LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 5/1 ts. 3-4
  • A Bodumedi Bo Go Kgotsofatsa ka Dilo Tse O Di Tlhokang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Bodumedi Bo Go Kgotsofatsa ka Dilo Tse O Di Tlhokang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Buka ya Bibela ya bo 5—Duteronome
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Go Ithuta Ditsela Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Moshe—Kafa Botshelo Jwa Gagwe bo go Amang ka Teng
    Tsogang!—2004
  • Jesu Keresete E ne E le Moperofeti yo o Tshwanang le Moshe ka Tsela Efe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 5/1 ts. 3-4

A Bodumedi Bo Go Kgotsofatsa ka Dilo Tse O Di Tlhokang?

MOYA, metsi, dijo, bonno—tseno ka kakaretso di itsiwe e le dilo tse di tlhokwang ke batho. Fa lo sena tsone lo tla nna batlhoki e bile lo ka swa. Lefa go ntse jalo, bogologolo tala moeteledipele wa Baiseraele e bong Moshe o ne a bua ka selo se sengwe se batho ba se tlhokang, se se bileng se le botlhokwa go gaisa dijo kana metsi. Moshe o ne a bolela jaana: “Motho [ga a] tshele ka diyō di le cosi, ha e se go re, motho o tshela ka señwe le señwe se se cwañ mo molomuñ oa ga Yehofa.”—Duteronome 8:3.

Ka mafoko ano a a botlhale, Moshe o ne a bontsha gore go kgotsofadiwa ke dilo tse re di tlhokang mo bodumeding kana semoyeng go botlhokwa. O ne a bontsha gore matshelo a rona a ikaegile ka gore re di fitlhelele! Fa Baiseraele ba ntse ba tsamaya mo nageng ka dingwaga di le 40, ba ne ba tshela ka ‘lefoko le le tswang mo molomong wa ga Jehofa’ ka tsela ya mmatota. Le ba faloditse mosepele o ba ka bong ba swetse mo go one. Dijo tse di bidiwang mana di ne tsa wa di tswa kwa legodimong ka tsela e e gakgamatsang fa Modimo o sena go laola jalo. Metsi a ne a tswa mo matlapeng go ba timola lenyora. Mme lefa go ntse jalo Modimo o ne o ba tlhokomela ka dilo tse dingwe tse di gaisang tse ba di tlhokang mo mmeleng. Moshe o ne a bolela jaana: “Yaka motho a tle a oatlhaee morwawè, Yehofa Modimo oa gago oa tla a gu oatlhaee yalo.”—Duteronome 8:4, 5; Ekesodo 16:31, 32; 17:5, 6.

Baiseraele ba ne ba sa tlogelwa fela ba sena ope yo a ba thusang go farologanya gore se se siameng ke sefe kana se se sa siamang ke sefe, mo boitsholong kana mo bodumeding. Ba ne ba amogela kaelo e e tswang kwa Modimong ka namana. O ne a ba neela Molao wa ga Moshe, molao o o botlhokwa o o neng o bontsha dijo tse di nonotshang mmele, molao o o neng o gagametse wa bophepa, le melaometheo e e utlwalang ya boitsholo le ya bodumedi. Ka go dira jalo Modimo o ne o rotloetsa gore Baiseraele ba itekanele mo mmeleng le semoyeng. Ba ne ba tshela ka ‘lefoko le le tswang mo molomong wa ga Jehofa.’

Ka jalo Baiseraele ba ne ba farologane gotlhelele le merafe e mengwe. Mo motlheng wa ga Moshe Egepeto e ne e le yone e busang lefatshe lotlhe. E ne e le naga ya bodumedi. World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Baegepeto ba bogologolo ba ne ba dumela gore medimo e e farologaneng (medimo le medimo ya sesadi) e ne e tlhotlheletsa karolo nngwe le nngwe ya popo le sengwe le sengwe se motho a neng a se dira. Ka gone ba ne ba obamela medimo e mentsi. . . . Mo toropokgolong le toroponyaneng nngwe le nngwe ya Egepeto, batho ba ne ba obamela modimo wa bone o o kgethegileng mmogo le medimo e megolo.”

A kobamelo eno ya medimo e mentsi e ne e kgotsofatsa Baegepeto ka dilo tse ba neng ba di tlhoka semoyeng? Nnyaa. Egepeto e ne ya nna naga e e ngaparetseng tumelobotlhodi le boitsholo jo bo tlhabisang ditlhong jwa kafa dikobong. Go na le gore tsela ya go tshela ya kwa Egepeto e lere botshelo le botsogo jo bontle, e ne ya lere “matlhoko a a boshula.” (Duteronome 7:15) He, ga go gakgamatse go bo Bibela e ne ya bolela ka medimo ya Egepeto ka lenyatso, e e bitsa “medimo ea disètwa.”—Esekiele 20:7, 8.

Le gompieno go diragala se se tshwanang. Bontsi jwa batho ba na le mofuta o o rileng wa tumelo; ke basekaenyana fela ba ba reng ga ba dumele mo Modimong. Lefa go ntse jalo, go phepafetse gore bodumedi ka kakaretso bo paletswe ke go kgotsofatsa batho ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng. A go ka bo go na le mathata a ntwa, bomorafe, tlala, le lehuma le le sa feleng gompieno fa e ne e le gore ruri batho ba tshela ka “señwe le señwe se se cwañ mo molomuñ oa ga Yehofa”? Tota nnyaa! Lefa go ntse jalo, ke batho ba sekaenyana fela ba ba ka akanyang go fetola bodumedi jwa bone. Tota e bile, ba bangwe ga ba batle lefa e le go tlotla ka bodumedi kana go reetsa dikgopolo tse disha tsa bodumedi!

Ka sekai, monna mongwe kwa Ghana, kwa Afrika Bophirima, o ne a bolelela modihedi mongwe wa Mokeresete jaana: “Ke dumela gore Modimo o ne a re itshenolela rona Maafrika ka baperesite ba rona le baperesite ba rona ba basadi ba ba nonofileng, jaaka a ne a itshenolela Bajuda ka baperofeti ba bone. Ka maswabi bangwe ba rona Maafrika re palelwa ke go itse baperesite ba rona mme go na le moo re bua ka Jesu, ka Muhammad, le ba bangwe.”

Mekgatlho e mentsi ya setso sa Maafrika, e leba Bokeresete jaaka bodumedi jwa makgoa—e le thulaganyo e e lerilweng mono Afrika e sa yone fela e nnileng go senya go na le go dira molemo. A mme go tlhoka go sekaseka dikgopolo tse di farologaneng go a thusa kana go kgoreletsa maiteko a gago a go ikgotsofatsa ka dilo tse o di tlhokang semoyeng? Seane sengwe sa Seafrika sa re: “Motho ga a ine diatla tsoopedi mo mogopong wa dijo fela ka go bo a tshwerwe ke tlala.” Mokgwa o o ntseng jalo wa go ja ga o bontshe maitseo e bile o diphatsa—segolobogolo fa o sa itse se se mo mogopong! Lefa go ntse jalo, batho ba bantsi ba itlhophela bodumedi, ba sa bo sekaseke pele ka tlhoafalo, mme ba dirwa ke go kukega maikutlo kana ke ngwao ya lelapa la bone.

Kobamelo e e go kgotsofatsang ka dilo tse o di tlhokang semoyeng e tshwanetse ya nna “tirelo e e boitshepo e e dirwang ka maatla a gago a go akanya.” (Baroma 12:1, NW) O tshwanetse wa e tlhopha ka go bo o e itse, le ka botlhale. Ka gone a re sekasekeng kgang eno ya go itlhophela bodumedi mo maemong a Seafrika. Lefa go ntse jalo, se se latelang se tla kgatlhegelwa ke babadi gongwe le gongwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Moshe o ne a bontsha gore go kgotsofadiwa ka dilo tse re di tlhokang semoyeng go botlhokwa

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Ditiro tsa barongwa ba Labokeresete mo Afrika di dirile gore bangwe ba se ka ba tlhola ba batla go sekaseka Bibela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela