Dipotso tse di Tswang go Babadi
■ Fa Bahebera 8:13 e ne e bua ka kgolagano ya Molao jaaka e e ‘onalang . . . le go nna gaufi le go nyelela,’ a e ne e lebisitse go bofelo jo bo neng bo atamela jwa tsamaiso ya Sejuda ka 70 C.E.?
Nnyaa. Bangwe ba ile ba tlhalosa Bahebera 8:13 ka tsela eo. Mme mokwalo o supa gore e lebisitse go boemo jwa kgolagano ya Molao go tloga nakong eo fa Jeremia a ne a bolelela pele kgolagano e ntšha.
Mo go Bahebera kgaolo ya boroba bobedi moaposetoloi Paulo o tshwantsha dikgolagano tse pedi. “Kgōlaganō . . . ea pele” e ne e le kgolagano ya Molao eo Moshe a neng a e tsereganya. Kgolagano ya “bobedi,” kana e ntšha, ke “kgōlaganō e e molemō bogolo” eo Jesu e leng Motsereganyi wa yone le “e e theilweñ mo dipoleloñ tsa choloheco tse di molemō bogolo.”—Bahebera 8:6, 7.
Paulo o ne a tsopola Yeremia 31:31-34, koo Jehofa a neng a solofetsa go dira “kgōlaganō e ncha . . . le ba ntlo ea Iseraela, le ba ntlo ea Yuda.” Mme he moaposetoloi o ne a kwala ka gore: “Ereka o bua, o re, Kgōlaganō e ncha, ke go re, ea pele o e dihile kgologolo. Me se se leñ segologolo, me se ōnala, se bo se le gauhi le go nyèlèla.”—Bahebera 8:13.
Buka ya Bahebera e ne ya kwalwa mo ‘bokhutlong jwa metlha [ya Sejuda],’ go bonala e batlile e nna dingwaga tse di robang bongwe pele ga Baroma ba ne ba senya Jerusalema ka 70 C.E. (Bahebera 9:26) Ka jalo, bangwe ba ile ba tlhalosa temana e ka tsela eno: Kamogelo ya Modimo ya Molao e ne ya felela ka loso lwa ga Jesu, mme kobamelo ya mo tempeleng e ne ya tswelela go fitlhela 70 C.E. Ka gone fa Paulo a ne a kwala Bahebera 8:13 kgolagano ya Molao e ne e ‘onala ebile e le gaufi le go nyelela gotlhelele’ mo go neng ga tla ka 70 C.E.
Lefa go ntse jalo, tlhaloso e nngwe, e dumalana botoka le seo Bahebera kgaolo 8 e se buang.
Paulo o ne a gatelela mafoko a Modimo ka Jeremia gore kgolagano e ntšha e ne e tla tseela kgolagano ya Molao sebaka, eo e neng e le molato, ka go bo e ne e ka se ka ya dira batho ba ba tshiamo. (Baroma 3:20) Mo motlheng wa ga Jeremia go tshwanetse ga bo go ile ga gakgamatsa Bajuda go utlwa gore kgolagano ya Molao e ne e tla tseelwa sebaka ke kgolagano e ntšha eo e neng e ka baakanyetsa ka gore dibe di itshwarelwe gotlhelele.
Lefa go le jalo, gangwe fela fa Modimo ka tlhamalalo o ne wa bolelela pele ka kgolagano e ntšha, kgolagano e kgologolo ka tsela eo e ne e sa dire. Le e leng fa Modimo o ile wa e letlelela go nna go fitlhelela Mesia a goroga le go direla jaaka Motsereganyi wa kgolagano e ntšha, go ne go ka bolelwa gore malatsi a kgolagano ya Molao a ne a setse a badilwe go tloga nako e Jeremia a neng a kwala seo a neng a se kwala. Ke ka gone temana Bah 8:13 e simololang ka go re: “Ereka o bua, o re Kgōlaganō e ncha, ke go re, ea pele o e dihile kgologolo.” Kana jaaka J. B. Phillips a e tlhalosa ka gore: “Lebaka fela la gore Modimo o bua ka kgolagano e ntšha . . . le dira e kgologolo go siiwa ke nako.”
Tebelelo ya go sa dire moo go neng ga nna gone go tloga ka nako e Yeremia 31:31-34 e neng ya kwalwa go ne ga diragadiwa ka botlalo fa loso lwa ga Jesu lo no lo fedisa Molao. Ka jalo dingwaga tse di ka nnang 28 moragonyana Paulo o ne a ka oketsa mo temaneng e e latelang ka go re: “Me yana le e leñ kgōlaganō ea pele e ne e na le ditaolèlō tsa tihèlō ea Modimo, le helō ga eōna ga boitshèpō, e le helō ga boitshèpō ga lehatshe yeno.”—Bahebera 9:1.