LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 2/1 ts. 25-29
  • A O Fa Ba Bangwe Seriti Fa O Ba Gakolola?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Fa Ba Bangwe Seriti Fa O Ba Gakolola?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshwanelo ya Motho ya Tlholego ya Gore A Nne le Seriti
  • Jehofa O Bopile Motho A Na Le Seriti Ka Tlholego
  • Melaometheo E E Tshegetsang Seriti
  • Naya Ba Bangwe Seriti—O Ganetse Diabolo
  • Tlotla Jehofa ka go Bontsha Seriti
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A o Tlotla Seriti sa Bone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Go ka Kgonega Gore Batho Botlhe ba Nne le Seriti
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Tshwanelo ya Batho ya go Nna le Seriti—Gantsi e a Tlhokomologiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 2/1 ts. 25-29

A O Fa Ba Bangwe Seriti Fa O Ba Gakolola?

ABO go le molemo jang e bile go le mosola go gakololwa ka seriti! “Go gakolola motho ka bopelontle, ka go akanyetsa, ka go amega, go dira gore lo dirisane sentle mmogo,” go bolela jalo Edward. “Go nna motlhofo thata go amogela kgakololo fa o bona gore yo o go gakololang o a go tlotla ka go bontsha gore o rata go reetsa gore wena o ikutlwa jang,” go rialo Warren. “Fa motho yo o nkgakololang a dirisana le nna ka go ntlotla, ke ikutlwa ke sa tshabe go ya go kopa kgakololo mo go ene,” go akgela jalo Norman.

Tshwanelo ya Motho ya Tlholego ya Gore A Nne le Seriti

Eleruri, kgakololo e e neelwang ka moya o montle, ka botsalano, le ka lorato e a ratega. Go botlhokwa go gakolola batho ba bangwe ka tsela e wena o batlang go gakololwa ka yone. (Mathaio 7:12) Motho yo o gakololang sentle o ipha nako ya go reetsa gape o leka go tlhaloganya yo o gakololwang—kafa a akanyang ka teng, boemo jo a leng mo go jone, le kafa a ikutlwang ka gone—go na le go tshwaya diphoso le go kgala.—Diane 18:13.

Bagakolodi ba gompieno, go akaretsa bagolwane ba Bakeresete, ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba neela ba bangwe seriti fa ba ba gakolola. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya lebaka fela la gore go tlwaelegile thata mo setšhabeng go dirisana le ba bangwe ka tsela e e ba digang seriti. Boikutlo jono bo a tshelanwa. Gantsi bone batho ba o neng o ka solofela gore ba go tshware ka tsela e e go nayang seriti, ke bone ba ba sa direng jalo, e ka tswa e le barutegi, baeteledipele ba bodumedi, kana ba bangwe. Ka sekai, fa motho a ntshiwa mo tirong seno se utlwisa mothapi le mothapiwa ka bobedi botlhoko fela thata e bile go ba tshwenya thata mo maikutlong. Go dira gore motho a ipone e se wa sepe, bogolo jang fa yo o ntshiwang mo tirong a sa tshwarwe ka tsela e e nayang seriti. Mo boemong jono baetapele ba tshwanetse ba ithuta go fetisa “molaetsa ono o o botlhoko sentle, o se mafoko mantsi e bile e le ka tsela e e masisi, le gone e sa dige seriti sa motho yoo,” go bega jalo The Vancouver Sun. Ee, batho botlhe ba tshwanelwa ke go tshwarwa ka tsela e e nayang seriti.

General Assembly ya Lekgotla la Merafe E E Kopaneng e bolela jaana: “Batho botlhe ba tsalwa ba gololesegile e bile ba lekana ka seriti le ditshwanelo. Ba filwe tlhaloganyo le segakolodi mme ba tshwanetse ba dirisana mmogo jaaka bana ba motho.” E re ka seriti sa motho se le mo kotsing, go a utlwala go bo Melao ya Lekgotla la Merafe E E Kopaneng le tlhaloso ya Boipolelo jwa Lobopo Lotlhe jwa Ditshwanelo tsa Batho di tsaya nonofo eno e le ya botlhokwa. Di “dumela gore motho o na le ditshwanelo tsa setho tsa konokono, seriti le boleng.”

Jehofa O Bopile Motho A Na Le Seriti Ka Tlholego

Jehofa ke Modimo wa seriti. Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng le bolela sentle jaana, “Tlotlō e ha pele ga gagwè, le borèna,” le bo le re, “Seriti [sa Gagwe] se bolelwa godimo ga magodimo.”—1 Ditihalō 16:27; Pesalema 8:1, NW.

Jaaka Modimo o o nang le seriti e bile a le Molaodi wa Lobopo, o neela dibopiwa tsa gagwe tsotlhe seriti, tsa selegodimo le tsa selefatshe. Mongwe yo o tlhomologileng wa ba ba neilweng tlotlo jalo ke Morwawe yo o galaleditsweng e bile a busa, Kgosi, Keresete Jesu. “U baea tlotlō le borèna mo go èna,” go ne ga kwala jalo Dafide ka tsela ya boperofeti.—Pesalema 21:5; Daniele 7:14.

Ka maswabi, tshwanelo eno ya motho ya motheo e ile ya gatakiwa fela mo hisitoring yotlhe. Moengele mongwe yo o nonofileng, yo o ileng a nna Satane Diabolo ka ntlha ya ditiro tsa gagwe, o ne a gwetlha bolaodi jwa Modimo gore a bo a tshwanela, bo siame, le gore a bo a tlhokega. Ka go dira jalo o ne a bontsha Jehofa lonyatso a ba a tlontlolola leina la Gagwe le le nang le seriti a ntse a gwetlha tshwanelo ya Gagwe ya go busa. O ne a ipha seriti se se feteletseng. Fela jaaka Diabolo, babusi ba ba nonofileng ba batho, ba ba tshwanang le Nebukadenesare wa metlha ya Bibela, ba ile ba ikgantsha ka ‘maatla a bone le borena jwa bone.’ Ba tlhapaditse seriti sa ga Jehofa, ba itseela seriti ka tsela ya go feteletsa dilo. (Daniele 4:30) Puso ya ga Satane e e gatelelang, e e sitlhameditsweng mo bathong, e ile ya tlhasela seriti sa batho mme e tsweletse pele ka go dira jalo.

A o kile wa tlontlololwa seriti? A e kile ya re o gakololwa, wa dirwa gore o ikutlwe o le molato mo go feteletseng, o tlhabilwe ke ditlhong, o tlontlolotswe, kana o isitswe kwa tlase? “Ke ne ke sa utlwe a amega, a tlhomoga pelo, kana a mpha seriti. O ne a dira gore ke ikutlwe ke sena mosola,” go bolela jalo André a ba a oketsa ka go re: “Seno se ile sa dira gore ke ikutlwe ke swabile le gone ke akanya thata, tota e bile ke tshwenyegile thata mo maikutlong.” “Go thata go amogela kgakololo e tswa mo mothong yo o bonang a sa amege ka wena,” go bolela jalo Laura.

Ka lebaka leo, balebedi ba Bakeresete ba kgothadiwa gore ba tshware letsomane la Modimo ka tlotlo. (1 Petere 5:2, 3) Fa go tsoga maemo a mo go one go tlhokegang e bile go le mosola go gakolola ba bangwe, o ka itshireletsa jang gore o se ka wa akanya le go ikutlwa jaaka banna ba lefatshe ba ba digang seriti sa batho ba bangwe, kwantle ga go tikatika? Ke eng se se ka go thusang gore o boloke seriti sa Bakeresete ka wena, mmogo le sa gago?—Diane 27:6; Bagalatia 6:1.

Melaometheo E E Tshegetsang Seriti

Lefoko la Modimo le bua sengwe ka kgang eno. Mogakolodi yo o nang le bokgoni o tla ikanya kgakololo ya Lefoko la Modimo ka botlalo, go na le go leba kwa botlhaleng jwa lefatshe leno. Dikwalo tse di Boitshepo di na le kgakololo e e tlhwatlhwakgolo. Fa di latelwa, di neela mogakolodi mmogo le yo o kaelwang seriti. Ka jalo, kaelo e Paulo a neng a e neela molebedi wa Mokeresete ebong Timotheo e ne e le gore: “U se ka ua kgalemèla mogolwane, me u mo laeè yaka ha e ka bo e le rrago; le makau yaka bomonnao: Basadi ba ba godileñ u ba laeè yaka ha e ka bo e le bommaago; le barweetsana yaka bokgantsadio, ka boitshèkō yotlhe.” (1 Timotheo 5:1, 2) A bo go ka tilwa bohutsana, kutlobotlhoko, le ditlhong jang ne fa ditekanyetso tseno di tshegediwa!

Ela tlhoko gore tsela e o ka atlegang fa o neela kgakololo ka yone ke go tlotla motho yo mongwe yoo le tshwanelo ya gagwe ya gore a tshwarwe ka tsela e e nayang seriti e bile e bontsha go amega. Bagolwane ba Bakeresete, go akaretsa balebedi ba ba etang, ba tshwanetse ba leka go latela kgakololo eno, ba leka go bona gore ke ka ntlha yang fa yo o tlhokang go gakololwa a akanya ka tsela e a akanyang ka yone le go dira dilo ka tsela e a di dirang ka yone. Ba tshwanetse ba batla go utlwa gore ene o bona dilo jang ba bo ba leke ka natla yotlhe gore yo o thusiwang yono a se ka a tlhabisiwa ditlhong, a isiwa kwa tlase, kana a tlontlololwa.

Jaaka mogolwane, dira gore mokaulengwe wa gago a itse gore o amega ka ene e bile o batla go mo thusa mathata a gagwe. Ngaka e e molemo e dira jalo fa o tlile mo ntlwaneng ya yone gore e go tlhatlhobe mo mmeleng. O ka ikutlwa o tlhajwa ke ditlhong e bile o tlontlolotswe fa o ka ipona o apola diaparo tsa gago mo teng ga ntlwana e go senang ope yo o go kgathalelang le go go bontsha botsalano mo go yone. A bo o ka itumela jang ne fa ngaka e ka go bontsha gore e amega ka seriti sa gago ka go go apesa seaparo se se bipang fa e ntse e go tlhatlhoba kafa go tlhokegang ka gone go bona gore bolwetsi jwa gago ke bofe! Ka tsela e e tshwanang, mogakolodi wa Mokeresete yo o bontshang tlotlo e e tshwanetseng mo mothong o pelontle e bile ga a fetofetoge, mme lefa go ntse jalo o apesa motho yo o gakololwang ka seriti. (Tshenolō 2:13, 14, 19, 20) Go fapaana le seo, motho yo o go gakololang ka bogale, a sa go bontshe botsalano, lefa e le botho o go dira gore o ikutlwe jaaka e kete o apotswe diaparo ka tsela ya tshwantshetso mo go dirang gore o ikutlwe o le ditlhong, o tlontlolotswe, e bile o apotswe seriti sa gago.

Balebedi ba Sekolo sa Bodihedi sa Puso ya Modimo ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go ela tlhoko gore ba gakolola batho ka seriti. Fa ba gakolola batho ba ba godileng, ba tshwanetse go bontsha lorato lo lo tshwanang le lo ba neng ba ka lo bontsha batsadi ba bone ba senama. Ba tshwanetse go amega, go nna botsalano, le go nna lorato. Kamego e e ntseng jalo e botlhokwa. E dira gore go nne le moya o o tlhotlheletsang gore go neelwe go bo go amogelwe kgakololo sentle.

Bagolwane, gakologelwang gore kgakololo e e tshwanetseng e a gomotsa, e a kgothatsa, e a aga, gape e molemo. Baefesia 4:29 e re: “A go se cwe puō epè e e bodisañ mo melomuñ ea lona, ha e se e e molemō hèla go agèlèla kaha go tlhōkahalañ ka gōna, gore e tlè e neè ba ba utlwañ letshegō.”

Ga go tlhokege gore o dirise mafoko, kana puo e e bogale, kana go baya mabaka ka bogale. Go na le moo, go tlotla motho yoo le go eletsa gore a tswelele pele a itlotla e bile a na le seriti go go tlhotlheletsa gore o bue ka tsela e e tshwanetseng, e e agang. Sengwe le sengwe se o se buang, se pate ka kakgolo ya mmatota e e tswang mo pelong o mo akgolela dintlha kana dinonofo tsa gagwe tse di molemo, go na le go gatelela dilo tse di dirang gore a ikutlwe a swabile e bile a sena mosola. Fa o direla jaaka mogolwane, dirisa ‘thata ya gago go aga e seng go rutlolola.’—2 Bakorintha 10:8.

Ee, kgakololo nngwe le nngwe e e tswang mo balebeding ba Bakeresete e tshwanetse ya fa batho kgothatso e ba e tlhokang, ya ba neela se se molemo. Ga e a tshwanela go kgoba marapo kana go ‘tshosa.’ (2 Bakorintha 10:9) Le ene motho yo o dirileng phoso e e masisi o tshwanetse go neelwa tlotlo le seriti ka selekanyo se se rileng. O tshwanetse go neelwa kgakololo e e lekanetseng, ya mafoko a a layang a a buiwang ka bonolo le mororo e le a a gagametseng gore a mo kgothaletse gore a ikwatlhae.—Pesalema 44:15; 1 Bakorintha 15:34.

Go botlhokwa he, go bo Molao wa Modimo kwa Iseraele o ne o na le melaometheo yone e. O ne o letla gore motho a neelwe kgakololo le eleng kotlhao ya mo mmeleng, mme a ntse a fiwa tshwanelo ya gagwe ka namana ya gore a nne le selekanyo se se rileng sa seriti. Motho o ne a tshwanetse go kgwathisiwa “palō ea dithupa e le kaha tshiamololoñ ea gagwè,” mme go sa tshwanela gore go fetisiwe selekanyo. Go ne go beilwe palo e e sa tshwanelang go tlolwa ya dithupa gore yo o dirileng phoso a se ka “a kaiwa selō hèla.”—Duteronome 25:2, 3.

Gape Jesu o ne a amega ka maikutlo a badiraphoso ba ba ikwatlhayang. Isaia o ne a perofeta jaana kaga gagwe: “Lotlhaka lo lo phitsegileñ ga a ketla a lo rōba, le lodi lo lo kukèlañ ga a ketla a lo tima: o tla ntsha tshiamishō mo boamarureñ.”—Isaia 42:3; Mathaio 12:17, 20; Luke 7:37, 38, 44-50.

Se sengwe gape se se gatelelang kafa kutlwelobotlhoko e tlhokegang ka gone ke mafoko a ga Jesu a mo Therong ya mo Thabeng a a reng: “Cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.” (Mathaio 7:12) Molaomotheo ono o botlhokwa thata mo go rotloetseng batho gore ba nne le dikamano tse dintle le ba bangwe mo eleng gore gantsi o bidiwa Molao wa Sekagauta. Jaaka mogolwane wa Mokeresete, molaomotheo ono o ka go thusa jang gore o dirisane le ba bangwe ka bopelontle le ka seriti fa o ba gakolola?

Gakologelwa gore le wena o dira diphoso. Jaaka Jakobe a ne a bolela, “re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le dintsi.” (Yakobe 3:2) Fa o ka gakologelwa seno o tla thusega gore o laole mafoko a gago le maikutlo a gago fa go tlhokega gore o bue le ba bangwe kaga diphoso tse ba di dirileng. Ela tlhoko gore ba amega fa go rileng. Seno se tla go thusa gore o tile go tshwaya diphoso mo go feteletseng, go tlhokomela diphoso kana ditlhaelo tse dinnye fela. Jesu o ne a gatelela seno fa a ne a re: “Lo se ka loa sekisa, gore lo se sekisiwe. Gonne tshekishō e lo sekisañ ka eōna, lo tla sekisiwa ka eōna: le selekanyō se lo lekanyañ ka shōna lo tla lekanyediwa ka shōna.”—Mathaio 7:1, 2.

Naya Ba Bangwe Seriti—O Ganetse Diabolo

Maano a ga Satane a diretswe go go diga seriti, go dira gore o ikutlwe o tlhabilwe ke ditlhong, o se na mosola, e bile o itlhobogile. Ela tlhoko kafa a neng a roma motho ka gone gore a leke go dira gore Jobe yo o ikanyegang a nne le maikutlo a a phoso. Elifase yo o neng a tletse boitimokanyo o ne a re: “[Jehofa ga a] ikanye batlhanka ba [gagwe]; le baengele ba [gagwe ba ba boitshepo o tla a] ba nee molato oa boeleele. Bogolo yañ bōnè ba ba agileñ mo matluñ a serètsè, a mothèō oa aōna o leñ mo loroleñ, a a phatlakañwañ yaka serurubèlè.” (Yobe 4:18, 19) Ka jalo, go ya ka ene, Jobe o ne a se na mosola ope mo Modimong go feta serurubele. Eleruri, mo boemong jwa gore kgakololo ya ga Elifase le ditsala tsa gagwe e kgothatse, e ne e ka dira gore Jobe a sale a sa gopole le tsone dinako tse di itumedisang tsa bogologolo tota. Kafa bone ba neng ba leba dilo ka gone, go ikanyega ga gagwe ga nako e e fetileng, go thapisa ba lelapa, kamano ya gagwe le Modimo, le dimpho tsa boutlwelobotlhoko di ne di sena mosola.

Gompieno le gone, batho ba ba dirileng diphoso mme ba ikwatlhaya gantsi ba ikutlwa jalo, mme go na le kotsi ya gore ‘ba nyelediwe ke go hutsahala thata.’ Bagolwane, fa lo gakolola batho ba ba ntseng jalo, ba ‘tlhomamisetseng gore lo a ba rata’ ka go ba letla gore ba boloke selekanyo se se rileng sa seriti. (2 Bakorintha 2:7, 8) “Fa o tshwarwa ka tsela e e digang seriti seno se dira gore o thatafalelwe ke go amogela kgakololo,” go bolela jalo William. Go botlhokwa go nonotsha tumelo ya bone ya gore ba botlhokwa mo matlhong a Modimo. Ba gakolole gore Jehofa ‘ga a tshiamololo ya go re, a ka lebala tiro ya bone, le go rata leina la gagwe mo ba go bonweng’ mo dingwageng tse di fetileng ba ntse ba direla ka boikanyegi.—Bahebera 6:10.

Ke dintlha dife tse dingwe tse di ka go thusang gore o neele ba bangwe seriti fa o neela kgakololo? Lemoga gore batho botlhe ba na le tshwanelo ya tlholego ya gore ba nne le seriti, e re ka ba dirilwe mo tshwanong ya Modimo. Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba ba tsaya e le ba botlhokwa; dilo tse pedi tse ba di baakanyeditsweng e leng thekololo le tsogo di supela ntlha eo. Jehofa o okeletsa Bakeresete seriti ka go ba ‘abela tiro nngwe,’ a ba dirisa gore ba kgothatse kokomane e e boikepo gore e agisane le Modimo.—1 Timotheo 1:12.

Bagolwane, gakologelwang gore bontsintsi jwa bakaulengwe ba lona ba Bakeresete e tla nna maloko a motheo wa setšhaba se sesha sa batho mo lefatsheng le le phepafaditsweng. Jaaka e le batho ba ba botlhokwa jalo e bile ba le tlhotlhwakgolo, ba tshwanelwa ke go neelwa tlotlo. Fa o ba fa kgakololo, gakologelwa kafa Jehofa le Jesu ka bobedi jwa bone ba amegang ka bone ka gone, mme o tswelele pele o dira seabe sa gago go thusa bakaulengwe ba gago gore ba nne ba ntse ba na le seriti le go ikutlwa ba na le mosola le fa Satane a ba tlhasela.—2 Petere 3:13; bapisa 1 Petere 3:7.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Kgakololo E E Nayang Seriti

(1) Akgola ka mmatota e bile go tswa pelong. (Tshenolō 2:2, 3)

(2) Reetsa ka kelotlhoko. Tlhalosa ka phepafalo le ka bonolo gore bothata ke bofe le lebaka la gore o bo o neela kgakololo. (2 Samuele 12:1-14; Diane 18:13; Tshenolō 2:4)

(3) Kgakololo ya gago e nne e e tswang mo Dikwalong. Bua se se molemo, o naya mabaka, o kgothatsa, mme o bontshe pelotlhomogi. Dira gore yo o gakololwang a sale a ntse a na le seriti e bile a ipona a na le mosola. (2 Timotheo 3:16; Tito 3:2; Tshenolō 2:5, 6)

(4) Tlhomamisetsa motho yo o gakololwang gore o tla segofadiwa fa a ka amogela a bo a dirisa kgakololo eno. (Bahebera 12:7, 11; Tshenolō 2:7)

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go tlotla seriti sa batho ba bangwe fa ba ba gakolola

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela