Lefatshe Le Le Botoka—Le Gaufi!
“GO TLHOLOGELELWA paradaise thata ke nngwe ya ditlhologelelo tse di maatla thata tse go lebegang di agile mo megopolong ya batho. E ka nna ya bo e le yone e e maatla le e e tshwenyang go di feta tsotlhe. Go eletsa paradaise ka tsela nngwe go bonala mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa sedumedi,” go bolela jalo The Encyclopedia of Religion.
Go lebega ditso tsotlhe di na le keletso e e tshwanang ya go tshela mo lefatsheng le le botoka, jaaka e kete di lelela sengwe se se ntlentle se se kileng sa bo se le teng mme se sa tlhole se le teng. Seno se akantsha gore gongwe go kile ga nna le paradaise kwa tshimologong, mme e ne e le kwa kae? Ngaka ya tlhaloganyo e ka nna ya bolela gore keletso eno e supa gore motho o batla go boa a ikutlwa a sireletsegile jaaka a ne a ikutlwa mo popelong ya ga mmaagwe. Lefa go ntse jalo, tlhaloso eno ga e kgotsofatse baithuti ba ba ithutang hisitori ya bodumedi.
“Go Tlhologelelwa Paradaise Thata”—Ka Ntlha Yang?
A jaaka bangwe ba akantsha, go nna gone ga tlhologelelo eno go dira fela gore go nne motlhofo go itshokela mathata le nako e khutshwane ya botshelo jwa motho? A kana go na le tlhaloso nngwe e sele?
Ke ka ntlha yang fa motho a eletsa lefatshe le le botoka? Bibela e neela tlhaloso e e phepafetseng e bile e le motlhofo: Motho o tswa kwa lefatsheng le le botoka! Eleruri go kile ga nna le paradaise kwa tshimologong. Lefoko la Modimo le e tlhalosa jaaka “tshimo” e e fa lefelong lengwe kwa Botlhaba Gare, e na le “setlhare señwe le señwe se se kgatlhañ mo matlhoñ, le se se molemō go yewa.” Modimo o ne a e neela batho ba ntlha ba babedi gore ba e tlhokomele. (Genesise 2:7-15) E ne e le boemo jo bo molemolemo jo batho ba neng ba ka itumela thata mo go jone.
Ke ka ntlha yang fa maemo ao a Paradaise a sa ka a nnela ruri? Ka ntlha ya go tsuologa ga sebopiwa sengwe sa semoya go tswa foo go bo go tsuologa le batho ba babedi. (Genesise 2:16, 17; 3:1-6, 17-19) Ka jalo, motho ga a ka a latlhegelwa ke Paradaise fela mme le ke boitekanelo, botsogo, le botshelo jo bo sa khutleng. Maemo ao a neng a simolola go nna gone eleruri ga a ka a tokafatsa botshelo jwa motho. Phapaanong le seo, boemo bo ile jwa nnela maswe go ya pele go fitlha gone jaanong bo setse bo le maswe go feta lefa e le leng pele.—Moreri 3:18-20; Baroma 5:12; 2 Timotheo 3:1-5, 13.
Go Batla Paradaise—Mogopolo O O Tswang Kgakala
Jaaka go bonala sentle, “go tlhologelelwa paradaise thata” go tswa kgakala tota. Batho ba kwa Sumer ba ne ba gopola nako e ka yone go neng go utlwanwa mo lobopong lotlhe: “Go ne go sena poifo, go sena therego, motho a sena mmaba. . . . Lobopo lotlhe, batho ba kopane mmogo, ba galaletsa Enlil ka puo e le nngwe fela,” go ne ga bolela jalo leboko lengwe la bogologolo la kwa Mesopotamia. Ba bangwe, jaaka kwa Egepeto wa bogologolo, ba ne ba solofela gore ba tla bona lefatshe le le botoka morago ga ba sena go swa. Ba ne ba dumela gore moya o o sa sweng o ne o fitlha kwa go se se neng se bidiwa masimo a ga Aaru. Mme lefa go ntse jalo, bobotlana kwa tshimologong fela, tsholofelo eno e ne e le ya batho ba segosi fela; bahumanegi ba ne ba ka se ke ba solofele go bona lefatshe le le itumetseng.
Mo mofuteng o mongwe wa bodumedi, Mahindu a ntse a emetse go tla ga motlha (yuga) wa lefatshe le le botoka ka makgolokgolo a dingwaga. Go ya ka dithuto tsa Sehindu, di-yuga tse nne di nna di ipoeletsa ka modikologo o o sa kgaotseng, mme gone jaanong re tshela mo go o o bosula fela thata. Ka maswabi, bangwe ba bolela gore Kali Yuga (motlha wa lefifi) eno, ka matshwenyego le bokebekwa jwa yone, e tla tswelela ka dingwaga di ka nna 432 000. Lefa go ntse jalo, Mahindu a a ikanyegang a emetse motlha wa boiketlo, Krita Yuga.
Kafa letlhakoreng le lengwe, Bagerika le Baroma ba ne ba eletsa go bona Ditlhaketlhake tsa Masego, tsa tlhamane mo Lewatleng la Atlantic. Mme bakwadi ba le bantsi, ba ba tshwanang le Hesiod, Virgil, le Ovid, ba ne ba bua kaga motlha wa boiketlo wa kwa tshimologong, ba solofela gore o tla busediwa gape letsatsi le lengwe. Go ya kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E., mmoki wa Molatine ebong Virgil o ne a bolelela pele gore go ne go tloga go tla motlha o mosha o o nnelang ruri wa aetas aurea (motlha wa boitumelo). Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela, “babusi ba Roma ba feta lesomethataro ba ne ba bolela gore dipuso tsa bone di ne di tlhomile Motlha wa Boiketlo gape,” go bolela jalo The Encyclopedia of Religion. Mme jaaka re itse sentle gompieno, ao e ne e le mafoko fela a go itirela leina ka tsa bopolotiki.
Batho ba le bantsi ba merafe ya ba-Celt ba ne ba eletsa se ba neng ba akanya gore ke naga e ntle mo setlhaketlhakeng (kana mo segopeng sa ditlhaketlhake) go pota lewatle ka kwa, koo ba neng ba dumela gore batho ba tshela teng ka boitumelo jo bo senang selekanyo. Leinane lengwe le bolela gore, le mororo Kgosi Arthur a ne a gobaditswe gore a bo a swe, o ne a tswelela pele a tshela fa a sena go bona setlhaketlhake se se gakgamatsang se se bidiwang Avalon.
Mo metlheng ya bogologolo le mo Metlheng ya Bogare, batho ba le bantsi ba ne ba akanya gore tota tshimo ya menate ya mmatota, tshimo ya Edena, e ne e santse e le teng felo gongwe, “kwa godimo ga thaba e e ka se palamiweng kana ka kwa ga lewatle le le ka se kgabaganngweng,” go tlhalosa jalo rahisitori Jean Delumeau. Lefa gone mmoki wa Mo-Italy ebong Dante a ne a dumela gore paradaise e kwa legodimong, o ne a akanya gore go ne go santse go na le paradaise ya selefatshe kwa godimo ga thaba ya Pakatori ya gagwe, kwa lefelong le le lebaganeng le motse wa Jerusalema. Bangwe ba ne ba dumela gore e ka bonwa kwa Asia, kwa Mesopotamia, kana kwa Himalaya. Mme mainane ka ga paradaise ya kwa Edena a ne a le mantsi tota mo metlheng ya bogare. Ba le bantsi ba ne ba dumela gore gaufi le paradaise eo, go ne go na le bogosi jo bo duleng diatla jo go neng go busa Moperesite John mo go jone yo o neng a dumetse thata. E re ka paradaise ya mo lefatsheng e ne e le gaufi le bogosi jwa ga Moperesite John, go ne go akanngwa gore botshelo teng bo ne bo le boleele e bile bo itumedisa, go nna go tswa motlele wa dikhumo fela mo go jone. Ba bangwe, ba ba neng ba akantse mainane a Gerika wa bogologolo, ba ne ba santse ba akanya gore ditlhaketlhake tsa paradaise di ne di le kwa Atlantic. Dimmapa tsa metlha ya bogare di ne di bontsha kafa batho ba neng ba tlhomamisa ka gone gore tshimo ya Edena e teng, e bile di supa lefelo le go neng go dumelwa gore e mo go lone.
Mo makgolong a bo15 le a bo16 a dingwaga, batsamai ba ba neng ba kgabaganya Atlantic tota ba ne ba batla lefatshe le le neng le le lesha e bile le le legologolo ka nako e le nngwe fela. Ba ne ba akantse gore go pota lewatle ka kwa, ba ne ba se kitla ba fitlhela ditlhaketlhake tsa Indies fela mme ba ne ba tla fitlhela le tshimo ya Edena. Ka sekai, Christopher Columbus o ne a e batla mo dithabeng tse di mo nageng e e mo magareng ya boboatsatsi ya Amerika Borwa le Amerika Bogare. Batsamai ba kwa Yuropa ba ba neng ba goroga kwa Brazil ba ne ba tlhomamisa gore paradaise e e latlhegileng e tshwanetse ya bo e le gone koo ka gonne boemo jwa loapi bo ne bo ritibetse le dijo le merogo e le ntletsentletse. Lefa go ntse jalo, e ne ya re go ise go ye kae, ba tlamega go lemoga boemo jwa mmatota jo bo sa itumediseng jwa lefelo leo.
Bo-Utopia—A Ke Mafelo A A Molemolemo?
Bangwe ba lekile go rulaganyetsa lefatshe le le molemolemo go na le go leka go le batla kwa karolong nngwe e e kwa kgakala ya lefatshe. Ka jalo, ka 1516, Moesemane mongwe yo o kgatlhegelang matshelo a batho e bong Thomas More o ne a tlhalosa gore setlhaketlhake sa Utopia, lefelo le lentlentle, le le didimetseng, le le le itshokelang mathata, le farologane fela thata le lefatshe le le bosula le ene a neng a le itse. Ba bangwe le bone ba ne ba lekile go rulaganyetsa mafatshe a a botoka, a a itumedisang: ka lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E., Plato ka Repaboliki ya gagwe; ka 1602, mongwe wa lekoko la bodumedi wa Mo-Italy ebong Tommaso Campanella le Motse wa gagwe o o rulagantsweng sentle wa Letsatsi; dingwaga di sekae fela moragonyana, filosofara wa Moesemane Francis Bacon fa a ne a bolela ka “motse o o itumedisang o o golang” wa se a neng a re ke New Atlantis. Fa makgolo a dingwaga a ntse a feta, batho ba mefuta yotlhe ba ba akanyang (e ka tswa e le badumedi kana e se bone) ba ile ba tlhalosa mefuta e mentsintsi ya Bo-Utopia. Lefa go ntse jalo, fa e le gore ba teng ba ba neng ba dumelwa, ba ka tlala seatla fela.
Go ile ga ba ga nna le ba ba neng ba leka go aga Bo-Utopia ba bone. Ka sekai, ka 1824 monna mongwe yo o humileng wa Moesemane, ebong Robert Owen, o ne a dira tshwetso ya gore a fudugele kwa Indiana, U.S.A., gore a tle a diragatse megopolo ya gagwe ka Utopia mo motseng o a neng a o bitsa New Harmony. E re ka a ne a tlhomamisa gore batho ba ne ba ka tokafala fa ba ne ba ka bewa mo maemong a a siameng, o ne a dirisa dithoto tsotlhe tse a neng a na natso go leka go tlhoma se a neng a akanya gore e ka nna lefatshe la boitsholo jo bosha. Mme lefa go ntse jalo diphelelo di ne tsa supa gore maemo a masha a go tshela ga a lekana go tlhagisa batho ba basha.
Mo e batlileng e le megopolo yotlhe ya bopolotiki e tshegetsa ntlha ya gore motho o tshwanetse go rulaganya lefatshe le lesha go ya ka se ene a se itseng le go ya ka se ene a bonang se tshwanetse go tlisa paradaise e e elediwang mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, se se gakgamatsang ke gore maiteko a go batla go fitlhelela dikeletso tse a ile a felela ka dintwa le metlha ya diphetogo, jaaka Diphetogo tsa kwa Fora ka 1789 le Diphetogo tsa Bolshevik ka 1917. Go na le gore maiteko ano a tlise maemo a paradaise, gantsi a ile a dira gore botlhoko le matshwenyego di golele kwa pele.
Dikeletso, dithulaganyo, Bo-Utopia, le maiteko a go di fitlhelela—di felela ka maswabi fela. Mo nakong e re leng mo go yone, bangwe ba bua ka ga “toro e e sa diragadiwang” le “bokhutlo jwa motlha wa boutopia,” ba re kgothatsa gore re “ithute go tshela go sena boutopia.” A go na le tsholofelo epe ya gore go tla tla lefatshe le le botoka, kana le tla nna e ntse e le toro fela?
Bakeresete le Lefatshe Le Le Botoka
Lefatshe le lesha ga se toro le eseng—ke tsholofelo e e tla diragalang tota! Jesu Keresete, Mosimolodi wa Bokeresete, o ne a itse gore lefatshe la gompieno ga se lone le le botoka go gaisa otlhe a a ka nnang teng. O ne a ruta gore lefatshe le ne le tla ruiwa ke batho ba ba pelonomi le gore thato ya Modimo e ne e tla diragala mo go lone. (Mathaio 5:5; 6:9, 10) Ene mmogo le balatedi ba gagwe ba ne ba itse gore lefatshe leno le laolwa ke mmaba wa Modimo, Satane Diabolo, le gore leno ke lone lebaka la konokono la go bo batho ba na le matshwenyego a mantsi thata jaana. (Yohane 12:31; 2 Bakorintha 4:4; 1 Yohane 5:19; Tshenolō 12:12) Bajuda ba ba ikanyegang ba ne ba emetse letsatsi le ka lone Modimo o neng o tla tlosetsa ruri dintwa, botlhoko, le bolwetsi mo lefatsheng gore a le tlatse ka batho ba ba ratang kagiso le tshiamiso. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba leta ba tlhomamisegile gore lefatshe la gompieno le emisediwe ka tsamaiso e ntšha ya dilo, “magodimo a masha le lehatshe ye lesha.”—2 Petere 3:13; Pesalema 37:11; 46:8, 9; Isaia 25:8; 33:24; 45:18; Tshenolō 21:1.
Fa Jesu Keresete a ne a lepeletse mo koteng ya tlhokofatso, o ne a boeletsa tsholofetso ya lefatshe le le botoka fa a bua le modirabosula yo o neng a bontsha tumelo mo go Ene ka selekanyo se se rileng. “Me [Jesu] a mo raya a re: ‘Ruri ke a go bolelela gompieno, ke a re o tla nna le nna mo Paradaiseng.’” (Luke 23:40-43, NW) Modirabosula yoo o ne a tsaya gore mafoko ao a kaya eng? A Jesu o ne a raya gore modirabosula yono o ne a tla ‘nna le ene’ kwa legodimong mo go lone letsatsi leo, jaaka go lebega dithanolo dingwe tsa Bibela ya Katoliki le ya Porotesetanta di kaya? Nnyaa, Jesu o ne a sa reye jalo, ka gonne e ne ya re a se na go tsosiwa a raya Maria Magadalena a re O ‘ne a ise a tlhatlogele kwa go Rara.’ (Yohane 20:11-18) Lefa Jesu a ne a rutile baaposetoloi ba gagwe ka dingwaga di le tharo le sephatlo, pele ga Pentekosete ya 33 C.E., le bone tota ba ne ba ise ba ko ba akanyetse go tshela mo paradaiseng ya selegodimo. (Ditihō 1:6-11) Modirabosula yoo o ne a tlhaloganya se bontsi jo bogolo jwa Bajuda ba ba neng ba tshela ka nako eo bo neng bo ka se tlhaloganya: Jesu o ne a solofetsa gore go ne go tla tla lefatshe le le botoka mo paradaiseng ya lefatshe. Moithuti mongwe wa Mojeremane o ne a bolela gore: “Thuto ya gore go na le tuelo nngwe fa motho a sena go swa ruri ga e yo mo Tesetamenteng E Kgologolo.”
Moaposetoloi Paulo o ne a supela gore go ne go tla nna le paradaise mo lefatsheng la rona mo lokwalong lo a neng a lo kwaletse Bahebera. Fa a ne a kgothaletsa badumedikaene gore ba se ka ba ‘tlhokomologa poloko e kgolo e go simolotseng go buiwa ka yone ka Jesu Keresete,’ Paulo o ne a tlhomamisa gore Jehofa Modimo o ne a neela Jesu puso mo godimo ga “lefatshe le le nniwang ke batho [Segerika, oi·kou·meʹne] le le tla tlang.” (Bahebera 2:3, 5, NW) Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, ka metlha lefoko oi·kou·meʹne le lebisa go lefatshe la rona le nniwa ke batho, eseng go lefatshe lengwe la selegodimo. (Bapisa Mathaio 24:14; Luke 2:1; 21:26; Ditihō 17:31.) Ka jalo, Bogosi jwa Modimo ka fa tlase ga taolo ya ga Keresete Jesu bo tla laola lefatshe le le nniwang ke batho. Ruri leo e tla bo e le lefelo le le molemolemo go nna mo go lone!
Le fa gone Bogosi e le jwa selegodimo, bo tla tsenelela mo dikgannyeng tsa lefatshe. Go tla felela ka eng? Bogole, bosetlhogo, lehuma, le loso tsotlhe di tla bo di fetetse ruri. Le eleng go hutsafala le go sa kgotsofale go tla fela. (Tshenolō 21:3-5) Bibela e bolela gore ‘Modimo o tla huporolola seatla sa gagwe mme a kgorise keletso ya ditshedi tsotlhe.’ (Pesalema 145:16) Mathata a a tshwanang le go tlhoka ditiro le kgotlelo a tla rarabololwa sentle le gone ka bosakhutleng. (Isaia 65:21-23; Tshenolō 11:18) Mme mo godimo ga tsotlhe, ka thuso ya masego a Modimo, go tla fenya boammaaruri, tshiamiso, le kagiso—dinonofo tse go setseng go lebega e kete di nyeletse!—Pesalema 85:7-13; Bagalatia 5:22, 23.
A seno sotlhe ke toro fela, ke Utopia? Nnyaa, metlha eno e e tlhokofatsang go feta le fa e le leng pele e re tshelang mo go yone e supa gore re mo “metlheñ ea bohèlō” ya lefatshe leno le gore lefatshe le lesha le gaufi. (2 Timotheo 3:1-5) A o ka rata go nna mo go lone? Ithute gore o ka kgona go dira jalo jang ka go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Lefatshe le le botoka le gaufi, le le botoka ka tsela e e gaisang kgakala epe e re kileng ra e akanya. Ga se Utopia—ke selo sa mmatota!
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Lefatshe le le botoka—le tla tloga le tla ka mmatota