne le tlhoka go baakanngwa thata. O ne a se na madi lefa e le bokgoni jwa go itirela tiro eno ka boene. Ka jalo bagolwane ba ne ba rulaganya ka botlhale gore a direlwe tiro eo go dumalana le molaomotheo o o mo go 1 Timotheo 5:9, 10. Jang?

Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore motlholagadi yono le bana ba gagwe ba ye golo gongwe ka malatsi a matlhano. Batho ba ba fetang 80 mo phuthegong ba ne ba ema seo nokeng ka pelo yotlhe, ka go ntsha dithoto, madi le nako ya bone. Mo metsotsong e sekae fela morago ga gore ba lelapa leno ba tsamaye, badiri ba ba tlhaga ba ne ba ologela mo ntlong jaaka dinotshi. Ntlo e ne ya baakanngwa yotlhe mo teng. Mabota a ne a thibiwa le go pentiwa. Bodilo bo ne jwa gotlhiwa le go dilwa sesha. Go ne ga tsenngwa dithaele tse disha le khapete mo bodilong. Didirisiwa tsotlhe tsa motlakase le mabone di ne tsa tokafadiwa. Tota le fanitšhara e e neng e setse e onetse e ne ya ntshiwa ga tsenngwa e nngwe. Go shafadiwa gotlhe go ne ga fela mo malatsing a matlhano fela!

Boitumelo jo bo neng bo rena le tiro e e neng e dirwa di ne tsa dira gore batho ba ba mo tikologong eo ba lemoge seo. Moagisani mongwe wa dingwaga di le 80 o ne a tlhotlhelediwa ke go bona maiteko a Basupi ba a dirang mo a neng a tla le borashe jo bo pentang mme a batla gore le ene a thuse. Mohiri wa mongwe wa baithaopi o ne a thusa ka sengwe se se gopang mosi wa setofo. Mohiri yo mongwe o ne a thusa ka dikobotlo tse disha tsa ntlo ya boapeelo. Monna mongwe o ne a kgatlhilwe thata ke seo mo a neng a batla go ithuta mo gontsi ka Basupi ba ga Jehofa. O ne a tsaya kgatiso ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka tsela ya go rata.

O ne o ka bona fela gore motlholagadi yono le barwadie ba ne ba gakgametse tota fa ba boa. Go ne go lelwa, go tshegiwa le go tlamparelana—tiragalo e e ka sekang ya lebalwa ya go bontsha lorato le boikutlo jwa Bokeresete. Eleruri, lorato le go amega ka tsela ya mmatota ka maloko a a humanegileng mo phuthegong ke letshwao la Bokeresete jwa boammaaruri, ka gonne Paulo o ne a kwala jaana: “Jalo, fa re bona lobaka, a re ke re direng se se molemo mo bathong botlhe, mme bogolo mo go ba e leng ba ntlo ya tumelo.”—Bagalatia 6:10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela