“Jaanong re na le Holo ya Rona ya Bogosi”
GO GATISITSWE go le gontsi kaga Diholo tsa Bogosi tseo di agiwang ka bonako mo dinageng tse di jaaka Great Britain, Canada, le United States. Lefa go ntse jalo, seo se sa itsiweng thata, ke ntlha ya gore mafelo a kobamelo a Basupi ba ga Jehofa a a agiwang ka bonako ke tiro e e nang le masomesome a dingwaga e ntse e dirwa mo dinageng tseo di bidiwang tse di tlhabologang.
Mo dinageng tsa Afrika Basupi ba mo mafelong ao gantsi ba aga mafelo a nakwana ba a agela dikopano tsa kgaolo mo lobakeng lwa dibeke fela. Ano a ile a direla eseng fela jaaka mafelo a bokopanelo kana a a sireletsang mo letsatsing le le mogote la boboatsatsi mme gape jaaka borobalo jwa batlakopanong. Seemo se se tshwanang se fitlhelwa le kwa Central America.
Ka sekai, kwa Guatemala City, kwa Guatemala, go ne ga romelwa moneelo wa R520 kwa Phuthegong ya Vivibien ya Basupi ba ga Jehofa. Fa Mosupi mongwe wa mo lefelong leo a sena go ba fa setsha sengwe kwa kgaolong ya magae, Basupi bao ba ne ba swetsa go dirisa moneelo ono go aga kagonyana e e seng manobonobo eo ba ka e dirisetsang dipokano tsa bone.
Ba ne ba tla dirisa lotlhaka go aga leobo le le boleele jwa dimetara di le 1,5; leo kwa godimo le tla bong le bulegile fela. Go ne ga bolelwa gore kago eno e tshwanetse go nna dimetara di le 4 ka boleele le dimetara di le 6 ka bophara. Fa bagolwane ba phuthego ba etela kwa lefelong leno, ba ne ba gakgamadiwa ke go fitlhela go na le sekgwanyana sa lotlhaka, se se boleele jwa dimetara di le 6 go ya go di le 9 le bokima jwa disentimetara di le 8 go ya go di le 13 fa pele ga setsha seno. ‘Ke ka ntlhayang fa re sa age ka Matlhatso o o tlang?’ ba ne ba rialo.
Ka Laboraro o o latelang maitseboa, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go aga. Ka Labone mokaulengwe mongwe o ne a reka disanka, yo mongwe dikgong, yo mongwe dipekere. Labone thapama dikgong tseno di ne tsa segiwa go nna boleele jo bo batlegang, mme ba ne ba simolola go dira letlhomeso le le mo sebopegong sa tlhaka A ka ditshipi tse ba neng ba di filwe. Ka Labotlhano maitseboa ditlhomeso tseo di ne di setse di siame.
Ka Matlhatso mo mosong, ditlhomeso tseno le dikgong, tsa go rulela, le dipekere di ne tsa isiwa ka lori kwa motseng oo. Mo e ka nnang banna ba le 50, basadi, le bana ba ne ba isiwa kwa motseng oo ka dikoloi di le nnè. Ba ne ba setse ba gorogile kwa motseng oo ka 8:00 a.m.
Go ne ga epiwa mesima mo letlapeng le le thata la lekgwamolelo. Pele ga foo, Basupi ba ne ba rekile matlhaka a le 50 mo mongweng yo a neng a na le sekgwana sa one ka disente di le 30 lengwe le lengwe—seo se neng sa ja R15. Ka bonako fela, ba ne ba sega matlhaka ao ka dithipa. A ne a shagiwa ka letsogo go nna boleele jwa dimetara di le 1,5 mme a phatloganngwa ka bogare.
Fa ditlhomeso tseo di santse di bewa sentle, ba bangwe ba ne ba ntse ba kokotela matlhaka a a tlhamaletseng mo go a a rapaletseng ka dipekere go kgabaganya karolo e nngwe e e kwantle le karolo e e nngwe e e kafa teng, gore bokgolokwe jo bontle jwa lotlhaka bo kgabise mabota kafa teng le ka kwantle. Morago go ne ga bewa ditlhomeso fa godimo fa ba bangwe ba ne ba simolola go tlisa matlapa le matlakala a mangwe go a ala fa fatshe. Pele go nna lefifi kago eno e e tsereng dioura di le 12 e ne ya wediwa, mme bakaulengwe ba ne ba boela kwa magaeng a bone kwa toropong ka dipelo tse di itumetseng.
Morago, go ne ga latlhelwa dikota tsa phaene mo godimo ga boalo, mme go ne ga tlisiwa ditilo dingwe tse di phuthiwang le dibanka dingwe tsa matlhaka tseo di neng tsa dirwa ka matlhaka a a sa dirisiwang. Jaanong Holo ya Bogosi e ne e setse e siametse pokano ya ntlha.
Mo dinageng tse dintsi tsa boboatsatsi—Afrika, Pacific le ditlhaketlhake tsa Caribbean, Asia, Mexico, Central le South America—koo gongwe go nnang Basupi ba ga Jehofa ba le milione gone, dikago tse di seng manobonobo tseno di ile tsa tlisetsa Basupi ba mo lefelong leo boipelo ka go bo ba ne ba ka kgona go re: “Jaanong re na le Holo ya rona ya Bogosi.”