LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 12/15 ts. 14-19
  • Go Tsamaya ka Pelo E E Kitlaneng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tsamaya ka Pelo E E Kitlaneng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Boifa ka Tsela E E Tshwanetseng
  • Bopelonomi Jo Bo Lorato jwa ga Jehofa
  • “Seshupō Se Se Kaeañ Molemō”
  • Jehofa, Modiri wa Dilo Tse Di Gakgamatsang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Jehofa—Sekao se Segolo Thata sa Bomolemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Tswelela Pele o Bontsha Bomolemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • “Kitlanya Pelo ya me Gore e Boife Leina la Gago”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 12/15 ts. 14-19

Go Tsamaya ka Pelo E E Kitlaneng

“Nthuta [Jehofa wa me, NW] . . . kitlanya pelo ea me e tlè e boihè leina ya gago.”—PESALEMA 86:11.

1. Jehofa o duela batho ba gagwe ba ba ikanyegang jang?

‘JEHOFA wa me, o Modimo o o osi.’ (Pesalema 86:8, 10, NW) Dafide o ne a baka Modimo ka pelo e e anaanelang tota. Jehofa o ne a setse a kile a golola Dafide mo go Saule le mo Bafilisiteng le pele e nna kgosi ya Iseraela. Ke gone ka moo a neng a ka opela jaana: “Jehofa ke lefika la me, le kago ya me ya phemelo, le Mogolodi wa me. Mo go yo o ikanyegang o tla mo direla ka boikanyego.” (2 Samuele 22:2, 26, NW) Jehofa o ne a setse a ile a femela motlhanka yono wa gagwe mo ditekong tse dintsi. Dafide o ne a ka ikanya le go tshepa Modimo wa gagwe o o ikanyegang, mme lefa go ntse jalo o ne a tlhoka gore a nne a kaelwe. Dafide jaanong o ne a kopa Jehofa jaana: “Nthuta tsela ea gago, [Jehofa wa me, NW].”—Pesalema 86:11.

2. Jehofa o ile a re naya eng ka ntlha ya fa re rutwa ke ene?

2 Dafide o ne a batla go tila dikgopolo tsa selefatshe kana matlhajana a lone. O ne a batla go “rutwa ke Yehofa,” jaaka moperofeti mongwe wa Modimo a ne a bolela moragonyana. (Isaia 54:13) Go lebega Dafide a ne a kgona go tlhatlhanya ka dibuka di le robong fela tsa Bibela tse di neng di le teng mo motlheng wa gagwe. Lefa go ntse jalo, kaelo eo e e tswang kwa go Jehofa e ne e le botlhokwa thata mo go ene! Rona gompieno re na le dibuka tsa Bibela di le 66 tse re rutiwang ka tsone ebile re rutiwa gape ka dibuka tse dintsintsi tsa Bogosi tse re di newang ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45) A re ikueleng mo go Jehofa jaaka Dafide, gore moya wa gagwe o re thuse go batlisisa kaga “dilō tse Modimo o di baakanyeditseñ bōnè ba ba o ratañ . . . dilō tse di boteñ tsa Modimo.”—1 Bakorintha 2:9, 10.

3. Kaelo ya Bibela e ka re solegela molemo ka ditsela dife?

3 Bibela e araba potso nngwe le nngwe ebile e rarabolola bothata bongwe le bongwe jo bo ka nnang teng mo matshelong otlhe a rona. “Ka gonne dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè, di kwadilwe gore di re rutè, gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.” (Baroma 15:4) Go nna re akantse ka kaelo e e tswang kwa go Jehofa go tla re nonotsha gore re itshokele mathata, ebile go tla re gomotsa ka nako ya fa re tshwenyegile thata mo maikutlong, go bo go boloke dipelo tsa rona di ntse di akantse ka tsholofelo ya rona ya Bogosi. Ekete re ka itumelela go bala Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone “motshegare le bosigo,” ka go bo botlhale jo bo ikaegileng ka seo se leng mo Bibeleng bo nna ‘setlhare sa botshelo mo go ba ba bo tshwarang, mme go tlhogonolo mongwe le mongwe yo o bo itshadisetsang.’—Pesalema 1:1-3; Diane 3:13-18; bona gape le Yohane 17:3.

4. Jesu o ne a re tlhomela sekao jang mo go seo re tshwanetseng go se dira?

4 Morwa Modimo, Jesu, yoo gape a bidiwang “Morwa Dafide,” o ne a tlhola a leba kwa go Jehofa gore a mo kaele. (Mathaio 9:27)a O ne a bolela jaana: “Morwa ga a na go diha sepè ka esi, ha e se se o bōnañ Rara a se diha: gonne dilō tse o di dihañ, Morwa le èna o di diha hèla yalo.” “Le gōna lo tla itse ha ke sa dihe sepè ka nosi, me ke bua dilō tse hèla yaka Rara a nthutile.” (Yohane 5:19; 8:28) Jesu o ne a re tlogelela sekao gore re “tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè.” (1 Petere 2:21) Akanya fela! Fa re ithuta ka tsela eo Jesu a tshwanetseng a bo a ne a ithuta ka yone re tla kgona go dira jaaka Jehofa a batla gore re dire mo boemong bongwe le bongwe. Tsela ya ga Jehofa ke yone e e siameng ka metlha.

5. “Boamarure” ke eng?

5 Dafide o bolela jaana morago ga foo: “Ke tsamaea mo boamarureñ yoa gago.” (Pesalema 86:11) Dingwaga di le sekete morago ga foo, Pilatwe o ne a botsa jaana fa a ne a bua le Morwa Dafide ebong Jesu: “Boamarure ke eñ?” Mme lefa go ntse jalo Jesu o ne a sa tswa go araba potso eo, a bolelela Pilatwe a re “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno” a bo a oketsa jaana: “Wèna ua re, Ke kgosi. Ke tsalecwe gōna mouō, me ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupe kaga boamarure.” (Yohane 18:33-38) Ka go rialo Jesu o ne a itsise gore boammaaruri bo remeletse thata mo Bogosing jwa Bomesia. Eleruri go tlotlomadiwa ga leina la ga Jehofa ka Bogosi jone joo ke sone setlhogo sa Bibela yotlhe.—Esekiele 38:23; Mathaio 6:9, 10; Tshenolō 11:15.

6. Ke eng se re tshwanetseng go nna kelotlhoko thata ka sone fa re tsamaya mo boammaaruring?

6 Go tsamaya mo boammaaruring go kaya eng? Go kaya go amega thata ka tsholofelo ya Bogosi mo matshelong a rona. Re tshwanetse ra tshela ka boammaaruri jwa Bogosi. Re tshwanetse ra baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele re sa etsaetsege, re etsa sekao sa ga Jesu. (Mathaio 6:33; Yohane 18:37) Ga re kake ra senya bontlhanngwe jwa nako re le mo boammaaruring, re dira fela re lepeleditse diatla mme re ntse re tla re fapoga re iitumedisa ka go itlosa bodutu ka tsela e e feteletseng kana ka go dira ditiro tse di jang nako e ntsi kana go “dihèla . . . Dikhumō.” (Mathaio 6:24) Re ka nna ra latlhega fa re ntse re tsamaya ka ditsela tseo tse di kwa thoko, ra se ka ra tlhola re kgona go boela gape mo ‘tseleng e tshesane e e isang kwa botshelong.’ A re se kang ra tswa mo tseleng! (Mathaio 7:13, 14) Mokaedi wa rona yo Mogolo, Jehofa, o sedifatsa tsela eno ka Lefoko la gagwe le ka phuthego ya gagwe ka go bolela jaana: “Tsela ke e, tsamaeañ mo go eōna: ke gore, mogañ lo hapogèlañ kaha lecogoñ ye le siameñ, leha lo hapogèla kaha go ya molèma.”—Isaia 30:21.

Go Boifa ka Tsela E E Tshwanetseng

7. Re ka “kitlanya” dipelo tsa rona jang?

7 Thapelo ya ga Dafide e tswelela jaana mo temaneng ya 11: “Kitlanya pelo ea me e tlè e boihè leina ya gago.” Jaaka Dafide, re tshwanetse go eletsa gore dipelo tsa rona di kitlane, di felele, mo go direng go rata ga Modimo. Seno se dumalana le kgakololo eno ya ga Moshe: “Me yana, wèna Iseraela, ana Yehofa Modimo oa gago o lōpañ mo go wèna, ha e se gore, u boihè Yehofa Modimo oa gago, go sepela mo ditseleñ cotlhe tsa gagwè, le go mo rata, le go dihèla Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, Go tshegetsa ditaolō tsa ga Yehofa, le ditaeō tsa gagwè, tse ke di gu laolelañ gompiyeno, gore go nne molemō mo go wèna.” (Duteronome 10:12, 13) Eleruri re tla solegelwa molemo fa re ka direla Jehofa ka dipelo tsotlhe le ka moya otlhe wa rona. Ka go dira jalo re supa gore re boifa leina la gagwe le le galalelang ka tsela e e tshwanetseng. Totatota leina la ga Jehofa le kaya “O Dira Gore go Nne,” segolobogolo fa go tla mo go diragatseng maikaelelo a gagwe a magolo. Le emela go bo e le molaodi yo mogolo wa lobopo. Fa re dira ka go boifa bogolo jwa Modimo, ga re kitla re boifa motho yo o swang. Dipelo tsa rona ga di kitla di nna di sa kitlana. Go na le moo re tla boifa go dira sepe fela se se tla se kang se itumedisa Jehofa, Moatlhodi yo Mogolo le Morena Molaodi, yoo a tshotseng matshelo a rona mo seatleng sa gagwe.—Isaia 12:2; 33:22.

8, 9. (a) Go ‘se nne ba lefatshe’ go kaya eng? (b) Ke dikgato dife tse re tshwanetseng go di tsaya ka gonne re le “segakgamalèlō”?

8 Re tla latela sekao sa ga Jesu sa go nna pelokgale re ikgaogantse le lefatshe le le maswe le le re dikologileng, le eleng lefa re kgobiwa kana re bogisiwa. (Yohane 15:17-21) Seno ga se reye gore barutwa ba ga Jesu ba tshwanetse go tshela ba ikgogonne mo bathong kana ba iphitlhile mo ntlong nngwe ya baitlami. Jesu o ne a bolela jaana fa a ne a rapela Rraagwe: “Ga ke rapele gore u ba ntshè mo lehatshiñ, ha e se gore u ba dibèlè mo go eo o boshula. Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe. Ba itshepisè mo boamarureñ: lehoko ya gago ke boamarure. Yaka u nthomile mo lehatshiñ, le nna ke romile bōnè yalo mo lehatshiñ.” (Yohane 17:15-18) Fela jaaka Jesu a ne a romilwe le rona re romilwe go ya go rera boammaaruri jwa Bogosi. Batho ba ne ba kgona go atamela Jesu. Batho ba ne ba lapolosiwa ke tsela e a neng a ba ruta ka yone. (Bapisa Mathaio 7:28, 29; 11:28, 29; Yohane 7:46.) Go tshwanetse ga nna fela jalo le ka rona.

9 Batho ba ba pelo di phepa ba tshwanetse ba reetsa molaetsa wa rona fa re le botsalano, re tlotla re phuthologile, re ikgabisitse sentle ebile re lebega sentle, re bua re le pelonomi le puo ya rona e le phepa. Re tshwanetse go tila go nna leswe, go apara diaparo tse di sa supeng fa re le bori, go nna le ditsala tse di ka dirang gore re tsenelele mo dilong tsa selefatshe, go tshela botshelo jo bo repileng jo bo sa kaelweng ke melaometheo epe jo re bo bonang mo lefatsheng leno le le re dikologileng. Ereka re le “segakgamalèlō sa lehatshe, le sa baengele, le sa batho” re a dira ebile re tshela botshelo jo bo tlhomang sekao jaaka Bakeresete ka diura tse 24. (1 Bakorintha 4:9; Baefesia 5:1-4; Bafilipi 4:8, 9; Bakolosa 4:5, 6) Dipelo tsa rona di tshwanetse go kitlana fela jaana.

10. Jehofa o gakologelwa bao ba kitlanyang dipelo tsa bone gore ba dire tirelo e e boitshepo jang?

10 Rona bao re kitlanyang dipelo tsa rona ka go bo re boifa leina la ga Jehofa, re tlhatlhanya ka boikaelelo jwa gagwe jo bogolo le ka go dira tirelo e e boitshepo mo botshelong jwa rona, Jehofa o tla re gakologelwa. “Gonne matlhō a ga Yehofa a sianèla kwa le kwa mo lehatshiñ yeotlhe, go ipōnatsa ha a le thata ntlheñ ea batho ba dipelo tsa bōnè di leñ boitekanèlō mo go èna.” (2 Ditihalō 16:9) Malaki 3:16 e balega jaana e bolela ka tsela ya seperofeti ka motlha ono wa rona: “Hoñ ba ba boihañ Yehofa ba tloga ba buisanya mmōgō: me Yehofa a reetsa me a utlwa, me lokwalō loa segopodishō loa kwalwa ha pele ga gagwè, loa kwalèlwa ba ba boihañ Yehofa le ba ba akanyañ leina ya gagwè.” A dipelo tsa rona di kitlane re boifa Jehofa ka tsela eo e e tshwanetseng!

Bopelonomi Jo Bo Lorato jwa ga Jehofa

11. Bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa bo tla supediwa bao ba ikanyegang jang?

11 Abo thapelo eno ya ga Dafide a e rapela a tlhoafetse mme a le tlhaga jang ne! O tswelela jaana: “Ke tla gu baka Yehofa, Modimo oa me, ka pelo ea me eotlhe hèla; ke tla galaletsa leina ya gago ka bosena bokhutlō. Gonne [bopelonomi jwa gago jwa lorato] bo bogolo kwa go nna; me u shwatotse mōea oa me mo moletiñ o o kwa teñ teñ.” (Pesalema 86:12, 13) Leno ke lekgetlo la bobedi mo pesalemeng eno koo Dafide a galaletsang Jehofa ka ntlha ya bopelonomi jwa Gagwe jwa lorato—lorato lwa Gagwe lo lo ikanyegang. Lorato lono lo logolo mo e leng gore le ka kgona go golola motho lefa a le mo maemong a go sa lebegeng a ka tswa mo go one. Ka nako ya fa Saule a ne a mmatla mo nageng, Dafide a ka tswa a ile a utlwa ekete a ka tsena mo sekhutlwaneng a swela teng. Go ne go tshwana fela le go lebana le molete o o kwa teng teng mo matlhong—boteng jwa lebitla. Mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a mo golola! Jehofa o ile a nna a golola batlhanka ba gagwe ba segompieno ka ditsela tse di tshwanang tse di gakgamatsang, ebile o ile a tshegetsa batho ba ba bolokang bothokgami ba ba ileng ba itshoka ka boikanyegi go fitlha ba swa. Batho botlhe ba ba ikanyegang ba tla bona tuelo, le eleng go tsosiwa mo baswing fa go tlhokega.—Bapisa Yobe 1:6-12; 2:1-6, 9, 10; 27:5; 42:10; Diane 27:11; Mathaio 24:9, 13; Tshenolō 2:10.b

12. Baruti ba ile ba ikgogomosa le go gatelela jang, mme ba tlile go bona tuelo efe?

12 Dafide o tlhaeletsa jaana a lela ka ba ba bogisang ba bangwe: “Modimo, bapelompè ba ncogologetse; le phuthègō ea banna ba ba thubakañ e comile mōea oa me: ga baa gu baea ha pele ga bōnè.” (Pesalema 86:14) Gompieno bangwe ba babogisi bao e ile ya nna baruti ba Labokeresete. Bano ba ipolela gore ba obamela Modimo mme lefa go ntse jalo mo boemong jwa leina la gagwe le le galalelang ba tsenya sereto “Morena” mme ba bolelela batho gore ke Tharonngwe e e sa itsiweng ke ope eo totatota e sa umakiweng gope fela mo Bibeleng. A boikgodiso ruri! Mo godimo ga seno, ba leka go pateletsa babusi ba dipolotiki gore ba thibele le go tsenya Basupi ba ga Jehofa mo kgolegelong jaaka palo e kgolo e e gakgamatsang ya dinaga go dikologa lefatshe e santse e dira jalo le gompieno. Baapari bano ba dipurapura ba ba kgobang leina la Modimo ba tla bona tuelo ya bone, mmogo le makokonyana a sekaseaka a Babelona O Mogolo.—Tshenolō 17:1, 2, 15-18; 19:1-3.

13. Ke dinonofo dife tseo Jehofa a di supang fa a bontsha batho gore o molemo?

13 Thapelo ya ga Dafide e tswelela jaana mme jaanong a itumetse: “Me wèna, [Jehofa wa me, NW], u Modimo o o tletseñ pelotlhomogi, u pelochweu, u bonya go galeha, u letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure.” (Pesalema 86:15) Dinonofo tse di ntseng jalo tsa Modimo wa rona di dikgolo fela thata. Mafoko ano a re busetsa morago kwa Thabeng ya Sinai ka nako ya fa Moshe a ne a kopa go bona kgalalelo ya ga Jehofa. Jehofa o ne a mo araba jaana: “Molemō oa me otlhe ke tla o hetisa ha pele ga gago, ke tla bolèla leina ya ga Yehofa ha pele ga gago.” Mme lefa go ntse jalo o ne a tlhagisa Moshe jaana: “Ga ua nonoha go bōna sehatlhōgō sa me: gonne motho ga a ketla a mpōna a ba a tshela.” Morago ga foo, Jehofa o ne a tla a le mo lerung a bolela jaana: “Yehofa, Yehofa, Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure.” (Ekesodo 33:18-20; 34:5, 6) Dafide o ne a bolela mafoko ano mo thapelong ya gagwe. Dinonofo tse di ntseng jalo tsa ga Jehofa di kaya selo se segolo go feta kafa a lebegang ka teng kafa ntle! Go ya ka dilo tse di re diragaletseng, a ga re itumelele go bo Jehofa a le molemo jaaka re bona seo mo dinonofong tseno tsa gagwe tse di molemo?

“Seshupō Se Se Kaeañ Molemō”

14, 15. Jehofa o direla batlhanka ba gagwe “seshupō se se kaeañ molemō” jang?

14 Dafide o ne a kopa Jehofa gape gore a mo segofatse, a bolela jaana: “A u ko u shokologèlè kwa go nna, u nkutlwèlè botlhoko; thata ea gago u e neè motlhanka oa gago, me u bolokè morwa lelata ya gago. Mpontsha seshupō se se kaeañ molemō; gore ba ba nkilañ ba se bōnè, ba tlhaywè ke ditlhoñ, ka gonne wèna, [Jehofa wa me, NW], u nthusitse, u bile u nkgomoditse.” (Pesalema 86:16, 17) Dafide o lemoga gore jaaka ‘morwa lelata la ga Jehofa,’ le ene e tshwanetse ya bo e le motho wa ga Jehofa. Go ntse fela jalo le ka rona rotlhe gompieno bao re neetseng Jehofa matshelo a rona ebile re mo direla. Re tlhoka maatla a ga Jehofa a a gololang ka moya wa gagwe o o boitshepo. Ke gone ka moo re kopang Modimo wa rona gore a re bontshe “seshupō se se kaeañ molemō.” Bomolemo jwa ga Jehofa bo akaretsa dinonofo tse dintle tseo re fetsang go tlotla ka tsone. Mabapi le seno, ke sesupo sefe kana lotshwao lofe lo re ka lebelelang gore Jehofa a le re neye?

15 Jehofa ke Moabi wa “neō ñwe le ñwe e e molemō, le se se molemō señwe le señwe se se tletseñ” ebile o peloephepa, jaaka Jesu a re tlhomamisetsa gore o naya “ba ba mo lōpañ Mōea o o Boitshèpō.” (Yakobe 1:17; Luke 11:13) Moya o o boitshepo—a mpho ruri ya tlhwatlhwa e e ka se kang ya lekanngwa e e tswang kwa go Jehofa! Jehofa o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go dira gore dipelo tsa rona di itumele, le eleng ka nako ya fa re bogisiwa. Ka jalo, ka nako ya fa matshelo a baaposetoloi ba ga Jesu a ne a le mo kotsing fa ba ne ba sekisiwa ba ne ba ka bolela ka boitumelo fela gore Modimo o naya ba ba mo ikobelang jaaka mmusi moya o o boitshepo. (Ditihō 5:27-32) Boitumelo jwa moya o o boitshepo bo ne jwa tswelela pele bo ba direla “seshupō se se kaeañ molemō.”—Baroma 14:17, 18.

16, 17. (a) Jehofa o ne a bontsha Paulo le Barenabase sesupo sefe sa gore o molemo? (b) Bathesalonia ba ba neng ba bogisiwa ba ne ba newa sesupo sefe?

16 Paulo le Barenabase ba ne ba nna le mathata, ebile ba ne ba bogisiwa botlhoko fa ba ne ba le mo loetong lwa bone lwa borongwa go ralala Asia Minor. Bajuda ba ne ba gana go reetsa molaetsa wa bone fa ba ne ba rera kwa Antioka wa Pisidia. Ke gone ka moo ba neng ba ya kwa go baditšhaba. Go ne ga felela jang? “Me ea re Badichaba ba utlwa mo, ba itumèla, ba galaletsa lehoko ya Modimo: me botlhe ba ba laolecweñ botshelō yo bo sa khutleñ ba dumèla.” Mme lefa go ntse jalo Bajuda ba ne ba tsosa kgoberego, mo e leng gore barongwa bao ba ne ba kobiwa mo nageng eo. A bone le barutwa ba basha bao ba ne ba kgobega marapo ka ntlha ya seno? Legoka! Go na le moo, “barutwa ba tlala boitumèlō le Mōea o o Boitshèpō.” (Ditihō 13:48, 52) Jehofa o ne a ba bontsha sesupo seo sa gore o molemo.

17 Moragonyana phuthego e e neng e santse e le ntšha ya kwa Thesalonika e ne ya simolola go bogisiwa. Seno se ne sa dira gore moaposetoloi Paulo a ba kwalele lekwalo a ba gomotsa le go ba akgolela go bo ba itshokela mathata. Ba ne ba “amogetse lehoko mo pogishoñ e kgolo, mmōgō le boitumèlō yoa Mōea o o Boitshèpō.” (1 Bathesalonia 1:6) “Boitumèlō yoa Mōea o o Boitshèpō” bo ne jwa tswelela go ba nonotsha jaaka sesupo se se bonalang se se tswang kwa Modimong sa gore o kutlwelobotlhoko le pelotlhomogi, o bonya go galefa, o tletse bopelonomi jo bo lorato ebile o boammaaruri.

18. Bakaulengwe ba rona ba kwa Yuropa Botlhaba ba ile ba supa jang gore ba anaanela bomolemo jwa ga Jehofa?

18Mo dingwageng tsa bosheng, Jehofa o ile a supetsa bakaulengwe ba rona ba ba ikanyegang ba kwa Yuropa Botlhaba gore o molemo, ka go tlhabisa bao ba neng ba ba ila ditlhong—ba ba neng ba kile ba bo ba ba bogisa pele. Le mororo bosheng ba ile ba gololwa mo go gatelelweng ka masomesome a dingwaga, bakaulengwe bano ba rona ba ba rategang ba santse ba tshwanetse go itshoka, ka go bo ba bantsi ba bone ba lebane le mathata a a masisi a go tlhoka madi. Lefa go ntse jalo, ba gomodiwa ke “boitumèlō le Mōea o o Boitshèpō.” Abo go sena sepe se sengwe se se ka ba itumedisang go feta go dirisa kgololesego e ba sa tswang go e bona ya go neela bosupi ka tsela e e oketsegileng eo jang ne? Batho ba bantsi ba a ba reetsa, jaaka dipego tsa kwa dikopanong le tsa ba ba kolobediwang di senola.—Bapisa Ditihō 9:31.

19. Re ka dira jang mafoko a Pesalema 86:11 a rona?

19 Dilo tsotlhe tse go tlotlilweng ka tsone fano le tse go tlotlilweng ka tsone mo setlhogong se se fetileng le tsone di bolela thapelo e Dafide a neng a e rapela Jehofa a le tlhaga a re: “Nthuta . . . [Jehofa wa me, NW] . . . kitlanya pelo ea me e tlè e boihè leina ya gago.” (Pesalema 86:11) A re ke re boleleng mafoko ao a temana ya rona ya ngwaga wa 1993 jaaka re ntse re dira dilo tse di direlwang Bogosi ka pelo yotlhe le fa re ntse re lebogela bomolemo jo bogolo jwa Modimo wa rona o o osi, Morena Molaodi Jehofa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Jesu jaaka “losika” lo lo solofeditsweng e ne e le ene a tlileng go nna mo setulong sa bogosi sa ga Dafide ebile ke gone ka moo a neng a bidiwa “Morwa Dafide” ka tsela ya mmatota le ka tsela ya semoya.—Genesise 3:15; Pesalema 89:29, 34-37.

b O ka utlwa kaga dikao tsa segompieno ka go leba Yearbook of Jehovah’s Witnesses, tokololo ya 1974, ditsebe 113-212; 1985, ditsebe 194-7; 1986, ditsebe 237-8; 1988, ditsebe 182-5; 1990, ditsebe 171-2; 1992, ditsebe 174-81.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Re a bo re supa eng fa re rapela re re “Nthuta . . . [Jehofa wa me, NW]”?

◻ Ke eng se se kaiwang ke gore Jehofa a kitlanye dipelo tsa rona?

◻ Jehofa o tlile go supetsa botlhe ba ba ikanyegang mo go ene bopelonomi jo bo lorato jang?

◻ Jehofa o re bontsha jang “seshupō se se kaeañ molemō”?

[Lebokoso mo go tsebe 16]

Temana ya ngwaga wa 1993 ke eno: “Nthuta . . . [Jehofa wa me, NW] . . . kitlanya pelo ea me e tlè e boihè leina ya gago.”—Pesalema 86:11.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jehofa ke lefika le kago ya phemelo ya bao ba tsamayang ba tlhamaletse mo boammaaruring

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Kwa Kopanong ya Merafe Yotlhe ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi” Basupi ba ga Jehofa kwa St. Petersburg, kwa Russia, ka June, go ne ga tla ba le 46 214 mme go ne ga kolobediwa ba le 3 256. Abo bano ba dira gore ba bone bomolemo jwa ga Jehofa ka tsela e e molemolemo jang ne ka “boitumèlō le Mōea o o Boitshèpō”!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela