LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 4/1 ts. 3
  • Lefatshe Le Le Botoka—A Ke Toro Fela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe Le Le Botoka—A Ke Toro Fela?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefatshe Le Le Botoka—Le Gaufi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditshedi Tse Di Sa Tsheleng mo Polaneteng Eno—Dilo Tseo Go Sa Bolong go Akanngwa Gore Di Gone go Tloga Bogologolo
    Tsogang!—1990
  • A Ditoro di ka Bolelela Pele ka Isagwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A Ditoro ke Melaetsa e e Tswang Kwa Modimong?
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 4/1 ts. 3

Lefatshe Le Le Botoka—A Ke Toro Fela?

FA O ne o kile wa nna molatedi wa thuto ya Mazdaism e e rerwang ke moperofeti Zoroaster wa Iran, o ka bo o emetse letsatsi le ka lone lefatshe le neng le tla boa le nna lentle jaaka kwa tshimologong. Fa o ne o tshedile kwa Greece wa bogologolo, gongwe o ka bo o ile wa eletsa go bona Ditlhaketlhake tsa Masego tse di ntlentle kana go bona Motlha wa Boiketlo, o o tlhalositsweng ke mmoki Hesiod mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., o boa gape. Moindia wa Mo-Guaraní kwa Amerika Borwa o ka nna a bo a santse a senka Naga E E Senang Bosula. E re ka o tshela mo motlheng wa rona, gongwe o solofela gore lefatshe le tla tokafala ka thuso ya megopolo mengwe ya bopolotiki kana ka ntlha ya kitso ya segompieno ka ditshedi le tikologo ya tsone.

Motlha wa Boiketlo, Ditlhaketlhake tsa Masego, Naga E E Senang Bosula—ano ke mangwe a maina a mantsi a a dirisediwang go tlhalosa keletso e le nngwe fela, tsholofelo ya lefatshe le le botoka.

Lefatshe leno, lefatshe la rona, ruri ga se lefelo le le molemo. Bokebekwa jo bo ntseng bo oketsega ka bosetlhogo jwa jone, dintwa tsa selegae tse di setlhogo go gaisa le fa e le leng pele, go ganyaolwa ga ditlhopha tsa lotso kana bopolotiki, go sa amege fa ba bangwe ba sotlega, tlala le leuba, go tlhoka ditiro le go tlhoka kutlwano, mathata a tikologo, malwetsi a a sa alafegeng a a amang dimilione tsa batho—lenaane la mathata a a leng teng gompieno le lebega le sa fele. Mokwaladikgang mongwe wa kwa Italy o ne a bolela jaana fa a ne a akantse ka dintwa tse di lowang gone jaanong: “Potso e mongwe a ka e ipotsang fela ke gore a mo motlheng wa rona letlhoo ga se lone boikutlo jo bo maatla go gaisa a mangwe.” Fa o leba boemo jono, a o akanya gore go na le tlhaloganyo go eletsa sengwe se se farologaneng, sengwe se se botoka? A kana keletso e e ntseng jalo ke go eletsa Utopia, (lefelo le le ikgopolelwang fela la boiketlo) toro e e ka sekeng e direge le ka motlha? A re tshela mo lefatsheng le le molemolemo go gaisa otlhe a a neng a ka nna gone?

Ga se lantlha batho ba tshwenyega jalo. Batho ga ba bolo go eletsa ka makgolokgolo a dingwaga lefatshe le mo go lone go tla renang kutlwano, tshiamiso, khumo, le lorato. Fa nako e ntse e ya, borafilosofi ba le mmalwa ba ne ba tlhalosa ka botlalo se ba se akanyang ka Mebuso ya konokono, mafatshe a a botoka. Mme ka maswabi, le ka motlha ga ba ise ba kgone go tlhalosa gore go dirwa jang gore e atlege.

A lenaane leno le le saleng le nna gone makgolokgolo a dingwaga la dikeletso, Bo-Utopia, le dikeletso tsa motho tsa setšhaba se sesha le ka re ruta sengwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

A leno ke lone lefatshe le le botoka go gaisa otlhe a a ka nnang teng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela