Lebaka la go bo Basupi ba ga Jehofa Ba Nna Ba Disitse
“[Nnang lo disitse, NW] . . . gonne ga lo itse letsatsi ye Morèna oa lona o tla tlañ ka yeōna.”—MATHAIO 24:42.
1. Kgakololo e e reng “nnang lo disitse” e ama bomang?
MOTLHANKA mongwe le mongwe wa Modimo—e ka tswa a le monnye kana a le mogolo ka dingwaga, a sa tswa go ineela kana a na le lobaka lo loleele a ntse a direla—o amiwa ke kgakololo eno ya Bibela: “Nnang lo disitse”! (Mathaio 24:42) Ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa?
2, 3. (a) Jesu o ne a tlhalosa sesupo sefe ka phepafalo, mme go diragadiwa ga boperofeti go bontshitse eng? (b) Ke boemo bofe jo bo umakilweng mo go Mathaio 24:42 jo bo lekang tumelo ya rona gore a ke ya mmatota, mme bo dira seo jang?
2 Fa Jesu a tloga a wetsa bodihedi jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a bolelela pele sesupo sa go nna gone ga gagwe a sa bonale a na le thata ya Bogosi. (Mathaio, dikgaolo 24 le 25) O ne a tlhalosa nako eo ya go nna gone ga gagwe mo bogosing ka phepafalo—mme ditiragalo tse di diragatsang boperofeti di bontsha gore o ne a tlhomiwa jaaka Kgosi kwa magodimong ka 1914. Gape o ne a bua ka boemo jo e neng e tla re go tswa foo bo leke tumelo ya rona gore a ke ya mmatota. Jesu o ne a bua ka nako eo ka yone a neng a tla tsaya kgato jaaka Modiragatsakatlholo a tla go senya tsamaiso e e boikepo ya gone jaanong ka sepitla se segolo fa a ne a re: “Me kaga letsatsi yeuō, le nakō euō, ga go itse opè, leha e le baengele ba legodimo, leha e le Morwa, ha e se Rara a le esi hèla.” O ne a akantse sone seo fa a ne a re: “[Nnang lo disitse]: gonne ga lo itse letsatsi ye Morèna oa lona o tla tlañ ka yeōna.”—Mathaio 24:36, 42.
3 Lebaka la go bo re sa itse letsatsi le nako e sepitla se segolo se tla simologang ka yone le dira gore fa re ipolela gore re Bakeresete, re tshwanetse ra tshela jaaka Bakeresete ba boammaaruri letsatsi le letsatsi. A tsela e o dirisang botshelo jwa gago ka yone e tla dira gore Morena a go amogele fa sepitla se segolo se tla? Kana fa o ka swa pele ga sone, a o tla go gakologelwa jaaka mongwe yo o neng a direla Jehofa ka boikanyegi go tla go fitlha mo bokhutlong jwa botshelo jwa gago jwa gone jaanong?—Mathaio 24:13; Tshenolō 2:10.
Barutwa Ba Pele Ba Ne Ba Leka go Nna Ba Disitse
4. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jesu sa go nna a disitse semoyeng?
4 Jesu Keresete ka boene o ne a tlhoma sekao se sentle thata sa go nna a disitse semoyeng. O ne a rapela Rraagwe kgapetsakgapetsa le ka tlhagafalo. (Luke 6:12; 22:42-44) Fa a lebana le diteko, o ne a ikaega thata ka kaelo e e mo Dikwalong. (Mathaio 4:3-10; 26:52-54) O ne a sa iteseletse gore a faposiwe mo tirong e Jehofa a neng a mo romile gore a tle go e dira. (Luke 4:40-44; Yohane 6:15) A batho ba ba neng ba bolela gore ke balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla nna ba disitse ka tsela e e tshwanang?
5. (a) Ke ka ntlha yang fa baaposetoloi ba ga Jesu ba ile ba nna le mathata a go ema ba itsetsepetse semoyeng? (b) Jesu o ne a neela baaposetoloi ba gagwe thuso efe fa a sena go tsosiwa?
5 Ka dinako tse dingwe, le bone baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba tle ba etsaetsege. Tlhagafalo ya bone e e feteletseng mmogo le megopolo ya bone e e phoso di ne di tle di ba tlogele ba swabile. (Luke 19:11; Ditihō 1:6) Ka nako ya fa ba ise ba ithute go ikaega mo go Jehofa ka mo go feletseng, diteko tse di neng di tla ka tshoganetso di ne tsa dira gore ba okaoke. Ka jalo, fa Jesu a ne a tshwarwa, baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tshaba. Moragonyana mo go jone bosigo joo, Petere ka letshogo o ne a itatola ka makgetlo a le mmalwa gore o kile a tsamaya a itse Keresete. Baaposetoloi ba ne ba ise ba tseele kgakololo ya ga Jesu tlhogong fa a re: “Lebèlèlañ, lo rapèlè.” (Mathaio 26:41, 55, 56, 69-75) Fa Jesu a sena go tsosiwa o ne a dirisa Dikwalo go nonotsha tumelo ya bone. (Luke 24:44-48) Mme e ne ya re fa go bonala gore bangwe ba bone ba tla baya bodihedi jo ba bo neilweng mo maemong a bobedi, Jesu o ne a nonotsha maikaelelo a bone go tlhokomela thata tiro e e botlhokwa segolo.—Yohane 21:15-17.
6. Jesu o ne a tlhagisitse barutwa ba gagwe ka dirai dife tse pedi pelenyana?
6 Pelenyana ga foo, Jesu o ne a tlhagisitse barutwa ba gagwe gore ba ne ba sa tshwanela go nna karolo ya lefatshe. (Yohane 15:19) O ne a ba gakolotse gape gore ba se ka ba rena mo godimo ga ba bangwe mme ba direle mmogo jaaka barwarramotho. (Mathaio 20:25-27; 23:8-12) A ba ne ba utlwa kgakololo ya gagwe? A ba ne ba baya tiro e a neng a ba e neetse kwa pele?
7, 8. (a) Ditiro tsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga di bontsha jang gore ba ne ba tsaya kgakololo ya ga Jesu tsia? (b) Ke ka ntlha yang fa go ne go le botlhokwa gore ba tswelele pele ba disitse semoyeng?
7 Ka nako yotlhe ya fa baaposetoloi ba ne ba santse ba tshela, ba ne ba sireletsa phuthego. Hisitori e supa gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa tsenelele mo dikgannyeng tsa polotiki tsa Mmusomogolo wa Roma le gore ba ne ba sena setlhopha se se goleditsweng sa baruti. Kafa letlhakoreng le lengwe, e ne e le baboledi ba ba tlhagafetseng ba Bogosi jwa Modimo. Kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, ba ne ba setse ba neetse bosupi go ralala Mmusomogolo wa Roma, ba dira barutwa kwa Asia, Yuropa, le Afrika Bokone.—Bakolosa 1:23.
8 Lefa go ntse jalo, dilo tseno tse di neng di fitlheletswe mo go rereng di ne di sa reye gore go ne go sa tlhole go tlhokega gore ba nne ba disitse semoyeng. Go tla ga ga Jesu mo go neng go boleletswe pele go ne go santse go le kgakala. Mme fa phuthego e tsena mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E., go ne ga tsoga maemo a a neng a tsenya Bakeresete mo kotsing semoyeng. Jang?
Ba Ba Neng Ba Tlogela Go Nna Ba Disitse
9, 10. (a) Fa baaposetoloi ba sena go swa, ke ditiragalo dife tse di neng tsa bontsha gore batho ba le bantsi ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba sa nne ba lebeletse? (b) Ke dikwalo dife tse di umakilweng mo serapeng seno tse di ka bong di thusitse batho ba ba neng ba ipitsa Bakeresete gore ba nne ba nonofile semoyeng?
9 Bangwe ba ba neng ba tla mo phuthegong ba ne ba simolola go bolela dilo tse ba neng ba di dumela ba dirisa filosofi ya Segerika, e le gore ba tle ba dire gore se ba neng ba se rera se amogelwe motlhofo ke batho ba lefatshe. Dithuto tsa boheitane, tse di tshwanang le Tharonngwe le go sa sweng ga moyasebele o o mo teng ga motho, di ne tsa fetoga ka iketlo go nna karolo ya mofuta o o kgotlelegileng wa Bokeresete. Seno se ne sa felela ka gore ba latlhe tsholofelo ya puso ya dingwaga tse di sekete. Ka ntlha yang? Ba ba neng ba simolola go dumela gore moyasebele ga o swe ba ne ba swetsa ka go re masego a puso ya ga Keresete otlhe a ne a tla bonwa kwa lefelong la moya ke moyasebele o o neng o tla tswa mo mmeleng wa motho. Ka jalo ba ne ba bona go sa tlhokege gore ba nne ba lebeletse go nna gone ga ga Keresete a le mo thateng ya Bogosi.—Bapisa Bagalatia 5:7-9; Bakolosa 2:8; 1 Bathesalonia 5:21.
10 Boemo jono bo ne jwa nnela maswe kwa pele ka ntlha ya ditiragalo tse dingwe. Bangwe ba ba neng ba ipolela gore ke balebedi ba Bakeresete ba ne ba simolola go dirisa diphuthego tse ba neng ba le mo go tsone go ipatlela maemo. Ka tsela e e sa lemotshegeng, ba ne ba naya dikgopolo le dithuto tsa bone boleng jo bo lekanang le jwa Dikwalo kana le eleng jo bo fetang jwa tsone. Fa go bulega sebaka, kereke eno ya botenegi e ne ya ba ya ithaopela go dirisana le puso ya sepolotiki.—Ditihō 20:30; 2 Petere 2:1, 3.
Matswela a go Disa mo go Oketsegileng
11, 12. Ke ka ntlha yang fa Diphetogo tsa Boporotesetanta di sa ka tsa busetsa batho mo kobamelong ya boammaaruri?
11 Morago ga gore Kereke ya Roma Katoliki e tlhoke go tshwara batho sentle ka makgolo a dingwaga, Balweladiphetogo bangwe ba ne ba ngongoregela seno mo lekgolong la bo16 la dingwaga. Mme lefa go ntse jalo seno ga se a ka sa raya gore go boelwa kwa kobamelong ya boammaaruri. Ka ntlha yang?
12 Le mororo ditlhopha tse di farologaneng tsa Maporotesetanta di ne tsa tswa kafa tlase ga taolo ya Roma, di ne tsa tsamaya di rwele dithuto di le dintsi tsa motheo le ditlwaelo tsa botenegi—mogopolo wa gore go nne le baruti le batho fela, mmogo le go dumela Tharonngwe, gore moyasebele ga o swe, le go bogisiwa ka bosakhutleng morago ga loso. Mme jaaka Kereke ya Roma Katoliki, ba ne ba tswelela pele ba le karolo ya lefatshe, ba golagane thata le ditlhopha tsa bopolotiki. Ka gone ba ne ba nnela go gana ditsholofelo dipe fela tsa go tla ga ga Keresete jaaka Kgosi.
13. (a) Ke eng se se bontshang gore banna bangwe ruri ba ne ba tsaya Lefoko la Modimo le le tlhwatlhwakgolo? (b) Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, ke tiragalo efe eo e ileng ya kgatlha thata bangwe ba batho ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete? (c) Ke ka ntlha yang fa ba le bantsi ba ile ba se ka ba bona dilo tse ba neng ba di solofetse di diragala?
13 Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a boleletse pele gore morago ga fa baaposetoloi ba sena go swa, baruaboswa ba mmatota ba Bogosi (ba a neng a ba tshwantsha le mabele) ba ne ba tla tswelela pele ba gola mmogo le ba ba neng ba iphaka gore ke Bakeresete (kana, mofero) go fitlha ka nako ya thobo. (Mathaio 13:29, 30) Gompieno ga re kake ra kgona go bolela ka tlhomamo gore botlhe ba Mong a neng a ba leba jaaka mabele ke bomang. Mme lefa go ntse jalo go lemotshega gore mo lekgolong la bo14, la bo15, le la bo16 la dingwaga, go ne go na le banna ba ba neng ba baya matshelo a bone ka namana le kgololesego ya bone mo kotsing gore ba ranolele Bibela mo puong e e neng e utlwiwa ke batho fela ba ba tlwaelegileng. Ba bangwe ga ba a ka ba amogela Bibela jaaka Lefoko la Modimo fela mme gape ba ne ba gana go amogela Tharonngwe ka go bo e sa dumalane le Dikwalo. Bangwe ba ne ba gana go dumela tumelo ya gore moyasebele ga o swe le gore go na le go tlhokofadiwa kwa molelong wa dihele ba re ga di dumelane gotlhelele le Lefoko la Modimo. Gape, mo lekgolong la bo19 la dingwaga, ka ntlha ya go ithuta Bibela mo go oketsegileng, ditlhopha dingwe tse di neng di le kwa United States, Jeremane, Ennyelane, le Russia di ne tsa simolola go bontsha gore di dumela gore nako ya go boa ga ga Keresete e ne e atametse. Mme lefa go ntse jalo bontsi jwa dilo tse ba neng ba di solofetse ga di a ka tsa diragala. Ka ntlha yang? Lebaka le legolo e ne e le ka gonne ba ne ba ikaega thata ka batho mme ba sa ikaega ka Dikwalo ka mo go lekaneng.
Kafa Bano Ba Ileng Ba Ipontsha Ba Disitse Ka Gone
14. Tlhalosa tsela eo C. T. Russell le ditsala tsa gagwe ba neng ba ithuta Bibela ka yone.
14 Mme e rile ka 1870, Charles Taze Russell le bangwe ba balekane ba gagwe ba bopa setlhopha sa go ithuta Bibela kwa Allegheny, Pennsylvania. Dilo tse dintsi tsa boammaaruri tse di mo Bibeleng tse ba neng ba di dumela di ne di sa bonwa ke bone pele, mme ba ne ba itlwaeditse gore fa ba ithuta, ba lebe dikwalo tsotlhe ka kelotlhoko tse di malebana le kgang e e rileng.a Boikaelelo jwa bone e ne e se go batla ditemana tse di ka tshegetsang kgopolo nngwe e ba neng ba setse ba na nayo, mme e ne e le go tlhomamisa gore ba ne ba dira ditshwetso tse di neng di dumelana le sengwe le sengwe se Bibela e neng e se bolela ka kgang eo.
15. (a) Ba bangwe kwa ntle ga Mokaulengwe Russell ba ne ba lemogile eng? (b) Baithuti ba Bibela ba ne ba farologane ka eng le batho bano?
15 Ba le mmalwa pele ga bone ba ne ba lemogile gore Keresete o ne a tla boa a sa bonale e le motho wa semoya. Bangwe ba ne ba lemogile gore boikaelelo jwa go boa ga ga Keresete e ne e se go tla go fisa lefatshe ka molelo le go fedisa botshelo jotlhe jwa batho, mme go na le moo, e ne e le go tla go segofatsa malapa otlhe a a mo lefatsheng. Go ne go bile go na le ba le mmalwa ba ba neng ba lemogile gore ngwaga wa 1914 o ne o tla tshwaya bokhutlo jwa Metlha ya Baditšhaba. Mme mo Baithuting ba Bibela ba ba neng ba dira mmogo le Mokaulengwe Russell, seno e ne e le sengwe se se fetang dintlha fela tse go neng go ka tlotliwa ka tsone fa go ithutiwa bodumedi. Ba ne ba tshela tumalanong le dilo tseno tsa boammaaruri ba bo ba di itsise merafe yotlhe ka selekanyo se ba neng ba ise ba ko ba di itsise ka sone mo motlheng oo.
16. Ka ngwaga wa 1914, ke ka ntlha yang fa Mokaulengwe Russell a ne a kwala jaana: “Re mo motlheng wa go lekwa”?
16 Mme lefa go ntse jalo, ba ne ba santse ba tlhoka gore ba nne ba disitse. Ka ntlha yang? Ka sekai, le mororo ba ne ba itse gore ngwaga wa 1914 o ne o tshwaiwa ke boperofeti jwa Bibela, ba ne ba sa itse ka tlhomamo gore tota go ne go tlile go direga eng ka ngwaga oo. Seno se ne sa ba tlisetsa teko. Mo go The Watch Tower ya November 1, 1914, Mokaulengwe Russell o ne a kwala jaana: “A re gakologelweng gore re mo motlheng wa go lekwa. . . . Fa e le gore go na le lebaka lepe le le ka dirang gore motho ope a kgaogane le Morena le Boammaaruri jwa Gagwe le go mo dira gore a khutle go intshetsa Tiro ya Morena setlhabelo, he go bolela gore o ne a sa kgatlhegele Morena ka go bo a ne a tlhotlhelediwa ke go rata Modimo go tswa mo pelong mme lefa go ntse jalo e ne e le selo sengwe se sele; gongwe ebile e ne e le ka go bo a ne a solofela gore nako e ne e setse e le khutshwane; go ineela e ne e le selo sa nakwana fela.”
17. A. H. Macmillan le ba bangwe ba ba tshwanang le ene, ba ne ba ipoloka jang ba itsetsepetse semoyeng?
17 Bangwe ba ne ba tlogela go direla Jehofa ka yone nako eo. Mme lefa go ntse jalo A. H. Macmillan ke mongwe yo sa kang a dira jalo. Dingwaga moragonyana o ne a bolela jaana ka tlhamalalo: “Ka dinako tse dingwe dilo tse re neng re lebeletse gore di diragale ka letsatsi le le rileng di ne di feta se se neng se solofeditswe ke Dikwalo.” O thusitswe ke eng gore a nne a itsetsepetse semoyeng? Jaaka fa a ne a bolela, o ne a lemoga gore “fa dilo tse [ba] neng [ba] di lebeletse tseo di ne di feta di sa diragala, se ga se a ka sa fetola maikaelelo a Modimo.” O ne a oketsa jaana: “Ke ne ka ithuta gore re tshwanetse ra dumela diphoso tsa rona le go tswelela pele re batlisisa mo Lefokong la Modimo go bona tshedimosetso e e oketsegileng.”b Baithuti bao ba pele ba Bibela ba ne ba letla ka boikokobetso gore Lefoko la Modimo le fetole tsela e ba bonang dilo ka yone.—2 Timotheo 3:16, 17.
18. Bakeresete ba ne ba tswelela pele ba solegelwa molemo ka ditsela dife malebana le go sa nne karolo ya lefatshe ka ntlha ya go bo ba ne ba nna ba disitse?
18 Mo dingwageng tse di neng tsa latela, go ne ga tswelela pele go tlhokega gore ba nne ba disitse. Gone ke boammaaruri, ba ne ba itse gore Bakeresete ba ne ba sa tshwanela go nna karolo ya lefatshe. (Yohane 17:14; Yakobe 4:4) Go dumelana le seo, ga ba a ka ba nna seoposengwe le Labokeresete mo go amogeleng Kgolagano ya Merafe jaaka karolo ya bopolotiki e e emelang Bogosi jwa Modimo. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba simolola go bona kgang ya boitlhaodi jwa Bokeresete sentle ka 1939.—Bona The Watchtower, November 1, 1939.
19. Lebaka la go bo phuthego e nna e disitse le ne la tswela phuthego mosola ofe fa go tla mo bolebeding jwa phuthego?
19 Ga ba ise ba ko ba tsamaye ba nne le setlhopha sa baruti, lefa go ne go na le bagolwane bangwe ba ba tlhophilweng ba ba neng ba tsaya gore go rera mo phuthegong ke sone fela se se tshwanetseng sa solofelwa mo go bone. Lefa go ntse jalo, e re ka ba ne ba eletsa thata go dumelana le Dikwalo, phuthego e ne ya sekaseka maikarabelo a bagolwane go ya ka Dikwalo, e dira jalo gangwe le gape ka go kwala mo makasineng wa Tora ya Tebelo. Go ne ga dirwa diphetogo dingwe mo tsamaisong ya phuthego go dumelana le se se supiwang ke Dikwalo.
20-22. Phuthego yotlhe e ile ya ipaakanyetsa kgato ka kgato gore e fitlhelele tiro e go boleletsweng pele ka yone ya go bolela ka Bogosi mo lefatsheng lotlhe jang?
20 Phuthego yotlhe e ne e ipaakanya ka bofefo gore e swetse tiro e Lefoko la Modimo le neng le e rulaganyeditse mo motlheng wa rona. (Isaia 61:1, 2) Mafoko a a molemo a ne a tla bolelwa ka selekanyo se se kana kang mo motlheng wa rona? Jesu o ne a re: “Mahoko a a Molemō a na le go rèrèlwa merahe eotlhe pele.” (Mareko 13:10) Go ya ka pono ya motho, tiro eo gantsi e ile ya lebega e le e e ka se kang ya kgonega.
21 Mme lefa go ntse jalo, motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale o ile a gatela pele a na le tsholofelo mo go Keresete jaaka Tlhogo ya phuthego. (Mathaio 24:45) Ba ile ka boikanyegi le ka tsela e e tlhomameng ba bontsha batho ba ga Jehofa tiro e e tshwanetseng go dirwa. Go tloga ka 1919 go ya pele, go ne ga gatelelwa bodihedi jwa tshimo thata. Go ne go ketefalela batho ba le bantsi gore ba tsamaye ntlo le ntlo ba bua le batho ba ba sa ba itseng. (Ditihō 20:20) Mme lefa go ntse jalo ditlhogo tse di neng di ithutiwa tse di tshwanang le “Go Sego Ba Ba Sa Boifeng” (ka 1919) le “Nnang Pelokgale” (ka 1921) di ne tsa thusa bangwe gore ba simolole go dira tiro eno ba ikantse Jehofa.
22 Ka 1922, mokgosi wa “itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa yone” o ne wa ba naya kgothatso e ba neng ba e tlhoka ya gore ba tseele tiro eno kwa godimo jaaka go tshwanetse. Go tloga ka 1927 go ya pele, bagolwane ba ba neng ba sa amogele boikarabelo joo jo bo tlhalosiwang mo Dikwalong ba ne ba tlosiwa. Mo e ka nnang ka yone nako eo, baemedi ba ba etang ba Mokgatlho, baeti ba sedumedi, ba ne ba abelwa go nna bakaedi ba tikologo ba tirelo, ba neela mongwe le mongwe wa baboledi kaelo mo tirelong ya tshimo. Ga se mongwe le mongwe yo o neng a ka kgona go bula tsela, mme lefa go ntse jalo ka mafelobeke ba le bantsi ba ne ba dira letsatsi lotlhe mo tirelong, ba simolola go sa le moso thata ba bo ba ikhutsa go le gonnye fela gore ba tshware logaba, go tswa foo ba bo ba tswelela mo tirelong go fitlha maitseboa thata. Tseo e ne e le dinako tse di botlhokwa thata tsa go gatela pele ga puso ya Modimo, e bile re solegelwa molemo thata fa re sekaseka tsela e Jehofa a neng a goga batho ba gagwe ka yone. O ntse o tsweletse pele ka go dira jalo. Ka tshegofatso ya gagwe, tiro ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng e tla konelwa ka katlego.
A O Nna O Disitse?
23. Re ka bontsha jang motho ka bongwe gore re nna re disitse fa go tla mo loratong lwa Bokeresete le mo go ikgaoganyeng le lefatshe?
23 Phuthego ya ga Jehofa e utlwa kaelo ya gagwe, mme e tswelela pele ka go re tlhagisa ka ditlwaelo le maikutlo a a ka dirang gore re bonale re le karolo ya lefatshe, mme ka jalo re le mo kotsing ya go feta le lone. (1 Yohane 2:17) Mme le rona, re tlhoka gore motho ka bongwe re nne re ntse re disitse ka go tsaya kaelo ya ga Jehofa tsia. Gape Jehofa o re laya malebana le go tshela mmogo le go dira mmogo. Phuthego ya gagwe e re thusitse gore re lemoge ka mo go oketsegileng gore tota lorato lwa Bokeresete lo kaya eng. (1 Petere 4:7, 8) Gore re nne re disitse go tla tlhoka gore re leke ka natla yotlhe gore re dirise kgakololo eno, go sa kgathalesege go sa itekanelang ga batho.
24, 25. Ke dikarolo dife tsa botlhokwa tse re tshwanetseng ra nna re disitse mo go tsone, mme re ka solofela eng ka ntlha ya go dira jalo?
24 Gangwe le gape, motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale o ile a re gakolola jaana: “U ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago, me u se ka ua ikaèga tlhaloganyō ea gago hèla.” (Diane 3:5) “Lo rapeleñ ka go bisa go khutla.” (1 Bathesalonia 5:17) Re gakolotswe gore re ithute go thaya ditshwetso tsa rona mo Lefokong la Modimo, re dira gore lefoko leno e nne ‘lobone lwa dinao tsa rona le lesedi la tsela ya rona.’ (Pesalema 119:105) Re kgothaditswe ka lorato gore re beye go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo kwa pele mo matshelong a rona, e le tiro e Jesu a boleletseng pele gore e tla dirwa mo motlheng wa rona.—Mathaio 24:14.
25 Ee, motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale eleruri o nna a disitse. Le rona motho ka bongwe re tshwanetse go nna re disitse. Ka ntlha ya go dira jalo, e kete re ka fitlhelwa re le gareng ga batho ba Morwa motho a tla ba amogelang fa a tla go diragatsa katlholo.—Mathaio 24:30; Luke 21:34-36.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Faith on the March, ka A. H. Macmillan, Prentice-Hall, Inc., 1957, ditsebe 19-22.
b Bona The Watchtower, August 15, 1966, ditsebe 504-10.
Fa Re Boeletsa
◻ Jaaka fa go bontshitswe mo go Mathaio 24:42, ke ka ntlha yang fa re tlhoka go nna re disitse?
◻ Jesu le balatedi ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba nna ba disitse jang semoyeng?
◻ Fa e sale ka 1870, go ile ga diragala eng ka gonne batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba nna ba disitse?
◻ Ke eng se se tla supang gore mongwe le mongwe wa rona o nna a disitse?
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Jesu o ne a nna a tshwaregile mo tirong e a neng a e abetswe ke Rraagwe. Gape o ne a rapela ka tlhagafalo
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Charles Taze Russell mo dingwageng tsa gagwe tsa moragonyana
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Baboledi ba Bogosi ba feta 4 700 000 ba dira mo lefatsheng lotlhe