LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 12/15 ts. 19-20
  • Kgotlatshekelokgolo ya kwa Nigeria E Tshegetsa Kgololesego ya Bodumedi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgotlatshekelokgolo ya kwa Nigeria E Tshegetsa Kgololesego ya Bodumedi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Go Tswa a Tsena mo Dikgotlatshekelong
  • Kgololesego ya Bodumedi E A Fenya
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 12/15 ts. 19-20

Kgotlatshekelokgolo ya kwa Nigeria E Tshegetsa Kgololesego ya Bodumedi

BAAGI ba motse ba gapa dilo tse di kotutsweng tsa molemi mongwe. Ba bangwe ba tlhasela ntlo ya moagi mongwe wa matlo mme ba mo tseela didirisiwa tsa gagwe. Go ntse go le jalo ba bangwe ba kganela mosadi mongwe go reka le go rekisa. Ke ka ntlha yang fa batho bano ba kgokgontshiwa jalo? Ke ka ntlha ya go bo batho ba ba neng ba tlhaselwa bano, bao botlhe e leng Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba gana go inaakanya le ditiro tsa mekgatlho ya bao ba lekanang ka dingwaga. ‘Ba gana go inaakanya le eng?’ o ka nna wa botsa jalo.

Mokgatlho wa bao ba lekanang ka dingwaga ke setlhopha sa batho, bao gantsi e leng batho ba senna bao ba tshotsweng mo e ka nnang ka ngwaga o le mongwe fela ebile ba nna mo motseng o le mongwe fela. Ditlhopha tseno tsa bao ba lekanang ka dingwaga di itsege thata kwa botlhaba jwa Nigeria. Di ka nna tsa ema ditiro dingwe tsa motse nokeng ka madi, lefa go le jalo di inaakanya le kobamelo ya ditshwantsho le go dira mekete ya tirisabadimo go itumelela maloko a a tshwereng dingwaga tse di batliwang. Ereka jaana Bibela e nyatsa ditlwaelo tse di ntseng jalo mo Bakereseteng ba boammaaruri, Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe mo ditlhopheng tse di ntseng jalo.—1 Bakorintha 10:20, 21; 1 Yohane 5:21.

Samuel Okogbue o ne a dira jaaka moroki kwa toropong ya Aba, kwa Nigeria. Mo masimologong a 1978, maloko a Mokgatlho wa Bao Ba Lekanang ka Dingwaga ba Umunkalu ba Alayi o ne wa mo pateletsa go duela “lekgetho” e le gore go ke go agiwe setheo sa boitekanelo. Ka jaana e le Mokeresete wa boammaaruri, Samuel o inaakanya le ditiro tsa go thusa ba bangwe, lefa go le jalo o ne a gana go nna le seabe mo ditirong tsa setlhopha seno sa bao ba lekanang ka dingwaga. Ka April 22 wa one ngwaga oo, maloko a le marataro a setlhopha seno a ne a thuba lebenkele la gagwe mme a gapa motšhine wa gagwe wa go roka, oo ba neng ba re ba tla o gapa jalo go fitlha a duela madi ano. Samuel o ne a ngongorega gore ba ne ba sa tshwanela go mo pateletsa go duela madi ape fela ka jaana e ne e se loloko la setlhopha sa bone. E ne ya re fa ba gana go busa motšhine ono wa gagwe wa go roka, Samuel o ne a isa kgang eno kwa kgotlatshekelong.

Go Tswa a Tsena mo Dikgotlatshekelong

Kwa Kgotlatshekelong ya ga Magiseteratamogolo, setlhopha seno sa bao ba lekanang ka dingwaga se ne sa bolela gore ka ntlha ya dingwaga tsa gagwe, seo ka bosone fela se ne se dira gore Samuel a nne leloko la bone, a tshwanelwa ke go duela makgetho ape fela a ba neng ba tshwanela go a duela. Mo godimo ga moo, tlwaelo ya koo e ne e le gore fa leloko le gana go duela lekgetho, le ne le ka tseelwa dilo tsa gagwe go fitlhelela le duela madi ano.

Kgotlatshekelo e ne ya gana. Ka February 28, 1980, e ne ya bolela gore Samuel o ne a ka se ka a patelediwa go nna leloko la setlhopha seno sa bao ba lekanang ka dingwaga. Magiseteratamogolo o ile a bolela jaana: “Ngwao eo e tseelang baagi tshiamelo eo ba nang le yone ya go itlhophela go nna maloko a ditlhopha tseo ba di ratang e thulana le M[olawana] wa 37 wa Molaotheo wa Federal Republic of Nigeria mme ka gone ga re kake ra e pateletsa go ya ka Molao.”

Setlhopha seno sa bao ba lekanang ka dingwaga se ne sa dira boikuelo malebana le tshwetso eno kwa Kgotlakgolo mme ba ile ba e fenya. Gone koo moatlhodi o ne a laela Samuel go duela lekgetho leno, a bolela gore go dira jalo ke tsela e nngwe ya go tsenya letsogo mo go thuseng go tlhabolola motse wa gaabo.

Morago Samuel o ile a dira boikuelo a tlhalosa fa a leba seo e le go siamololelwa. Kgotlatshekelo ya Boikuelo e ne ya boa ya tlhatlhoba katlholo eo ya Kgotlakgolo sesha, e dira tshwetso eo e neng e buelela Samuel. Ka ntlha ya go sa batle go ineela, setlhopha seno sa bao ba lekanang ka dingwaga se ne sa tseela kgetse eno kwa Kgotlatshekelokgolo ya Nigeria.

E ne ya re fa dikgang di ntse di eme jalo, maloko a setlhopha seno mo motseng wa bo Samuel a ne a tshwere ka natla. Ba ne ba tsosa kgang ya gore Basupi ba kgatlhanong le ditiro tsotlhe tsa motse, mme ba tlhotlheletsa kgosana ya motse gore a thibele Basupi ba ga Jehofa mo lefelong leo. Motlhankedi wa motse o ne a dira kitsiso ya gore motho mongwe le mongwe yo o neng a dirisana le Basupi ba ga Jehofa o ne a tla otlhaiwa. Basupi go tswa mo ditoropong tse di fa gaufi ba ne ba tsenya letsogo mme ba tlhalosetsa bagolwane ba motse kaga ditiro tsa bone. Ba ile ba ba tlhalosetsa gore batho ba Modimo ga ba kgatlhanong ka gope le go tlhabolola motse. Totatota, Samuel o ne a ile a tlhagisa ditlankana kwa kgotlatshekelong tseo di supang gore o ntse a ntsha meneelo eo e neng e le malebana le ditiro tsa motse tseo di neng di se kafa tlase ga setlhopha seno sa bao ba lekanang ka dingwaga. Bagolwane ba motse ka jalo ba ne ba gogela morago tshwetso ya gore go se ka ga tlhola go dirisanngwa le Basupi.

Kgololesego ya Bodumedi E A Fenya

Ka October 21, 1991, baatlhodi ba le batlhano ba Kgotlatshekelokgolo ya Nigeria ba ne ba dumalana botlhe go dira tshwetso eo e buelelang Samuel. Fa a ne a tlhalosa ka katlholo eo e neng e di goga kwa pele ka Moatlhodi Paul Nwokedi, Moatlhodi Abubakar Wali o ne a bolela jaana: “Molatofadiwa [Samuel] ga a gane go duela [lekgetho le le patelediwang] leno go na le moo o kgatlhanong le go nna leloko la mokgatlho ope fela, setlhopha kana lekoko la balekane, ka jaana seno se le kgatlhanong le bodumedi jwa gagwe, gonne e le mongwe wa [b]asupi ba ga Jehofa.”

Moatlhodi yono o ne a tswelela pele jaana: “Molaotheo wa 1963, karolo 24(1) o ile wa tlhomamisetsa baagi botlhe ba Nigeria kgololesego ya segakolodi, mogopolo, le bodumedi. Molatofadiwa o na le tshwanelo ya go kgomarela seo a se laelwang ke bodumedi jwa gagwe, mogopolo wa gagwe le segakolodi tseo di mo kganelang go dumela go nna leloko la Setlhopha sa bao ba lekanang ka dingwaga. Ngwao epe fela eo e gatelelang gore go dirwe se se farologaneng le seno e kgatlhanong le Molaotheo mme ka gone ga e kae lefa e le sepe.”

Ka bokhutshwane, kgotlatshekelo eno e ile ya bolela gore ga go na motho ope yo o ka patelediwang semolao gore a ikwadise go nna leloko la setlhopha sa bao ba lekanang ka dingwaga le eleng lefa go nna leloko la setlhopha seno e ka tswa e le ngwao ya motse. Gape e ile ya bolela gore ga go na motho ope yo o ka patelediwang go duela dikatso tsa mokgatlho mongwe o o rileng oo e seng leloko la one, tota le eleng lefa dikatso tseo e le tse di malebana le go tlhabolola motse. Ka gone mo kgannyeng eno e e lebegang e se ya sepe, go ile ga buelelwa kgololesego ya bodumedi mo baaging botlhe ba Nigeria.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela