Morafe o o Bolokang Bothokgami
“Bulang dikgoro gore morafe o o siameng, o o tshegetsang boammaaruri o tsene.”—ISAIA 26:2.
1. Ke ka ntlha yang fa mafoko a ga Isaia kaga “morafe o o siameng” a ka gakgamatsa?
GOMPIENO go na le mefuta e le mentsi ya merafe. E mengwe ke ya temokeratiki, e mengwe e laolwa ke bakgokgontshi. E mengwe e humile, e mengwe e humanegile. Go na le selo sengwe se e tshwanang ka sone: Yotlhe ke karolo ya lefatshe le Satane e leng modimo wa lone. (2 Bakorinthe 4:4) Ka ntlha ya seno, mafoko a ga Isaia a ka nna a gakgamatsa bangwe thata fa a re: “Bulang dikgoro gore morafe o o siameng, o o tshegetsang boammaaruri o tsene.” (Isaia 26:2) Morafe o o siameng? Ee, morafe o o siameng o teng ka gonne boperofeti bo bontsha gore morafe ono o tla nna teng mo motlheng wa rona. Morafe o o ntseng jalo o o sa tlwaelegang o ka lemogwa ka eng?
2. “Morafe o o siameng” ke eng? Re itse jang?
2 Temana ya Isaia 26:2 mo go New World Translation e bolela gore morafe o o siameng o “tswelela pele o itshwara ka boikanyegi.” King James Version (mmajene) e ranola temana eno jaana, “morafe o o siameng o o tshegetsang boammaaruri.” Ke ditlhaloso tse di maleba ka bobedi jwa tsone. E bile tota, morafe o o siameng o lemotshega motlhofo ka gonne ke one fela morafe mo lefatsheng o o ineetseng mo go Keresete Kgosi, ka jalo o se karolo ya lefatshe la ga Satane. (Johane 17:16) Ka jalo, maloko a one a itsege ka go ‘tswelela pele a itshwara sentle mo merafing.’ Ba tshela ka tsela e e galaletsang Modimo. (1 Petere 2:12) Mo godimo ga moo, gongwe le gongwe kwa ba leng teng mo lefatsheng, ke karolo ya “phuthego ya Modimo o tshedileng, lekotwana le setshegetso sa boammaaruri.” (1 Timotheo 3:15) E re ka ba tshegetsa boammaaruri, ba gana difilosofi tsa boheitane tse di rutiwang ke Labokeresete, mme ba tshegetsa “maši a semowa a a se nang boferefere [a e leng a lefoko, NW]”—Lefoko la Modimo, Baebele. (1 Petere 2:2) Mo godimo ga moo, ba rera mafoko a a molemo a Bogosi ka tlhoafalo ‘mo lobopong lotlhe lo lo fa tlase ga legodimo.’ (Bakolosa 1:23) A go ka nna le dipelaelo dipe fa go twe morafe ono o bopilwe ka masalela a “Iseraele wa Modimo,” phuthego ya batlodiwa ba Bakeresete? Nnyaa le eseng!—Bagalatia 6:16.
Morafe o a Tsalwa
3. Tlhalosa gore “morafe o o siameng” o tsetswe jang.
3 “Morafe o o siameng” o ne wa tsalwa leng? Go simologa ga one go ne go boleletswe pele mo bukeng ya ga Isaia. Re bala jaana mo go Isaia 66:7, 8: “E rile [Sione] a ise a ikutlwe ditlhabi a khubama; e rile motlotsedi wa gagwe o ise o tle, a belega ngwana wa mosimane. . . . E rile Sione a sa ntse a ikutlwa ditlhabi a ba a belega bana ba gagwe.” E le sengwe se se sa tlwaelegang tota, Sione, phuthego ya Modimo ya selegodimo, o ne a tla nna le “ngwana wa mosimane” a ise a utlwe ditlhabi. Ka 1914 Bogosi jwa ga Mesia bo ne jwa tlhongwa kwa magodimong. (Tshenolo 12:5) Morago ga foo ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne ya ama merafe e mengwe gape, mme Bakeresete ba ba tloditsweng ba utlwa matshwenyego le dipogiso tse di botlhoko. Kgabagare, ka ngwaga wa 1919, morafe wa semoya, “ngwana wa mosimane,” o ne wa tsalwa mo lefatsheng. Ka jalo Sione o ne a ‘belega bana ba gagwe’—maloko a a tloditsweng a “morafe o o siameng” o mosha—mme ba ne ba rulaganyediwa tiro e e ntseng e gola ya go neela bosupi.—Mathaio 24:3, 7, 8, 14; 1 Petere 2:9.
4. Ke ka ntlha yang fa morafe o o siameng wa Modimo o ile wa tshwanela go dira ka thata gore o boloke bothokgami?
4 Fa e sale morafe ono o simologa, o ile wa lekwa bothokgami ka ditsela tse di setlhogo. Ka ntlha yang? Fa Bogosi jwa selegodimo bo ne bo tsalwa, Satane le badimona ba gagwe ba ne ba kobiwa kwa legodimong ba latlhelwa mo lefatsheng. Lentswe le legolo le ne la tlhaba mokgosi jaana: “Gompieno go tsile poloka, le thata, le bogosi jwa Modimo wa rona, le taolo ya ga Keresete wa one; gonne mopateletsi wa bakaulengwe ba rona, yo o ntseng a ba pateletsa fa pele ga Modimo wa rona motshegare le bosigo, o piriganyeditswe kwa tlase. Ba mo fenya ka ntlha ya madi a ga Kwana, le ka ntlha ya lefoko la tshupo ya bone; ba se ka ba rekegela botshelo jwa bone le go ya kwa losong.” Satane o ne a tenega thata fa diphetogo tseno di diragala mme a “ya go tlhasela ba ba setseng ba losika lwa gagwe [lwa mosadi], ba ba ntseng ba bolokile ditaolo tsa Modimo, ba dumetse tshupo ya ga Jesu.” Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba ema ba tlhomame fa ba ne ba lebana le ditlhaselo tse di setlhogo tsa ga Satane. Go tla go fitlha le jaanong, batho ba ba tlhoafetseng ba morafe o o siameng wa Modimo ba na le tumelo mo mading a a rekololang a ga Jesu mme ba tswelela pele ba dira gore Jehofa a kgone go araba mokgobi yo mogolo ka go boloka bothokgami “le go ya kwa losong.”—Tshenolo 12:1, 5, 9-12, 17; Diane 27:11.
5. Basupi ba motlha wa gompieno ba ile ba thusiwa ke boikutlo bofe jo bo molemo gore ba boloke bothokgami?
5 Ka 1919, fa bosupi jwa motlha wa gompieno kaga Bogosi jwa Modimo bo ne bo simologa, Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo, ba ne ba le palopotlana mme ba nonofile mo tumelong. Ba ne ba fetoga maloko a motheo a ‘motse o o thata, poloka e e tlhomilweng go nna dithako le diphemelo.’ Ba ne ba ikantse “Morena Jehofa [yo o leng] lefika la bosaengkae.” (Isaia 26:1, 3, 4) Fela jaaka Moshe wa bogologolo, ba ne ba bolela jaana: “Ke tlaa opela leina la ga Jehofa mokgosi; kayang Modimo wa rona bogolo. Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse; gonne ditsela tsa gagwe tsotlhe ke tshiamiso; Modimo o o boikanngo, o o se nang tshiamololo, one o tekatekanyo, o tshiamo.”—Duteronome 32:3, 4.
6. Jehofa o segofaditse batho ba gagwe jang mo metlheng eno ya bofelo?
6 Fa e sale ka nako eo, dikgoro tsa thulaganyo ya Bogosi jwa Modimo di ntse di butswe jaaka fa go ne go tsena pele masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000 mme jaanong boidiidi jwa ba “dinku di sele” le bone ba kopanela le bone mo go boleleng maikaelelo a Bogosi jwa ga Jehofa. (Johane 10:16) Ka jalo go ka itsisiwe jaana ka boitumelo: “O atisitse morafe Jehofa, o atisitse morafe; o galaleditswe; o katositse melelwane yotlhe ya lefatshe.” (Isaia 26:15) Fa re ntse re tlhatlhoba tshimo e e leng lefatshe gompieno, re bona kafa mafoko ao a leng boammaaruri ka gone! Bosupi kaga Bogosi jwa ga Keresete jo bo tlang bo ile jwa neelwa “go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe” ka maatla a moya o o boitshepho. (Ditiro 1:8) Go ka lekanngwa gore kgolo eno e nnile kana kang go dirisiwa Pego ya Basupi ba ga Jehofa Lefatshe ka Bophara ya Ngwaga wa Tirelo wa 1994 e e mo ditsebeng 12 go ya go 15.
Tlhora e Ntšha ya Baboledi
7, 8. (a) Go na le bosupi bofe jwa gore batho ba Modimo ba ‘katolositse bonno jwa megope ya bone’? (b) Fa o leba Pego ya Ngwaga wa Tirelo wa 1994, o bona dikarolo dife tse di ‘ngamolang meraro ya manno’ ka tsela e e tlhomologileng?
7 Tlhatlhoba dingwe tsa dilo tse di tlhomologileng mo pegong eno. Tlhora ya baboledi ba Bogosi mo tshimong e ne ya fitlha go 4 914 094! A bo go itumedisa jang ne go bona go ntse go kgobokanngwa “boidiidi jo bogolo jwa batho . . . ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho le dipuo, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, le fa pele ga Kwana, ba apere dikobo tse ditshweu”! Ee, bano le bone ba itshupile gore ke babolokabothokgami. “Ba tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse mo mading a ga Kwana,” mme ba tsewa e le basiami ka gonne ba dumela mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo.—Tshenolo 7:9, 14.
8 Bogolo jang fa e sale ka 1919, go ile ga ntshiwa taolo eno mo phuthegong ya ga Jehofa: “Katolosa bonno jwa mogope wa gago; a ba ngamole meraro ya manno a gago; se rekegele; lelefatsa megala ya gago, o thatafatse dimapo tsa gago.” (Isaia 54:2) Ka ntlha ya seo, tiro ya go rera e tswelela pele e sa kgaotse, le kwa Yukon e e tletseng kapoko, e e kgaoganngwang ke molelwane le Alaska, koo go nang le setlhopha sa babulatsela ba ba kgonang go itshokela serame se se atleng se wele kwa tlase ga lefela ka ditekerii tse 45 go ya go tse 50 Celsius dibeke di tlhomagane. Mo dingwageng tsa bosheng jaana boidiidi jwa batho bo ntse bo thelegela ka bofefo thata mo morafeng wa ga Jehofa o o bolokang bothokgami. Dikgoro di bulegile le go feta pele gore di amogele ba ba tswang mo dinageng tsa kwa Asia tse di kwantle ga Labokeresete, ba ba tswang kwa pele go neng go laola Bokomonise gone, ba ba tswang kwa dinageng di le dintsi tsa Afrika, le kwa go neng go laola Bakatoliki, jaaka kwa Italy, Spain, Portugal, le Amerika Borwa. Batho ba ba nnang mo dinageng tse e seng tsa ga bone ba dirile gore go nne le tshimo e nngwe gape. Ka sekai, kwa Engelane, Basupi ba thusa batho ba merafe e le 13 e e buang dipuo di sele tse e seng tsa lefelo leo.
“Dirang Mo”
9. (a) Palo ya ba ba neng ba tlile segopotsong ka 1994 e supa eng? (b) Dingwe tsa dinaga tse di nang le dipalo tse di kwa godimo thata ka tsela e e sa tlwaelegang tsa ba ba neng ba tlile Segopotsong ke dife?
9 Selo se sengwe se se tlhomologileng ka pego ya ngwaga le ngwaga ke palo ya ba ba nnileng teng kwa Segopotsong. Nako e khutshwane fela pele Jesu a tlhokafala, o ne a tlhoma Segopotso se se neng se tshwaya loso lwa gagwe mme a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Dirang mo lo nkgopole ka gone.” (1 Bakorinthe 11:24) Go ne go kgatlha ka 1994 go bona batho ba le 12 288 917—e leng palo e e fetang ya baboledi e menagane gabedi kgakala—ba kopane mmogo go tla go dira jaaka taelo eo e bontsha, e le ba ba nang le seabe kana ba tlile go lebelela fela. Mo dinageng dingwe rashio ya ba ba neng ba tlile Segopotsong fa ba bapisiwa le baboledi e ne e le kwa godimo thata. Baboledi ba ba 4 049 kwa Estonia, Latvia, le Lithuania ba ne ba itumelela go nna le batho ba le 12 876 ba tlile Segopotsong e le palo e e fetang ya baboledi go menagane gararo. Mme kwa Benin, batho ba ba neng ba tlile Segopotsong ba ba 16 786 ba ne ba ka nna palo ya baboledi e menagane gatlhano. Kwa phuthegong e nngwe ya baboledi ba ka nna 45 go ne go tlile batho ba le 831!
10. (a) Palo e kgolo ya batho ba ba neng ba tlile Segopotsong e re fa boikarabelo bofe? (b) Tlhalosa se se ka diragalang fa mongwe yo o neng a tlile Segopotsong a ka bona thuso e e oketsegileng.
10 Basupi ba ga Jehofa ba itumetse ka gonne batho ba ba kgatlhegang ba ne ba kopanela le bone mo tiragalong eo e e itumedisang. Jaanong ba batla go ba thusa gore ba godise tsela e ba tlhaloganyang boammaaruri ka yone le tsela e ba bo ratang ka yone. Ba bangwe ba ka nna ba itshwara ka tsela eo Alla wa kwa Russia a neng a itshwara ka yone. Alla o ne a ithuta le kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o kgethegileng mme a sa tswelele pele thata, ka jalo ba tlogela go ithuta. Lefa go ntse jalo, Alla o ne a dumela fa a ne a lalediwa go nna gone kwa Segopotsong. Pokano eo, e e botlhokwa thata jaana, e ne ya mo ama fela thata. Fa a boela gae, o ne a latlha ditshwantsho tsa gagwe tsotlhe mme a rapela Jehofa a kopa thuso. Malatsi a le mabedi moragonyana kgaitsadi wa mmulatsela o ne a etela Alla go ya go utlwa gore o itumeletse Segopotso jang. Ba ne ba nna le motlotlo o o mosola thata morago ga foo. Ba ne ba simolola go ithuta gape le Alla. Morago ga nako e khutshwane fela o ne a simolola go nna le seabe mo tirong ya go neela bosupi. Boitemogelo jono bo bontsha kafa go leng mosola ka gone go boela ba ba neng ba le teng kwa Segopotsong. Ba le bantsi ba ka nna ba arabela jaaka Alla a dirile.
“Re Se ka Ra Bakela go Phuthega ga Rona”
11-13. (a) Bontlhanngwe jwa go itshwara ka tsela e e ikanyegang ga morafe o o siameng ke eng? (b) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba tlhoka go nna teng kwa dipokanong?
11 Segopotso ke pokano e e botlhokwa go feta tsotlhe mo khalentareng ya Basupi ba ga Jehofa, mme ga se yone fela pokano e ba nang nayo. Basupi ba ga Jehofa ba kopana mmogo beke le beke ka gonne ba utlwa mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “A re gopolaneng, re tlhotlheletsanyeng mo loratong le mo ditirong tse di molemo; re se ka ra bakela go phuthega ga rona, jaaka mokgwa wa bangwe, mme re laelane; bogolo thata ka lo bona motlha o atamela.” (Bahebere 10:24, 25) Ba kopanela le morafe wa ga Jehofa o o siameng o o bonwang ka go itshola ka boikanyegi. Go itshola ka boikanyegi go akaretsa go nna gone kwa dipokanong ka boikanyegi.
12 Go lebega seno se tlhaloganngwa sentle kwa Philippines, koo palokakaretso ya ba ba nnang teng mo dipokanong ka Sontaga mo nageng eo yotlhe e leng 125 lekgolong ya baboledi. Seno se tlhaloganngwa sentle gape ke setlhopha sa Basupi le batho ba ba kgatlhegang sa kwa Argentina. Ba nna mo e ka nnang dikilometara di le 20 go tswa kwa Holong ya Bogosi. Lefa go ntse jalo, molebedi wa potologo o bega gore ga go na ope wa bone yo o a tleng a tlhoke go tla dipokanong fa e se ka ntlha ya bolwetsi. Ba tsamaya diura tse nne ka karaki kana ba pagame pitse, mme mariga ba tshwanelwa ke go tsaya mosepele oo ba boela gae mo mafifing a bosigo.
13 Fa tsamaiso eno e ntse e ya bokhutlong, botshelo bo nna thata go feta pele, mathata a a oketsega, mme go nna teng kwa dipokanong ka metlha e ka nna kgwetlho le go feta pele. Mme fa maemo a ntse jalo re tlhoka dijo tsa semoya le botsalano jo bo molemo jo bo bonwang kwa dipokanong tse di ntseng jalo go feta le pele.
“O Tlhoafale”
14. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba potlaketse bodiredi jwa bone, mme ke diphelelo dife tse di supelang seno?
14 Ngwaga o o fetileng, Kereke ya Katoliki kwa Italy e ne ya bitsa tiro ya Basupi ba ga Jehofa e re ke go “sokolola ka go gatelela.” Lefa go ntse jalo, tota ga go na go gatelela gope mo tirong ya Basupi. Go na le moo, bodiredi jwa bone bo bontsha kafa ba ratang baagelani ba bone ka lorato lo lo boteng ka gone. Gape go supa gore ba utlwa mafoko ano a ga Paulo: “Rera lefoko, o tlhoafale go le lobaka le go se lobaka.” (2 Timotheo 4:2) Basupi ba ga Jehofa ba tlhagafetse mo bodireding jwa bone ka gonne ba lemoga fa go potlakile, mme seno se bonwa ka gonne ba dirisitse diura tse 1 096 065 354 ka 1994 ba rerela baagelani ba bone, ba dira maeto a go boela, ba bile ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 4 701 357. Ba le bantsi mo go bone ba ne ba kgona go nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela, mme seo se bontsha gore moya wa bobulatsela o teng e bile o a dira. Seno se supelwa ke palokakaretso ya babulatsela ba le 636 202 mo lefatsheng lotlhe.
15, 16. (a) Batho ba basha mmogo le ba bagolo ba bontshitse moya wa bobulatsela jang? (b) Fa o leba naga nngwe le nngwe e e mo Pegong ya Ngwaga wa Tirelo wa 1994, o bona dipalo tse di tlhomologileng tsa babulatsela fa kae?
15 Babulatsela bao ba akaretsa basha ba le bantsi. Kwa United States bangwe gone jaanong ba setse ba direla jaaka babulatsela ba ka metlha ba le mo sekolong se segolwane, mme balekane ba bone ba sekolo ke bone tshimo ya bone ya konokono. Basha bano ba lemogile gore go bula tsela ke yone tsela e e botoka thata ya go itshireletsa mo diokobatsing, mo boitsholong jo bo sa siamang, le mo thubakanyong e e atileng mo dikolong di le dintsi mo nageng eo. Basha ba bangwe ba le bantsi ba ipeetse mokgele wa go bula tsela fa ba fetsa sekolo. Irina, wa kwa Ukraine, o ne a le mmulatsela yo o thusang nako yotlhe ya fa a ne a le kwa sekolong se segolwane gore a ipaakanyetse go bula tsela fa a sena go aloga. Fa a fetsa sekolo, ba lelapa la gagwe ba ne ba ithaopa gore ba tla mo tshegetsa fa go tliwa mo tirong ya boitshediso gore a tle a kgone go ba emela mo tirong ya bobulatsela jwa ka metlha. Maemo a ikonomi ga a mantle kwa Ukraine. Mme lefa go ntse jalo Irina a re: “Ke itse gore ke dira tiro e e tla ntlisetsang botshelo mmogo le ba ke ba rerelang.” Go itumedisa tota go bona basha ba le bantsi jaana gompieno ba akanya jaaka Irina. Tota ke efe tsela e e botoka e ba neng ba ka ‘gopola Mmopi wa bone yo Mogolo mo malatsing a bokau le bokgarebe jwa bone’ ka yone?—Moreri 12:1.
16 Babulatsela ba le bantsi ba setse ba tsofetse. Mongwe wa bone o bega gore ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, kgaitsadie le rraagwe ba ne ba swela kwa ntweng, mme mmaagwe le morwadiammaagwe bone ba ne ba thuntshiwa kwa karolong ya toropo e go patelediwang batho ba ba rileng fela go nna mo go yone. Moragonyana o ne a swelwa ke morwa. Jaanong, a setse a tsofala e bile a sa tsoge sentle, Jehofa o mo file lelapa le legolo thata mo phuthegong ya Bokeresete, le legolo go feta le le mo latlhegetseng. Mme o itumelela go thusa ba bangwe e le mmulatsela wa ka metlha.
17, 18. Mongwe le mongwe wa rona, e ka tswa e le mmulatsela kana e se ene, a ka bontsha moya wa bobulatsela jang?
17 Gone ke boammaaruri, ga se batho botlhe ba ba ka kgonang go bula tsela. Jehofa o itumelela go amogela ditsabosome tsa rona tsotlhe, gotlhe mo re ka go kgonang, go sa kgathalesege gore re tlisitse eng motho ka namana. (Malaki 3:10) Eleruri, rotlhe re ka tlhagolela moya wa babulatsela bano ba ba tlhagafetseng mme ra dira gotlhe mo maemo a rona a dumelang gore re go dire gore tiro ya go rera mafoko a a molemo e tswelele pele.
18 Ka sekai, kwa Australia, April 16 e ne ya beelwa kwa thoko gore e nne letsatsi le le kgethegileng la go neela bosupi mo mmileng. Le ne la tshegediwa sentle ke baboledi mmogo le babulatsela, jaaka go ne ga bonwa mo tlhoreng e ntšha ya baboledi ba le 58 780 ka kgwedi eo. Mo godimo ga moo, go ne ga tsamaisiwa dimakasine tse di fetang tse di tsamaisitsweng ngogola ka yone kgwedi eo ka di le 90 000. Ka letsatsi leo le le kgethegileng, kgaitsadi mongwe o ne a tsamaisetsa monna mongwe dimakasine, mme fa a ntse a kwala leina la gagwe le aterese gore a tle a mmoele ka ntlha ya kgatlhego ya gagwe, o ne a lemoga gore ba ne ba le masika! O ne a lemoga gore e ne e le ntsalae yo o neng a ise a ke a mmone ka dingwaga di le 30. Eleruri seo se ne sa dira gore a tle a kgone go nna le maeto a a itumedisang tota a go boela!
Boloka Bothokgami go ya Bokhutlong
19. Ke ka ntlha yang fa go potlakile gore morafe o o siameng wa ga Jehofa o boloke bothokgami go ya go fitlha fela kwa bokhutlong?
19 Go potlakile gore morafe otlhe o o siameng wa Modimo o boloke bothokgami fa lefatshe la ga Satane le ntse le tsena mo motsotsong wa lone wa dikgobalo. Mo bogautshwaneng, morafe o o boitshepo wa ga Jehofa o tla a utlwa mokgosi o o reng: “Ntlo, wena tšhaba ya me, o tsene mo matlonyaneng a gago, o itswalele mejako o le kwa teng; o iphitlhe ka lobaka lo lonnyennyane, go tsamaye kgakalo e fete.” Lefatshe leno le le nang le molato wa madi kwantle ga pelaelo le tla atlholwa ke Modimo. “Gonne, bonang, Jehofa o tswa mo felong ga gagwe, a tswela go beletsa banni ba lefatshe boikepo jwa bone; lefatshe le lone le tlaa senola madi a lone, mme ga le ketla le tlhola le bipa babolaiwa ba lone.” (Isaia 26:20, 21) E kete mongwe le mongwe wa rona a ka nna a tlhomame e le Mokeresete yo o bolokang bothokgami yo o kopanelang le morafe o o siameng wa ga Jehofa. Mme re tla itumelela go bona botshelo jo bo sa khutleng mo Bogosing jwa ga Keresete e ka tswa e le mo lefatsheng kana kwa legodimong.
A o a Gakologelwa?
◻ “Morafe o o siameng” o ne wa tsalwa leng?
◻ Ke ka ntlha yang fa batho ba Modimo ba ile ba tlhoka go itshoka mo metlheng eno ya bofelo?
◻ Palo e kgolo ya baboledi le diura tse ba di dirisitseng mo bodireding tse di bonwang mo Pegong ya Ngwaga wa Tirelo wa 1994 di bontsha eng?
◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata jaana gore re nne teng kwa dipokanong fa lefatshe leno le ntse le ya kwa bokhutlong jwa lone?
◻ Ke ka ntlha yang fa batho botlhe ba ba kopanelang le morafe o o siameng wa Modimo ba tshwanetse go boloka bothokgami?
[Tšhate mo go tsebe 12-15]
PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 1994
(See bound volume)
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Babolokabothokgami ba morafe o o siameng wa ga Jehofa ba tla kgona go tshelela ruri ba itekanetse