Baalogi ba Gileade Ba ‘Itumedisiwa Thata Ke Go Aba’
KA SONTAGA, March 6, 1994, lelapa la Bethele la kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa le baeng ba ne ba kgobokanela tiragalo nngwe e e itumedisang—kaloso ya setlhopha sa bo96 sa Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade. Mo mafokong a gagwe a kwa tshimologong, modulasetulo wa thulaganyo Karl F. Klein, yo o ntseng a direla mo Setlhopheng Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa ka lobaka lwa dingwaga di ka nna somaamabedi, o ne a bolelela baithuti bano ba ba 46 jaana: “Jesu o rile go aba go itumedisa thata go feta go amogela. Mme go tla nna fela jalo mo kabelong ya gago ya borongwa—fa o ntse o aba, boitumelo jwa gago le jone bo tla oketsega.”—Ditihō 20:35.
Mafoko A A Laelang A Kgothatso
Go ne ga latela motseletsele wa dipuo tse di neng di neelwa baithuti. Leon Weaver, leloko la Komiti ya Lephata la Tirelo, o ne a bua ka setlhogo se se reng “Go Itshoka go Galaletsa Jehofa.” Rotlhe re lebana le diteko. (2 Bakorintha 6:3-5) “Fa re gateletswe, go motlhofo fela gore re bo re ikaega ka rona ka borona,” go ne ga rialo Mokaulengwe Weaver. Lefa go ntse jalo, o ne a gakolola baithuti jaana: “Go sa kgathalesege gore o lebana le teko efe e e atisang go tlhagela batho, Jehofa o e tlhomile matlho. Le ka motlha ga a kitla a letla gore o lekwe ka tsela e e ka go fekeetsang.”—1 Bakorintha 10:13.
“Ngomaela Kabelo ya Gago Ka Dinako Tsotlhe” e ne e le setlhogo sa puo e e latelang, e e neng ya neelwa ke Lyman Swingle wa Setlhopha Se Se Laolang. Ga se ka metlha Baiseraele ba neng ba itlhophela gore ba tla nna kae kana ba tla dira eng. Lotso longwe le longwe lo ne lo fiwa karolo ya naga, mme Balefi ba ne ba abelwa ditiro tse di rileng tse ba neng ba tshwanetse go di dira. Ka tsela e e tshwanang, batho ba le bantsi ba ba mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng gompieno—ba ba jaaka barongwa le maloko a lelapa la Bethele—ga ba itirele tshwetso ya gore ba tla nna kae le gore ba tla dira tiro efe. Go tweng fa motho a ikutlwa a okaoka malebana le kabelo ya gagwe? “Fa o leba ka tlhoafalo kwa go Jesu, Mosimolodi yo Mogolo wa tumelo ya rona, o bo o ela sekao sa gagwe tlhoko thata, ga o kitla o ngodiega,” go ne ga rialo Mokaulengwe Swingle.—Bahebera 12:2, 3.
Leonard Pearson, wa Komiti ya Watchtower Farms, o ne a latela a bua ka setlhogo se se reng “Nna O Tlhomile Mogopolo.” O ne a re: “O ka nna le khemera e e tshwantshang sentle go gaisa tsotlhe, wa bona le sengwe se sentle thata se o ka ratang go se tshwantsha, tikologo e ntle, mme senepe sa nna sa tswa se le maswe fela—fa e le gore khemera ya gago ga e a tlhomama mo go se e se tsayang.” Jaaka lense e e kgonang go kapa dilo di le dintsi, seo re se bonang se tshwanetse sa akaretsa tiro ya go rera e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Le ka motlha ga re a tshwanela go tlhokomologa setshwantsho se se feletseng. “Bao go itebileng bone fela ba le bosi ga ba kitla ba itumela mo dikabelong tsa bone,” go ne ga rialo Mokaulengwe Pearson. “Bao ba tlhomang mogopolo mo go Jehofa le mo tirong e a ba e neileng gore ba e dire ba tla atlega.”
“Go Na Le Mo Gontsi Thata Mo Re Ka Go Lebogelang” e ne ya nna setlhogo sa puo e e neng ya latela, e neelwa ke John E. Barr, yo le ene e leng leloko la Setlhopha Se Se Laolang. “Le ka motlha o se ka wa tlogela go nna o leboga Jehofa,” Mokaulengwe Barr o ne a kgothatsa baithuti jalo. “Ke sengwe sa dilo tse dikgolo go gaisa tsotlhe tse di ka go kgotsofatsang, go sa kgathalesege gore o abetswe go dira eng.” Go rata go leboga ga ga Dafide go ne ga mo tlhotlheletsa gore a kwale jaana: “Melelwane e ntiteetse mo maheloñ a mantlè; E, ke na le boshwa yo bontlè.” (Pesalema 16:6) “Go ikutlwa o le gaufi le Jehofa mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi ke sengwe se se tlhwatlhwakgolo se o nang naso,” go ne ga rialo Mokaulengwe Barr. “Le ka motlha Jehofa ga a kitla a fedisa kamano eo fa fela o ntse o e leba jaaka sengwe se se itumedisang thata se o se lebogelang.”
Morago ga foo go ne ga bua motlhatlheledi mongwe wa Gileade ebong Jack Redford, ka setlhogo se se reng “O Tla Dirisa Loleme lwa Gago Jang?” A bo go bua o sa akanya go ka tlisa tshenyo e kgolo jang ne! (Diane 18:21) Loleme lo ka laolwa jang? “O tshwanetse go thapisa mogopolo wa gago pele,” go ne ga araba jalo Mokaulengwe Redford, “ka gonne loleme lo senola mogopolo le pelo.” (Mathaio 12:34-37) Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo thata; o ne a dirisa loleme lwa gagwe go goletsa leina la ga Jehofa. “Gompieno go na le tlala ya go utlwa mafoko a ga Jehofa,” Mokaulengwe Redford o ne a bolelela setlhopha jalo. “O itse mafoko ao. O na le ‘loleme lwa ba ba rutegileng.’ Ka jalo dira gore ka dinako tsotlhe loleme lwa gago lo laolwe ke mogopolo le pelo tse di ineetseng gotlhelele mo go Jehofa.”—Isaia 50:4.
Puo e e reng “A O Tsamaya Jaaka E Kete O Na Le Jehofa?” e ne ya gatelela kafa thapelo e leng botlhokwa ka gone. Ulysses Glass, mokwadisi wa sekolo, o ne a akgela jaana: “Fa rrabana a ne a dira ka natla gore a tlamele lelapa la gagwe mme le ka motlha a se ke a bua le bone lefa e le go ba bontsha gore o a ba rata, lelapa la gagwe le ka nna la dira tshwetso ya gore o ne a dira tiro fela ka go bo a patelesega go e dira e se ka gonne a tlhotlhelediwa ke lorato. Go ntse fela jalo ka rona. Re ka nna ra bo re tshwaregile mo tirelong ya Modimo. Mme lefa go ntse jalo fa re sa rapele, go raya gore re ineetse mo tirong fela mme eseng mo go Rre yo o lorato wa selegodimo.”
Theodore Jaracz, wa Setlhopha Se Se Laolang, o ne a bua ka setlhogo se se reng “Lebaka la Go Bo Boidiidi Bo Kopanela le Batho ba Modimo.” Ngwaga le ngwaga dikete di le makgolokgolo tsa batho di thelesegela mo phuthegong ya ga Jehofa. (Sekaria 8:23) Ke eng se se tlhaolang Basupi ba ga Jehofa jaaka batho ba Modimo? Sa ntlha, ba amogela Bibela yotlhe jaaka Lefoko la Modimo. (2 Timotheo 3:16) Sa bobedi, ga ba tseye letlhakore mo go tsa bopolotiki. (Yohane 17:16) Sa boraro, ba supa ka leina la Modimo. (Yohane 17:26) Sa bonè, ba bontsha lorato lwa go ka intsha setlhabelo. (Yohane 13:35; 15:13) E re ka re na le ditshupo tseno, ka bopelokgale re ka ‘bonatsa tlotlomalo ya yo o re biditseng a re ntsha mo lefifing a re isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.’—1 Petere 2:9.
Morago ga dipuo tseno tsotlhe tse di kgatlhang, baithuti botlhe ba ba 46 ba ne ba fiwa didipoloma. Ba abetswe kwa dinageng tse 16 tse di anameng le lefatshe.
Thulaganyo ya Dilo Tse Di Farologaneng ya Maitseboa
Thapama go ne ga nna le Thuto e e khutshwafaditsweng ya Tora ya Tebelo e tshwerwe ke Donald Krebs wa Komiti ya Bethele. Go tswa foo baalogi ba ne ba neela thulaganyo ya setlhogo se se reng “Botlhale O Kuèla Godimo mo Mmileñ.” (Diane 1:20) Ba ne ba bontsha ka metshameko maitemogelo a a kgotsofatsang a ba neng ba nnile le one fa ba neela bosupi mo mmileng mmogo le mo mafelong a kgwebo. Eleruri, Jehofa o segofatsa batho ba ba nnang le bopelokgale jwa go rera ka mokgwa o e seng wa ka tlwaelo. “Ke akanya gore re tshwana le disekele tse di mo diatleng tsa barobi ba e leng baengele,” go ne ga bolela jalo moalogi mongwe. “Fa re na le bokgoni tota, baengele bao ba ka kgona go re dirisa go dira tiro e e oketsegileng.” (Bapisa Tshenolō 14:6.) Thulaganyo ya baithuti gape e ne e na le puo ya diselaete e e neng e bontsha bareetsi naga ya Bolivia, Malta, le Taiwan ka tsela ya go ba ruta—ka boraro jwa tsone e le dingwe tsa dinaga tseo baalogi ba setlhopha seno ba abetsweng kwa go tsone.
Morago ga foo, Wallace le Jane Liverance—ba ba nang le dingwaga tse 17 e le barongwa—ba ne ba botsolodiwa. Ka October 1993 ba ne ba lalediwa go ya kwa Watchtower Farms, koo Mokaulengwe Liverance jaanong a direlang jaaka mongwe wa batlhatlheledi ba Gileade.
Go ne ga latela pontsho ya dikarolo tse nne, ya setlhogo se se reng “Go Tlotla Ba Ba Tshwanelwang ke Tlotlo mo Dingwageng tsa Bone tsa Bogolo.” Fa batho ba ntse ba tsofala, ba ka nna ba itebela kwa tlase ka ntlha ya go boifa gore e tloga e nna batho ba ba senang mosola ba bo ba latlhiwa. (Pesalema 71:9) Pontsho eno e e amang maikutlo e ne ya bontsha kafa batho botlhe ba ba mo phuthegong ba ka tshegetsang ka gone batho bano ba ba ikanyegang, ba ba godileng.
Morago ga pina le thapelo tse di konelang, batho botlhe ba ba 6 220 ba ba neng ba le teng kwa Holong ya Dikopano ya Jersey City le mo diholong tse di neng di dirisiwa mmogo le yone ba ne ba ikutlwa ba lapologetswe. Re rapelela baalogi kwa dikabelong tsa bone tse disha. E kete ba ka tswelela pele ba itumedisiwa thata ke go aba.
[Lebokoso mo go tsebe 26]
Dipalo tsa Setlhopha
Palo ya dinaga tse di emetsweng: 9
Palo ya dinaga tse ba abetsweng kwa go tsone: 16
Palo ya baithuti: 46
Palogare ya dingwaga tsa bone tsa bogodi: 33,85
Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo boammaaruring: 16,6
Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodiheding jwa nako e e tletseng: 12,2
[Lebokoso mo go tsebe 27]
Go Tlhatlhoba Malta
LABOKERESETE le ne la kganela boammaaruri jwa Bibela kwa Malta ka lobaka lwa dingwaga di le dintsi. Barongwa ba bofelo ba Gileade ba ba neng ba romelwa koo, Frederick Smedley le Peter Bridle, ba ne ba alogile mo setlhopheng sa borobedi bogologolo ka 1947. Lefa go ntse jalo, e ne ya re morago ga lobaka lo lokhutshwane fela ba gorogile ba bo ba tshwarwa le go kobiwa mo Malta. Mo go 1948 Yearbook of Jehovah’s Witnesses go begiwa jaana: “Barongwa bano ba babedi ba ile ba senya nako e ntsi mo dikgotlatshekelong tsa naga eno ba bo ba e senya ba na le batlhankedi ba naga ka selekanyo sa nako e e lekanang le e ba e dirisitseng mo ditirong tsa bone tsa bodihedi, fela ka ntlha ya kganetso ya Setlhopha sa Baruti ba Roma Katoliki. Baruti ba re Malta ke wa Bakatoliki mme mongwe le mongwe fela o sele o tshwanetse go tswa.” Jaanong, dingwaga di ka nna 45 moragonyana, barongwa ba le bane go tswa mo setlhopheng sa bo96 sa Gileade ba abetswe kwa Malta.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Setlhopha Se Se Alogang sa bo96 sa Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade
Mo lenaaneng le le fa tlase leno, dinomoro tsa mela eno di kwadilwe e balwa go tswa kwa pele go ya kwa morago, mme maina a thathamisitswe go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.
(1) Ehlers, P.; Giese, M.; Sellman, S.; Zusperregui, J.; Rowe, S.; Jackson, K.; Scott, T. (2) Liehr, T.; Garcia, I.; Garcia, J.; Fernández, A.; Davidson, L.; Liidemann, P.; Gibson, L.; Juárez, C. (3) Fouts, C.; Pastrana, G.; Claeson, D.; Fernández, L.; Walls, M.; Dressen, M.; Pastrana, F.; Burks, J. (4) Burks, D.; Scott, S.; Jackson, M.; Mauray, H.; Juárez, L.; Zusperregui, A.; Brorsson, C.; Rowe, C. (5) Sellman, K.; Liidemann, P.; Davidson, C.; Mauray, S.; Walls, D.; Dressen, D.; Schaafsma, G.; Liehr, S. (6) Claeson, T.; Gibson, T.; Giese, C.; Ehlers, D.; Fouts, R.; Schaafsma, S.; Brorsson, L.