LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 8/15 ts. 24-28
  • Go Dira Tiro ya Modimo Ka Tsela ya Modimo kwa Nigeria

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dira Tiro ya Modimo Ka Tsela ya Modimo kwa Nigeria
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Katoloso Ka Bonako
  • Se Se Gakologelwang Fa go Ne go Agiwa
  • Go Amogelwa Semmuso
  • Letsatsi la go E Neela
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 8/15 ts. 24-28

Go Dira Tiro ya Modimo Ka Tsela ya Modimo kwa Nigeria

E NE E le sengwe se se kgatlhang tota fa o se bona. Mekoakoa e megolo ya dibalaka tsa tshipi—di ne di ka nna halofo ya dikilogerama di ka nna milione o le mongwe—fa boemelakepeng jwa Houston kwa Texas, di tloga fa di ya go felela ka kwa. Motho yo o pegang le go folosa dithoto mo dikepeng o ne a tlhatlhoba dilo tse dintsi tseno tse di tlileng go romelwa. Fa a ntse a dira, o ne a gakgamala go bona tsotlhe di kwadilwe “Watchtower.” Kgabagare o ne a atamela monna yo a neng a tlhokometse thomelo ya dilo tseno a bo a mmotsa a re: “Gone tora eno ya tebelo e boleele jo bo kana kang?”

Motho yo o folosang le go pega dithoto mo sekepeng yono o ne a lemoga gore ditshipi tseno ga di e go aga tora ya tebelo ya mmatota. Go na le moo di ne di tlile go romelwa kwa Igieduma, kwa Nigeria, koo di tla dirisediwang go aga dikago tse disha tsa lekala la Mokgatlho wa Watch Tower—totatota motsemogolo o monnye mo garegare ga dikgwa tsa Afrika.

Dingwaga di le thataro tse di fetileng bogolo jwa lefelo la Igieduma e ne e le sekgwa se se kitlaneng sa ditlhare tsa raba. Jaanong naga eo e a tlhokomelwa ebile e ntle tota; go na le dithunya, ditshingwana, le tshingwana e e nang le dikgama! Lefa go le jalo, mo lefelong leno go na le bogatisetso jo bo fetang lefelo la lekala la pele la kwa Lagos. Mo teng ga feketiri, go na le metšhine e meraro e e gatisang, yo mongwe wa yone o kgona go gatisa dimakasine di le 17 000 ka oura. Matlo a bonno a ka kgona go nna batho ba ba fetang 400. Kago ya ditirelo e na le kamore e tona ya boapeelo le ya bojelo mmogo le ofisi ya tsa kalafi le ya botlhatlhobelo jwa meno. Ba na le metsi a bone le tsamaiso ya bone ya go ntsha mantle. Motlakase o tsamaisiwa go tswa kwa ntlong ya one e e laolwang ka khomputara. Go na le Holo ya Bogosi, kago ya diofisi, le lefelo la ditimamolelo. O tla fitlhela gape go na le ditsela le mabone a mebila. Ga go gakgamatse go bo batho ba bitsa tikologo eo ya Bethele e e kwa Igieduma ba re ke toropokgolo. Mme e agilwe ke badiri ba baithaopi ba ba sa duelweng mme madi a yone a ne a tswa mo meneelong ya boithatelo.

Katoloso Ka Bonako

Lemororo Bethele eno e le e kgolo go gaisa mo Nigeria, ga se yone ya ntlha. Ya ntlha e ne ya simololwa ke Mokaulengwe William R. Brown, yoo a neng a fudugela kwa Lagos ka 1930 a na le mosadi wa gagwe le morwadie. Dikamorenyana di le mmalwa tseo ba neng ba di hirile di ne di direla jaaka ntlokgolo ya lekala la Mokgatlho la Bophirima jwa Afrika, leo ka nako eo le neng le tlhokometse tiro ya Bogosi kwa Nigeria, Ghana, le Sierra Leone. Ka nako eo, go ne go na le baboledi ba mafoko a a molemo ba ba tlhaga ba le supa fela mo Nigeria.

Brown wa Bibela, jaaka a ne a itsewe jalo thata, e ne e le moreri yo o tlhaga le yo o pelokgale tota wa mafoko a a molemo. Go ise go e kae o ne a sa kgotsofalele go nna fela mo setulong mo ofising, ka jalo o ne a ralala naga ka koloi le ka terena, a naya dipuo tsa phatlalatsa le go tsamaisa dibuka tse dintsi.

Fa molaetsa o o maatla wa Bogosi o ntse o tsena mo megopolong le mo dipelong tsa bao ba neng ba reetsa, batho ba bantsi go feta pele ba ne ba nna baboledi ba ba tlhaga ba Bogosi. Dingwaga tse di lesome tse di latelang di ne tsa tshwana le nako ya lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Jerusalema fa ‘lefoko la Modimo le ne le tota; le palo ya barutwa e ne e ntsifala mo gogolo thata.’ (Ditihō 6:7) Palo ya babaki ba ba tlhaga ba ga Jehofa mo Nigeria e ne ya golela kwa godimo go tloga go 7 go ya go 1 051!

Yo ‘monnye o ne a fetogile ba ba makgolo a a some,’ mme seno e ne e le tshimologo fela. (Isaia 60:22) Mokgatlho o ne wa romela barongwa ba ba katisitsweng kwa Gileade kwa Lagos ka 1947. Mongwe wa bone, Anthony Attwood, o santse a le tlhaga tota mo kabelong ya gagwe. O gakologelwa Bethele ya nako eo jaana: “E ne e le ntlwana kwa godimo ga lebenkele la ditlhako. Go ne go na le dikamore tsa borobalo di le tharo, kamore ya boitapoloso/ofisi, le kamore ya bojelo. Mokaulengwe le Kgaitsadi Brown le lelapa la bone ba ne ba dirisa dikamore tse pedi tsa borobalo, mme rona barongwa ba bararo re ne re le mo kamoreng ya boraro. Re ne re kgona fela go tsenya malao a le mararo a a robalang motho a le mongwe le oteropo e e ageletsweng mo leboteng.”

Re ne ra tlhoka go fudugela kwa kagong ya matlhatlaganyane a le mararo ka 1948 ka re ne re tlhoka bonno jo bo oketsegileng. Ka nako eo palo ya baboledi mo Nigeria e ne e setse e le 6 825. Palo eno e ne e setse e imenne gararo mo dingwageng tse robedi moragonyana ga foo, ka jalo Bethele ya tshwanela go fudugela kwa Shomolu kwa Lagos. E ne e le gone koo Mokgatlho o neng wa aga Legae la ntlha la one la Bethele mo Nigeria, leo le neng le na le kago e e nang le dikamore tsa borobalo di le robedi mo lefelong la diheketara di le 0,6. Puso ya mo lefelong leo e ne ya bitsa mmila oo Watch Tower Avenue. Go ne go tlhoga ditlhare tse dintsi mo tshingwaneng, go akaretsa le tsa kokonate le tsa dinamune, breadfruit, abokado, le tsa mango. Me go ne ga okediwa ka dikago tsa bo tsa atolosiwa mo dingwageng tse 33 tse di latelang. Mo magareng a bo 1970, dikago di ne di setse di tletse mo lefelong leo. Mme go ne go tlhokega gape gore go fudugiwe.

Se Se Gakologelwang Fa go Ne go Agiwa

Kwa tshimologong go ne ga bonwa naga ya diheketara di le 31 kwa Otta, kwa bokone jwa Lagos. Mme mathata a ne a nna a thibela gore go tswelelwe. Kgabagare, go ne ga bonala gore Jehofa o ne a sa rate re fudugela koo. Morago re ne ra batla naga go ralala karolo yotlhe e e kwa borwa ya naga, mme ka 1983 Mokgatlho o ne wa bona naga ya diheketara di le 57 kwa Igieduma, kwa Bendel State.

Mo dingwageng tse thataro tse di neng tsa latela, ditlhware le dikake di ne tsa nna tsa suta fa bakaulengwe le metšhine e megolo e ne e ntse e tsena koo. Bothata jo bogolo ke gore go ne go se motlhofo, ebile tota go sa kgonege go reka bontsi jwa didirisiwa le dilo tsa go aga mo lefelong leo. Go ne go tlhokega thuso go tswa kwantle. Ka jalo go ne ga buisanngwa le setlhopha sa Basupi ba ba kwa United States go batla didirisiwa, go di reka le go di romela. Motsamaisi wa tiro e kgolo eno, Terry Dean, o anela jaana: “Seo se neng se dira tiro eno kgolo ke gore mo e ka nnang sengwe le sengwe se ne se tshwanetse go romelwa go tswa kwantle. Bakaulengwe ba kwa Nigeria ba ne ba re bolelela gore dilo tse ba nang natso tsa go aga e ne le motlhaba, samente, le metsi fela!”

Go ne go le molemo go bo didirisiwa tse di botlhokwa thata tseno di bo di ne di le gone, ereka go ne ga dirisiwa ditone tsa samente di le 7 500, le ditone tsa motlhaba di le 55 000, le ditone tsa kerabole di le 35 000 mo tirong eno ya go aga. Go ne go na le dikota di le dintsi. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tse tlhano tse di latelang go ne ga romelwa dikilogerama di le dimilione di le 4,5 tsa didirisiwa go tswa kwa United States, tse di neng di lekane go tlatsa dikane tse ditona tse go romelwang dilo ka tsone di le 347, tseo fa di tlhomaganngwa di ka nnang boleele jwa dikilometara di le 3,5!

Makala a mangwe le one a ne a ntsha meneelo ya dilwana tse dingwe. Ennyelane e ne ya re naya dilo tsotlhe tsa tsamaiso ya motlakase, go akaretsa le difetlhi tse ditona tsa motlakase di le thataro. Sweden e ne ya re naya phesodi e tona, diterekere, motšhine o o epang, llori, dithulusu, didirisiwa tsa boapeelo, le motšhine wa dithelefono. Fa lebenkele le le rekisang didirisiwa le ne le rekisiwa, bakaulengwe ba kwa Sweden ba ne ba le reka mme ba romela dilo tsotlhe tsa lone kwa Nigeria. Dilo tse ba neng ba se ka ba di romela e ne e le digarawe tse di epang semathane—ka ba ne ba bona di ka nna mosola thata kwa Sweden go na le mo Afrika!

Basupi ba mo tikologong le bone ba ne ba ntsha meneelo go ya kafa ba neng ba kgona ka gone. Ba ba fetang 125 000 ba ne ba supa fa ba tshegetsa tiro eno ka go tla kwa lefelong leno fa go ntse go agiwa. Bontsi bo ne bo thusa ka madi. Moneelo mongwe wa disente di le 50 o ne wa romelwa ke mosimanyana wa dingwaga tse supa. O ne a bona madi ao jang? Rraagwe o ne a mo naya potata gore a e apee a e je; go na le moo mosimanyana o ne a e boloka a e jala ka paka ya yone. Moragonyana o ne a e fula potata ya gagwe a e rekisa a bo a romela madi a yone jaaka moneelo kwa Igieduma.

Basupi ba bangwe ba ga Jehofa ba ne ba thusa ka bokgoni jwa bone, ba katisa le eleng ba bangwe gore ba nne ditswerere mo ditirong tsa go aga. Ba bantsi, ka nako nngwe ba le 500, ba ne ba tla go dira ka natla, ba dira mo letsatsing le le mogote tota le mo dipuleng tsa boboatsatsi gore tiro e fele. Ka sekai, a o ko o akanye fela ka bontsi jwa tiro ya go aga lobota go dikologa lefelo leno. Bakaulengwe ba ne ba dira ba bo ba bopelela diboloko tsa dikonkoreite di le 57 000 ka bongwe ka bongwe mo dikgweding di le supa go dira lobota lo lo ka nnang dikilometara di ka nna tharo! Mokaulengwe mongwe o ne a bua fela a tshegisa jaana: “Seo se neng sa ntira gore ke nne ke ntse ke dira ke go bona manong a a neng a ntse a dikologa fa godimo a emetse fela gore ke wele fa fatshe!” Ka boammaaruri, jaaka diketekete tsa ba bangwe bao ba neng ba thusa kwa Igieduma, o ne a tlhotlhelediwa le go tshegediwa ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa.

Go Amogelwa Semmuso

Batlhankedi ba puso ba ne ba dirisana mmogo le rona ba tshegetsa tiro ya rona. Ofisi ya Tonakgolo e ne ya ntsha tetla ya gore didirisiwa tsotlhe tsa go aga tse di tswang kwantle di se ka tsa duedisiwa lekgetho. Batlhankedi ba mo lefelong leo ba ne ba letla gore go tswelelwe mme ba ne ba se ka ba re duedisa madi a go saena dipolane. Mme ba ne ba batla fela madi a mannye a go aga. Ka nako nngwe fa go ne go na le mathata ka lefelo leo, Omo N’oba, kana kgosi, ya lefelo leo lotlhe e ne ya tsenelela e bo e laela jaana: “Tiro eno ga e a tshwanela go emisiwa gonne ke tiro ya Modimo.”

Tshegetso ya bangwe ba e seng Basupi ba ga Jehofa e ne ya supa tota gore Modimo o ne o eme tiro eno nokeng. Khampani nngwe ya Amerika e e neng e romela ditshipi tse di agang lefelo la bobaakanyetso jwa dikoloi, e ne ya romela mongwe wa batho ba yone, yoo e neng e le Mokatoliki go tla go thusa go e aga. Mo lobakeng lwa dibeke tse pedi tse a di ntseng kwa Igieduma, o ne a ikutlwa a amogelesegile fela ka bonako, a bitsa ba a neng a dira le bone mokaulengwe le kgaitsadi. Fa a sena go boela gae, o ne a kwalela ofisi ya rona e e kwa Nigeria jaana: “Ga ke ise ke ko ke itumelele tiro jaaka fa ke ne ke le koo ke dira tiro ya Modimo ka tsela ya Modimo.”

Letsatsi la go E Neela

Dikago tse dintle tseno tsa Bethele di ne tsa neelwa go Jehofa Modimo yoo moya wa gagwe e neng e le one o kgonisitseng gore e wediwe, ka January 20, 1990. Go ne ga tla baeng go tswa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa Nigeria, lemororo ditaletso di ne tsa tshwanela go fiwa fela ba ba neng ba setse ba kolobeditswe ka dingwaga tse di ka nnang 35 kana ba ba neng ba setse ba na le bobotlana dingwaga di le 20 mo tirelong ya nako e e tletseng. Bokgaitsadi ba ne ba apere mesese ya mebalabala le ditukwe tsa mebala e e tshwanang le ya mesese, mme bakaulengwe ba bantsi ba ne ba apere diaparo tse dintle tsa Seafrika. Botlhe fa ba balwa, e ne e le batho ba le 4 209 go tswa kwa dinageng di le 29. Mo go bone go ne go na le barongwa ba ka nna 80, bao bontsi jwa bone bo neng bo tswa kwa dinageng tse dingwe tsa Bophirima jwa Afrika. Thulaganyo e ne e akaretsa dipego tse di tlang ka baemedi ba batlhano ba makala, bao ba neng ba otlelela go nna le boikaelelo bo le bongwe le go akanyetsana goo go leng mo bathong ba ga Jehofa. Go ne ga amogelwa makwalo a ditumediso le dithelekerama go tswa kwa bakaulengweng ba dinaga tse 21, go akaretsa le molaetsa o o amang maikutlo tota go tswa kwa “bakaulengweng le bokgaitsadi ba le 400 ba kwa Moscow, kwa Soviet Union.”

Go ne gape go na le maloko a le mabedi a Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa go tswa kwa Brooklyn, kwa New York. Albert Schroeder o ne a bua ka setlhogo se se reng “Se Se Tlhokegang ke go Fitlhelwa O Ikanyega,” a gatelela gore go botlhokwa gore batho ba Modimo ba tswelele ba ntse ba ikanyega. (1 Bakorintha 4:2) Puo ya go neela e ne ya neelwa ke Lyman Swingle, yoo a neng a tlotla ka go agiwa ga tempele e ntle ya motlha wa ga Solomone. Lemororo Modimo o ne o amogela tempele eno ebile o ne o e tshegetsa, Jehofa o ne a ba phepafaletsa gore se se neng se le botlhokwa thata go gaisa go aga e ne le boikanyegi le kutlo ya batho ba gagwe ba ba ineetseng. Ka tsela eno Mokaulengwe Swingle o ne a bontsha gore dikago tse dintle tseo tsa lekala leo la Igieduma e ne e se bokhutlo mme e ne e le fela go tsweledisa kobamelo ya boammaaruri.

Mo letsatsing le le latelang, go ne ga tshwarwa dipokano tse di kgethegileng malebana le go neela mo metsemegolong e meraro ya Nigeria. Go ne ga tla ba ba fetang 60 000 kwa dipokanong tseno.

Mo metlheng ya bogologolo, fa batho ba ba buang Se-Edo ba Nigeria ba ne ba tla go tlotlomatsa kgosi e kgolo, go ne go dirwa moletlo go itumelwa. Igieduma (e kwa tshimologong e neng e le ugie dunai) e ne e le lefoko leo le neng le dirisediwa go tlhalosa go wediwa ka katlego ga kokoano nngwe ya boipelo. Batho ba ga Jehofa ba ba neng ba tlile go tlotla Kgosi ya Lobopo, Jehofa Modimo, ba ne ba tlhoka mafoko a sekae fela. Mo baboleding ba Bogosi ba ba 139-150 ba kwa Nigeria, lefoko “Igieduma” le ba gakolola lefelo le le elelang ka kaelo le kgakololo ya bolegodimo, mmogo le dikgatiso tseo di tla ba thusang go tswelela ba dira tiro ya Modimo ka tsela ya Modimo mo Nigeria.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

1. Dikago tsa bonno

2. Holo ya Bogosi

3. Kago ya Ditirelo

4. Ofisi

5. Feketiri

6. Bobaakanyetso jwa dikoloi

7. Ntlo ya sefetlhamotlakase

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Mokaulengwe le Kgaitsadi Brown fa pele ga ofisi ya lekala ka bo 1940

Boamogelelo jwa feketeri kwa lekaleng le lesha

Kamore ya Bethele

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Motšhine o o gatisang ka mebala e mebedi

Go pegiwa dibuka

Holo ya Bogosi

Lephata la Tirelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela