Go Tlhokomela Batsofe—Dikgwetlho le Kafa go Duelang ka Teng
SHINETSU, modihedi wa Mokeresete, o ne a ipelela tiro eno ya gagwe thata. Lelapa la gagwe la maloko a le mararo le ne le akaretsa mmaagwe mosadi wa gagwe. Ba ne ba itumelela go dira mmogo le phuthego e e potlana ya Basupi ba ga Jehofa, ba ruta batho Bibela, go fitlha letsatsi lengwe fa a ne a kopiwa gore a akanyetse tiro ya go eta le mosadi wa gagwe ba etela diphuthego tse dingwe. Go ne go tla ba tlhoka gore ba nne ba tswa mo lefelong le lengwe go ya go le lengwe beke nngwe le nngwe. O ile a itumedisiwa thata ke go lebelela seo, lefa go le jalo ke mang yo o neng a tla tlhokomela Mmè?
Malapa a le mantsi e tla re kgabagare a bo a lebagane le kgwetlho e e tshwanang—tsela e e molemolemo ya go tlhokomela batsadi bao ba tsofalang. Ka gale ga se gantsi go akanngwang thata kaga kgang eno ka nako ya fa batsadi ba santse ba itekanetse sentle ebile ba santse ba dira. Go ntse go le jalo, dilo di sekae di ka supa gore jaanong ba simolola ba tsofala, dilo tse di ntseng jaaka matsogo a a teteselang fa ba leka go somela tlhale mo nnaleteng kana go lebala thata fa ba leka go ikgakolola gore ba beile kae selo se se rileng. Lefa go le jalo, gantsi kotsi kana bolwetsi jwa tshoganetso ke jone bo dirang gore motho a simolole go lemoga dilo tseo ba di tlhokang. Sengwe se tshwanetse sa dirwa.
Kwa dinageng dingwe batsadi bao ba santseng ba itekanetse sentle mo mmeleng ba rata thata gore ba tshele dingwaga tsa bone tsa bogodi le balekane ba bone ba lenyalo go na le gore ba nne le bana ba bone. Kwa dinageng tse dingwe, tse di ntseng jaaka tse dintsi tsa kwa Botlhaba le dinaga tsa Afrika, ke tlwaelo gore batsadi bao ba setseng ba tsofetse ba nne le bana ba bone, segolobogolo morwa wa bone wa maitibolo. Go ntse jalo segolobogolo fa mongwe wa batsadi a lwala thata a nna fela mo diphateng. Ka sekai, kwa Japane, mo go bao ba leng dingwaga tse 65 le go feta ba lwala thata ebile ba nna mo diphateng ka selekanyo se se rileng, mo e ka nnang ba le 240 000 ba bone ba tlhokomelwa kwa gae ke malapa a bone.
Ke Se Se Tshwanetseng Go Dirwa go ya ka go Batla go Dira Se Se Siameng le ka Dikwalo
Le mororo re tshela mo nakong e mo go yone batho ba le bantsi ba fetogileng “baithati,” ba “sena loratō loa tlholegō,” gone ka phepafalo re tshwanetse go dira dilo go ya ka go batla go dira se se siameng le ka ntlha ya Dikwalo go tlhokomela batsofe ba rona. (2 Timotheo 3:1-5) Tomiko, yo o tlhokomelang mmaagwe yo o setseng a godile, yo o tshwerweng ke bolwetsi jwa Parkinson, o ile a tlhalosa ka tsela eo a ikutlwang a tlamega ka yone go ya ka go batla go dira se se siameng fa a ne a bua jaana ka mmaagwe: “O ne a ntlhokomela ka dingwaga tse 20. Mme gone jaanong ke batla go mo direla se se tshwanang le nna.” Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a gakolola jaana: “Reetsa rrago eo o gu tsetseñ, u bo u se ka ua nyatsa mmago ha a cohetse.”—Diane 23:22.
Fa motsadi yo o sa dumeleng a ila bodumedi jwa gago seo ga se go golole gore o seka wa dira selo seno se se laelwang ke Dikwalo. Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ile a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Me ha moñwe a sa tlamele ba ga gabō, bogolo ba e leñ ba ntlo ea gagwè, o latotse tumèlō, me o boshula go gaisa eo o sa dumeleñ.” (1 Timotheo 5:8) Jesu o ne a re tlhomela sekao pele fela ga a ka swa ka nako ya fa a ne a dira tiro ya bofelo a rulaganyetsa gore mmaagwe a sale a tlhokometswe ke mongwe.—Yohane 19:26, 27.
Go Itepatepanya le Mathata a Gone
Botlhe mo lelapeng ba tshwanelwa ke gore ba dire diphetogo tse dintsi fa malapa a boa a kopana gape morago ga go nna dingwaga di le dintsi a kgaogane. Diphetogo tse di ntseng jalo di tlhoka selekanyo se segolo sa lorato, bopelotelele, le go tlhaloganyana. Fa morwa wa maitibolo, kana morwa yo mongwe fela kgotsa morwadi, a fudusetsa lelapa la gagwe kwa legaeng la batsadi ba gagwe, seemo sotlhe sa lelapa se fetoga gotlhelele. Ba ka tshwanelwa ke go lebagana le tiro e ntšha, bana ba tshwanelwa ke go tsena kwa sekolong se sesha, le go simolola go tlwaelana le baagisani ba basha. Gantsi seno se oketsa ditiro tsa mmalapa.
Go ka nna thata fela jalo le ka batsadi go tlwaelana le seemo seno. Ba ka nna ba tswa ba ne ba setse ba tlwaetse go nna ba le nnosi, ba tlwaetse go nna go sena modumo, ebile ba gololesegile go dira seo ba se ratang; jaanong ba tla tshwanelwa ke go itshokela modumo wa ditlogolwana tse di matlhagatlhaga le ditsala tsa tsone. Ba ne ba setse ba tlwaetse go itirela ditshwetso mme ba ka nna ba se ka ba rata fa mongwe a leka go ba bolelela gore ba dire eng ba se ka ba dira eng. Batsadi ba le bantsi ka ntlha ya go bonela pele gore go tla tla nako ya gore malapa a bomorwaabone a tle go nna le bone, ba ile ba ikagela matlwana a bone a kwa thoko kana ba ikagela matlwana gaufi le ntlwana eo ba tlileng go nna mo go yone, gore botlhe ba nne le kgololesego ka selekanyo se se rileng.
Fa ntlo e le potlana, go ka tlhokega gore go dirwe diphetogo tse dikgolo e le gore ba ba fudugelang fa gae ba tle ba nne le fa ba ka nnang gone. Mmè mongwe o ne a swa ka ditshego fa a gakologelwa tsela eo bomorwadie ba banè ba neng ba kgopisegile ka gone ka ntlha ya go bo go ne ga fodusediwa dilwana tsa ntlo le dilo tse dingwe mo phaposing ya bone ya borobalo e le gore mmaabomogolo yo o dingwaga tse 80 a tle a kgone go nna le fa a ka nnang gone. Go ntse go le jalo, bontsi jwa mathata ano gantsi a kgona go rarabologa ka boone fa botlhe ba simolola ba tlhaloganya botlhokwa jwa go dira diphetogo le go gakologelwa kgakololo ya Bibela ya gore lorato “ga lo ko lo ipatlèla hèla.”—1 Bakorintha 13:5, NW.
Go Latlhegelwa Ke Kgololesego
Mosadi wa Mokeresete yo monna wa gagwe a seng mo tumelong e le nngwe le ene a ka tlelwa ke bothata jo bo masisi fa monna wa gagwe a ka dira tshwetso ya gore lelapa la gagwe le fudugele kwa batsading ba gagwe. Matsapa a go tlamela lelapa a ka nna a dira gore a se ka a kgona go lekalekanya maikarabelo a gagwe a Bokeresete le ditiro tsa gagwe tsa lelapa. Setsuko o ne a re: “Monna wa me o ne a ikutlwa gore go kotsi go tlogela mmaagwe yo tlhaloganyo ya gagwe e neng e sa tlhole e dira sentle ka ntlha ya botsofe a le nnosi mo gae, mme o ne a batla gore ke nne kwa gae ka dinako tsotlhe. Fa ke ne ke leka go ya kwa dipokanong, o ne a kgopisega ebile a ngongorega. Kwa tshimologong, ka ntlha ya tsela eo ke godisitsweng ka yone jaaka Mojapane, le nna ke ne ke bona go le phoso go mo tlogela a le nnosi. Lefa go le jalo, e ne ya re fa nako e ntse e ya, ka lemoga gore bothata jono bo ka rarabololwa.”
Hisako o ne a na le bothata jo bo tshwanang. “Ka nako ya fa re ne re fudugela kwa lelapeng laabo monna wa me,” o bega jalo, “ka ntlha ya go bo a ne a tshaba seo balosika ba neng ba tla se akanya, o ne a batla gore ke fetole bodumedi jwa me le go lesa go tlhola ke dira ditiro tsa bodumedi jwa me. Se se ileng sa dira seemo maswe le go feta, ka Bosontaga balosika bao ba neng ba nna gaufi ba ne ba tla go eta, go nna thata gore ke kgone go ya kwa dipokanong. Mo godimo ga moo, bana ba rona ba ne ba batla go tshameka le bontsalaabone go na le go ya dipokanong. Ke ne ke kgona go lemoga gore bomoya jwa rona bo ne bo amega tota. Ke ne ka tshwanelwa ke gore ke tseye kgato e e gagametseng ke tlhalosetse monna wa me gore bodumedi jwa me e ne e se selo seo ke neng nka se fetola fela jaaka o ka re ke fetola diaparo go na le moo ke ne ke bo tsaya e le jwa botlhokwa. E ne ya re fa nako e ntse e tsamaya, lelapa le ne la fetoga le maemo.”
Bangwe ba ile ba rarabolola bothata jwa go kgona go nna le nako e e oketsegileng ka gore ba thape motho yo o ka ba thusang ka nakwana gore a tle go ba thusa letsatsi le le lengwe kana a mabedi beke le beke. Ba bangwe ba ile ba bona selekanyo se se rileng sa kgololesego go kgona go dira ditironyana tse e leng tsa bone ka namana le ditiro tsa Bokeresete ka go kopa thuso ya bana ba bone, balosika ba ba gaufi, le ditsala mo phuthegong. Banna ba malapa le bone ba ile ba kgona go thusa mo maitseboeng le mo mafelobekeng fa ba le mo gae.—Moreri 4:9.
Go ba Boloka ba le Matlhagatlhaga
Go boloka bagodi ba le matlhagatlhaga ke nngwe ya dikgwetlo tseo go tshwanetseng ga lebanwa le tsone. Bangwe ba batho ba ba godileng ba itumelela go nna le seabe mo go apeyeng le mo go direng ditiro tse dingwe tsa legae. Ba ikutlwa ba tlhokwa fa ba kopiwa gore ba tlhokomele bana ebile ba kgotsofalela go tlhokomela ditshingwana tsa merogo tse di potlana, go tlhokomela ditšheshe, kana go nna le seabe mo ditirong dingwe tsa go itlosa bodutu.
Lefa go ntse jalo, ba bangwe bone ba batla go robala letsatsi lotlhe ba lebelela gore ba direlwe sengwe le sengwe. Lefa go le jalo, go ba boloka ba le matlhagatlhaga ka tsela eo e ka kgonegang go bonala e le selo sa botlhokwa mo boitekanelong jwa bone, gore ba tshele lobakanyana lo loleele, le gore tlhaloganyo ya bone e kgone go nna matlhagatlhaga. Hideko o ile a lemoga gore le mororo mmaagwe a ne a nna fela mo setulong sa maotwana, go mo tseela dipokanong e ne e le selo se se tlhotlheletsang seo mmaagwe a neng a se tlhoka. Botlhe ba ne ba mo amogela ka boitumelo le go tlotla nae fa ba ntse ba tlotla le ba bangwe. E ne ya re kgabagare ka ntlha ya go bo a ne a kgatlhegelwa ka tsela eno o ne a dumela go ithuta Bibela le mosadi mongwe yo o godileng. Banyalani bangwe bao ba nang le motsadi yo o lwalang bolwetsi jwa Alzheimer, ba ya le ene kwa dipokanong tsa Bokeresete. “Ka kakaretso fela ga a rate go dira sepe,” ba ile ba bolela jalo, “lefa go ntse jalo o itumelela go nna gone kwa dipokanong. O amogelwa ka lorato, ka gone o nna gone ka go rata. Re akanya gore go mo sologela molemo thata.”
Shinetsu, yo o neng a umakiwa kwa tshimologong ya setlhogo seno, o ile a rarabolola bothata jwa gagwe ka go hirela mmaagwe mosadi wa gagwe lefelo leo a neng a tla nna mo go lone leo le neng le le mo bogareng jwa karolo eo a neng a direla kwa go yone jaaka modihedi yo o etang. Ka gone e ne e le mosadi wa gagwe ba ne ba nna le ene beke nngwe le nngwe fa gare ga maeto a gagwe pele a ya kwa diphuthegong tse di farologaneng. Mosadi wa gagwe, Kyoko o ne a bolela jaana: “Mmè o ikutlwa e le karolo e e botlhokwa thata mo tirong ya rona ebile o ikutlwa a tlhokwa. O itumela thata fa monna wa me a mo kopa gore a re apeele dijo tse di rokotsang mathe.”
Go Lepalepana le go Latlhegelwa Ke Tlhaloganyo ka Ntlha ya Bogodi
Jaaka fa batsadi ba ntse ba gola, ba ka nna ba latlhegelwa ke tlhaloganyo ka selekanyo se se rileng ka ntlha ya bogodi, ka jalo ba tlhoka go tlhokomelwa ka tsela e e oketsegileng. Ba lebala matsatsi, dinako, dipaka, le ditsholofetso tse ba di dirileng. Ba ka nna ba lebala go ipeola meriri le go tlhatswa diaparo tsa bone. Ba ka nna ba lebala le gore ba tshwanetse go apara jang le go itlhapisa. Ba le bantsi ba ka ikutlwa ba sa itlhaloganye, lefa go le jalo ba bangwe bone go ka tswa go le thata ka bone go bona boroko bosigo. Ba rata go boaboeletsa dilo fa ba bua mme ba ka kgopisega thata fa ba bolelelwa kaga seno. Tlhaloganyo ya bone e ka itshamekela fela ka bone. Ba ka nna ba gatelela gore ba utsweditswe sengwe kana gore magodu a leka go tsena mo ntlong. Lelapa lengwe le le nang le barwadi ba banè le ne la tshwanelwa ke go itshokela go latofadiwa gangwe le gape kwantle ga mabaka gore ba tlhakanela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. “Go ne go se monate,” ba ne ba bolela jalo, “lefa go le jalo re ne ra ithuta gore re itshokele go latofadiwa jaana le go leka go fetola motlotlo. Go ne go sena mosola gore re ka ganetsana le Mmaaronamogolo.”—Diane 17:27.
Dilo tsa Maikutlo Tseo Ba Di Tlhokang Di Tshwanetse Tsa Kgotsofadiwa
Go tsofala go leretse batho ba ba godileng diteko. Go ba dira gore ba aparelwe ke malwetsi a a sa itumediseng, ba se ka ba tlhola ba kgona go tsamayatsamaya, le go tshwanelwa ke gore ba itshokele mathata a a tlhaloganyo. Ba le bantsi ba ikutlwa matshelo a bone a sena mosola kana maikaelelo. Ba ka nna ba ikutlwa e le mekgweleo mme ka jalo ba bolela gore ekete ba ka swa. Ba tshwanelwa ke go dirwa gore ba ikutlwe ba ratwa, ba tlotliwa, ebile ba akarediwa mo dilong tse di rileng. (Lefitiko 19:32) Hisako o ne a re: “Ka gale re leka ka natla go akaretsa Mmè mo motlotlong fa a le gone, re dira kafa re ka kgonang ka gone gore e nne ene yo re buang ka ene.” Lelapa lengwe le ne la leka go dira gore rraabonemogolo a ikutlwe a tlotliwa ka go mo kopa gore a ba tshwarele motlotlo wa temana ya Bibela ya letsatsi le letsatsi.
Re tshwanelwa ke gore ka dinako tsotlhe re kgaratlhele go leba batho ba ba godileng ka tsela e e tshwanetseng. Balwetsi bao ba nnang fela mo diphateng ga ba itumelele gore ba dirwe gore ba ikutlwe ba nyenyefadiwa kana ba sa tlotliwe. “Mmè o ne a le podimatseba,” go ne ga tlhalosa jalo Kimiko yo o neng a tshela le matsalaagwe yo o neng a golafatse, “mme ebile o ne a kgona go ntemoga fa ke ne ke sa itumelele go mo tlhokomela kana ka nako ya fa ke ne ke bontsha go mo nyenyefatsa.” Hideko le ene one a tshwanelwa ke gore a kgaratlhele go ela tlhoko maikutlo a gagwe. “Kwa tshimologong ke ne ke utlwa ke bolaisiwa pelo ke go tshwanelwa ke gore ke tlhokomele matsale. Ke ne ke ntse ke le mmulatsela [modihedi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa], mme ke ne ke ikutlwa ke tlhoafaletse bodihedi. Mme moragonyana ke ile ka lemoga gore ke ne ke tlhoka go fetola tsela e ke neng ke akanya ka yone. Le mororo bodihedi jwa ntlo le ntlo bo le botlhokwa, seno le sone e ne e le karolo e e botlhokwa ya go reetsa ditaolo tsa Modimo. (1 Timotheo 5:8) Ke ile ka lemoga gore ke tshwanelwa ke gore ke tlhagolele go nna le lorato le go akanyetsa e le gore ke tle ke kgone go itumela. Segakolodi sa me se ne se ka ntshwenya fa ke ne nka dira dilo ka go latlhelela fela ka gonne ke ne ke tshwanetse go di dira. Ka nako ya fa ke ne ke tlhagetswe ke kotsi, mme ke le mo ditlhabing, ke ne ka akanya kaga matsale le ditlhabi tseo a neng a di utlwa. Morago ga moo go ne ga nna bonolo gore ke kgone go mmontsha lorato le go mo akanyetsa.”
Bao ba Okang Le Bone ba Tshwanelwa Ke go Tlhokomelwa
Se sengwe gape se se sa tshwanelwang ke go lebelwa kwa tlase ke botlhokwa jwa go bontsha go anaanela bao maikarabelo a go tlhokomela ba ba godileng a leng mo magetleng a bone. (Bapisa Diane 31:28.) Basadi ba le bantsi ba tswelela ba mekamekana le maikarabelo a bone ba bolelelwa gore go anaanelwa seo ba se dirang kana ba sa bolelelwe jalo. Lefa go ntse jalo, fa re akanyetsa seo se akarediwang ke tiro eno ya bone, dikakgelo tse di ntseng jalo tsa go anaanela eleruri di a tlhokega. Ba ka nna ba tswa ba dira tiro e e oketsegileng ya go phepafatsa, go tlhatswa, le go apaya. Gape, a o ke o akanye ka maeto ao ba tshwanelwang ke go a tsaya go ya kwa dikokelong kana kwa dingakeng, mmogo le go jesa kana go tlhapisa molwetsi yo o godileng yono. Mosadi mongwe yo o neng a na le lobaka lo loleele a ntse a oka matsalaagwe, o ne a re: “Ke a itse gore go thata mo monneng wa me go mpolelela ka mafoko gore o anaanela seo ke se dirang, lefa go le jalo o mpontsha ka ditsela tse dingwe gore o anaanela seo ke se dirang.” Mafoko a a sa reng sepe a go leboga a ka nna a dira gore gotlhe go nne molemo.—Diane 25:11.
Gape go A Duela
Malapa a le mantsi ao a ileng a fetsa dingwaga a ntse a tlhokomela batsadi bao ba tsofetseng a bolela gore seno se ile sa ba thusa gore ba tlhagolele dinonofo tse di botlhokwa tsa Bokeresete: boitshoko, go intsha setlhabelo, lorato lo eseng lwa bogagapa, go dira ka tlhoafalo, bonolo, le bopelotlhomogi. Malapa a le mantsi a ile a kgona go utlwalana botlhoko. Go ile ga ba neela tshono e e oketsegileng ya go tlwaelana le batsadi le go ba itse botoka. Hisako o ne a bolela jaana kaga matsalaagwe: “O ne a ile a tshela botshelo jo bo kgatlhang. O ne a diragalelwa ke mathata a mantsi. Ke ile ka simolola go mo itse botoka mme ka simolola go ithuta go anaanela dinonofo tsa gagwe tseo ke neng ke sa di lemoge pele.”
“Go ile ga nna le nako nngwe pele ke ithuta Bibela mo ke ileng ka batla go tlhala e le gore ke tle ke tshabele seemo seno,” go tlhalosa jalo Kimiko, yo o neng a tlhokomela batsadi ba monna wa gagwe le maagwemogolo yo o neng a nna fela mo diphateng. “E ne ya re moragonyana ke ne ka bala gore re tshwanetse go ‘lekola . . . basadi ba batlholagadi mo pitlaganong ya bone.’ (Yakobe 1:27) Ke itumelela gore ke ile ka dira gotlhe mo ke neng nka go kgona, ka jaana gone jaanong ga go na ope mo lelapeng yo a ka ngongoregang ka dilo tseo ke di dumelang. Segakolodi sa me ga se ntshwenye.” Yo mongwe o ile a bolela gore: “Ke ile ka iponela ka matlho ditlamorago tse di sa itumediseng tsa boleo jwa ga Adame mme jaanong ke anaanela botlhokwa jwa thekololo le eleng go feta.”
A o tla tshwanelwa ke gore mo lobakeng lo lo sa fediseng pelo o lebagane le go tla go nna le leloko le lengwe la lelapa la gaeno mo legaeng la gago? Kana a ka gongwe o tla fudugela kwa lelapeng la batsadi ba gago ba ba setseng ba tsofetse? A ka tsela nngwe o ikutlwa o aparetswe ke letshogo? Go a utlwala gore o ka ikutlwa jalo. O tla tshwanela go dira diphetogo. Lefa go le jalo gape o tla iphitlhela o boetswe thata fa o fenya kgwetlho eno.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Batho ba ba tsofetseng ba tlhoka gore ba dirwe gore ba ikutlwe ba ratwa ebile ba tlotliwa