Masego a Magolo kwa Diopanong tsa Kgaolo tsa “Batshodi ba Lesedi”
DINGWAGA tse di ka nnang 2 700 tse di fetileng, moperofeti Isaia o ile a kwala jaana: “Bōna, lehihi le tla bipa lehatshe, le lehihi ye lenchoncho le tla bipa dichaba.” (Isaia 60:2) Abo mafoko ao a itshupile a le boammaaruri jang ne! Lefa go ntse jalo, go na le tsholofelo, ka jaana Jehofa a dirile gore lesedi le phatsime. Ngogola, bao ba ratang lesedi la Modimo ba ne ba lalediwa ka lorato go tla Kopanong ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi.”
Thulaganyo ya ntlha ya kopano e ile ya neelwa ka June kwa Amerika Bokone. Mo dikgweding tseo di neng tsa latela morago ga moo, e ile ya neelwa gape le kwa Yuropa Botlhaba le Yuropa Bophirima, Amerika Bogare le Amerika Borwa, Afrika, Asia, le kwa ditlhaketlhakeng tsa mawatle. Bao ba setseng ba tswa kwa go tsone e ne e le dimilione. Mme abo ba ile ba ipelela moletlo o mogolo jang ne wa semoya!
“Lo A Amogelwa, Lona Lotlhe Batshodi ba Lesedi!”
Mo mafelong a le mantsi kopano e ile ya simologa ka Labotlhano mme ya fela ka Sontaga thapama. Morago ga gore batlakopanong ba nne mo mannong a bone ka Labotlhano mo mosong, ba ile ba ipelela tlhaloso e khutshwane e e kaga ka moo Jehofa a ileng a nna a phatsimisa lesedi go ya pele mo malatsing ano a bofelo ka teng. Jaanong modulasetilo wa kopano o ile a tsaya marapo. O ile a gatelela gore Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go nna batshodi ba lesedi mme ka lorato o ile a re: “Lo a amogelwa, lona lotlhe batshodi ba lesedi!” Thulaganyo ya kopano eno e ne e tla thusa batlakopanong go tswelela pele ba ntse ba tlhatlhanya lesedi la ga Jehofa.
Puo kaga dintlhakgolo tsa kopano e ile ya tsenya bareetsi mo moyeng wa kopano. Sebui sa yone se ile sa gakolola batlakopanong gore ditebelelo tse di itumedisang tsa setho esale di ntse di le gone moragorago kwa, kwa tshimong ya Edena. Fa esale ka nako eo, Satane o ile a foufatsa batho gore ba seka ba bona lesedi la boammaaruri. (2 Bakorintha 4:4) Go sa kgathalesege seo, Jesu o ile a tla jaaka “lesedi ya merahe.” (Isaia 42:1-6) O ile a senola maaka a bodumedi, a supa ditiro tse di sa siamang tsa lefifi, a tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa, le go rera mafoko a molemo a Bogosi. Balatedi ba ga Jesu le bone ba ne ba dira se se tshwanang—mme ebile ba santse ba dira jalo! (Mathaio 28:19, 20) Sebui se ile sa bua jaana ka tsela e e tlhotlheletsang maikutlo: ‘Rona, fela jaaka Jesu, re ka nna batshodi ba lesedi. Ga go na tiro epe e e botlhokwa go feta eno mo motlheng wa rona. Ebile ga go na tshiamelo epe e e fetang eno.’
E ne ya re fa karolo ya ntlha ya kopano e ne e tla tloga e ya bokhutlong, ga bo go diragala sengwe seo se neng se sa solofelwa. Modulasetulo wa kopano o ile a boela gape kwa seraleng mme a fitlha a itsise ka go gololwa ga pampitshana ya ntlha ya motseletsele wa dipampitshana tse nne tse disha. Kitsiso eno e e molemo e ne ya salwa morago ke go thelwa ga loshalaba lo logolo, mme mongwe le mongwe wa bao ba neng ba le gone o ne a neelwa sekaelo se le sengwe sa pampitshana eno.
Ka Labotlhano thapama, thulaganyo ya kopano e ne ya ntsha kgakololo ya motheo eo e neng e lebisitswe kwa Bakereseteng bao eleng batshodi ba lesedi. Dipuo tsa ntlha tse pedi di ile tsa ntsha kgakololo e e molemo eo e neng e le kaga kafa go ka tilwang ka gone go tshwaediwa ke lefifi la lefatshe. Ereka jaana Satane a ka kgona go itira moengele wa lesedi, ke selo sa botlhokwa gore re tswelele pele re leba dilo ka tsela ya semoya e le gore dilo tseo di seng phepa tsa lefatshe leno di seka tsa re gapa. (2 Bakorintha 11:14) Paulo o ile a gakolola jaana: “Me lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno: me lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona, gore lo lemogè mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ.” (Baroma 12:2) Batlakopanong ba ile ba utlwa gore go fetoga ga Mokeresete ke selo se se tswelelang pele se ntse se diragala. Ditlhaloganyo tsa rona di tswelela pele di ntlafadiwa le go lodiwa jaaka fa re ntse re ithuta Lefoko la Modimo le go dirisa seo re se ithutang. Ka gone, kgato ka kgato re nna fela jaaka Jesu, yo o neng a “tletse tshegōhaco le boamarure.”—Yohane 1:14.
Batshodi Ba Babotlana ba Lesedi
Karolo ya bobedi ya Labotlhano thapama e ne e lebisitswe segolobogolo mo basheng. Puo ya ntlha (“Basha—Mokgele wa Lona Ke Eng?”) E ne ya akgola Bakeresete ba babotlana bao ba tlhomang sekao se se molemo sa tumelo. Lefa go le jalo e ile ya ba gakolola gore ke bone batlhaselwa bagolo ba ga Satane. Tota le eleng rramabelo yo o katisitsweng sentle o tlhoka mogakolodi. Ka tsela e e tshwanang, basha le bone ba tlhoka thuso ya batsadi ba bone le ya phuthego e le gore ba ke ba tswelele pele ba tsamaya mo leseding.
Seno se ne sa otlelelwa ka tsela e e molemo ka terama e e reng Go Dira Se Se Siameng mo Matlhong a ga Jehofa, eo e neng ya nna yone e e konelang thulaganyo ya Labotlhano. Mo go yone go ile ga tlhomolola sekai sa ga Kgosi Josia. Le eleng ka nako ya fa e ne e sale mosimanyana yo mmotlana, o ne a ititeile sehuba go direla Jehofa. O ne a dikaganyeditswe ke ditlhotlheletso tse di bosula, lefa go le jalo ka kaelo ya moperesiti yo mogolo Helekia le ka ntlha ya go bo a ne a rata Molao wa Modimo, Josia o ile a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa. Ekete Bakeresete ba babotlana gompieno ba ka dira se se tshwanang.
Phatsimisang Lesedi
Morago ga go baya tlhogo, batlakopanong ka Lamatlhatso mo mosong ba ile ba tla ba ipaakanyeditse go utlwa kgakololo ya Dikwalo e e agang. Ba ne ba seka ba swabisiwa. Morago ga gore go sekasekiwe temana ya letsatsi, thulaganyo e ne ya tswelela pele ka puo ya simposiamo eo e neng e tlhalosa ditsela tse di farologaneng tseo Mokeresete a ka di dirisang go phatsimisa lesedi. (Mathaio 5:14-16) Go rera ke tsela e nngwe e e botlhokwa ya tsone, le boitshwaro jo bo siameng le jone bo tsaya karolo e kgolo thata mo go seno. Jaaka fa sebui se ile sa bolela, “go rera go bolelela ba bangwe ka seo re se dumelang, mme go bontsha lorato go supa seo re se dumelang.”
E ne ya re morago ga moo bareetsi ba tlhokomedisiwa selo se se molemo thata seo se ka ba thusang go rera—dipampitshana. Ereka jaana kitsiso ya letsatsi le le fetileng e ne e santse e le ntšha mo ditlhaloganyong tsa bareetsi, ba ile ba itseela ka tsebe maitemogelo ao a supang ka tsela eo didirisiwa tseno tse dipotlana di leng maatla ka gone. Batlakopanong ba ile ba rotloediwa gore ba nne ba tshwere dikaelo di le mmalwa tsa dipampitshana tseno ka dinako tsotlhe e le gore ba ke ba di dirise ka sebaka sengwe le sengwe se se ka itlhagisang.
Gone jaanong ga lebisiwa tlhokomelo mo babulatseleng, baboledi bao ba nako e e tletseng ba Bogosi bao ba dirang ka natla go phatsimisa lesedi. Abo re anaanela babulatsela bano ba rona bao ba dirang ka natla jang ne! Mme dipalo tsa bone di ntse di a oketsega. Le eleng kwa dinageng tseo kgololesego ya bodumedi e sa tswang go ntshiwa bosheng fela jaana gone, dipalo tsa babulatsela di a oketsega. Babulatsela ba ile ba rotloelediwa go tswelela pele ba somaretse tshiamelo ya bone. Bao ba neng ba ise ba tsenele bobulatsela ba ile ba tlhotlhelediwa gore ba sekaseke maemo a bone sentle. Ka gongwe le bone ba ka kgona go rulaganya dilo tsa bone jaana gore ba ke ba nne le tshono ya go phatsimisa lesedi mo tirelong ya nako e e tletseng.
Go nna motshodi wa lesedi go le gantsi go tlhoka gore motho a intshe setlhabelo, mme seno se ile sa tlhomololwa mo puong e e reng, “Go Direla Jehofa ka Moya wa Go Intsha Setlhabelo.” Paulo o ile a dira boikuelo jono: “Lo ntshè mebele ea lona setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ, le se se lebosègañ mo Modimoñ.” (Baroma 12:1) Moya wa go intsha setlhabelo o bontshiwa ke bao ba itshokelang dipogiso. Babulatsela ba intsha setlhabelo letsatsi le letsatsi e le gore ba tswelele pele ba le mo tirelong ya nako e e tletseng. Eleruri, Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba intsha ditlhabelo, ba ipoloka ba tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa go na le go tshwarega mo ditelekisong tsa dilo tse di bonalang tsa lefatshe leno tse di bogagapa. Mme go dira jalo go felela ka masego a magolo go tswa kwa go Jehofa.
Puo eo e ile ya nna ketapele e e tshwanetseng ya seo se neng se tla latela—puo ya kolobetso. Bao ba ileng ba kolobediwa kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi” eleruri le ka motlha ga ba ne ba lebala puo eno. Go kolobediwa ga bone eleruri e tla nna e le selo se segolo mo botshelong jwa bone. Ba ile ba gakololwa gore ba ne ba latela sekao sa ga Jesu Keresete, yo o ileng a kolobediwa a le dingwaga di le 30. Mo godimo ga moo, bakolobediwa ba ne ba itumelela go gakologelwa gore ba ile ba “[latlha] ditihō tsa lehihi,” mme ba dira tshwetso ya go ‘direla Jehofa.’ (Baroma 12:11; 13:12) Ba ne ba ema ka boitumelo fa pele ga boidiidi jwa batlakopanong mme ba dira boipolelo jwa phatlalatsa ba utlwiwa ke mang le mang pele ga ba ka ya go kolobediwa. (Baroma 10:10) Re kopela botlhe bao ba ileng ba bontsha boineelo jwa bone go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa “Batshodi ba Lesedi” masego a a tswang kwa go ene.
Matlhatso thapama e ne e le nako ya ditlhagiso tse di tlhamaletseng. Ditlhagiso tseno di ile tsa tla di le ka sebopego sa dipuo tseo di neng di na le ditlhogo tseno, “Tila Dirai tsa Bopelotshetlha,” “A Go Na Le Mongwe Yo O Senyang Mekgwa ya Gago E Mentle?” le “Itiseng Kgatlhanong le go Obamela Medimo ya Disetwa ya Mofuta Mongwe le Mongwe.” Dipuo tseno tse tharo di ile tsa supa mangwe a maretshwa ao Satane a a dirisang go koafatsa Mokeresete. Judase Isekariota e ne e le moaposetoloi, lefa go le jalo o ile a rekisa Jesu ka madi. Samuele yo mmotlana o ne a golela mo go seo e neng e le motheo wa kobamelo ya ga Jehofa, lefa go le jalo o ne a kgatlhana le batho ba ba bosula ka tsela eo a neng a se kake a e tila. (1 Samuele 2:12, 18-20) Kobamelo ya medimo ya disetwa e ka kopanyeletsa dilo tse di jaaka boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le bopelotshetlha. (Baefesia 5:5; Bakolosa 3:5) Ee, bopelotshetlha, go kopana le batho ba ba bosula, le kobamelo ya medimo ya disetwa di kotsi mme re tshwanetse go di tila.
Jaanong thulaganyo ya kopano e ne ya fetola mosito, jaaka re ne re ka rialo. Puo e e neng ya latela e ne ya tsosa dipotso di le mokawana tsa Bibela tse di kgatlhisang mme ya ntsha le dikarabo tsa tsone. Ka sekai, a o ka kgona go tlhalosa gore a batho bao ba ganang go amogela boammaaruri mme ba swa pele ga sepitla se segolo ba tla tsosiwa? Mokeresete a ka dira eng fa a sa kgone go bona motho yo a ka nyalanang nae? Gore ba ke ba oketse kitso ya bone ya Bibela, batlakopanong ba ile ba rotloelediwa gore ba dirise Watch Tower Publications Index ka tsela e e feletseng, segolobogolo kafa tlase ga setlhogo se se reng “Questions from Readers.”
Go Nna Gone ga ga Keresete le go Senoga ga Gagwe
Karolo ya bofelo ya thulaganyo ya Matlhatso e ne ya lebisa tlhokomelo kwa boperofeting ka gore go neelwe dipuo tsa semposiamo tseo di neng di na le setlhogo se se reng “Go Phatsimisa Lesedi Malebana le go Nna Gone ga ga Jesu Keresete le go Senolwa ga Gagwe.” Go ne ga sekwasekwa dilo tse di malebana le “seshupō” sa go nna gone ga ga Keresete. (Mathaio 24:3) Mo karolong ya bobedi, go ile ga tlotliwa ka ditiro tsa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” wa segompieno. (Mathaio 24:45-47) Go ile ga tlhalosiwa gore fa e sale go tloga ka 1919 setlhopha sa motlhanka se ile sa etelela tiro ya go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi pele ka boikanyegi. Morago go ile ga phuthiwa boidiidi jo bogolo jo bo tswang mo merafeng yotlhe go tla go thusa Bakeresete ba batlodiwa mo go phatsimiseng lesedi la ga Jehofa. Sebui se ile sa konela jaana: “A rotlhe re tsweleleng pele ka matlhagatlhaga go ema motlhanka yo o boikango le yo o botlhale nokeng. Ke fela ka go dira seno go ka diragalang gore letsatsi lengwe ka bonako fela botlhe ba sekadinku ba kgone go bua mafoko ano a a itumedisang: ‘Tlañ, lona basegōhadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlego ea lehatshe.’”—Mathaio 25:34.
Sebui sa bofelo se ile sa tlotla kaga se se kaiwang le seo se bolelwang ke gore Jesu Keresete o tla senolwa. (1 Bakorintha 1:7) Abo tshenolo eo e tla bo e le boitemogelo jo bo molemo jang ne! Babelona O Mogolo o tla nyelediwa. Ntwa e kgolo magareng a lefatshe la ga Satane le Jesu le baengele ba gagwe e tla felela ka gore go fedisiwe tsamaiso eno. Kwa bofelong, Satane ka boene o tla latlhelwa mo moleting o o senang bolekeletso mme a tsenngwa mo boemong jwa go sa dire. Lefa go le jalo seno se tla lere go gololwa ga batho ba Modimo, le go nna gone ga lenyalo la ga Kwana kwa legodimong mmogo le go tla ga lefatshe le lesha. Sebui se ile sa itumedisa bareetsi ka go golola bukana e ntšha e e reng A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona? Abo eno e tla nna thuso e e molemo jang ne go batho ba ba boikobo bao ba tshwanelang go itse kaga Mmopi wa rona yo o lorato le kaga maikaelelo a gagwe ka rona!
Malapa a Bakeresete
Jaanong Sontaga, eleng letsatsi la bofelo la kopano, e ne e gorogile. Lefa go ntse jalo, dikgolo di ne di santse di tla. Morago ga go sekasekwa ga temana ya letsatsi, go ile ga lebisiwa tlhokomelo mo lelapeng la Bakeresete ka dipuo tsa semposiamo tse di neng di na le setlhogo se se reng, “Go Tlhokomelana mo Lelapeng la Bokeresete.” Karolo ya ntlha e ile ya thusa batlakopanong go lemoga sekopololo sa go nna le lelapa la Bokeresete le le atlegileng: eleng go baya dilo tsa semoya kwa pele. Karolo ya bobedi e ile ya kgothaletsa malapa go dira dilo mmogo, e ka tswa e le go ya dipokanong, tirelong ya tshimo, thuto ya lelapa, kana boitapoloso. Mme karolo ya boraro ya semposiamo e ile ya gakolola batlakopanong kaga tshiamelo le boikarabelo jo ba nang le jone jwa go tlhokomela batsofe. “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba godileng ke bone lobebe lwa phuthego,” sebui se ile sa rialo. A re ipolokeleng maitemogelo a bone le go etsa bothokgami jwa bone.
Morago go ilwe ga sekasekiwa bokao jwa polelo e e reng “go nna le maikutlo a a ritibetseng.” (1 Petere 4:7, NW) Motho yo o nang le maikutlo a a ritibetseng ke motho yo o dirang dilo ka tekatekanyo, yo o kgonang go lemoga dilo, yo o nang le tlhaloganyo, yo o boikokobetso, ebile a kgona go akanya. O kgona go farologanya magareng ga se se siameng le se se sa siamang, le go farologanya magareng ga boammaaruri le maaka. Mo godimo ga moo, o kgaratlhela go boloka boitekanelo jo bo molemo jwa semoya.
Puo ya bofelo mo thulaganyong ya Sontaga mo mosong e ile ya tlotla kaga go ikokobeletsa ga rona Modimo le Keresete. “Go botlhokwa thata gore re ikokobeletse Jehofa Modimo le Morwa wa gagwe, Jesu Keresete ka boikanyegi,” sebui se ne sa rialo. O ile a tswelela pele go bontsha kafa seno se amang ka gone ntlha nngwe le nngwe ya botshelo jwa rona. Ke eng seo se ka re thusang go tswelela pele re ikokobeditse? Ke dinonofo tse nne tseno: lorato, poifomodimo, tumelo, le boikokobetso.
Sontaga Thapama
Ka ponyo ya leitlho fela e ne e setse e le Sontaga thapama, eleng nako ya karolo ya bofelo ya kopano. Mo go ba le bantsi, go ne go lebega jaaka ekete ke gone fela kopano e simologang, mme gone e ne e setse e fitlha kwa bofelong jwa yone.
Puo ya phatlalatsa e ne e na le setlhogo se se reng “Latela Lesedi la Lefatshe.” Bao ba neng ba le gone ba ne ba itumedisiwa ka go tlhalosediwa seabe seo lesedi la sebele le nang le sone mo go direng gore botshelo bo nne bo ntse bo le gone. Mme ya re moragonyana sebui sa bontsha kafa lesedi la semoya le leng botlhokwa ka teng go feta moo. Lesedi la sebele le re boloka re ntse re tshela mo lobakeng lwa dingwagasome di le mmalwa, lefa go le jalo lesedi la semoya le ka kgona go re boloka re ntse re tshela go ya go ile. Setlhoa sa puo eno e ne ya nna fa go tlotliwa ka Yohane 1:1-16 temana ka temana, koo Jesu a tlhalosiwang e le lesedi la lefatshe teng. Gompieno, mo dingwageng tsa bofelo tsa tsamaiso eno e e boikepo, ke selo sa botlhokwa go feta lefa e le leng pele go sala Jesu morago mo go seno.
Morago ga gore go sobokanngwe tshedimosetso ya Thuto ya Tora ya Tebelo ya beke eo, nako ya puo e e konelang e ne e gorogile. Ka boitumelo, sebui se ile sa bontsha gore go ne go na le dilo tse dintsi tseo di neng di ka lebelelwa pele ka botswapelo mo malatsing a a tlang. Ka sekai, o ile a itsise kaga khasete e ntšha ya terama e e reng Doing God’s Will With Zeal. Mme e ne e se gone gotlhe. Go ne go tlile go nna le metseletsele ya dikhasete tsa dibidio tseo di nang le setlhogo se se reng The Bible—A Book of Fact and Prophecy, tseo tsa ntlha mo go tsone setlhogo sa tsone eleng The Bible—Accurate History, Reliable Prophecy.
Kwa bofelong, sebui se ne sa itsise gore ka 1993 go tlile go nna le dikopano tsa kgaolo tsa malatsi a le mane, go akaretsa le dikokoano tse di kgethegileng tsa merafe yotlhe mo Afrika, Asia, Yuropa, le Amerika Borwa. Le eleng lefa gone Kopano ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi” e ne e ya kwa bofelong, batlakopanong ba ne ba ka simolola go dira dithulaganyo tsa ngwaga o o latelang.
Jaanong go ne ga tla nako ya gore batlakopanong ba bothologe. Eleruri, ba ne ba ititeile dihuba go feta lefa e le leng pele go tswelela pele ba ntse ba phatsimisa lesedi mo lefatsheng leno le le fifitseng. Morago ga malatsi a mararo ao ba neng ba kgorisiwa ka dijo tsa semoya mo go one, mafoko a temana ya bofelo e e ileng ya tsopolwa mo puong e e konelang a ne a diragala ka tsela e kgolwane ya one: “Yehofa ke Modimo, me o re neile lesedi; . . . A lo ko lo ntshetseñ Yehofa malebogō: gonne o molemō: boutlwèlō botlhoko yoa gagwè bo eme ka bosakhutleñ.”—Pesalema 118:27, 29.
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Thulaganyo ya kopano ka Se-Russia
[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Maloko a Setlhopha Se Se Laolang a ne a neela dipuo kwa dikopanong di le dintsi
Baeng ba ba tswang Japane ba ne ba le gareng ga bao ba neng ba kgobokanetse kwa St. Petersburg kwa Russia
Terama ya Bibela e e amang pelo e ne ya gatelela botlhokwa jwa go dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa
Batshodi ba basha ba Lesedi ba ne ba bontsha boineelo jwa bone go Jehofa ka go kolobediwa
Batlakopanong ba reeditse thulaganyo ya kopano ka tlhoafalo kwa St. Petersburg
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Bao ba neng ba le gone ba ile ba itumelela go amogela boroutšhara e ntšha e e nang le setlhogo se se reng “A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona?”