Dipotso tse di Tswang go Babadi
▪ A kgolagano ya Molao a ne ya khutla fa Jesu a swela mo koteng, mme a ne ya tseelwa sebaka leng ke kgolagano a ntsha?
Ba le bantsi ba ile ba botsa dipotso tseno, ba gakologelwa ditiragalo tse tharo tseno: Go swa ga ga Jesu mo koteng ya tlhokofatso me thapameng ya Nisane 14, 33 C.E., go isa molemo wa madi a botshelo Iwa gagwe kwa legodimong, le go gorometsa ga gagwe moya o o boitshepo ka Pentekosete 33 C.E. Go ya ka Dikwalo, kgolagano ya Molao e ne ya khutla mme ya tseelwa sebaka ke kgolagano a ntsha ka Pentekosete. A re boneng gore ke ka ntlhayang fa go 10 jalo.
Jehofa o ne a boleletse pole, gore fa nako a ntse a tsamaya, kgolagano ya Molao a ne a tla tseelwa sebaka ke ’ kgolagano a ncha” eo e neng a tla dira gore maloo a itshwarelwe gotlhelele, eleng seo se neng se sa kgonege kafa tlase ga Molao. (Yeremia 31:31-34) Go emisediwa gono go ne go tla diragala long?
Kgolagano a kgologolo, eleng kgolagano ya Molao, a ne a tlhoka go tlosiwa pele mo tseleng a le e e jaaka e e diragaditseng boikaelelo jwa yone. (Bagalatia 3:19, 24, 25) Moaposetoloi Paulo o kwadile jaana: “[Modimo] o re ichwaretse ditlolo cotlhe tsa rona; Oa senya lokwalo loa kgolego to to kwadilwen me melaon, to to re pegan molato loa re sekisa: me o to tlositse, oa to kokothela mo mokgoron.” (Bakolosa 2:13, 14) A seo se raya gore nako ya fa Jesu a swa, kgolagano ya Molao e ne ya tseelwa sebaka ke kgolagano a ntsha?
Nnyaa, ka go bo kgolagano e ntsha a ne a tlile go tlhomamisiwa ka math a setlhabelo se se tshwanetseng le ka morafe o mosha, Iseraela wa semoya. (Bahebera 8:5, 6; 9:15-22) Jesu o ne a tsosiwa ka Nisane 16, mme o ne a tlhatlogela kwa legodimong morago ga malatsi a le 40. (Ditihō 1:3-9) Jesu o ne a tshololela barutwa ba gagwe’moya o o boitshepo o a o ba solofeditseng’ oo a o amogetseng mo go Rraagwe, malatsi a le lesome morago ga go tlhatloga ga gagwe, kana ka Pentekosete, mme Iseraela wa semoya o ne a simolola go nna gone. (Ditihō 2:33) Modimo o dira kgolagano a nt’sha le Iseraela wa semoya ka Motsereganyi, Jesu Keresete.
Fa re tlhokomela di!o tseno tse di tshwaraganeng, kgolagano ya Molao a ne ya tseelwa sebaka ke kgolagano a ntsha ka nako efe?
Motho a ka seka a re Molao o khutlile fa Jesu a swa. Me malatsing a le 40 morago ga gore Jesu a tsosediwe mo botshelong jwa semoya mme a santse a le mo lefatsheng, barutwa ba gagwe ba ne ba santse ba tshegetsa Molao. Me godimo ga moo, karolo nngwe ya botlhokwa ya Molao a ne a le gore moperesiti yo mogolo a tsene mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo gangwe ka ngwaga. Seno se ne se tshwantshetsa go tsosediwa ga ga Jesu kwa legodimong. Koo, a na le Modimo, one Motsereganyi wa kgolagano a nisha, o no a ka isa setlhabelo sa gagwe sa thekololo. (Bahebera 9:23, 24) Seno se ne sa bulela go tihomiwa ga kgolagano e ntsha mme seno a le tiragatsong ya Yeremia 31:31-34.
Kgolagano a ntsha a ne ya simolola go dira fa Jehofa a ne a dira tumalanong le go amogela ga gagwe setlhabelo sa thekololo. O ne a goromeletsa barutwa ba ga Jesu ba ba ikanyegang moya o o boitshepo wa gagwe go tlhoma morafe o mosha, Iseraela wa semoya, oo o diriIweng ke ba ba long mo kgolaganong ya Bogosi. (Luke 22:29, Ditihō 2:1-4) Seno se ne sa bontsha gore Modimo o ne o khutlisitse kgolagano ya Molao, eo ka tshwantshetso a neng a e kgomaretsa mo mokgorong oo Jesu a swetseng mo go one. Ka jalo kgolagano ya Molao e ne ya khutla go dirisiwa, fa go tlhomiwa, kgolagano a ntsha fa go tsalwa morafe o mosha, Iseraela wa semoya, ka Pentekosete 33 C.E.—Bahebera 7:12; 8:1, 2.
Seo se fetang karabo ya potso ono, re ka lemoga gore Modimo ga o a ka wa tlhokomologa Baiseraele ba nama kwa bokhutlong jwa kgolagano ya Molao le go simologa ga kgolagano a ntsha ka Pentekosete 33 C.E. Ka motlhala, tumalanong le kgolagano ya gagwe le Aberahame, Jehofa o ne a bontsha Bajuda, basokologela Bojudeng, le Basamana kamogelo e e kgethegileng mo’bekeng’ ya bo-70 eo a neng ya felela ka 36 C.E. (Genesise 12:1-3; 15:18; 22:18; Daniele 9:27; Ditihō 10:9-28, 44-48) Go ne ga tsaya lobaka gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba Bajuda ba dumalane le ntlha ya gore go ne go sa tlhole go tlhokega gore ba boloke Molao morago ga 33 C.E.; mme re ka bona seno mo kgannyeng eo a neng ya tlisiwa kwa setlhopheng se se laolang ka 49 C.E. (Ditihō 15:1, 2) Go tlogela Molao gotlhelele go ne ga supega ka 70 C.E., fa tempele le direkoto tsa ditso tseo di neng di amana le Molao di ne di nyelela, di senngwa ke Baroma.—Mathaio 23:28.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.