“Jesu Keresete Ke Morena” Jang le Gone Leng?
“MORENA o ne a raya Morena wa me a re: Dula fa letsogong la me le le jang go ya ke be ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago.” Eno ke thanolo ya Pesalema 110:1 go ya ka King James Version. “MORENA” fano ke mang, mme o bua le mang?
Thanolo ya Sehebera e e tlhomameng go feta eo e arabela potso ya ntlha ka bofefo fela. “Yehofa o raea morèna oa me, a re: . . . ” Ka jalo “MORENA” ka ditlhaka tse dikgolo o lebisitse go Modimo o o maatla otlhe, Jehofa ka boene. Le mororo King James Version e bontsha leina la Modimo ka go dirisa “MORENA” go na le go dirisa “Morena,” e ne e se yone ya ntlha go dirisa direto tseno ka tsela e e phoso, ka gonne Septuagint ya bogologolo ya Segerika, e e ranotsweng go tswa mo Sehebereng e ne e dirisa “Morena” mo boemong jwa Jehofa mo dikgatisong tsa yone tsa morago. Ka ntlha yang? Ka gonne sereto “Morena” se ne sa dirisiwa mo boemong jwa leina la Modimo, Tetragrammaton (יהוה). Mokanoki A. E. Garvie a re: “Go ka tlhalosiwa motlhofo fela gore go bo sereto Morena [kyʹri·os] se dirisiwa e nnile ka gonne fa go ne go badiwa go tswa mo Dikwalong mo disinagogeng tsa Sejuda, go ne go dirisiwa sereto Morena mo boemong jwa leina la kgolagano Yahveh [Jehofa].”
Bibela e tlhalosa Jehofa jaaka “Morena Modimo.” (Genesise 15:2, 8; Ditihō 4:24; Tshenolō 6:10, bapisa le NW.) Gape o bidiwa “Morena wa boammaaruri” le “Morèna oa lehatshe yeotlhe.” (Ekesodo 23:17, NW; Yoshue 3:13; Tshenolō 11:4) Mme, he “Morena” yo mongwe yo o mo go Pesalema 110:1 ke mang, mme go ne ga tla jang gore Jehofa a mmitse “Morena”?
Jesu Keresete jaaka “Morena”
Mo Diefangeleng tse nne, Jesu o bidiwa “Morena,” segolobogolo mo go Luke le Yohane. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., leina leno la sereto le ne le dirisiwa go bontsha tlotlo le maitseo, le tshwana fela le sereto sa “Motlotlegi.” (Yohane 12:21; 20:15, Kingdom Interlinear) Lefoko “Moruti,” kana Rab·boʹni, le dirisiwa thata go bitsa Jesu mo Efangeleng ya ga Mareko. (Bapisa Mareko 10:51 le Luke 18:41.) Le e leng potso ya ga Saulo ya fa a ne a le mo tseleng ya go ya Damaseko ya gore “U mañ Morèna?” e bontsha gore o ne a botsa ka mokgwa wa go bontsha tlotlo. (Ditihō 9:5) Mme fa balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla go itse Mong wa bone, go phepafetse gore go dirisa ga bone sereto sa “Morena” go ne go bontsha se se fetang tlotlo fela.
Morago ga fa Jesu a sena go swa le go tsosiwa mo losong mme pele ga a ka tlhatlogela kwa legodimong, o ne a bonalela barutwa ba gagwe mme a dira kitsiso eno e e gakgamatsang: “Taolo eotlhe ke e neilwe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ.” (Mathaio 28:18) Mme, ka go tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo o o neng o tsholotswe ka letsatsi la Pentekosete, Petere o ne a lebisitse go Pesalema 110:1 mme a re: “Me ke gōna a batho ba ntlo ea Iseraela ba itsetse rure, ha Modimo o mo dihile Morèna le Keresete, eboñ èna Yesu eo lo mmapotseñ.” (Ditihō 2:34-36) Jesu o ne a tsosiwa le go newa tuelo e e di fetang tsotlhe ka ntlha ya go bo a ile a ikanyega go fitlhela a swa loso lo lo tlhabisang ditlhong mo mokgorong wa tlhokofatso. Mme o ne a tsena mo boreneng jwa gagwe kwa legodimong.
Moaposetoloi Paulo o ne a tlhomamisa mafoko a ga Petere fa a ne a kwala gore Modimo o ne “oa mo [Keresete] dudisa kaha lecogoñ ya ōna ye legolo mo mannoñ a selegodimo, kwa godimodimo ga pushō eotlhe, le taolō, le thata le bogosi, le maina aotlhe a a rèwañ, e señ mo lehatshiñ yeno yeosi, e leñ le mo go ye le tlañ.” (Baefesia 1:20, 21) Borena jwa ga Jesu Keresete bo godimo ga barena botlhe ba bangwe, me bo tla tswelela go fitlha mo lefatsheng le lesha. (1 Timotheo 6:15) O ne a “godisiwa thata” mme a newa “leina ye le hetañ maina aotlhe” gore botlhe ba bolele “ha Yesu Keresete e le Morèna, kgalalecoñ ea Modimo Rara.” (Bafilipi 2:9-11) Ka jalo, karolo ya ntlha ya Pesalema 110:1 e ne ya diragadiwa, mme “baengele, le balaodi, le bathata” ba ne ba le tlase ga borena jwa ga Jesu.—1 Petere 3:22; Bahebera 8:1.
Mo Dikwalong tsa Sehebera, lereo “Morèna oa barèna” le dirisediwa go umaka Jehofa fela. (Duteronome 10:17; Pesalema 136:2, 3) Mme ka go tlhotlhelediwa Petere o ne a bua jaana ka ga Keresete Jesu: “Ke èna Morena oa botlhe [kana, “Morena wa rona rotlhe,” Goodspeed].” (Ditihō 10:36) Ke “Morena oa bashwi le oa batshedi” tota. (Baroma 14:8, 9) Ka go itumela Bakeresete ba amogela Jesu Keresete jaaka Morena le Mong wa bone e bile ba iketleeleditse go mo obamela jaaka batlhanka ba ba rekilweng ka madi a gagwe a a tlhokegang. Mme fa e sale ka Pentekosete wa 33 C.E. Jesu Keresete o ne a busa phuthego ya gagwe jaaka Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. Mme jaanong fa e sale ka 1914 o ne a newa taolo ya segosi ya go busa jaaka kgosi baba ba gagwe ba dirilwe ‘sebeo sa dinao tsa gagwe.’ Jaanong e ne e le nako e e tshwanetseng ya gore a ‘buse mo gare ga bone,’ a dira sotlhe seno go diragatsa Pesalema 110:1, 2.—Bahebera 2:5-8; Tshenolō 17:14; 19:16.
Mme he, mafoko ao Jesu a neng a a bua pele ga a ka swa le go tsosiwa a a reng “dilō cotlhe ke di neecwe ke Rrè,” a tshwanetse go tlhaloganngwa jang? (Mathaio 11:25-27; Luke 10:21, 22) Polelo eno ga e ya tlhamalala jaaka tse di setseng di tlhalositswe. Mo go Mathaio le Luke ka bobedi, kgang e senola gore Jesu o ne a bua ka ga kitso e e neng e fitlhegetse batho ba ba nang le botlhale jwa lefatshe mme e senoletswe ene gonne a “itse” Rara. Fa Jesu a ne a kolobediwa a bo a tsalwa jaaka Morwa wa Modimo wa semoya, o ne a kgona go gakologelwa botshelo jwa gagwe jwa kwa legodimong jwa pele a nna motho le kitso yotlhe eo a neng a nna le yone, mme seno se ne se farologane le go nna ga gagwe morena moragonyana.—Yohane 3:34, 35.
Go Tlhaola Jesu Keresete Jaaka Morena
Go nna le bothata fa Dikwalo tsa Sehebera tse di lebisitseng ka phepafalo go “MORENA,” Jehofa Modimo, di nopolwa mo dithanolong dingwe tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Ka sekai, a o ko o bapise Luke 4:19 le Isaia 61:2 mo go King James Version kana The New Jerusalem Bible. Batho bangwe ba bolela gore Jesu o ile a tsaya sereto sa “Morena” mo go Jehofa le gore fa Jesu e ne e le motho wa senama, e ne e le Jehofa tota, mme ntlha eno ke kganetsano e e sa tshegediweng ke Dikwalo. Jehofa Modimo le Morwawe, Jesu Keresete ba farologanngwa sentle ka dinako tsotlhe mo Dikwalong. Jesu o ne a itsise leina la ga Rraagwe le go mo emela.—Yohane 5:36, 37.
Tlhokomela ditemana tse di nopotsweng mo Dikwalong tsa Sehebera jaaka di tlhaga mo Dikwalong tsa Segerika, mo dikaing tse di latelang. Mo go Ditihō 4:24-27, e e nopotsweng mo go Pesalema 2:1, 2, Jehofa Modimo le Motlodiwa wa Gagwe, kana Mesia, ba umakiwa ka bobedi jwa bone. Tlhaloso e e mo go Baroma 11:33, 34, e e nopotsweng mo go Isaia 40:13, 14, e bua ka phepafalo ka ga Modimo, Motswedi wa botlhale le wa kitso yotlhe. Fa Paulo a ne a kwalela phuthego ya kwa Korintha, o ne a boeletsa mafoko a a nopotsweng ka go re, “Mañ eo o itsileñ mogopolō oa Morèna?” a ba a oketsa ka go re: “Me rona re na le mogopolō oa ga Keresete.” Morena Jesu o ne a senolela balatedi ba gagwe mogopolo wa ga Jehofa ka ga dilo di le dintsi tse di botlhokwa.—1 Bakorintha 2:16.
Ka dinako tse dingwe temana nngwe mo Dikwalong tsa Sehebera e ka nna ya bo e lebisitse mo go Jehofa mme ka a neile Jesu Keresete maatla le taolo, e bo e diragadiwa mo go ene. Ka sekai, Pesalema 34:8 e re laletsa gore re “lekeñ re bōnè ha Yehofa a le molemō.” Mme Petere o kaya Morena Jesu Keresete fa a re: “Ke raea ha e rile lo mo lekeletsa loa hitlhèla Morèna a le pelochweu.” (1 Petere 2:3) Petere o bua seno ka go bontsha gore seno se ntse jalo gape le ka Jesu Keresete. Bakeresete ba ka bona masego a magolo mo go Rara le Morwawe, fa ba ithuta ka ga Jehofa Modimo le Jesu Keresete ka bobedi le go dira tumalanong le kitso eo. (Yohane 17:3) Ka go dirisa mafoko ao Petere ga a kaye fa Morena Modimo Jehofa le Morena Jesu Keresete ba le motho a le mongwe.—Bona ntlha e e kwa tlase mo go 1 Petere 2:3, NW.
Kamano e e fa gare ga Jehofa Modimo le Morwawe, Jesu Keresete e phepafadiwa sentle fa moaposetoloi Paulo a bua jaana: “Leha go nntse yalo mo go rona, go Modimo o le moñwe hèla, eboñ Rara, eo dilō cotlhe di cwañ mo go èna, le rona re nnetse èna; e bile go Morèna a le moñwe hèla, eboñ Yesu Keresete, eo dilō cotlhe di emeñ ka èna, le rona ka èna.” (1 Bakorintha 8:6; 12:5, 6) Paulo o ne a bontsha fa “Morèna a le moñwe hèla,” ebong Jesu Keresete a farologanye gotlhelele le “Modimo o le moñwe hèla, le Rara oa botlhe,” fa a ne a kwalela phuthego ya Bokeresete e e kwa Efeso.—Baefesia 4:5, 6.
Jehofa O Godimo ga Sengwe le Sengwe
Fa e sale ka 1914, mafoko a Tshenolō 11:15 a ile a diragadiwa a a reng: “Bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morèna wa rona [Jehofa Modimo], le yoa ga Keresete oa gagwè: me o tla busa ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” The New International Dictionary of New Testament Theology (Bolumu 2, tsebe 514) e re: “Fa Keresete a fentse maatla otlhe (1 Bakor. 15:25), o tla ineela mo go Modimo Rara. Ka jalo borena jwa ga Jesu bo tla bo bo diragaditse maikaelelo a jone mme Modimo o tla nna gotlhe mo go botlhe (1 Bakor. 15:28).” Keresete Jesu o tla busetsa Rraagwe, Modimo Mothatayotlhe taolo le puso tseo a ileng a di newa pelenyana, kwa bokhutlong jwa Puso ya gagwe ya Mileniamo. Ka jalo, kgalalelo le kobamelo yotlhe di tla newa Jehofa “Modimo oa Morèna oa rona Yesu Keresete.”—Baefesia 1:17.
Le mororo Jesu jaanong e le Morena wa barena, ga a ke a bidiwa Modimo wa medimo. Jehofa o nna a ntse godimo ga dilo tsotlhe. Ka tsela eno, Jehofa o tla nna “gotlhe mo go cotlhe hèla.” (1 Bakorintha 15:28) Borena jwa ga Jesu bo dira gore a nne le boemo jo bo siameng jaaka Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. Lefa re ka itse “barena” ba bantsi ba ba thata mo mannong a a kwa godimo, re nna re ntse re ikantse yo e leng Morena wa barena. Lefa Jesu Keresete a le mo boemong jwa gagwe jo bo goleditsweng, o nna a ntse a le fa tlase ga Rraagwe “gore Modimo a buse mo go botlhe.” (1 Bakorintha 15:28, The Translator’s New Testament) A bo Jesu a ile a tlhomela barutwa ba gagwe sekao se se molemo jang ne sa boikokobetso se ba ka se latelang, jaaka ba mo amogela jaaka Morena wa bone!
[Lebokoso mo go tsebe 30]
‘Fa bakwadi ba Tesetamente e Ntšha ba bua ka Modimo ba raya Modimo le Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete. Fa ba bua ka Jesu Keresete, ga ba bue, kana go akanya ka ene jaaka Modimo. Ke Keresete wa Modimo, Morwa Modimo, Botlhale jwa Modimo, Lefoko la Modimo. Le eleng Ketapele ya St. John, e e leng gaufi thata le Thuto ya Motheo ya Nicene, e tshwanetse go badiwa go akantswe ka thuto e e tlhamaletseng e e mo Efangeleng yotlhe ya ga Johane ya gore Keresete o fa tlase ga Rara; mme Ketapele eno ga e tlhalosiwe sentle mo Segerikeng fa go dirisiwa [the·osʹ] kwantle ga lebopitlhopho go na le jaaka e tlhalosiwa sentle mo Seesemaneng.’—“The Divinity of Jesus Christ,” ya ga John Martin Creed.