LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 10/1 ts. 15-20
  • Tlhokomela Tumelo le Boitekanelo jwa Gago jwa Semoya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhokomela Tumelo le Boitekanelo jwa Gago jwa Semoya
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefatshe Leno le Lwala go le Kana Kang?
  • Dikotsi tsa Semoya mo Lefatsheng Leno le le Lwalang
  • Metswedi e e ka Kwantle ya Bolwetsi jwa Semoya
  • Go Nna re Itekanetse mo Tumelong
  • Boitekanelo jwa Semoya bo Isa Botshelong jo bo sa Khutleng
  • Ke ka Ntlha Yang Fa go Le Mosola go Tlhatlhobiwa ke Jehofa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Leba Botsogo le Kalafi ka Tsela ya Dikwalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Ise go ye Kae—Batho Botlhe ba Tla Nna le Botsogo jo bo Itekanetseng!
    Tsogang!—2001
  • Batho Botlhe ba Tla Itekanela Sentle
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 10/1 ts. 15-20

Tlhokomela Tumelo le Boitekanelo jwa Gago jwa Semoya

“Tshegetsa sekaō sa mahoko a a tshedileñ, se u se utlwileñ mo go nna, mo tumeloñ le mo loratoñ lo lo mo go Keresete Yesu.”—2 TIMOTHEO 1:13.

1. Ke ka ntlhayang fa boitekanelo jo bo molemo jwa mmele e le selo se se botlhokwa fela thata seo se tshwanetseng go tlhokomelwa?

GO ITEKANELA sentle mo mmeleng ke selo sa botlhokwa se motho a ka nnang naso. Fa re itekanetse sentle, re ka kgona go dira dilo di le dintsi re bo re ipelele botshelo ka mo go oketsegileng. Mme fa re lwaletse ruri kana re sa itekanela, botshelo bo nna bokete fela thata. Legale, boitekanelo bo tshwanetse go tlhokomelwa. Ba le bantsi ga ba tlhokomele boitekanelo jwa bone kana ba dira dilo tse di bakang malwetsi. Lefa go ntse jalo, bao ba itlhokomelang sentle, gantsi ba nna le boitekanelo jo bo siameng le go nna ba nonofile botshelo jotlhe jwa bone.

2. (a) Ke ka ntlhayang fa boitekanelo jwa semoya bo le botlhokwa go gaisa boitekanelo jwa mmele? (b) Ke eng se se tlhokegang gore motho a nne a ntse a itekanetse mo tumelong?

2 Boitekanelo jwa semoya bo botlhokwa fela thata go na le boitekanelo jwa mmele. Boitekanelo jo bo siameng jwa mmele ga bo kake jwa tlisetsa motho mpho ya Modimo ya botshelo jo bo sa khutleng. Boitekanelo jo bo siameng jwa semoya bo ka bonwa fela ka kobamelo e e phepa le tumelo e e thailweng mo kitsong ya boammaaruri. (Yohane 17:3; Bahebera 11:6; Yakobe 1:27) Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana: “A banna bagolo ba itse go ikgapa, ba nnè masisi, ba nnè mogopolō o o lekalekanyeñ, e nnè ba ba itekanetseñ mo tumeloñ, le mo loratoñ, le mo bopeloteleleñ.” (Tito 2:2) Mongwe le mongwe yo o batlang go nna le tumelo e e itekanetseng o tshwanetse go iteka ka tlhoafalo le go nna ka metlha a tlhagafetse. Matshosetsi a boitekanelo jo bo siameng jwa semoya a ka nna a a tswang mo teng ga rona kana ka kwantle. Re tshwanetse go elatlhoko matshosetsi ano fa e le gore re tla tshegetsa tumelo le boitekanelo jwa rona jwa semoya mo lefatsheng leno le le lwalang.

Lefatshe Leno le Lwala go le Kana Kang?

3, 4. Bolwetsi jwa boitsholo bo bonala jang mo lefatsheng leno le mo ditirong tsa batho?

3 Ga go belaetse gore lefatshe leno le lwala fela thata mo boitsholong. Re bona malwetsi a a bolayang mo “dirweng” tsotlhe tsa lefatshe leno—ditumelo tsa lone, ditsamaiso tsa lone tsa bopolotiki, makgotla a lone a kgwebo, le boitlosobodutu jwa lone. Ke ba sekae fela bao ba tlotlang Modimo le melao eo a e neileng batho gore ba tshele sentle. Mme jaaka hisitori e bontsha, go bola mo boitsholong go ile ga felela ka go oketsega ga malwetsi a mmele le mathata. Se se kgatlhang ke gore ba le bantsi ga ba batle go dira sepe ka go tokafatsa boemo jono jwa boitsholo jo bo lwalang ka gonne ba rata dilo tseo di bo bakang.

4 Abo lefatshe leno le lwala jang ne! Ka go batla go ijesa monate kana ka go leka go tila mathata, ba le bantsi ba ile ba senya matshelo a bone ka bojalwa le go sa diriseng diokobatsi sentle. Bothubaki bo gongwe le gongwe, botshelo ga se sepe, gape dikgolegelo di a penologa ka dinokwane. Mo dinageng di le dintsi, mo e ka nnang halofo ya manyalo otlhe e felela ka tlhalo. Bana bao ba tlhokang kaelo e e siameng ya batsadi ba gola e le diganana. AIDS le malwetsi a mangwe a a tshelanwang ka tlhakanelo-dikobo a ntse a oketsega ka lobelo lo lo gakgamatsang gonne boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo bo tletsetletse.

5. Isaia o ne a tlhalosa boemo jwa Juda wa bogologolo jang?

5 Modimo o ne a ka bua ka lefatshe leno seo a ileng a tlhotlheletsa moperofeti wa gagwe Isaia go se bua kaga Juda wa seganana a re: “A morahe oa boleo! A chaba e e koegecweñ ke mekgweleō ea boikèpō! a losika loa badiha boshula! a bana ba ba dihañ ka mokgwa o o bodileñ! ba latlhile Yehofa, ba nyaditse Moitshepi oa Iseraela, ba itshemile dilalo, ba boetse kwa moragō. Ana lo sa nntse lo ratèlañ go ditèwa, ka e le ha lo rukhutlha bogolo bogolo? tlhōgō eotlhe e botlhoko, le pelo eotlhe ea idibala. Go simologa ka patō ea lonaō go ea le kwa tlhogoñ, ga go na boitekanèlō bopè mo go ōna.”—Isaia 1:4-6.

6. Batho ba ne ba arabela jang boikuelo jwa ga Jehofa jwa gore ba ithute go dira se se siameng kwa Juda wa bogologolo le mo motlheng wa rona?

6 Boikuelo jwa ga Jehofa jwa gore ba ikotlhae le ‘go ithuta go dira sentle’ di ne tsa seka tsa sekegelwa tsebe ke ope mo Juda. (Isaia 1:16-20) Seno kgabagare se ne sa felela ka gore Jerusalema e senngwe le gore Bajuda ba isiwe botshwarwa kwa Babelona. Ke ba sekae fela ba ba ikanyegang bao ba neng ba itemogela tshegofatso ya Modimo le go bolokiwa mo gare ga morafe o o lwalang oo. Ka mo go tshwanang le gompieno, mo lefatsheng leno le le lwalang go tloga kwa tlhogong go ya kwa patong ya lonao, ke ba sekae fela ba ba batlang go ithuta go dira molemo. Batlhanka bano ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba dira boiteko ka tlhagafalo go tshegetsa tumelo le boitekanelo jwa bone jwa semoya jaanong, ka tsholofelo ya go bona boitekanelo jo bo tletseng jwa mmele le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng la Modimo.—2 Petere 3:13; Tshenolō 21:1-4.

Dikotsi tsa Semoya mo Lefatsheng Leno le le Lwalang

7. (a) Ke dilo dife tse di diphatsa tseo di tshosetsang tumelo le boitekanelo jwa rona jwa semoya? (b) Ke eng seo Dikwalo di se bolelang kaga go lepalepana ga rona le dikarolo tse tharo tse dikgolo tseo di tshosetsang boitekanelo jwa semoya?

7 Go tshegetsa tumelo le boitekanelo jwa semoya ke kgwetlho ka gonne bolwetsi jwa lefatshe leno jwa boitsholo bo a tshelanwa. Gape Bakeresete ba tshwanetse go lwa le go sa itekanelang ga bone go ba go ruileng. (Baroma 7:21-25) Mo godimo ga moo, Satane, “kgosana ea lehatshe” leno, o itse bokoa jwa nama ya rona gape ke setswerere sa go raela. (Yohane 14:30; 1 Yohane 5:19) Dilo tse di diphatsa tseno tse tharo mo tumelong le mo boitekanelong jwa semoya—nama ya rona, lefatshe, le Diabolo—di a tshosa. Mme go a kgonega gore re se nne ‘karolo ya lefatshe,’ le fa re tshela mo go lone. Re ka ‘sepela ka moya mme ra seka ra dira dithato tsa nama.’ Mme ka thuso ya Modimo re ka “ganèla le maanō a boherehere a diabolo.” (Yohane 17:15, 16; Bagalatia 5:16; Baefesia 6:11; 2 Bakorintha 2:11) Mme a jaanong re sekasekeng gore re ka dirisana jang le dikarolo tseno tse tharo tse dikgolo tseo di tshosetsang tumelo le boitekanelo jwa rona jwa semoya.

8. Jesu o tlhalosa maatla a a leng mo teng ga rona ao a lwang kgatlhanong le boitekanelo jwa rona jwa semoya jang?

8 Mo bothong jwa rona jo bo sa itekanelang go na le maatla mangwe ao a ka felelang ka gore re dire boleo le ao a ka dirang gore re lwale mo semoyeng. (Yakobe 1:14, 15) Seno se diragala segolo bogolo mo pelong ya rona ya tshwantshetso. Jesu o ne a bua jaana: “Mo teñ, mo dipeduñ tsa batho, go cwa megopolō e e boshula, le dikgokahalō, le bogodu, le dipolaō, Le boaka, le bopelotshètlha, le boikèpō, le tsieco, le bopèpè, le leitlhō ye le boshula, le kgalō, le bopelompe, le bosilo: Dilō tse cotlhe tse di boshula di cwa mo teñ, me di itshekolole motho.”—Mareko 7:21-23.

9. (a) Ke dikeletso dife tseo di jadilweng mo pelong ya tshwantshetso? (b) Go ya ka Diane 4:20-23, re ka sireletsa pelo ya rona jang?

9 Lemororo pelo e le motswedi wa dikeletso tse di bosula, mo bathong ba bomodimo gape ke boremelelo jwa go boifa Jehofa le go rata se se siameng. (Mathaio 22:37; Baefesia 4:20-24) Go re a re tla nna ba ba molemo kana ba ba bosula go ikaegile ka gore re tsenya eng mo dipelong tsa rona. Lefoko la Modimo le re gakolola jaana: “Morwaaka, tlhōkōmèla mahoko a me; sekègèla dipolèlō tsa me tsèbè. A di se tloge mo matlhoñ a gago; u di bolokèlè mo sekwaleloñ sa pelo ea gago. Gonne di botshelō mo go ba ba di bōnañ, di bile di le phodisō hèla mo nameñ eotlhe ea bōnè. Dibèla pelo ea gago ka tlhōahalō eotlhe: gonne macō a botshelō a cwa mo go eōna.”—Diane 4:20-23.

10. Makoa a rona a senama a ama maikutlo a rona le dikeletso jang?

10 Makoa a rona a nama a ama boikutlo jwa rona le dikeletso tsa rona. Ke mang yo gangwe le gape a sekeng a kgobega marapo, a fela pelo, kana a kgopisega? Fa re siamisa ditshekamelo tseno tsa nama ka bonako, re ka kgona go ipoloka re itekanetse semoyeng. Mme boikgogomoso le go gwalalela dilo tse di kwa godimo di ka mela ka bonako fela mo dipelong tsa rona. Bogagapa le go eletsa menate e e feteletseng le maitlhapediso di ka re fekeetsa. Mme keletso ya tlhakanelo-dikobo, lefa e le ya tlholego ka gonne e le tsela e Modimo o re dirileng ka yone, e ka re faposa mo tseleng ka bonokopela. Go thibela bolwetsi joo jwa semoya gore bo se nne gone mo go rona, re tlhoka go tlhagolela maungo a moya wa Modimo mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi, re ikatisetsa go ‘ila se se bosula’ le go ‘ngaparela se se molemo.’—Baroma 12:9; Bagalatia 5:22, 23.

Metswedi e e ka Kwantle ya Bolwetsi jwa Semoya

11. (a) Ke boikutlo bofe le ditiro dife tsa selefatshe tseo di ka re tshwaetsang? (b) Go ya ka Jesu, re tshwanetse go tlhokomela dipelo tsa rona kgatlhanong le eng?

11 Re ka tshelwa bolwetsi jwa semoya ke dilo tse di kwantle. Re ka bo tshelwa ke bao ba suleng mo semoyeng. (Baefesia 2:1-3) Fa re atamalane le bone thata, re ka ikutlwa le go tshela ka mokgwa o ba tshelang ka one. Go atlega thata mo ditirong tsa selefatshe, go rata madi, go ipelela dilo tse di gaisang tse di bonalang, le go itlosa-bodutu ke dilo tse dikgolo mo matshelong a batho ba lefatshe leno. Mme keletso ya dilo tse di ntseng jalo e tshelanwa fela thata, mme le eleng go kopana go le gonnye fela le bone go ka re tshwakgafatsa mo semoyeng. Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Lo itlhōkōmèlè, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono, me letsatsi yeuō ya lo wèla ka choganeco yaka seru: Gonne le tla wèla yalo botlhe ba ba agileñ mo lehatshiñ yeotlhe hèla.”—Luke 21:34, 35.

12. Dikgopolo le dithuto tse di phoso di ka nna diphatsa mo boitekanelong jwa rona jwa semoya jang?

12 Dikgopolo le dithuto tsa lefatshe leno tse di phoso le tsone di ka re tsenya bolwetsi. Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Motlha o tla tla o ba se ketlañ ba iteseletsa go utlwa thutō e e itekanetseñ ka ōna; me ereka ba le ditsèbè tse di babanyègañ, ba tla ikgobokanyetsa baruti ba ba kaha dikgatlhegoñ tsa bōnè; Me ba tla icubula mo boamarureñ, ba hapogèla kwa mainaneñ.” (2 Timotheo 4:3, 4) Dithuto tsa maaka di tshwana le ntho e e kekelang. (2 Timotheo 2:16, 17) Fa e sena go gola, karolo ya nama ya gago e a swa ka gonne madi a a nayang botshelo ga a sa tlhole a tsamaya mo karolong eo ya mmele.

13. Fa e le gore bolwetsi jwa semoya bo setse bo re tlhasetse jaaka ntho e e kekelang, go tshwanetswe ga dirwa eng?

13 Abo ntho e e kekelang e kekela ka bonako jang ne! Go thibela loso, ngaka e ka tshwanelwa ke go kgaola karolo eo ya mmele. Jalo, fa dipelaelo, dingongorego, kana botenegi di tshosetsa go go kgotlela semoyeng, di thibele ka bonako! (Bapisa Mathaio 5:29, 30.) Batla thuso mo bagolwaneng ba phuthego. O seka wa tshwana le bao Paulo a neng a ba tlhalosa jaaka ba ba “kgweleancwe[ng] ke dipocō le dikganetsanyō tsa mahoko” ka gonne ba ne ba sa “dumalane le mahoko a a tshedileñ.”—1 Timotheo 6:3, 4.

14. Bagolwane ba ka nna ba bona go tlhokega gore ba dire eng go sireletsa boitekanelo jwa semoya jwa phuthego?

14 Go sireletsa boitekanelo jwa semoya jwa phuthego, bagolwane ba tshwanetse go “laea ka thutō e e itekanetseñ, le go henya baganetsi.” (Tito 1:9, 13, 16; 2:1) Gongwe batho ba ba ntseng jalo ba ka nna ba busediwa go nna mo seemong sa go itekanela mo semoyeng gape. (2 Timotheo 2:23-26) Mme go tweng fa ka go sa ikotlhaeng ba tsweledisa dithuto tsa maaka? He, ka go tshwana, ba tshwanetse go tlhaolwa. Ba a kgaolwa, mme re nna kgakala le bone gore bolwetsi jwa bone jwa semoya bo seka jwa re tsena.—Baroma 16:17, 18; 1 Bakorintha 5:9-13; Tito 3:9-11.

15. Mo go lekeng go koafatsa boitekanelo jwa semoya jwa batho ba Modimo, ke dilo dife tse dikgolo tse pedi tseo Diabolo a ileng a di dirisa?

15 Motswedi wa boraro o o diphatsa mo tumelong le mo boitekanelong jwa semoya ke Diabolo. (Baefesia 6:11, 12) Go fitlha le mo motlheng wa rona, o ile a leka go koafatsa tumelo ya batho ba ga Jehofa ka go ba bogisa, go akareletsa le go ba tlhasela ka digopa, go ba itaya, go ba tsenya mo dikgolegelong, le go ba tshosa ka loso. (Tshenolō 2:10) Ereka e se gantsi Diabolo a atlega ka go dirisa maano ano go roba bothokgami jwa mongwe wa batlhanka ba Modimo, o dirisa dilo tse di gogelang tsa lefatshe leno, tseo a leng modimo wa tsone, mo boitekong jwa gagwe jwa go diga ba bangwe.—2 Bakorintha 4:4; 11:3, 14.

16. Ke diiphemelo dife tseo re nang le tsone mo go itshireletseng kgatlhanong le ditlhaselo tseo Satane a di dirang mo tumelong le mo boitekanelong jwa rona jwa semoya?

16 Re ka emelelana le ditlhaselo tsa ga Diabolo jang? Ka go apara diaparo tsotlhe tsa semoya tsa Modimo. Segolo bogolo re tshwanetse go ‘tsaya thebe e kgolo ya tumelo, eo re tla itseng go tima metswi yotlhe e e molelo ya yo o bosula ka yone,’ eo Satane a re hulang ka yone. Gape re tshwanetse go rapela tumalanong le mafoko ano a ga Jesu: “A u ko u se ka ua re isa mo thaeloñ, me u re gololè mo go eo o boshula.” (Baefesia 6:11-18; Mathaio 6:13) Fa re rapela ka tsela eo re bo re dira tumalanong le dithapelo tsa rona, re ka lebelela gore Rraarona wa selegodimo o tla re thusa mo go senyeng metswi yotlhe ya ga Satane e e bolayang.

Go Nna re Itekanetse mo Tumelong

17. Go tshegetsa boitekanelo jwa semoya, ka go ja ‘dijo tse di mo nakong’ le go tsaya karolo ka metlha mo ditirong tsa Bokeresete go botlhokwa go le kana kang?

17 Go itshireletsa ke selo se segolo mo go nneng le boitekanelo jo bo siameng jwa mmele. Dijo tse di nang le dikotla, go itshidila mmele sentle, le go tlhokomela tlhaloganyo ya gago le mmele ka kakaretso ke dilo tsa botlhokwa. Dilo tsa mmele tsa tlholego tseo di lwang kgatlhanong le malwetsi di kgona go dira sentle fa mmele o itekanetse. Ka mo go tshwanang, go nna le boitekanelo jo bo siameng jwa semoya, re tshwanetse go ja dijo tseo Modimo o di kaelang le go anaanela ‘dijo tse di mo nakong’ tsa semoya tse di nang le dikotla tseo re di newang ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” Re tshwanetse go ithuta Bibela le dikgatiso tsa Bokeresete le go kopana le batho ba Modimo ka metlha, fa re gana dijo tse di senang dikotla tsa semoya tsa lefatshe leno. (Mathaio 24:45-47; Bahebera 10:24, 25) Re tlhoka gape le itshidilo-mmele e e bonwang ka go nna re “totahetse mo tihoñ ea Morèna ka metlha eotlhe” mo bodiheding le mo ditirong tse dingwe tsa Bokeresete.—1 Bakorintha 15:58.

18. “Sekaō sa mahoko a a molemō” ke eng, mme ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go se tshola mo pelong le mo megopolong ya rona?

18 Gore o nne o itekanetse mo tumelong, dirisa dipaakanyetso tsotlhe tsa semoya tsa Modimo ka botlalo. Fela jaaka Paulo a ne a bolelela Timotheo: “Tshegetsa sekaō sa mahoko a a tshedileñ, se u se utlwileñ mo go nna, mo tumeloñ le mo loratoñ lo lo mo go Keresete Yesu. Se se molemō seuō, se u se neecweñ, u se dibèlè ka Mōea o o Boitshèpō o o agileñ mo go rona.” (2 Timotheo 1:13, 14) Puo e na le kafa mafoko a yone a buiwang ka gone. Ka mo go tshwanang, “puō e e itshekileñ,” ya boammaaruri jwa Bibela e na le kafa e buiwang ka gone moo go thailweng thata mo setlhogong sa go golediwa ga ga Jehofa ka Bogosi. (Sefania 3:9) Re tshwanetse go tshola sekao seno sa mafoko a a itekanetseng mo pelong le mo tlhaloganyong e le gore re tle re tlhokomele tumelo ya rona le boitekanelo jwa rona jwa semoya. Go sa nneng jalo, di tla felela di se botlhokwa mo go rona. Seno go bonala se ne sa diragala kwa phuthegong ya Korintha, koo ba bangwe ba neng ba ‘nna bokoa ba bo ba lwala’ ka go bo ba ne ba sa tlhaloganye dilo ka tsela ya semoya.—1 Bakorintha 11:29-32.

19. (a) Fa e le gore bolwetsi jwa semoya bo setse bo re tsene, go tshwanetswe ga dirwa eng? (b) Bagolwane ba ka dira eng fa motho a lwala mo semoyeng?

19 Ke eng se se ka dirwang fa e le gore o na le bolwetsi jwa semoya? Thuso e e lorato e a tlhokega mme ebile e gone, ka gonne Jakobe o bua jaana: “A moñwe mo go lona oa bobola? a a bitsè bagolwane ba phuthègō; me a ba rapèlè ha go èna, ba mo tlotsè loukwane mo ineñ ya Morèna [Jehofa].” (Yakobe 5:14) Ee, bitsa bagolwane. Jaaka dingaka tsa semoya, ba ka go thusa gore o bone se se bakang bolwetsi jwa gago jwa semoya. Ka bonolo mme ka tsela e e thusang ba tla go tshasa lookwane lo lo fodisang lwa Lefoko la Modimo. Fa o dirile boleo mme o ikotlhaya, tlhomamisega gore Jehofa eleruri o a itshwarela. (Pesalema 103:8-14) Jaaka bagolwane ba rapela le wena mme ba go rapelela, o ka lebelela eng? Jakobe o a araba: “Thapèlō ea tumèlō e tla boloka èna eo o bobolañ, me Morèna [Jehofa] o tla mo kakatlolola; me ha a leohile, o tla go ichwarèlwa.”—Yakobe 5:15.

Boitekanelo jwa Semoya bo Isa Botshelong jo bo sa Khutleng

20. (a) Ke kgakololo efe e setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga se neng sa e naya mabapi le go tshegetsa boitekanelo jwa semoya? (b) Ke eng seo se ka re thusang fa re ntse re emetse masego a lefatshe je lesha?

20 ‘Nnang lo itekanetse.’ Setlhopha se se laolang sa batho ba ga Jehofa se ne sa konela lokwalo lwa sone mo lekgolong la ntlha la dingwaga ka mafoko ao, loo mo go lone ba neng ba umaka “dilō tse di chwanetseñ,” tseo di neng di tlhokega mo Bakereseteng. Ba ne ba tshwanetse gore ba “ithibe mo diloñ tse di isediwañ medimo ea disètwa ditlhabèlō, le mo madiñ a dilō tse di tlhabilweñ, le mo diloñ tse di betilweñ, le mo boakeñ.” (Ditihō 15:28, 29) Ditaolo tseo tsa boitekanelo jo bo molemo jwa semoya di santse di dira le gompieno. Mme jaaka re lebeletse masego a lefatshe je lesha, re ka tshegetsa tumelo ya rona le boitekanelo jwa semoya fa ka tlhagafalo re nna re ntse re rera mafoko a a molemo a Bogosi le go goletsa leina la ga Jehofa mo lefatsheng leno le le lwalang. Go nna re tshwaregile ka tsela eno go tla re boloka gore re seka ra felela masego a lefatshe le lesha a a setseng a le gaufi fela thata jaana pelo. Ka boammaaruri, “cholohèlō e e diegisiwañ e tle e ñodiise pelo: me motlhañ seelecō se tlañ, e be e le setlhare sa botshelō.”—Diane 13:12.

21. Ke masego afe a a emetseng bao ba atlegang mo go tshegetseng tumelo le boitekanelo jwa bone jwa semoya mo lefatsheng leno le le lwalang?

21 O seka wa latlhegelwa ke masego a a molemolemo ao Jehofa a a beetseng bao ba mo ratang. Go gana ditlhotlheletso tsa lefatshe, go lwa kgatlhanong le ditshekamelo tsa gago tsa nama, le go thibela metswi e e bolayang ya ga Diabolo gotlhe o tla bo o sa go direla lefela. Mo lefatsheng la ga Jehofa le lesha, o tla bona ka matlho a gago nako ya fa go se ‘moagi ope wa gone yo o tla reng: Ke a bobola.’ (Isaia 33:24) Seno se tla nna jalo ka ntlha ya paakanyetso ya Modimo ka setlhabelo se se rekololang sa ga Jesu Keresete, yo o “itseetse[ng] dièmèra tsa rona, a rwala matlhoko a rona.” (Mathaio 8:17; Isaia 53:4) O tla kgona go nwa metsi go tswa mo ‘nokeng ya metsi a botshelo’ ya tshwantshetso le go ja go tswa mo “setlhare[ng] sa botshelō” seo se nang le matlhare a a “hodisañ merahe.” (Tshenolō 22:1, 2) Tuelo ya gago e tla nna botshelo jo bo sa khutleng jo bo itekanetseng le boitumelo ka go bo o ile wa tshegetsa tumelo le boitekanelo jwa semoya mo lefatsheng leno le le lwalang.

A O A Gakologelwa?

◻ Ke ka ntlhayang fa go itekanela mo semoyeng go le botlhokwa go na le go itekanela mo mmeleng?

◻ Ke diphatsa dife tse dikgolo tse tharo tseo di tshosetsang tumelo le boitekanelo jwa rona jwa semoya?

◻ Boitekanelo jo bo siameng jwa semoya bo amana jang le pelo ya rona ya tshwantshetso?

◻ Go tshwanetse ga dirwa eng fa motho a lwala mo semoyeng?

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Tota le eleng le mo lefatsheng leno le le lwalang, go a kgonega gore o ka nna le tumelo e e nonofileng le boitekanelo jo bo molemo jwa semoya

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Boitekanelo jo bo siameng jwa semoya bo ikaegile ka go dira ditiro tsa Bokeresete ka tlhagafalo le go ja dijo tsa semoya tse di mo nakong ka metlha

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela