Paradaise E E Tsosolositsweng E Galaletsa Modimo
“Ke tla galaletsa helō ga dinaō tsa me.”—ISAIA 60:13.
1, 2. (a) Modimo o ne wa bolelela pele eng ka lefatshe ka moperofeti wa gagwe ebong Isaia? (b) Fa re lebelela isagwe kwa pele ya dingwaga tse di sekete, re bona eng?
JEHOFA o bopile lefatshe jaaka polanete e e nnang kafa tlase ga dinao tsa gagwe, jaaka sebeo sa tshwantshetso sa dinao tsa gagwe. Modimo o ne wa bolelela pele ka moperofeti wa gagwe ebong Isaia gore o tla ‘galaletsa felo ga dinao tsa gagwe.’ (Isaia 60:13) Re thusiwa ke Bibela e e tlhotlheleditsweng, re ka lebelela, jaaka ekete re lebelela ka sebonela-kgakala se se maatla, re bona dingwaga tse di sekete tsa mo isagweng ya motho. Abo matlho a rona a bona dilo tse di gakgamatsang jang ne! Lefatshe lotlhe le phatsima ka bontle jo bo a phalang otlhe jo bo dirilweng ke Molemi yo mogolo go gaisa mo lobopong lotlhe. Setho se tla bo se tsosoloseditswe Paradaise mo lefatsheng lotlhe!
2 Ee, Modimo Mogodimodimo yo o neng a dira gore motho a nne gone kwa tshimong ya paradaise o batla gore motho a itumele thata. Abo e le Mmopi yo o lorato jang ne eleruri yo setho se nang le ene, yo e reng fa go buiwa ka ene go bo go sa fetelediwe dilo fa go twe, “Modimo o loratō”! (1 Yohane 4:8, 16) Mo Paradaiseng e e tsosolositsweng, banna le basadi ba ba godileng ba nna mmogo e le batho ba ba senang selabe ba ba itekanetseng jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato. (Isaia 9:6) Ereka ba tlhotlhelediwa ke lorato, ba ineetse ka mo go feletseng kafa tlase ga Mmopi yo o galalelang wa legodimo le lefatshe, ebong Jehofa Modimo.
3, 4. (a) Legodimo le lefatshe di tla bo di tsamaisana ka tsela efe? (b) Baengele ba tla arabela jang fa Paradaise e tsosolosiwa mo lefatsheng?
3 Dingwaga tse di fetileng di le diketekete, mo tlhalosong e e tlhotlheleditsweng ke Modimo e e tlhalosang ka sebaka se a kwa go sone, Modimo o ne wa bolela mafoko ano a a kgatlhisang o a bolelela batho ba gagwe ba ba tlhophilweng: “Legodimo ke setulō sa me sa bogosi, me lehatshe ke sebeèō sa me sa dinaō.” (Isaia 66:1) Kgalalelo e e phatsimang ya ‘sebeo sa gagwe sa dinao,’ eleng lefatshe la Paradaise, e tshwanetse ka mo go tshwanelang ya tshwana le kgalalelo ya setulo sa gagwe sa bogosi se se kwa magodimong a a sa bonaleng.
4 Ka nako ya fa lefatshe le ne le bopiwa, bao ba neng ba direla kwa setulong sa bogosi sa Modimo kwa sebakeng sa selegodimo ba ne ba lebelela lefatshe kwa tlase. Abo ba tshwanetse ba bo ba ile ba gakgamala jang ne fa matlho a bone a ne a bona phatsimo ya lone e e galalelang! Ba ne ba ka tlhoka jang go ponyega ka pina? (Bapisa Sefania 3:17; Pesalema 100:2.) Mmopi ka a ne a itumetse ebile a kgatlhegile o ne a tlhotlheletsa mokwaledi wa gagwe wa mo lefatsheng gore a neele tlhaloso e e opang kgomo lonaka a tlhalosa ka tiragalo eo ya kwa magodimong, a bolela jaana: “Yale ka dinaledi tsa moshō di ōpèla mmōgō, le bomorwa Modimo botlhe ba thèla loshalaba loa boitumèlō.” (Yobe 38:7) Abo barwa ba Modimo ba baengele ba tla ipela jang ne, ba galaletsa Modimo, fa Paradaise e sena go tsosolosiwa!
5. Re tshwanetse ra ikutlwa jang ka go fitlhelelwa ga boikaelelo jwa Modimo jwa pele malebana le lefatshe?
5 Eleruri go a re itumedisa fa Dikwalo Tse Di Boitshepo tse di tlhotlheleditsweng di re tlhomamisetsa gore Jehofa Modimo kwa tshimologong o ne o ikaeletse go dira lefatshe paradaise. Go fitlhelela setlhoa ka tsela e e ipedisang, e e tsosang pako gono ga boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe leno ke sone fela selo seo se neng se ka lebelelwa mo Modimong ono o o bonang dikgalalelo ka go latelelana o o sekeng o bo o palelwa ke go bontsha ka moo a leng molemo ka gone. A pako yotlhe e ye kwa go ene!—Pesalema 150:1, 2; Isaia 45:18; Tshenolō 21:3-5.
Ba Ba Tsositsweng ba Thusa go Tsosolosa Paradaise
6. Morago ga Hara–Magedona, lefatshe le tla tladiwa jang ka batho?
6 Lemororo bafalodi ba Hara–Magedona ba tla bo ba sekae fela ka palo, lefatshe ga le na le tladiwa ka batho fela ka gore bone ba nne le bana. Jehofa gape o tla ‘galaletsa felo ga dinao tsa gagwe’ ka go tsosa bao ba leng mo mabitleng ao ba tla gakologelwang kwa go one le bao ba solegelwang molemo ke setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete. Bano, le bone, ba tla nna le tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong e e itumedisang ya go fetola kgolokwe ya lefatshe la rona go e dira paradaise e ntle go gaisa.—Ditihō 24:15.
7. Bafalodi ba Hara–Magedona ba tla nna ba gakologelwa mafoko afe a ga Jesu?
7 Bafalodi ba Hara–Magedona ba tla nna ba gakologelwa mafoko ano a a itumedisang a ga Morena Jesu Keresete ka nako ya fa a ne a tlhotlheletsega go bolela jaana: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, Me ba tla cwa.” (Yohane 5:28, 29) Abo e tla bo e le motlha o o ipedisang jang ne wa fa batho ba ba suleng ba ba mo mabitleng a ba tla gakologelwang mo go one ba simolola go utlwa lentswe la Morwa Modimo le bua mafoko ao a tshwanang le ao a neng a bolelelwa Lasaro, yo setopo sa gagwe se robaditsweng mo lebitleng kwa Bethani: “Lasaro, cwa.”—Yohane 11:43.
8, 9. Ke bomang bao go bonalang e tla nna bone ba ntlha go tsosediwa mo botshelong jo bo ntšhafaditsweng mo lefatsheng, mme go tla leretse bafalodi ba Hara–Magedona boipelo bofe?
8 Ke bomang bao go banalang e tla nna bone ba ntlha go tsosediwa mo botshelong jo bo ntšhafaditsweng mo lefatsheng tlase ga Puso ya Dingwaga Tse Di Sekete ya ga Jesu Keresete ebile e le fa ba arabela taelo ya gagwe? Go a utlwala gore e tla nna ba “dinku di sele” bao ba neng ba swa mo metlheng ya bofelo ya pele ga bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. Ba tla tsosiwa pele. (Yohane 10:16) Go bonala ba se kitla ba nna le bothata jo bo kalo mo go direng gore ba tshwanele lefatshe le lesha.—Bapisa Mathaio 25:34; Yohane 6:53, 54.
9 Abo bafalodi ba Hara–Magedona ba tla itumela jang ne fa ba bona ba “dinku di sele” bao ba suleng ka nako ya losika lwa pele ga “sepitla se segolo” ba tsositswe! (Mathaio 24:21) Kwantle ga pelaelo epe, bafalodi ba Hara–Magedona ba tla ba gakologelwa, ba ba amogela, mme ba tswelele le bone go boela ba direla Modimo Yo O kwa Godimodimo ba le seoposengwe!
10. Fa o falola Hara–Magedona, o ka nna wa bona eng ka matlho?
10 Fa o nna mongwe wa bafalodi ba Hara–Magedona, o ka nna wa bona ka matlho fa go tsosiwa wa ntlha yo eleng wa losika lwa gago wa mo lefatsheng. Maikutlo a gago a tla farologana jang le a batsadi bao ba neng ba bona Morena Jesu a busetsa morwadiabone yo o nang le dingwaga di le 12 a tshela mo matsogong a bone ao a neng a mo tlhologeletswe? “Me ba gakgamala ka kgakgamalō e kgolo.” (Mareko 5:42) Eleruri o tla nna le boipelo jo bo seng kana ka sepe fa baswi ba tsosiwa mo Hades le mo lewatleng. (Tshenolō 20:13) Abo e tla bo e le isagwe e e galalelang jang ne, isagwe e e tla tlogang e nna teng ka bonako!
“Dikgōsana mo Lehatshiñ Yeotlhe”
11, 12. (a) Pesalema 45:16 e otlelelang? (b) Kgosi, ebong Jesu Keresete, a ka tlhopha “dikgōsana mo lehatshiñ yeotlhe” mo go bomang?
11 Fa Jesu a tla bo a dirisa maatla a gagwe a go tsosa batho ba ba suleng bao a ba ntsheditseng botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jwa motho jaaka setlhabelo sa thekololo, o tla kgona go diragatsa Pesalema 45:16. Pesalema eno ke polelelopele e e buang ka Jesu Keresete jaaka Kgosi e e tlhomilweng: “Mo boemoñ yoa borrago [ba mo lefatsheng] go tla nna bana ba gago, ba u tla ba tlhōmañ go nna dikgōsana mo lehatshiñ yeotlhe.” Pesalema eno e otlelela ntlha ya gore Jesu Keresete o tla nna rre wa selegodimo wa bana ba ba mo lefatsheng mono le gore o tla tlhoma barwa ba ba mo gare ga bone go nna “dikgōsana mo lehatshiñ yeotlhe.” Jaaka “morwa Dafide” ebile e le morwa wa leitibolo wa lekgarebana la Mojuda ebong Maria, Jesu o ne a na le borraagwemogolo ba batho ba mo lefatsheng go ya go fitlha morago kwa kwa go rre wa ntlha, ebong Adame.—Luke 3:23-38.
12 A Pesalema 45:16 e bolela gore bao pele e neng e le borremogolo ba ga Jesu ba nama ba tla nna bomorwawe ka go ba tsosa mo baswing? Ee. A Pesalema 45:16 gape e raya gore ka ntlha ya gore Jesu a tswa mo go bone, o tla ba bontsha lorato lo lo kgethegileng lwa segosi mme a bo a tlhopha bone fela gore e nne “dikgōsana mo lehatshiñ yeotlhe,” mo boemong jwa lone jwa Paradaise? Nnyaa. Fa polelelopele eno e ne e ka diragadiwa ka tsela e e ntseng jalo go ne go tla nna le palo e nnye fela ya “dikgōsana” mo lefatsheng jotlhe. Kwantle ga moo, ga se borraagwemogolo botlhe bao ba neng ba tlhomologile mo ebileng ba tshwanelwa ke maemo a a kgethegileng mo lefatsheng ka nako ya Puso ya Gagwe ya Dingwaga Tse Di Sekete. Kgosi, ebong Jesu Keresete, o tla nna le ba bangwe ba bantsintsi bao ba fetang borraagwe mogolo ba mo lefatsheng bao a tla ba tlhophang go nna “dikgōsana”—eleng bafalodi ba Hara–Magedona bao ba tshwanelegang, ba “dinku di sele” ba ba tsositsweng, go akareletsa le banna ba tumelo ba motlha wa pele ga Bokeresete. A ka tlhopha batho ba ba tshwanelegang go tswa mo go bone botlhe bao ba tla dirang tiro ya dikgosana ba direla jaaka baemedi ba gagwe ba mo lefatsheng.
13, 14. Ke batho bafe ba ba tsositsweng bao bafalodi ba Hara–Magedona ba tla nnang le tshiamelo ya go ba bona ka matlho a bone ka namana?
13 A o ko o akanye ka ba ba ntseng jalo bao ba tla tsosiwang kafa tlase ga Bogosi jwa Bomesia. Bonang! Ekete re a lora! Abele ke yole, ebong motho wa ntlha go swela tumelo, le Enoke, yo o neng a sepela le Modimo wa boammaaruri. Noa le ene ke yole, yo o neng a aga araka. Aberahame, Isake, le Jakobe ke bale, borremogolo ba morafe wa Iseraele. Moshe (wa lotso lwa boperesiti lwa Lefi) le Dafide yoo go neng ga dirwa kgolagano ya bosakhutleng ya Bogosi le ene ke bale. Isaia, Jeremia, Esekiele, Daniele, le bone ke bale gammogo le baperofeti ba bangwe botlhe ba Bahebera ba ba kwadileng Bibela go tla go fitlha mo go wa bofelo wa bone, ebong Malaki, le ene Johane Mokolobetsi gammogo le Josefa, ebong rraagwe Jesu yo o mo godisitseng.
14 Ka nako nngwe Jesu o ne a bolelela Bajuda gore ba tla “[bona] Aberahame, le Isake, le Yakobe, le baperofeti botlhe mo bogosiñ yoa Modimo, me [bone ka bobone ba tla bo ba] kgoromeledicwe kwa ntlè.” (Luke 13:28) “Boidiidi yo bogolo” jwa bafalodi ba mo lefatsheng ba “[ntwa] ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” ba tla newa tshiamelo ya go bona “Aberahame, le Isake, le Yakobe, le baperofeti botlhe” ka namana ba tsoseditswe gone mono mo lefatsheng la Paradaise le mo tirelong ya segosi tlase ga Bogosi jwa Modimo ka “Rara oa Bosakhutleñ,” ebong Jesu Keresete.—Tshenolō 7:9, 14; 16:14; Isaia 9:6.
15. Ke tshiamelo efe e e sa tshwaneng le dipe eo e letetseng bao ba tla falolang Hara–Magedona?
15 Abo go tla bo go kgatlhisa jang ne mo go wena yo o tla falolang bokhutlo jwa lefatshe leno le le boikepo la ga jaanong mme o be o tlotla ka seno le Noa le lelapa la gagwe, “batho ba ba hèrañ mebedi,” bao ba neng ba falola bokhutlo jwa lefatshe la ntlha ka morwalela wa lefatshe lotlhe ka 2370 B.C.E.! Ga go na ope gape go ya bosakhutleng yo o tla nnang le maitemogelo a a tshwanang le a gago mme ka go dira jalo a kgone go direla jaaka Mosupi wa ga Jehofa Modimo mo ntlheng eno e e tlhomologileng, e e ka sekeng ya boelediwa.—1 Petere 3:20; Mareko 13:19; 2 Petere 3:5-7.
Sesinyi Se Se Kutlwelo Botlhoko Se A Gakologelwa
16, 17. (a) Fa Jesu a gakologelwa sesinyi sele se se kutlwelo botlhoko, ke tshiamelo efe eo bafalodi ba Hara–Magedona le bao ba tla bong ba tshela ka nako eo ba tla nnang le yone? (b) Ke tsholofelo efe e e leng gone malebana le sesinyi sele fa se tsosiwa?
16 Kwantle ga pelaelo, ka nako eo go tsosolosiwa ga Paradaise mo lefatsheng go tla bo go ntse go tsweletse. Sesenyi seo se neng sa bapolelwa fa thoko ga Jesu kwa Calvary se e neng ya re fa se bona letshwao le le neng le le mo godimo ga tlhogo ya Gagwe se bo se re “Yesu, a u ko u nkgopolè mogañ u tlañ mo bogosiñ yoa gago,” se tla tsosediwa botshelong mo lefatsheng mo Paradaiseng e e tsosolositsweng. (Luke 23:42) E tla bo e le tshiamelo ya bafalodi ba Hara–Magedona le ba bangwe bao ba tla bong ba tshela ka nako eo go boela ba mo amogela go tswa mo baswing. Ba tla mo ruta ka botlalo ka ga Kgosi eo e busang ga jaanong, ebong Jesu Keresete, eleng ene yo o neng a mo utlwela botlhoko ka Nisane 14 wa ngwaga wa 33 C.E.
17 Morena Jesu Keresete ga a na a palelwa ke go mo gakologelwa ka nako nngwe eo a tla bong A busa ka yone ka sebaka sa dingwaga tse di sekete. Kwantle ga pelaelo sesinyi seo se se kutlwelo botlhoko, se se tsositsweng se tla bontsha go anaanela Kgosi e e busang, ebong Jesu Keresete, yo o mo tsositseng, ka go bontsha go nna a ikanyega mo go Molaodi wa Lobopo Lotlhe, ebong Jehofa Modimo. Mme go tswa foo o tla bo a tsewa jaaka yo o tshwanelwang ke go ipelela go tshela mo lefatsheng le lesha la Paradaise go ya go ile gammogo le setho sotlhe seo se tsosolositsweng, se se nang le kutlo.
Botshelo mo Tshimong ya Edena ya Lefatshe Lotlhe, E E Tsosolositsweng
18. Botshelo bo tla nna jang mo Paradaiseng e e tsosolositsweng?
18 Mo Paradaiseng e e tsosolositsweng eno, mongwe le mongwe ke tsala ya mongwe le mongwe o sele. Motho mongwe le mongwe o utlwa dibofo tsa lelapa la lefatshe lotlhe go tswa mo botennyeng jwa moya wa gagwe. Botlhe ba a tlhaloganyana. Ba bua puo e e buiwang lefatshe lotlhe. Go bonala e tla nna puo eo e neng e buiwa ke setho pele, eo mongwe le mongwe yo o neng a le mo lefatsheng a neng a e bua mo dingwageng tsa ntlha tse 1 800 tsa go nna gone ga motho—go tloga ka nako ya go bopiwa ga ga Adame ka 4026 B.C.E. go fitlha ka motlha wa ga Pelega (2269 go ya go 2030 B.C.E.), ‘gonne lefatshe [ke gore, batho ba ba mo lefatsheng] le ne le kgaogane.’ (Genesise 10:25; 11:1) Mongwe le mongwe a ipelela tshiamelo ya go tshela, mme letsatsi lengwe le lengwe le lesha a le lebogela go bo a bone letsatsi le lengwe la go tshela. Go sa itekanelang mo mmeleng ga go tlhole go oketsega fa nako e ntse e ya. Dinonofo tsa mmele di ntse di a agega, mme mebele ga e tlhole e tsofala.—Bapisa Yobe 33:25.
19. Go tla lemogiwang ka bao pele ba neng ba golafetse?
19 Mme bonang! Bao ba kileng ya bo e le digole ba a tsamaya, ee, ba a kalapa. Bao ba neng ba sena matsogo le maoto ba a buseditswe ka dikgakgamatso. Bao e neng e le difofu pele ba a bona, disusu di a utlwa, le dimumu di a bua mme di opela ka boipelo jo bogolo. (Bapisa Isaia 35:5, 6.) Dilo tse di sa lebegeng sentle mo popegong ya motho le mo mmeleng di a nyelela. Dinonofo tsa batho tsa senna di lekalekantswe ka tsela e e molemo le dinonofo tsa batho tsa sesadi. (Genesise 2:18) Go itekanela ga motho go galaletsa Jehofa Modimo, ebong Mmopi wa mmele o o itekanetseng wa motho.
20. Go tla lemogiwang ka maatla a tlholego, metswedi ya dijo, diphologolo tse di bopilweng, le ka moo lefatshe le tla dirisiwang ka gone?
20 Lefatshe lotlhe e nna lefelo le le lengwe le le kgolokwe le lentle. Ga go tlhole go begwa ka komelelo mo karolong epe ya lefatshe kana go na ga pula e e senyang kana setsuatsue, dinteelo, thaefune, le kgwanyape tse di senyang. (Bapisa Mareko 4:37-41.) Maatla otlhe a tlholego a tla bo a tsentswe mo taolong ka botlalo le go dira gore lefatshe lotlhe e nne lefelo le lentle le le tshwanelang le go ka tshelwang mo go lone. Ga go na gope koo go tlhokwang dijo gone, gonne lefatshe le ungwa ka botlalo. (Pesalema 72:16) Kagiso le polokesego di gone lefatshe ka bophara magareng ga motho le phologolo, fela jaaka Jehofa a bolela jaana: “Ga di ketla di utlwisa botlhoko leha e le go senya mo thabeñ eotlhe ea me e e boitshèpō.” (Isaia 11:9; bona gape le ditemana 6-8.) Ka go dira jalo lefatshe le tla bo le dirilwe lefelo le le kgatlhisang leo go ka nniwang mo go lone mme ga tswelelwa go obamelwa Jehofa Modimo le go mo direla, ebong Mmopi wa lefatshe le Mong wa lone. Ereka e le la gagwe ka tshwanelo gonne a le bopile, le tshwanelwa ke gore le dirisiwe ka tsela eo e mo itumedisang le e e mo galaletsang.—Bapisa Isaia 35:1, 2, 6, 7.
21. Setho se se rekolotsweng se tla leba jang sengwe le sengwe se se mo godimo ga lefatshe, mme go tla utlwiwa mmino wa mofuta mang?
21 Sengwe le sengwe mo lefatsheng se tla bo se le sesha mo bathong ba ba rekolotsweng ba ba iseng ba ko ba nne mo tshimong ya Paradaise ya Edene koo botshelo jwa motho bo simologileng gone bo itekanetse sentle! (Tshenolō 21:5) Abo go tla utlwiwa mmino o o kgatlhisang jang ne, wa diletswa le o o opelwang ka molomo—otlhe fela o baka Jehofa!—1 Ditihalō 23:4, 5; Pesalema 150:3-6.
22. Go tla utlwala jang go tshela mo lefatsheng le lesha la Paradaise?
22 Abo go tla bo go le gontle jang ne go tshela mo lefatsheng leo mo go lone botshelo jwa motho bo tla bong bo le boleele thata le leo mo go lone dikgato tsotlhe tseo di isang kwa losong tseo di neng di bakiwa ke boleo jwa ntlha jwa ga Adame di tla bong di phimotswe! (Bapisa Yohane 10:10.) Ee, e tla bo e le lefatshe leo mo go lone sebopiwa sengwe le sengwe sa motho seo se amogetsweng se bontshang setshwano sa ga Jehofa Modimo ebile se tshwana nae eleng ka tsela eo motho wa ntlha ebong Adame a neng a bopilwe ka yone! (Genesise 1:26, 27) Lefatshe ga e na e tlhola e nna selo se se kgopisang fa se lebelelwa ke boserafa, ke botšheruba, le ke baengele ba ba galalelang ba legodimo. Fa ba retolosetsa difatlhego tsa bone tse di tletseng lorato kwa lefatsheng, ba le lebelela jaaka le kgabisitswe ka bontle jwa paradaise, ba tla bo ba ka baka le go leboga Ene yo ba nang le tshiamelo ya go bona sefatlhego sa gagwe ka tlhamalalo—ebong Jehofa, Molaodi wa Lobopo Lotlhe.—Mathaio 18:10.
Isagwe E E Itumedisang, Ya Goyagoile
23. Ke eng se se ka kgonegang malebana le Bakeresete ba ba tloditsweng, mme seno se tla nna le matswela afe mo baaging ba lefatshe la Paradaise?
23 Go ka kgonega gore ka nako nngwe mo isagweng, maina a Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng bao ba tlhomamisitseng go ‘bidiwa ga bone le go itshenkelwa ga bone’ mo Bogosing jwa selegodimo le bao ba ileng ba segofadiwa ka tsogo eno ya selegodimo a tla itsisiwe ka botlalo gore lelapa la setho le tle le ba itse mo Paradaiseng ya bone ya mo lefatsheng. (2 Petere 1:10; Pesalema 87:5, 6) Ka jalo, mongwe le mongwe o tla bo a tlhaloganya ka botlalo gore ke ka ntlhayang fa ba ba 144-000 ba barutwa ba ba tloditsweng ba ga Jesu Keresete ba ba tsetsweng ka moya ba seo mo lefatsheng la Paradaise mme ba tla ba ipelela gammogo le go ipela le bone.
24. (a) Ke eng seo Jehofa a tla bong a se dirile ka “sebeèō sa ōna sa dinaō”? (b) Re itse jang gore lefatshe le lesha ga le kitla le fela, mme ke pina efe ya polelelopele eo e tla diragadiwang?
24 Bao ba nnang ba ineetse mo go Jehofa ka bosakhutleng, eleng Molaodi yo o ba phalang botlhe wa lobopo lotlhe, ba tla nna le isagwe ya go ya goile e e itumedisang. Lefatshe la Paradaise leo le tla bong le tladitswe sentle e tla bo e le tulo e e tshwanetseng, lefelo le le kgatlhisang, e le ‘sebeo sa dinao’ seo maoto a Modimo a ka bewang mo go sone ka tsela ya tshwantshetso. Ee, Jehofa o tla bo a galaleditse ‘sebeo sa dinao tsa gagwe’ ka bosakhutleng, mme setho sotlhe se tla bo se ineetse mo go ene ka tlhomamo! (Mathaio 5:34, 35; Ditihō 7:49) Lefatshe le lesha e tla bo e le lefatshe la go ya goile ka gonne “ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō.” (Isaia 9:7) Ka jalo, pina ele ya baengele ba selegodimo ya polelelopele eo ba neng ba e opela fa Jesu a ne a tsalwa kwa Betlelehema wa Judea ka 2 B.C.E. e tla bo e diragadiwa: “Kgalalèlō e nnè go Modimo kwa bogodimodimoñ, le kagishō e nnè mo lehatshiñ, mo bathuñ ba o kgatlhègañ thata mo go bōnè.”—Luke 2:13, 14.
25. (a) Bao eleng ba “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” ba anaanela eng jaanong? (b) Keletso ya rona e e tswang pelong e tshwanetse ya nna efe?
25 Bao eleng ba “boidiidi yo bogolo” ba “dinku di sele” tsa Modisa Yo O Molemo ba anaanela mafoko a a itumedisang a tsholofetso ya Paradaise e e tsosolositsweng. Ba na le tshiamelo ya go nna mo phuthegong ya Modimo jaanong le go nna le seabe ka matlhagatlhaga mo tirong e e boleletsweng pele ke Morena Jesu Keresete, ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi mo lefatsheng lotlhe go nna bosupi jwa bofelo. (Mathaio 24:14; Mareko 13:10) Jaaka Basupi ba ga Jehofa ke keletso ya rona eo re e dirang ka bopeloephepa le e e tswang pelong gore re nne re boloke bothokgami jo bo sa leswefalang go ya go ile, e le go galaletsa Molaodi wa Lobopo Lotlhe, ebong Jehofa Modimo, le go mo tlotlomatsa ka bosakhutleng mme re le kafa tlase ga bobusi jwa ga Morwawe yo o tsetsweng a le esi, ebong Jesu Keresete. “Haleloya!”—Tshenolō 19:1, 3, 4, 6; Diane 10:9.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Jehofa o dirile tsholofetso efe malebana le sebeo sa gagwe sa dinao sa tshwantshetso, ebong lefatshe?
◻ Ke bomang ba ba tla thusang mo go tsosoloseng Paradaise?
◻ Kgosi, ebong Jesu Keresete, o tla tlhopha “dikgōsana mo lehatshiñ yeotlhe” go tswa mo go bomang?
◻ Ke eng se se itumedisang se o tla se bonang fa tsogo e diragala?
◻ Ke isagwe efe e e letetseng bao ba nnang ba ineetse mo go Jehofa ka tlhomamo?