LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 8/15 ts. 29
  • A O A Gakologelwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O A Gakologelwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Dikarolwana Tsa Madi le Mekgwa ya Karo
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 8/15 ts. 29

A O A Gakologelwa?

A o itumeletse go bala ditokololo tsa bosheng jaana tsa Tora ya Tebelo? Fa go le jalo, bona gore a o ka araba dipotso tse di latelang:

◻ Go tswalelwa ga baengele ba ba neng ba tlhoka kutlo mo Moleteng go ile ga kaya eng mo go bone? (2 Petere 2:4)

Ga ba sa tlhole ba na le bonno bope mo phuthegong e e boitshepo ya ga Jehofa ebile jaanong ga ba bone lesedi lepe la bomodimo. Lefa go ntse jalo, ba santse ba dira ba kaelwa ke Satane mme ba tswelela ba ntse ba amana le batho thata, ba leka go laola banna, basadi le eleng bana. (Tshenolō 12:12, 17)—4/15, tsebe 14.

◻ Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa go ‘ila bosula’ mo matlhong a ga Jehofa? (Pesalema 97:10)

Bao ba ilang bosula ga ba senke ditsela tsa go tsenelela mo go jone. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba sa bo ileng ba ka nna ba se bo dire mme ba ntse ba eletsa go dira dilo tse di bosula tseo mo dikakanyong tsa bone.—4/15, tsebe 21.

◻ Ke eng seo ba ba iphakang gore ke balatedi ba ga Keresete ba se ithutang mo setshwantshong sa ga Jesu sa ditalenta? (Mathaio 25:14-30)

Ba tshwanetse ba dira gore ba oketse dilo tsa Mong wa bone wa selegodimo ka go nna le seabe se se tletseng mo tirong ya go rera. Fa ba dira jalo ke gone fela ba ka tlhomamisegang gore Jesu o tla ba akgola a bo a ba duela. Ka gone, ba tila go latlhelwa kwantle kwa lefifing mme kwa bokhutlong ba senngwa.—5/1, tsebe 9.

◻ Jesu o ne a kaya eng fa a ne a raya barutwa ba gagwe a re ba rapele ba re: “Me a u ko u se ka ua re isa mo thaeloñ”? (Mathaio 6:13)

Mafoko ano ga a a tshwanela go tlhaloganngwa jaaka ekete a raya gore Jehofa o re leka gore re dire bosula. Go na le moo, rona re ka kopa Jehofa gore a se ka a re letla gore re ineele fa re lekwa kana re gatelelwa gore re se mo ikobele. Re ka kopa Rraarona go kaela dikgato tsa rona gore go se nne teko epe e e re fenyang le e e botlhoko thata mo re ka se kang ra e itshokela. (1 Bakorintha 10:13)—5/15, tsebe 19.

◻ A Mokeresete o tshwanetse go amogela mokento wa karolwana ya madi, jaaka globulin kana albumin e e thibelang malwetsi?

Bakeresete ga ba amogele ditshelo tsa madi tsa dikarolo tse dikgolo tse di bopang madi—plasma, disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu, kana dipolatelete ka gonne ba reetsa molao wa Modimo. Lefa go ntse jalo, digakolodi tsa bangwe ba Basupi ba ga Jehofa di ile tsa ba letla go amogela mokento o monnye wa dikarolwana tsa diporoteine tsa plasma. Se se kgatlhisang ke gore dingwe tsa diporoteine di kgona go tswa mo mading a mosadi yo o moimana mme di fetele mo tsamaong ya madi a lesea la gagwe.—6/1, ditsebe 30, 31.

◻ Boikaelelo jwa ga Jesu jwa go tlhapisa barutwa ba gagwe dinao e ne e le bofe kwa Tlolaganyong ya bofelo?

Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe thuto ka boikobo. Ga go ope yo le ka motlha a tshwanetseng go batla go nna wa ntlha, a akanya gore o botlhokwa. Go na le moo, botlhe ba tshwanetse go latela sekao sa ga Jesu mme ba iketleetse go direla ba bangwe fela ba sa tlhaole, go sa kgathalesege gore tiro eo ke e e sa itumediseng kana e le nnye go le kana kang. (Yohane 13:12-17)—6/15, tsebe 9.

◻ Bajuda ba kwa Berea ba ne ba “lotolotsa” mo Dikwalong ka tlhaloganyo efe? (Ditihō 17:11)

Ga se gore Baberea ba ne ba belaela Paulo le molaetsa oo a neng a o lere kwa go bone, mme ba ne ba batlisisa go bona gore a tota Jesu e ne e le Mesia. Go supa gore boikaelelo jwa bone e ne e le jwa mmatota, bontsi jwa bone bo ne jwa fetoga badumedi. (Ditihō 17:12)—6/15, tsebe 18.

◻ ‘Lokwalo lwa Dintwa tsa ga Jehofa’ e ne e le eng? (Dipalō 21:14)

Eno e ne e le hisitori e e ka ikanngwang ya dintwa tsa Modimo a lwela batho ba gagwe. Go lebega e simolotse fa Aberahame a ne a fenya batlhasedi ba ba neng ba tshotse ditlhabano ba ba neng ba tlhasela Lefatshe le le Solofeditsweng jaaka go begilwe mo go Genesise kgaolo 14. Buka eno e tla konelwa ka ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ ka Hara-Magedona. (Tshenolō 16:14, 16)—7/1, ditsebe 20, 22.

◻ Lefoko la Modimo Bibela le re thusa jang go itshokela botlhoko jwa mmele?

Bibela e re bolelela gore ke ka ntlhayang fa Modimo o dumeletse botlhoko gore bo nne gone, mme gape e re tlhomamisetsa gore botlhoko bo tla tloga bo fela. (Baroma 5:12; Tshenolō 21:1-5)—7/15, ditsebe 4, 5.

◻ Batho ba Modimo ba ka “tsabakèla ka kgalalèlō ea Morèna, yaka seipone” jang gompieno? (2 Bakorintha 3:18)

Kgalalelo ya Modimo e tsabakela ka “lesedi ya Mahoko a a molemo a kgalalèlō ea ga Keresete eo e leñ sechwanō sa Modimo.” Basupi ba ga Jehofa ba supa kgalalelo eno ka go bua ka kgalalelo ya ga Jehofa le kgalalelo ya Bogosi jwa Morwawe. (2 Bakorintha 4:4-6)—7/15, ditsebe 15, 16.

◻ Motho o tshwanetse go kolobediwa leng?

Kolobetso ke kgato e motho a e tsayang fa a setse a ineetse ka botlalo mo go Jehofa ka Keresete Jesu go dira thato ya Modimo, a sa sadisa sepe ebile go se mabaka ape ao a a beetseng fa thoko.—8/1, tsebe 14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela